Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Dira Dilo ka Tsela e e Lekalekaneng?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Dira Dilo ka Tsela e e Lekalekaneng?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Dira Dilo ka Tsela e e Lekalekaneng?

JEHOFA ke sekao se se molemo go di gaisa tsotlhe sa go nna tekatekano. “Tiro ya gagwe e itekanetse” mme tshiamiso ya gagwe ga nke e nna makgwakgwa, ka gonne ka metlha o e dirisa mmogo le kutlwelobotlhoko. (Duteronome 32:4) Lorato lwa gagwe ka metlha lo laolwa ke melaometheo, ka gonne o dira dilo tumalanong le melao ya gagwe e e itekanetseng. (Pesalema 89:14; 103:13, 14) Batsadi ba rona ba ntlha ba dirilwe ba le tekatekano mo dilong tsotlhe. Ba ne ba se na tshekamelo ya go feteletsa dilo. Le fa go ntse jalo, tshimologo ya boleo e ne ya tlisa “bogole”—bosaitekanelang—jo bo feletseng ka go sa nne tekatekano.—Duteronome 32:5.

Ka sekai: A o kile wa palama koloi kana baesekele e thaere ya yone e neng e budulogile thata kafa thoko? Go buduloga jalo go tshwanetse ga bo go ile ga dira gore e se ka ya tsamaya sentle e bile o se ka wa babalesega fa o tsamaya ka yone. Thaere e e ntseng jalo e tshwanetse go baakanngwa pele ga e buduloga thata kana e phofa. Ka tsela e e tshwanang, le rona botho jwa rona jo bo nang le diphoso bo na le mathata a jone. Fa re ka bo tlogela gore bo ‘buduloge’ jalo, ga re na go tsamaya sentle mo tseleng e re e tsamayang mo botshelong, tota e bile tsela e re e tsamayang e ka nna kotsi.

Ka dinako tse dingwe dinonofo tsa rona tse di molemo, di ka fetelediwa. Ka sekai, le fa mo Molaong wa ga Moshe go ne go lebeletswe gore diaparo tsa Baiseraele di nne le makantsa, Bafarasai ba motlha wa ga Jesu ba ne ba “lelefatsa makantsa a diaparo tsa bone” thata e le gore ba tle ba tlhomologe mo bathong ba bangwe. Maikaelelo a bone e ne e le gore ba lebege ba le boitshepo go feta batho ba bangwe.—Mathaio 23:5; Dipalo 15:38-40.

Gompieno go na le batho ba ba ratang go gapa tlhokomelo ya batho ka tsela le fa e le efe fela, e bile ka dinako tse dingwe ba gakgamatsa ba bangwe thata. E ka tswa e le gore ka mafoko a mangwe ba re: “Nkele tlhoko! Le nna ke motho yo o dirang dilo ka tsela ya me!” Mme go feteletsa dilo fa go tliwa mo kgannyeng ya moaparo, mekgwa ya rona le dilo tse re di dirang ga go na go re naya dilo tse tota re di tlhokang jaaka Bakeresete.

Go Leba Tiro ka Tsela e e Lekalekaneng

Go sa kgathalesege gore re bomang kana re nna kae, go dira tiro e e molemo ke sengwe se se ka re thusang go tshela matshelo a a nang le boikaelelo. Re diretswe gore re kgotsofalele go dira tiro e e ntseng jalo. (Genesise 2:15) Ke gone ka moo Baebele e kgalang botshwakga. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka tlhamalalo a re: “Fa motho ope a sa batle go dira, lo se ka lwa mo letla go ja.” (2 Bathesalonika 3:10) E bile tota, botshwakga bo ka tlisetsa motho lehuma jwa ba jwa dira gore a se ka a kgotsofala mo botshelong mme gape motho yo o ntseng jalo ga a amogelwe ke Modimo.

Batho ba bangwe ba feteletsa dilo, ba bo ba berekela ruri, ba itira makgoba a tiro. Ba tswa gae ka makuku ba bo ba boa bosigo, mme ba ka nna ba tlhalosa gore ba bereka jalo ka gonne seo se solegela ba malapa a bone molemo. Le fa go ntse jalo, ba malapa a bone ba ka tswa ba sa tshele sentle ka ntlha ya go ineela ga motho jalo mo tirong. Mosadi mongwe yo e leng mmalelapa yo monna wa gagwe a dirisang nako e telele thata kwa tirong a re: “Ruri ke ne nka itetla go latlhegelwa ke ntlo eno ya manobonobo e le fela gore monna wa me a iphe nako a na le nna le bana ba rona.” Batho ba ba tlhophang go bereka ka tsela e e feteletseng ba tshwanetse go akanya masisi ka se se kileng sa diragalela Kgosi Solomone: “Nna, e leng nna, ke ne ka retologela mo ditirong tsotlhe tsa me tse diatla tsa me di neng di di dirile le tiro ya bonatla e ke neng ke dirile ka natla gore ke e wetse, mme bona! sengwe le sengwe e ne e le lefela le go kgaratlhela phefo.”—Moreri 2:11.

