Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bogosi Jwa Modimo—Ke Jwa Maemo a a Kwa Godimo ka Ditsela Tsotlhe

Bogosi Jwa Modimo—Ke Jwa Maemo a a Kwa Godimo ka Ditsela Tsotlhe

Bogosi Jwa Modimo—Ke Jwa Maemo a a Kwa Godimo ka Ditsela Tsotlhe

JESU KERESETE o ne a ruta balatedi ba gagwe jaana: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’” (Mathaio 6:9, 10) Thapelo eno, e batho ba bantsi ba e itseng e le Thapelo ya Morena, e tlhalosa boikaelelo jwa Bogosi jwa Modimo.

Bogosi joo bo tla itshepisa leina la Modimo. Bo tla fedisa dilo tsotlhe tse di ntseng di dira gore bogosi jono bo nyadiwe tse di bakwang ke botsuolodi jwa ga Satane le jwa batho. Seno se botlhokwa thata. Boitumelo jwa dibopiwa tsotlhe tse di botlhale bo ikaegile ka gore di tseye leina la Modimo le le boitshepo mme di amogele ka botlalo tshwanelo ya gagwe ya go busa.—Tshenolo 4:11.

Gape, Bogosi joo bo tlhometswe go dira gore “thato ya [Modimo] e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” Thato eo ke eng? Ke go dira gore kamano e batho ba neng ba na le yone le Modimo, e e neng ya senngwa ke Adame, e boe e nne teng gape. Bogosi gape bo tla diragatsa boikaelelo jwa Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe, Jehofa, go dira lefatshe paradaise mo batho ba ba siameng ba ka itumelelang botshelo ka bosakhutleng. Ee, Bogosi jwa Modimo bo tla dirolola tshenyo yotlhe e e bakilweng ke boleo jwa ntlha mme bo tla diragatsa maikaelelo a Modimo a a lorato ka lefatshe. (1 Johane 3:8) Bogosi jono le se bo tla se dirang, ke one molaetsa wa konokono wa Baebele.

Ke Jwa Maemo a a Kwa Godimo ka Ditsela Dife?

Bogosi jwa Modimo ke puso ya mmatota e e nang le maatla a a boitshegang. Moporofeti Daniele o ne a re bontsha go le gonnye gore bo maatla go le kana kang. Bogologolo, o ne a bolela jaana go sa le pele: “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo tla thubaganya[ng] bo fedisa magosi ano otlhe [a] batho.” Gape, go farologana le dipuso tsa batho, tse di nnang di tlhongwa di bo di wa, Bogosi jwa Modimo ga bo ‘kitla bo senngwa le ka motlha.’ (Daniele 2:44) Ga go felele foo. Bogosi jono bo gaisa dipuso tsa batho ka ditsela tsotlhe.

Bogosi jwa Modimo bo na le Kgosi ya maemo a a kwa godimo. Ithute gore Kgosi eno ke mang. Mo ‘ponong le mo diponatshegelong’ tse Daniele a neng a di bona, o ne a bona Mmusi wa Bogosi jwa Modimo e le “mongwe yo o tshwanang le morwa motho” a tlisitswe fa pele ga Modimo Mothatayotlhe mme a newa “bobusi le seriti le bogosi.” (Daniele 7:1, 13, 14) Morwa motho yo go buiwang ka ene foo ke Jesu Keresete—Mesia. (Mathaio 16:13-17) Jehofa Modimo o tlhomile Morwawe, Jesu, go nna Kgosi ya Bogosi jwa gagwe. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a raya Bafarasai ba ba boikepo a re: “Bogosi jwa Modimo bo mo gare ga lona,” a raya gore ene jaaka e le Kgosi ya mo isagweng ya Bogosi joo, o ne a le teng mo lefatsheng.—Luke 17:21.

Ke motho ofe yo o ka nnang le dinonofo tse di tshwanang le tsa ga Jesu tsa go nna Mmusi? Jesu o setse a itshupile e le Moeteledipele yo o siameng yo o ka ikanngwang le yo o pelotlhomogi. Diefangele di mo tlhalosa e le motho yo o tsayang kgato fa go tlhokega, yo o lorato e bile a amega ka ba bangwe. (Mathaio 4:23; Mareko 1:40, 41; 6:31-34; Luke 7:11-17) Gape Jesu yo o tsositsweng, ga a swe e bile ga a palelwe ke go dira dilo dingwe jaaka batho.—Isaia 9:6, 7.

