Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boleng Jwa “Sejana se se Bokoa”

Boleng Jwa “Sejana se se Bokoa”

Boleng Jwa “Sejana se se Bokoa”

MOAPOSETOLOI Petere o ne a kwala jaana: “Lona banna ba lo nyetseng, tswelelang lo nna [le basadi ba lona] ka mokgwa o o tshwanang go ya ka kitso, lo ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi.” (1 Petere 3:7) A go bo Baebele e bitsa mosadi “sejana se se bokoa” go nyenyefatsa basadi ka tsela nngwe? A re boneng gore ke eng se mokwadi yo o tlhotlheleditsweng a neng a se kaya fa a ne a kwala mafoko ao.

Lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “tlotlo” le raya “selo se se tlhwatlhwakgolo, sa boleng jo bo kwa godimo thata, . . . se se tlotlegang.” Ka jalo, monna wa Mokeresete o tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe ka tsela e e bonolo, a mo akanyetse ka gonne e le sejana se se seng thata, se se tlhwatlhwakgolo. Seno ga se go nyenyefatsa le e seng. Ka sekai, akanya ka lebone lengwe le le bidiwang la ga Tiffany. Lebone leno le lentlentle le ka tsewa e le lebone le le seng thata. A go bo lebone leo le se thata go isa boleng jwa lone kwa tlase? Le e seng! Ka 1997 mabone a ntlhantlha a ga Tifanny a a neng a rekisiwa kwa fantising a ne a ja diranta di le dimilione di le 17,9! Go bo le se thata go ne go oketsa boleng jwa lone, go sa bo fokotse.

Ka tsela e e tshwanang, go tlotla mosadi ka go bo e le sejana se se bokoa ga go mo ise kwa tlase e bile ga go mo nyenyefatse. Go re monna a nne le mosadi wa gagwe “go ya ka kitso” go raya gore o tshwanetse go akanyetsa dilo tse mosadi wa gagwe a nonofileng mo go tsone le tse a leng bokoa mo go tsone, dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng, tsela e a lebang dilo ka yone le maikutlo a gagwe. Monna yo o lorato o a lemoga e bile o akanyetsa kgang ya gore ene le mosadi wa gagwe ba na le botho jo bo sa tshwaneng. O a mo akanyetsa gore “dithapelo tsa [gagwe] di se ka tsa kgoreletsega.” (1 Petere 3:7) Monna yo o sa anaaneleng dinonofo tse di molemo tsa mosadi wa gagwe o ipaya mo kotsing ya gore a se ka a nna le kamano e e molemo le Modimo. Go bonala sentle gore Lefoko la Modimo ga le nyatse basadi. Go na le moo le ba naya seriti e bile le a ba tlotla.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

© Christie’s Images Limited 1997