Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mongwe le Mongwe o Tla Rwala Morwalo wa Gagwe”

“Mongwe le Mongwe o Tla Rwala Morwalo wa Gagwe”

“Mongwe le Mongwe o Tla Rwala Morwalo wa Gagwe”

“Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”—BAROMA 14:12.

1. Ke boikarabelo bofe jo Bahebera ba bararo ba neng ba bo rwala?

BASHA ba bararo ba Bahebera ba ba neng ba nna kwa Babelona ba ne ba lebana le go dira tshwetso e e neng e ka baya botshelo jwa bone mo kotsing. Ba ne ba tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore a ba obamele setshwantsho se segolo se molao wa naga o neng o laela gore se obamelwe. Kana gore a ba gane go se obamela mme ba latlhelwe mo leubelong le le tukang. Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba se ka ba nna le tshono ya go ya go botsa mongwe gore ba dire eng; e bile ba ne ba sa tlhoke go dira jalo. Ba ne ba bolela jaana ba sa okaoke: “O itse, wena kgosi, gore medimo ya gago ga se yone e re e direlang, e bile ga re na go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.” (Daniele 3:1-18) Bahebera bano ba bararo ba ne ba rwala morwalo wa bone wa boikarabelo.

2. Ke mang tota yo o neng a tlhotlheletsa tshwetso ya ga Pilato ka Jesu Keresete, mme a seo se ile sa rola molaodi yono wa Roma boikarabelo?

2 Makgolo a dingwaga a le marataro morago ga moo, molaodi mongwe o ne a utlwile dilo tse monna mongwe a neng a latofadiwa ka tsone. Fa a ntse a sekaseka kgang, o lemoga sentle gore monna yono ga a molato. Le fa go ntse jalo, boidiidi jwa batho bo batla gore monna yono a bolawe. Morago ga gore molaodi a leke go gana go pega monna yono molato, o okaoka go rwala morwalo wa gagwe wa boikarabelo mme o ineelela go dira jaaka boidiidi jwa batho bo batla. O tlhapa diatla, a bo a re: “Ga ke na molato wa madi a monna yono.” Go tswa foo o letla gore monna yono a bapolwe. Ee, go na le gore Ponto Pilato a sikare boikarabelo jwa gagwe jwa go dira tshwetso ka Jesu Keresete, o letla batho e nna bone ba mo direlang tshwetso. Go sa kgathalasege gore Pilato o tlhapa diatla mo metsing a mantsi go le kana kang, seo ga se mo role boikarabelo jwa katlholo eo e e sa siamang e Jesu a ileng a atlholwa ka yone.—Mathaio 27:11-26; Luke 23:13-25.

3. Ke eng fa re sa tshwanela go batla gore batho ba bangwe ba re direle ditshwetso?

3 Go tweng ka wena? Fa o tshwanelwa ke go dira ditshwetso, a o dira jaaka go dirile Bahebera ba bararo, kgotsa a o letla batho ba bangwe e nna bone ba go direlang ditshwetso? Go dira ditshwetso ga se kgetsi e potlana. Go tlhoka motho gore a bo a godile sentle mo maikutlong gore a dire ditshwetso tse di siameng. Ka sekai, batsadi ba tshwanelwa ke go direla bana ba bone ba bannye ditshwetso tse di molemo. Ke boammaaruri gore ga go motlhofo go dira ditshwetso fa maemo a o lebaneng le one e le a a raraaneng le a a tlhokang gore go akanyediwe dilo di le mmalwa. Le fa go ntse jalo, boikarabelo jwa go dira ditshwetso ga bo boima thata jalo mo bo ka tsewang e le karolo ya “mekgweleo” kana mathata a a boima a ‘ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya’ ba ka re rwalelang one. (Bagalatia 6:1, 2) Go na le moo, ke morwalo o ‘mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelelang one mo Modimong.’ (Baroma 14:12) Baebele ya re: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Ka gone, ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di molemo mo botshelong? Sa ntlha, re tshwanetse go lemoga ditlhaelo tsa rona tsa bosaitekanelang mme re ithute tsela ya go di fenya.