Jesu le ba a tla bong a busa le bone ba tla busa ba le kwa boemong jo bo kwa godimo thata. Gape Daniele mo torong ya gagwe ya ponatshegelo o ne a bona ‘bogosi le bobusi di newa baitshepi.’ (Daniele 7:27) Jesu ga a buse a le nosi. O na le batho ba bangwe ba ba tla busang e le dikgosi le baperesiti. (Tshenolo 5:9, 10; 20:6) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana ka bone: “Ka leba, mme, bona! Kwana e eme mo Thabeng ya Siona, mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè . . . ba ba rekilweng mo lefatsheng.”—Tshenolo 14:1-3.

Kwana ke Jesu Keresete fa a setse a tlhomilwe go nna Kgosi. (Johane 1:29; Tshenolo 22:3) Thaba ya Siona ke legodimo. * (Bahebera 12:22) Jesu le ba ba 144 000 ba a busang le bone ba busa ba le kwa legodimong. Ba busa ba le kwa lefelong le le kwa godimo tota! E re ka ba le kwa legodimong, ba kgona go bona dilo ka tsela e e botoka. E re ka legodimo e le setulo sa jone, “bogosi jwa Modimo” gape bo bidiwa “bogosi jwa magodimo.” (Luke 8:10; Mathaio 13:11) Ga go na dibetsa dipe le fa e le ditlhaselo tsa dibetsa tsa nuklea, tse di ka tshosetsang kana tsa thankgola puso eo e e kwa legodimong. E ka se fenngwe ke sepe mme e tla diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa ka yone.—Bahebera 12:28.

Bogosi jwa Modimo bo na le baemedi ba ba ka ikanngwang mo lefatsheng. Re itse seo jang? Pesalema 45:16 ya re: ‘O tla tlhoma dikgosana mo lefatsheng lotlhe.’ “O” mo boporofeting jono ke Morwa Modimo. (Pesalema 45:6, 7; Bahebera 1:7, 8) Ka jalo, Jesu Keresete ke ene a tla tlhomang baemedi ba eleng dikgosana. Re ka tlhomamisega gore ba tla ikanyega fa ba diragatsa ditaelo tsa gagwe. Le gompieno, banna ba ba tshwanelegang ba e leng bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete ba rutwa gore ba se ka ba “rena” mo badumeding mmogo le bone, mme ba ba sireletse, ba ba lapolose ba bo ba ba gomotse.—Mathaio 20:25-28; Isaia 32:2.

Bogosi jono bo na le babusiwa ba ba siameng. Ga ba na molato e bile ba thokgame mo matlhong a Modimo. (Diane 2:21, 22) Baebele ya re: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) Babusiwa ba Bogosi jono ba bonolo—ba iketleeleditse go rutega mme ba boikokobetso e bile ba pelonomi. Ba kgatlhegela thata dilo tsa semoya. (Mathaio 5:3) Ba batla go dira se se siameng mme ba ikobela kaelo ya Modimo.

Bogosi jwa Modimo bo laolwa ke melao ya maemo a a kwa godimo. Melao le melaometheo e e laolang Bogosi jono e tswa kwa go Jehofa Modimo. Go na le gore e re beele dithibelo go sa tlhokege, e re solegela molemo. (Pesalema 19:7-11) Batho ba bantsi gone jaanong ba setse ba solegelwa molemo ke go tshela ka melao ya ga Jehofa e e siameng. Ka sekai, go utlwa taelo ya Baebele e e newang banna, basadi le bana go tokafatsa botshelo jwa rona jwa lelapa. (Baefeso 5:33–6:3) Fa re ikobela taelo ya gore re ‘apare lorato,’ seno se tokafatsa kamano ya rona le ba bangwe. (Bakolosa 3:13, 14) Fa re tshela go ya ka melaometheo ya Baebele, gape re leka go nna le mekgwa e e molemo ya go bereka mme re leba madi ka tsela e e tshwanetseng. (Diane 13:4; 1 Timotheo 6:9, 10) Go tila botagwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo, motsoko le diokobatsi tse di tshwakgolang go tokafatsa botsogo jwa rona.—Diane 7:21-23; 23:29, 30; 2 Bakorintha 7:1.

