Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Boikarabelo jwa phuthego ke bofe fa Mokeresete yo o kgweetsang koloi a nna le kotsi e go swang batho mo go yone?

Kgang ya molato wa madi e tshwanetse ya sekasekwa ka gonne phuthego e tshwanetse go tila go nna le molato wa madi o o kopanetsweng. (Duteronome 21:1-9; 22:8) Motho yo o neng a kgweetsa a bo a dira kotsi e go swang mongwe mo go yone a ka nna le molato wa madi fa e le gore o ne a le botlhaswa kgotsa fa e le gore o robile mongwe wa melao ya ga Kaesara ya pabalesego kgotsa ya tsela, ka boomo. (Mareko 12:14) Mme go na le dintlha tse dingwe tse di tshwanetseng go sekasekwa.

Mmolai yo o neng a tshabela kwa go mongwe wa metse ya Baiseraele ya botshabelo o ne a tshwanelwa ke go sekisiwa. Fa go fitlhelwa gore o ne a sa bolaya motho ka boomo, o ne a tla letlelelwa go tswelela a nna mo motseng, mo a ka se kang a tshwarwa ke mmusolosi wa madi teng. (Dipalo 35:6-25) Ka jalo fa Mokeresete a na le seabe mo losong lwa mongwe lwa kotsi, bagolwane ba tshwanetse go sekaseka kgang go bona gore a o na le molato wa madi. Tshwetso ya puso kgotsa ya kgotlatshekelo ga se tsone di laolang gore phuthego e tla tsaya kgato efe.

Ka sekai, kgotla e ka bolela gore mokgweetsi o na le molato wa go tlola molao o o rileng wa tsela, mme bagolwane ba ba sekasekang kgang bone ba ka nna ba bona a se na molato wa madi ka gonne a ne a ka se kgone go laola maemo a a bakileng loso. Mme le fa kgotla e ka tsholola kgetsi, bagolwane ba ka nna ba swetsa ka gore tota o na le molato wa madi.

Tshwetso ya bagolwane ba ba sekasekang kgetsi e tshwanetse ya theiwa mo Dikwalong le mo mabakeng a a itsegeng sentle—go dumela ga mokgweetsi gore o molato kgotsa bosupi jwa batho ba le babedi kgotsa ba le bararo ba ba ikanyegang ba ba iponetseng ka matlho. (Duteronome 17:6; Mathaio 18:15, 16) Fa go bonala go na le molato wa madi, go tshwanetse ga tlhomiwa komiti ya boatlhodi. Fa komiti e bona gore motho yo o nang le molato wa madi o a ikwatlhaya, o tla kgalemelwa kafa go tlhokegang ka gone go dirisiwa Dikwalo, mme o tla tseelwa ditshiamelo dingwe mo phuthegong. A ka se tlhole a direla e le mogolwane kgotsa motlhanka wa bodiredi. O tla beelwa le dithibelo tse dingwe gape. Gape o ikarabelela mo Modimong ka ntlha ya botlhaswa, kgotsa go se nne kelotlhoko mo go bakileng kotsi le loso.—Bagalatia 6:5, 7.

Re ka tshwantsha jaana: Fa e le gore maemo a bosa a ne a le maswe ka nako ya kotsi, mokgweetsi o ne a tshwanetse go nna kelotlhoko thata. Fa e le gore o ne a otsela, o kabo a ile a ema a itapolosa go fitlha boroko bo fela, kgotsa o ka bo a kopile mongwe o sele go kgweetsa.

A re re mokgweetsi o ne a le mo lobelong. Fa Mokeresete ope a kgweetsa ka lobelo lo lo fetang lobelo lo lo beilweng lwa tsela, ga a neye “Kaesara dilo tsa ga Kaesara.” Gape go bontsha gore ga a tlotle boitshepo jwa botshelo, ka gonne go dira jalo go ka baka loso lwa motho. (Mathaio 22:21) Mo ntlheng eno, ela tlhoko ntlha e nngwe gape. Mogolwane o tla bo a tlhomela letsomane sekao se se ntseng jang fa a tlhokomologa melao ya ga Kaesara ya tsela kgotsa a sa e ikobele ka boomo fela?—1 Petere 5:3.

Bakeresete ga ba a tshwanela go batla gore ba bangwe ba bo ba le mo lefelong le le rileng ka nako e e rileng e ba ka se kang ba kgona go e tshwara ba sa tlole molao wa lobelo lwa tsela. Le fa go ntse jalo, gantsi go ka tlhokega gore motho a emelele nako e sa le teng kgotsa a fetole thulaganyo ya gagwe gore a tle a nne le nako e e lekaneng gore a tsamaye sentle. Fa go dirwa jalo, Mokeresete a ka se raelesege go tsamaya ka lobelo lo lo kwa godimo ga lo lo tshwanetseng, mme o tla kgona go tsamaisana le melao ya tsela ya puso ya “balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1, 5) Seno se tla thusa mokgweetsi go itisa mo dikotsing tse go swang batho mo go tsone tse di ka bakang molato wa madi. Gape se tla dira gore a kgone go tlhoma sekao se se tshwanetseng mme a nne a na le segakolodi se se siameng.—1 Petere 3:16.