Selo sa Botlhokwa se se Batlegang

4. Go tlola molao ga banyalani ba ntlha go tshwanetse ga re ruta thuto efe ya botlhokwa kaga go dira ditshwetso?

4 Mo tshimologong ya hisitori ya batho, banyalani ba ntlha ba ne ba dira tshwetso e e neng ya ba leretse matswela a a sa itumediseng. Ba ne ba dira tshwetso ya go ja leungo la setlhare sa kitso ya molemo le bosula. (Genesise 2:16, 17) Ke eng se se neng sa dira gore ba dire tshwetso eno? Baebele ya re: “Mosadi a bona fa setlhare se le molemo go ka jewa le gore e ne e le selo se se eletsegang mo matlhong, ee, setlhare se ne se eletsega go lejwa. Ka jalo a tsaya leungo la sone mme a le ja. Morago ga moo a le naya le monna wa gagwe fa a ne a na le ene mme a le ja.” (Genesise 3:6) Tshwetso eno e Efa a e dirileng e ne e tlhotlhelediwa ke bogagapa. Seo se ne sa dira gore le Adame a dire se se tshwanang. Ka ntlha ya seo boleo le loso di ne tsa ‘anamela mo bathong botlhe.’ (Baroma 5:12) Go tlola molao ga ga Adame le Efa go tshwanetse ga re ruta thuto ya botlhokwa: Fa motho a sa kgomarele kaelo ya Modimo o tla dira ditshwetso tse di phoso.

5. Ke kaelo efe e Jehofa a re neelang yone, mme re tshwanetse go dira eng gore e re solegele molemo?

5 A bo re itumela jang ne go bo Jehofa Modimo a sa re tlogela fela! Dikwalo di a re: “Ditsebe tsa lona di tla utlwa lefoko kwa morago ga lona le re: ‘Tsela ke e. Tsamayang ka yone,’ fa go direga gore lo ye kafa mojeng kgotsa go direga gore lo ye kafa molemeng.” (Isaia 30:21) Jehofa o bua le rona ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele. Re tshwanetse go ithuta Dikwalo gore re nne le kitso ya boammaaruri. Gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng, re tshwanetse go ja ‘dijo tse di tiileng tse e leng tsa batho ba ba godileng sentle.’ Gape re ‘thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang ka go bo dirisa.’ (Bahebera 5:14) Re ka thapisa bokgoni jwa rona jwa go lemoga ka go dirisa se re ithutang sone mo Lefokong la Modimo.

6. Ke eng se se batlegang gore segakolodi sa rona se bereke sentle?

6 Selo sa botlhokwa se se ka re thusang go dira ditshwetso ke segakolodi se re tsalwang re na le sone. Segakolodi seno se re thusa go dira ditshwetso tse di siameng e bile se ka re ‘latofatsa kgotsa sa se ka sa re bona molato.’ (Baroma 2:14, 15) Le fa go ntse jalo, gore segakolodi sa rona se bereke sentle, se tshwanetse sa thapisiwa ka kitso e e boammaaruri ya Lefoko la Modimo le go dirwa gore se nne se bereke sentle ka go dirisa Lefoko leo. Segakolodi se se sa thapisiwang se ka tlhotlhelediwa motlhofo ke ditlwaelo le mekgwa ya batho ba lefelo la rona. Tikologo e re leng mo go yone le megopolo ya batho ba bangwe le tsone di ka re latlha. Go tla direga eng ka segakolodi sa rona fa gangwe le gape re se itlhokomolosa fa se re kgalemela kana re itlhokomolosa melao ya Modimo? Fa re tswelela re dira jalo, se tla baboga “jaaka e kete ka tshipi e e babolang,” se nna jaaka nama e e omeletseng ya letlalo e e sa tlholeng e utlwa botlhoko. (1 Timotheo 4:2) Kafa letlhakoreng le lengwe, re ka ikanya segakolodi se se thapisitsweng ka Lefoko la Modimo.

