Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Ga re Ka ke Ra Tlogela go Bua ka Jesu’

‘Ga re Ka ke Ra Tlogela go Bua ka Jesu’

“Re Tshwanetse go Utlwa Modimo e le Mmusi Bogolo go Batho”

‘Ga re Ka ke Ra Tlogela go Bua ka Jesu’

NGWAGA ke wa 33 C.E., lefelo lone ke kgotlatshekelo e kgolo ya setšhaba ya Bajuda mo Jerusalema. Mo lefelong leno, Sanehederine e gaufi le go botsolotsa balatedi ba le 12 ba ga Jesu Keresete. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ntse ba rera ka Jesu. Moaposetoloi Petere le Johane ba eme fa pele ga kgotla lekgetlo la bobedi. Mme baaposetoloi ba bangwe bone ke la ntlha ba tla tshekong.

Moperesiti yo mogolo o bua le baaposetoloi ba ba 12 ka taelo e e ntshitsweng ke kgotla mo nakong e e fetileng. Ka nako eo, fa moaposetoloi Petere le Johane ba ne ba laelwa gore ba emise go ruta ka Jesu ba ne ba araba ba re: “Gore a go siame mo ponong ya Modimo go reetsa lona go na le go reetsa Modimo, ikatlholeleng. Mme rona, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” Fa barutwa ba ga Jesu ba sena go rapelela bopelokgale, ba ne ba tswelela ba bolela dikgang tse di molemo.—Ditiro 4:18-31.

E re ka moperesiti yo mogolo a ne a lemogile gore matshosetsi a gagwe a mo tshekong e e fetileng a ne a sa thusa sepe, o ne a re: “Re ne ra lo laela thata gore lo se ka lwa nnela go ruta ka leina leno, mme le fa go ntse jalo, bonang! lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona, e bile lo ikemiseditse go tlisa madi a monna yono mo go rona.”—Ditiro 5:28.

Ba Ititeile Sehuba

Petere le baaposetoloi ba bangwe ba araba ka bopelokgale ba re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) E le ruri, go na le go utlwa batho fela, re tshwanetse go utlwa Jehofa fa dilo tse batho ba di batlang mo go rona di le kgatlhanong le ditaelo tsa gagwe. *

Mafoko a baaposetoloi a a tlhomamisang gore ba ineetse mo Modimong a tshwanetse go dira gore maloko a Sanehederine a tlhaloganye boemo jwa bone. Fa baeteledipele bano ba setšhaba sa Bajuda ba bodiwa ka go utlwa Modimo, ba tshwanetse go araba ka bongwe fela jwa pelo ba re: “Utlwang Modimo.” E bile tota ba ne ba dumela gore Modimo ke Morena Molaodimogolo wa lobopo.

Go lebega Petere yo o neng a buelela baaposetoloi botlhe a ne a bolela gore fa go tla mo kgannyeng ya bodiredi jwa bone, ba tla utlwa Modimo go na le batho. Ka go dira jalo o ne a fedisa tatofatso e baaposetoloi ba neng ba latofadiwa ka yone ya go tlhoka kutlo. Maloko a Sanehederine a itse sentle go tswa mo hisitoring ya setšhaba sa bone gore go na le dinako tse ka tsone go tshwanetseng ga utlwiwa Modimo go na le batho. Babelegisi ba babedi ba kwa Egepeto ba ne ba boifa Modimo e seng Faro, mme ba boloka bana ba basimane ba ba neng ba tsholwa ke basadi ba Bahebera. (Ekesodo 1:15-17) Kgosi Hesekia o ne a utlwa Jehofa, mme a se ka a utlwa Senakaribe fa a ne a gatelelwa gore a ineele. (2 Dikgosi 19:14-37) Dikwalo tsa Sehebera tse maloko a Sanehederine a tlwaelaneng le tsone di gatelela gore Jehofa o lebeletse gore batho ba gagwe ba mo utlwe.—1 Samuele 15:22, 23.

Ba Duelelwa go Nna Kutlo

Go lebega leloko le le lengwe la kgotlatshekelokgolo le ne la amiwa ke mafoko a a reng, “re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” Gamaliele yo e neng e le moatlhodi yo o tseelwang kwa godimo thata wa Sanehederine o tlhotlheletsa kgotla gore e reetse kgakololo ya gagwe e e botlhale e a ba neelang yone mo sephiring. Gamaliele o umaka dikai tsa bogologolo tse di bontshang gore ga go botlhale go kgoreletsa tiro ya baaposetoloi. O konela ka go re: “Lo se ka lwa tshwenyana le banna bano, mme ba leseng; . . . go seng jalo, gongwe lo tla fitlhelwa lo le ba ba tlhabantshanang le Modimo.”—Ditiro 5:34-39.

Mafoko ano a a utlwalang a ga Gamaliele a ne a tlhotlheletsa kgotlatshekelokgolo gore e golole baaposetoloi. Tiragalo eno ga e tshose baaposetoloi le eseng le fa gone ba ne ba kgwathisiwa. Go na le moo, Baebele e bega gore: “Letsatsi lengwe le lengwe mo tempeleng le ka ntlo le ntlo ba tswelela ba sa kgaotse ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo kaga Keresete, e bong Jesu.”—Ditiro 5:42.

Eleruri baaposetoloi ba ne ba segofadiwa tota ka go nna ba gatelela gore bolaodi jwa Modimo bo bogolo! Gompieno, Bakeresete ba boammaaruri le bone ba na le boikutlo joo. Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tsaya Jehofa e le Mmusi yo Mogolo. Fa ba laelwa go dira kgatlhanong le ditaelo tsa Modimo, ba araba fela jaaka baaposetoloi ba ne ba bua: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bona 2006 Calendar of Jehovah’s Witnesses, September/October.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

A O KILE WA IPOTSA?

Mokwadi wa Efangele e bong Luke o bone kae tshedimosetso e e malebana le se Gamaliele a se buileng mo pokanong ya sephiri ya Sanehederine? Gongwe Modimo o ne a senolela Luke mafoko a ga Gamaliele. Kana go ka direga gore Paulo (yo o kileng a nna mongwe wa baithuti ba ga Gamaliele) o ne a itsise Luke ka se Gamaliele a neng a se bua. Kana Luke a ka tswa a ne a ikopanya le leloko lengwe la kgotlatshekelokgolo le le neng le dumalana le tiro ya baaposetoloi.