Ee, mo kgannyeng ya tiro, re tshwanetse go tila go feteletsa dilo ka ditsela tseo tse pedi. Re ka nna badiri ba ba dirang ka natla, mme gape re ntse re gakologelwa gore go nna lekgoba la tiro go ka dira gore re tlhoke boitumelo e bile go ka re tlhokisa dilo tse dingwe tse dintsintsi.—Moreri 4:5, 6.

Tila go Rata Menate ka Tsela e e Feteletseng

Baebele e ne ya bolelela pele jaana ka motlha wa rona: “Batho ba tla nna . . . barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:2, 4) Go rata menate ke nngwe ya ditsela tse di atlegileng thata tse Satane a di dirisang go kgaoganya batho le Modimo. Go rata go itlosa bodutu le go ijesa monate, jaaka go nna le seabe mo metshamekong e e kotsi, go atile. Metshameko ya mofuta oo e nna fela e oketsega mme le batho ba ba e tshamekang ba nna ba oketsega. Ke eng fa batho ba e rata thata jaana? Ka gonne batho ba le bantsi ga ba kgotsofalele matshelo a bone a letsatsi le letsatsi mme ba batla dilo tse di tla ba itumedisang. Mme gore ba nne ba itumetse jalo ba tshwanetse go tsenya matshelo a bone mo kotsing le go feta. Bakeresete ba ba kelotlhoko ga ba tshameke metshameko e e kotsi ka gonne ba tlotla mpho ya botshelo e bile ba tlotla Monei wa yone.—Pesalema 36:9.

Fa Modimo a ne a bopa batho ba babedi ba ntlha, o ne a ba baya kae? Kwa tshimong ya Edene, e e rayang “Boitumelo” kana “Boipelo.” Ka jalo, go bonala sentle gore Modimo o ne a ikaeletse gore batho ba tshele botshelo jo bo itumedisang le jo bo ipedisang.

Jesu o re tlogeletse sekao se se itekanetseng sa go nna tekatekano malebana le tsela e re lebang menate ka yone. O ne a ineetse ka botlalo go dira thato ya ga Jehofa, mme ga ise nke a tlogele go tshela ka melao ya Modimo le melaometheo ya gagwe. O ne a ipha nako go thusa ba ba tlhokang, le ka dinako tse a neng a lapile tota. (Mathaio 14:13, 14) Ee, Jesu o ne a ya go ja le batho fa ba mo laleditse dijo mme gape o ne a ipha nako ya go itapolosa. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore baba ba gagwe ba ne ba mo tshwaya diphoso fa a dira dilo tseno. Ba ne ba re: “Bonang! Motho yo o jang bobe le yo o lemaletseng go nwa beine.” (Luke 7:34; 10:38; 11:37) Mme Jesu o ne a sa dumele gore boineelo jwa mmatota bo ne bo raya gore a se ka a ijesa monate gotlhelele mo botshelong.

Ka jalo, re tla bo re dira ka botlhale fa re sa feteletse dilo fa re itlosa bodutu. Go dira gore go ijesa monate le boitlosobodutu e nne tsone dilo tsa konokono mo botshelong go ka se tsoge go dirile gore re itumele ka tsela ya mmatota. Seno se ka felela ka gore re tlhokomologe dilo tsa botlhokwa, go akaretsa kamano ya rona le Modimo. Mme gape ga re a tshwanela go itshwara ka thata re sa ijese monate gotlhelele kana ra tshwaya phoso batho ba bangwe ba ba itumelelang botshelo sentle ka tsela e e lekalekaneng.—Moreri 2:24; 3:1-4.

Itumelele Botshelo ka go Tshela ka Tsela e e Tekatekano

Morutwa Jakobe o ne a re: “Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jakobe 3:2) Re ka nna ra diragalelwa ke seno fa re leka go nna tekatekano. Ke eng se se ka re thusang? Re ka thusiwa ke go lemoga dilo tse re nonofileng mo go tsone le tse re leng bokoa mo go tsone. Mme go leba dilo ka tsela e e lekalekaneng jalo ga go motlhofo. Re ka tswa re fetelela mo dilong dingwe mme re sa lemoge. Ka jalo, re tla bo re dira ka botlhale fa re nna re atamalane le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng sentle semoyeng mme re reetsa kgakololo ya bone e e lekalekaneng. (Bagalatia 6:1) Re ka nna ra botsa tsala e re e ikanyang kana mogolwane yo o nang le maitemogelo mo phuthegong gore a re neye kgakololo e e ntseng jalo. Kgakololo e e ntseng jalo e e theilweng mo Baebeleng mmogo le Dikwalo, e ka nna ‘seipone’ gore re ipone gore tota re bonala re ntse jang fa pele ga ga Jehofa.—Jakobe 1:22-25.

Go a itumedisa go itse gore ga go tlhokege gore re tshele ka tsela ya go feteletsa dilo. Fa re ititaya sehuba tota mme re kopa Jehofa gore a re eme nokeng, re ka kgona go nna tekatekano, mme ka jalo ra nna batho ba ba itumetseng. Kamano ya rona le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete le bokgaitsadi e tla tokafala, mme re tla nna dikao tse di botoka mo bathong ba re ba rerelang. Mme sa botlhokwa le go feta, re tla etsa Modimo wa rona yo o tekatekano le yo o lorato, Jehofa.—Baefeso 5:1.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

©Greg Epperson/age fotostock