7. Selo sa botlhokwa se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di melomo ke sefe?

7 Ka gone, selo se se ka re thusang go rwala boikarabelo jwa go dira ditshwetso tse di molemo ke go nna le kitso e e boammaaruri ya Dikwalo le go nna le bokgoni jwa go e dirisa. Go na le gore re dire ditshwetso ka go phamoga, re tshwanetse go ipha nako e e lekaneng go sekaseka melaometheo ya Dikwalo le go dirisa bokgoni jwa rona jwa go akanya fa re e dirisa. Tota le fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso ya ka bonako—jaaka go ne ga direga ka Shaderake, Meshake le Abedenego—re tla kgona go e dira sentle fa re na le kitso e e boammaaruri ya Lefoko la Modimo le fa segakolodi sa rona se thapisitswe sentle ka yone. Go bona kafa go gagamalela go gola sentle go ka re thusang ka teng gore re godise bokgoni jwa rona jwa go dira ditshwetso, a re sekaseke dikarolo tse pedi tsa botshelo.

Re Tshwanetse go Itsalanya le Bomang?

8, 9. (a) Ke molaomotheo ofe o o bontshang gore go botlhokwa go tila botsala jo bo sa siamang? (b) A go nna le botsala jo bo sa siamang go akaretsa fela go tsalana le batho ba ba bosula? Tlhalosa.

8 Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Jesu Keresete o ile a raya barutwa ba gagwe a re: “Ga lo karolo ya lefatshe.” (Johane 15:19) Fa re sena go ithuta melaometheo eno, re kgona go lemoga gore ke eng fa go le botlhokwa gore re tile go itsalanya le batho ba ba dirang boaka, kgokafalo, magodu, matagwa, jalo le jalo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Le fa go ntse jalo, fa kitso ya rona ka boammaaruri jwa Baebele e ntse e oketsega, re simolola go lemoga gore go fetsa nako le batho ba ba ntseng jalo re ba lebile mo dibidiong, mo thelebisheneng, mo dikhomputareng kana re bala ka bone mo dibukeng, go kotsi fela jalo. Go ntse jalo le ka go romelelana melaetsa le batho “ba ba fitlhang se ba leng sone” ka Internet.—Pesalema 26:4.

9 Go tweng ka go itsalanya le batho ba ba ka tswang ba na le boitshwaro jo bo siameng mme ba sa dumele mo Modimong wa boammaaruri? Dikwalo di a re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Seno se re thusa go lemoga gore botsala jo bo sa siamang ga bo akaretse fela go tsalana le batho ba ba bosula. Ka gone, go molemo gore re leke ka natla gore re tsalane fela le batho ba ba ratang Jehofa.

10. Ke eng se se re thusang go dira ditshwetso tse di molemo malebana le go dirisana ga rona le batho ba lefatshe?

10 Ga go kgonege e bile ga go tlhokege gore re tile batho ba e seng badumedi ka rona gotlhelele. (Johane 17:15) Re kopana le batho bano fa re nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete, fa re le kwa sekolong le kwa tirong. Mokeresete yo o nyalaneng le motho yo e seng modumedi go ka direga gore a tshwanelwe ke go dirisana thata le batho ba lefatshe go feta Bakeresete ba bangwe. Le fa go ntse jalo, fa maatla a rona a go lemoga a thapisitswe sentle, re tla tlhaloganya gore go nna le kamano le batho ba lefatshe ka selekanyo se se rileng ga go tshwane le go nna le botsala jo bogolo le bone. (Jakobe 4:4) Ka gone, re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng malebana le gore a re nne le seabe mo ditirong tsa morago ga sekolo, tse di jaaka metshameko le ditantshe le go ya diphathing le go ya go ja le batho ba re berekang le bone.

Go Tlhopha Tiro

11. Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se akanyetsa fa re tlhopha tiro e e rileng ke sefe?

11 Go dirisa melaometheo ya Baebele ka tsela e e molemo go re thusa go dira ditshwetso tse di amanang le boikarabelo jwa rona jwa go ‘tlamela maloko a ba ntlo ya rona.’ (1 Timotheo 5:8) Selo sa ntlha se re tshwanetseng go se akanyetsa ke tiro ka boyone—gore ke ya mofuta mang le gore e tla re tlhoka eng. Go phoso go tlhopha tiro e e rotloetsang dilo tse Baebele e leng kgatlhanong le tsone ka tlhamalalo. Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ga ba amogele ditiro tse di ka nnang tsa akaretsa kobamelo ya medingwana, go utswa, go tshela madi kana mekgwa e mengwe e e kgatlhanong le Dikwalo. Gape re ka se ka ra bua maaka kana go tsietsa ba bangwe tota le fa mothapi wa rona a batla gore re dire jalo.—Ditiro 15:29; Tshenolo 21:8.

