Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Natefelelwa ke Molao wa ga Jehofa

O ne A Natefelelwa ke Molao wa ga Jehofa

O ne A Natefelelwa ke Molao wa ga Jehofa

ALBERT D. SCHROEDER, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o weditse botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka Laboraro, March 8, 2006. O ne a na le dingwaga di le 94, mme a feditse dingwaga di feta 73 a le mo bodireding jwa nako e e tletseng.

Mokaulengwe Schroeder o tsaletswe kwa Saginaw, Michigan, U.S.A., ka 1911. * Fa a ne a sa ntse a le monnye, o ne a ithuta go le gontsi ka Baebele mo go nkokoagwe, motsalaa mmaagwe, yo gape a neng a mo ruta go rata go bala Lefoko la ga Jehofa. O ne a ithuta Selatine, Sejeremane le boenjeniri jwa metlakase kwa Yunibesithing ya Michigan. Le fa go ntse jalo, fa tsela e a ratang Dikwalo ka yone e ntse e gola, o ne a emisa dithuto tsa gagwe tsa yunibesithi mme a tsenela tiro ya nako e e tletseng ya go rera ka Bogosi. Ka 1932, o ne a nna leloko la lelapa la Bethele kwa Brooklyn, New York.

Ka 1937, fa Mokaulengwe Schroeder a na le dingwaga di le 26, o ne a tlhomiwa gore a okamele tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa Boritane. Tsela e a neng a tlhagafaletse tiro ya go rera ka yone, e ne ya kgothatsa ba le bantsi koo gore le bone ba tsenele bodiredi jwa nako e e tletseng. Lekawana lengwe le a neng a tsalana le lone kwa Bethele ya Lontone, e ne e le John E. Barr. Moragonyana ba ne ba dira mmogo ka dingwagangwaga e le maloko a Setlhopha se se Laolang.

Tiro e Mokaulengwe Schroeder a neng a e direla Basupi ba ga Jehofa e ne ya lemogiwa mo dingwageng tsa ntwa. Ka August 1942, o ne a lelekwa kwa Boritane. O ne a goroga kwa Brooklyn ka September morago ga loeto lo lo tletseng mathata go kgabaganya Lewatle la Atlantic ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II.

Ka nako eo, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba setse ba bona gore go ne go tla tlhokega gore go dirwe tiro e kgolo morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Mokaulengwe Schroeder o ne a gakgametse e bile a itumetse go amogela kabelo ya gagwe e e latelang—go thusa go dira khoso ya go ithuta ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. O ne a fetsa dingwaga di le dintsi e le motlhatlheledi wa sekolo seno, a thusa go thapisa barongwa. Baithuti ba a neng a ba ruta mo Gileade le ba a ba rutileng moragonyana mo Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi, ba gopola ka tsela e ditlelase tsa gagwe di neng di itumedisa ka yone. O ne a rata thata go ruta baithuti ba gagwe go rata melao ya Modimo mme a gatelela le botlhokwa jwa go itse Jehofa.

Ka 1956, Mokaulengwe Schroeder o ne a nyala Charlotte Bowin, mme ka 1958 ke fa morwa wa bone Judah Ben, a tsholwa. Mokaulengwe Schroeder e ne e le monna yo o molemo wa Mokeresete le rre yo o molemo. Ka 1974, o ne a simolola go dira le Setlhopha se se Laolang, mo kitso ya gagwe e neng e anaanelwa tota. E ne e le monna yo o boikobo yo o neng a batla go tlotlomatsa leina le legolo la Modimo. Re tlhomamisegile gore Mokaulengwe Schroeder o amogetse tuelo ya gagwe ya kwa legodimong e le Mokeresete yo o tloditsweng yo ruri a neng a ‘natefelelwa ke molao wa ga Jehofa.’—Pesalema 1:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Polelo ya botshelo ya ga Mokaulengwe Schroeder, e ne ya gatisiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya March 1, 1988.