Bogosi jwa Modimo ke puso e e tlhomilweng ke Modimo. Kgosi ya jone—Mesia, Jesu Keresete—le botlhe ba ba tla busang le ene ba ikarabelela mo Modimong gore ba tlotlomatse melao ya gagwe e e siameng le melaometheo ya gagwe e e lorato. Ba ba tla busiwang ke Bogosi joo, go akaretsa baemedi ba jone ba mo lefatsheng, ba rata go tshela go ya ka melao ya Modimo. Ka jalo, babusi le babusiwa ba Bogosi jono ba amega thata ka Modimo. Bogosi jono ke puso ya Modimo tota. Ruri bo tla atlega go diragatsa maikaelelo a jone. Bogosi jwa Modimo, jo gape bo bidiwang Bogosi jwa ga Mesia, bo simolola leng go busa?

Bogosi bo Simolola go Busa

Re ka tlhaloganya gore Bogosi bo simolola leng go busa ka go bala mafoko ano a ga Jesu. O ne a re: “Jerusalema o tla gatakwa ke ditšhaba, go fitlha dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba di fela.” (Luke 21:24) Jerusalema ke one fela motse mo lefatsheng lotlhe o o neng o amana ka tlhamalalo le leina la Modimo. (1 Dikgosi 11:36; Mathaio 5:35) E ne e le moshate wa bogosi jwa mo lefatsheng jo Modimo a bo amogelang. Motse oo o ne o tlile go gatakwa ke ditšhaba ka tsela ya gore puso ya Modimo mo bathong ba gagwe e ne e tla kgorelediwa ke dipuso tsa lefatshe. Seno se ne se tla simologa leng?

Kgosi ya bofelo go nna mo setulong sa bogosi sa ga Jehofa kwa Jerusalema e ne ya bolelelwa jaana: “Tlosa sethathelela tlhogo, o tsholetse serwalo. . . . Ga e kitla e nna sa ga ope go fitlhela go tla yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong, mme ke tla mo se naya.” (Esekiele 21:25-27) Serwalo se ne se tshwanetse go tlosiwa mo tlhogong ya kgosi, mme puso ya Modimo mo bathong ba gagwe e ne e tlile go kgaupediwa. Seno se diragetse ka 607 B.C.E. fa Bababelona ba ne ba senya Jerusalema ka 607 B.C.E. Ka “dinako tse di tlhomilweng” tse di neng di tlile go latela, Modimo o ne a se na go nna le puso e e emelang bobusi jwa gagwe mo lefatsheng. Kwa bokhutlong jwa dinako tseo Jehofa o ne a tlile go naya “yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong” e bong Jesu Keresete maatla a go busa. E ne e tla nna lobaka lo lo kana kang?

Boporofeti jo bo mo bukeng ya Daniele jwa re: “Remang setlhare, mme lo se senye. Le fa go ntse jalo, tlogelang kutu ya sone mo lefatsheng, mme lo e tlogele e na le sebofo sa tshipi le sa kgotlho . . . go fitlha e fetwa ke metlha e le supa.” (Daniele 4:23) Jaaka re tla bona, “metlha e le supa” e e umakiwang fano e lekana le “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba.”

Mo Baebeleng, ka dinako tse dingwe batho, babusi le magosi ba emelwa ke ditlhare. (Pesalema 1:3; Jeremia 17:7, 8; Esekiele, kgaolo 31) Setlhare sa tshwantshetso “se ne se bonala go fitlha kwa bofelelong jwa lefatshe lotlhe.” (Daniele 4:11) Ka jalo, puso e e emelwang ke setlhare se se neng se tlile go kgaolwa se bo se bofiwa e ne e atologetse le kwa “bofelelong jwa lefatshe,” go akaretsa bogosi jotlhe jwa batho. (Daniele 4:17, 20, 22) Ka jalo setlhare seo se emela puso ya maemo a a kwa godimo thata ya Modimo, segolobogolo kafa e amanang ka teng le lefatshe. Jehofa o ne a busitse lefatshe ka nako e e rileng ka bogosi jo a neng a bo tlhomile gore bo buse setšhaba sa Iseraele. Setlhare seno sa tshwantshetso se ne sa rengwa mme kutu ya sone ya bofiwa ka dibofo tsa tshipi le kgotlho gore se se ka sa gola. Seno se ne se bontsha gore bogosi jo Modimo a neng a bo dirisa gore bo buse mo lefatsheng bo ne bo tlile go kgaotsa go busa, jaaka go ile ga diragala ka 607 B.C.E.—mme bo ne bo se na go emisetsa ruri. Setlhare se ne se tla tswelela se bofilwe go fitlha “metlha e le supa” e feta. Kwa bokhutlong jwa nako eo, Jehofa o ne a tla naya moruaboswa wa gagwe yo o kafa molaong, e bong Jesu Keresete bogosi. Go bonala sentle gore “metlha e le supa” le “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di kaya nako e e tshwanang.