12, 13. Kwantle ga tiro ka boyone ke dilo dife tse dingwe tse go leng botlhokwa gore re di akanyetse fa re dira ditshwetso malebana le tiro?

12 Go tweng fa tiro ka boyone e se kgatlhanong le ditaelo tsa Modimo ka tlhamalalo? Fa re ntse re gola mo kitsong ya boammaaruri le fa maatla a rona a go lemoga a ntse a tokafala, re simolola go lemoga dikarolo tse dingwe tse re tshwanetseng go di akanyetsa. Go tweng fa mmereko o ka re tlhoka go nna le seabe mo ditirong dingwe tse di kgatlhanong le Dikwalo, tse di jaaka tiro ya go araba difouno kwa lefelong la go betšha? Dilo tse dingwe tse motho a tshwanetseng go di akanyetsa ke lefelo le a berekang mo go lone le gore madi ao a a amogelang a tswa kae. Ka sekai, fa o le motho yo o iperekang, a o tla dumela go dira tiro e e akaretsang go penta nngwe ya dikereke mme ka go dira jalo o dira tiro e e emang bodumedi jwa maaka nokeng?—2 Bakorintha 6:14-16.

13 Go tweng fa ka nako nngwe mothapi wa rona a amogela konteraka ya go penta lefelo lengwe la bodumedi? Mo maemong a a ntseng jalo, re tla tshwanelwa ke go akanyetsa dilo tse di jaaka gore re na le taolo e e kana kang mo go se se dirwang le gore re tla nna le seabe go le kana kang mo tirong eo. Mme go tweng ka go dira tiro e e jaaka go tsamaisa poso mo mafelong otlhe mo motseng, go akaretsa le mo mafelong a go dirwang ditiro tse di sa siamang mo go one? Mo maemong a a ntseng jalo, re tshwanetse go akanyetsa molaomotheo o o mo go Mathaio 5:45. Sengwe gape se re sa tshwanelang go se tlhokomologa ke tsela e go dira tiro eo letsatsi le letsatsi go ka amang segakolodi sa rona ka yone. (Bahebera 13:18) Ee ruri, go rwala morwalo wa rona wa go dira ditshwetso tse di siameng malebana le tiro go re tlhoka gore re nonotshe maatla a rona a go lemoga le go thapisa segakolodi sa rona se re se filweng ke Modimo.

“Mo Tseye Tsia mo Ditseleng Tsotlhe Tsa Gago”

14. Fa re dira ditshwetso, ke dilo dife tse ka metlha re tshwanetseng go di akanyetsa?

14 Go tweng ka ditshwetso tse re di dirang malebana le dikgang tse dingwe, tse di jaaka go gagamalela thutego ya lefatshe le go dumela kana go gana mefuta mengwe ya kalafi? Fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso epe fela, re tshwanetse go sekaseka melaometheo ya Baebele mme go tswa foo re bo re dirisa maatla a rona a go akanya gore re kgone go dirisa melaometheo eo. Kgosi Solomone yo o botlhale wa Iseraele wa bogologolo o ile a re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

15. Re ithuta eng ka kgang ya go dira tshwetso mo Bakereseteng ba lekgolo la ntlha la dingwaga?

15 Ditshwetso tse re di dirang gantsi di ama batho ba bangwe, mme re tshwanetse go akanyetsa seo. Ka sekai, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa tlhole ba laolwa ke ditaelo tse dintsi tsa Molao wa ga Moshe tse di amanang le dijo. Ba ne ba ka nna ba ja dijo dingwe tse di neng di tsewa di se phepa mo Molaong wa ga Moshe. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ile a bua ka go ja nama e e ka nnang ya bo e amana le tempele ya medingwana: “Fa e le gore dijo di dira gore mokaulengwe wa me a kgotšwe, gotlhelele ga ke kitla ke tlhola ke ja nama gape, gore ke se ka ka kgopisa mokaulengwe wa me.” (1 Bakorintha 8:11-13) O ne a kgothaletsa Bakeresete ba pele gore ba akanyetse digakolodi tsa batho ba bangwe e le gore ba se ka ba ba kgopisa. Ditshwetso tsa rona ga di a tshwanela go nna tse di “kgopisang” batho ba bangwe.—1 Bakorintha 10:29, 32.

