Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Metlha ya Bofelo’ ke Eng?

‘Metlha ya Bofelo’ ke Eng?

‘Metlha ya Bofelo’ ke Eng?

A O IPOTSA gore wena le baratiwa ba gago le tlile go nna le isagwe e e ntseng jang? Batho ba bantsi ba tlhwaela tsebe thata metswedi ya dikgang gore ba bone kafa ditiragalo tsa lefatshe di ka amang matshelo a bone ka teng. Le fa go ntse jalo, go tlhwaela tsebe Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng go re naya temogo ya mmatota. Go ntse jalo ka gonne bogologolo Baebele e ne ya bolelela pele gore boemo bo tla bo bo ntse jang gompieno ya bo ya umaka le ka dilo tse di sa ntseng di tla direga.

Ka sekai, fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng, o ne a bua thata ka Bogosi jwa Modimo. (Luke 4:43) Go a utlwala gore batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba batla go itse gore Bogosi jono jo bo molemolemo bo ne bo tla tla leng. Malatsi a le mararo pele ga Jesu a bolawa go sa tlhokege, barutwa ba gagwe ba ne ba mmotsa ba re: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago [mo Bogosing] le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Mathaio 24:3) Jesu o ne a ba raya a re ke Jehofa Modimo fela a itseng nako e Bogosi bo neng bo tla simolola go laola lefatshe ka botlalo ka yone. (Mathaio 24:36; Mareko 13:32) Le fa go ntse jalo, Jesu le ba bangwe ba ne ba bolelela pele ditiragalo dingwe mo lefatsheng tse di neng di tla bontsha gore Keresete o ne a busa mo Bogosing.

Pele ga re sekaseka bosupi jo bo bonalang jwa gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya tsamaiso ya gone jaanong ya dilo, a re sekasekeng ka bokhutshwane tiragalo nngwe ya botlhokwa e e neng ya direga kwa legodimong. Jesu Keresete o ne a nna Kgosi kwa legodimong ka 1914. * (Daniele 7:13, 14) Ka bonako fela fa Jesu a sena go amogela taolo ya go busa, o ne a tsaya kgato. Baebele ya re: “Ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela, le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana.” (Tshenolo 12:7) “Mikaele moengele yo mogolo” ke Jesu Keresete a le mo maemong a gagwe kwa legodimong. * (Jude 9; 1 Bathesalonika 4:16) Kgogela ke Satane Diabolo. Satane le balatedi ba gagwe ba ba bosula ba baengele, ba ba bidiwang madimona, ba ne ba felela kae mo ntweng eo? Ba ne ba fenngwa mme ba “piriganyediwa kwa tlase,” kana ba lelekwa kwa legodimong, ba latlhelwa mo lefatsheng. (Tshenolo 12:9) Ka ntlha ya seno ‘magodimo le ba ba agileng mo go one,’ e leng bomorwa Modimo ba ba ikanyegang ba moya, ba ne ba itumela. Le fa go ntse jalo, batho bone ga ba ka ba itumela. Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:12.

Satane ka gonne a tuka bogale o tlisitse bomadimabe—pogo le tshotlego—mo bathong ba ba nnang mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, bomadimabe joo bo tla tsaya nako e khutshwane, “lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” Baebele e bitsa nako eno e re ke ‘metlha ya bofelo.’ Re ka itumelela gore go ise go ye kae tlhotlheletso ya ga Diabolo mo lefatsheng e tla bo e fediseditswe ruri. Mme gone, re na le bosupi bofe jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Gore o bone tshedimosetso e e oketsegileng, bala buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? tsebe 218-9, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Foreground: © Chris Stowers/Panos Pictures; background: FAROOQ NAEEM/AFP/Getty Images