Baebele e re thusa go bona gore “metlha e le supa” e boleele bo le kana kang. E lekana le malatsi a le 1 260 le “motlha le metlha le sephatlo sa motlha”—tse fa di kopane tsotlhe e leng “metlha” e le meraro le sephatlo. (Tshenolo 12:6, 14) Seno se raya gore palo eo fa e menagane gabedi kana, metlha e le supa ke malatsi a le 2 520.

Fa re bala malatsi a mmatota a le 2 520 go simolola ka 607 B.C.E. re fitlha mo go 600 B.C.E. Le fa go ntse jalo, metlha e le supa e tsere lobaka lo loleele go feta foo. E ne e sa ntse e tsweletse fa Jesu a ne a bua ka “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba.” Ka jalo metlha e le supa e ne e dirisiwa ka tsela ya boporofeti. Ka jalo re tshwanetse go dirisa molao wa Dikwalo: “Letsatsi le emelwa ke ngwaga.” (Dipalo 14:34; Esekiele 4:6) Ka tsela e e ntseng jalo, metlha e le supa ya go busiwa ga lefatshe ke mebuso ya lefatshe Modimo a sa tsenelele, ke dingwaga di le 2 520. Fa re bala dingwaga di le 2 520 go tloga ka 607 B.C.E. re fitlha mo go 1914 C.E. Oo ke one ngwaga o “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” kana metlha e le supa e khutlileng ka one. Seno se raya gore Jesu Keresete o simolotse go busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ka 1914.

“A Bogosi Jwa Gago bo Tle”

E re ka Bogosi jwa ga Mesia bo setse bo tlhomilwe kwa legodimong, a re tshwanetse go tswelela re rapelela gore bo tle, jaaka Jesu a ne a ruta mo thapelong ya gagwe ya sekao? (Mathaio 6:9, 10) Ee. Go dira kopo e e ntseng jalo go sa ntse go tshwanela. Bogosi jwa Modimo bo sa ntse bo tlile go laola ka botlalo mo lefatsheng.

Batho ba ba ikanyegang ba tla bona masego a magolo fa seo se direga! Baebele ya re: “Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.” (Tshenolo 21:3, 4) Ka nako eo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Batho ba ba itumedisang Modimo ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Fa re ntse re emetse go diragadiwa ga boporofeti jono le jo bongwe jwa Baebele, a re ‘nneng re batle pele bogosi le tshiamo ya Modimo.’—Mathaio 6:33.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a gapa boremelelo jwa Thaba ya Siona ya mo lefatsheng mo Bajebuseng mme a e dira moshate wa gagwe. (2 Samuele 5:6, 7, 9) Gape o ne a fudusa Letlole le le boitshepo a le isa teng. (2 Samuele 6:17) E re ka Letlole le ne le amanngwa le go nna teng ga ga Jehofa, Siona e ne e bidiwa lefelo la Modimo la bonno, mme seo se ne se dira gore e tshwanele sentle go tshwantshetsa legodimo.—Ekesodo 25:22; Lefitiko 16:2; Pesalema 9:11; Tshenolo 11:19.

[Mafoko a a mo go tsebe 4]

Jehofa o tlhomile Jesu Keresete go nna Kgosi ya Bogosi jwa gagwe

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 6]

Dingwaga di le 2 520

October 607 ◀ B.C.E. C.E. ▸ October 1914

Dingwaga di le 606 1⁄4 Dingwaga di le 1 913 3⁄4

“Dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di simolotse ka 607 B.C.E. mme tsa khutla ka 1914 C.E.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Batho ba ba tla bong ba le mo lefatsheng ba busiwa ke Bogosi jwa Modimo ba tla itumelela masego a mantsi