Senka Botlhale Jwa Bomodimo

16. Thapelo e ka re thusa jang fa re dira ditshwetso?

16 Selo se se botlhokwa thata se se re thusang go dira ditshwetso ke thapelo. Morutwa Jakobe o ile a re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa.” (Jakobe 1:5) Re ka leba kwa go Jehofa ka thapelo ka tsholofelo mme re mo kope botlhale jo bo ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng. Fa re ntse re bua le Modimo wa boammaaruri ka dilo tse di re tshwenyang le go kopa kaelo ya gagwe, moya o o boitshepo o ka re thusa go tlhaloganya botoka Dikwalo tse re di akanyetsang le go gakologelwa tse re ka tswang re di lebetse.

17. Batho ba bangwe ba ka re thusa jang mo go direng ditshwetso?

17 A batho ba bangwe ba ka re thusa go dira ditshwetso? Ee, Jehofa o re abetse batho ba ba godileng sentle mo phuthegong. (Baefeso 4:11, 12) Re ka kopa thuso ya bone segolobogolo fa re dira ditshwetso tse dikgolo. Batho ba ba nang le temogo e kgolo ya semoya le ba ba nang le maitemogelo mo botshelong ba ka re lemotsha melaometheo e mengwe ya Baebele e e ka amang ditshwetso tsa rona le go re thusa go ‘tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafilipi 1:9, 10) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go se lebale ntlha eno ya botlhokwa: Ga re a tshwanela go batla gore batho ba bangwe ba re direle ditshwetso. Ke rona ba re tshwanetseng go ithwalela morwalo wa boikarabelo jwa go dira ditshwetso.

A ka Metlha Matswela e Tla Nna a a Molemo?

18. Go ka tweng ka matswela a tshwetso e e molemo?

18 A ka metlha ditshwetso tse di theilweng gotlhelele mo melaometheong ya Baebele le tse di dirwang ka kelotlhoko di felela ka matswela a a molemo? Ee, re ka rialo. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe matswela e ka nna ya se ka ya nna a a itumedisang ka nakwana e e rileng. Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba itse gore tshwetso ya bone ya go gana go obamela setshwantsho se segolo e ka nna ya dira gore ba bolawe. (Daniele 3:16-19) Baaposetoloi le bone ba ne ba kgwathisiwa pele ga ba gololwa fa ba sena go bolelela Sanehederine ya Bajuda gore ba tshwanetse go obamela Modimo jaaka mmusi go na le go obamela batho. (Ditiro 5:27-29, 40) Mo godimo ga moo, go welwa ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” go ka ama thata ditshwetso tse re di dirang. (Moreri 9:11) Fa re ka boga ka tsela nngwe le mororo re dirile tshwetso e e molemo re ka ikanya Jehofa gore o tla re thusa go itshoka le gore o tla re segofatsa mo isagweng.—2 Bakorintha 4:7.

19. Ke eng se se ka re thusang go rwala morwalo wa rona wa boikarabelo jwa go dira ditshwetso?

19 Ka gone, fa re dira ditshwetso, re tshwanetse go senka kaelo ya melaometheo ya Dikwalo re bo re dirisa maatla a rona a go lemoga gore re kgone go dirisa melaometheo eo. A bo re tshwanetse go leboga Jehofa jang ne ka thuso e a re abelang yone ka moya wa gagwe o o boitshepo le ka batho ba ba godileng sentle mo phuthegong! A ka bopelokgale re diriseng kaelo eo le dithulaganyo tseo go rwala morwalo wa rona wa boikarabelo wa go dira ditshwetso tse di molemo.

O Ithutile Eng?

• Selo sa botlhokwa se se tlhokegang gore motho a dire ditshwetso tse di molemo ke sefe?

• Go gola semoyeng go ka ama jang tshwetso ya gore re tlhopha go tsalana le bomang?

• Ke dilo dife tsa botlhokwa tse re tshwanetseng go di akanyetsa fa re dira ditshwetso tse di malebana le tiro?

• Ke thuso efe e re nang le yone fa re dira ditshwetso?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Go tlola molao ga ga Adame le Efa go re ruta thuto ya botlhokwa

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Sekaseka melaometheo ya Baebele pele ga o dira tshwetso ya botlhokwa