Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thuso e e Tswang go “Modimo yo o Fang Boitshoko le Kgomotso”

Thuso e e Tswang go “Modimo yo o Fang Boitshoko le Kgomotso”

Thuso e e Tswang go “Modimo yo o Fang Boitshoko le Kgomotso”

MO E ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng, mokwadi wa Baebele e bong Paulo o ne a re Jehofa ke “Modimo yo o fang boitshoko le kgomotso.” (Baroma 15:5) E re ka Baebele e re tlhomamisetsa gore Jehofa ga a fetoge le dinako, re ka tlhomamisega gore Modimo o sa ntse a gomotsa batho ba ba mo direlang. (Jakobe 1:17) Totatota, Baebele ya re ba ba tlhokang kgomotso, Jehofa o ba naya yone ka ditsela tse di farologaneng. Dingwe tsa ditsela tseno ke dife? Modimo o naya nonofo ba ba yang kwa go ene ka thapelo ba kopa thuso. Gape o tlhotlheletsa Bakeresete ba boammaaruri gore ba gomotse badumedi mmogo le bone. Jehofa o re naya gape le dipego tse di gomotsang tse di mo Lefokong la gagwe Baebele, tse di ka nonotshang ba ba hutsafetseng gonne ba swetswe ke ngwana. A re sekasekeng nngwe le nngwe ya ditsela tseno tse tharo tse a gomotsang ka tsone.

“Jehofa a Utlwa”

Kgosi Dafide o ne a kwala jaana ka Mmopi wa rona Jehofa: “Mo ikanyeng ka dinako tsotlhe, lona batho. Tshololelang pelo ya lona fa pele ga gagwe. Modimo ke botshabelo jwa rona.” (Pesalema 62:8) Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a tshepile Jehofa jaana? Dafide o ne a kwala jaana ka se se mo diragaletseng: “Yo o bogisiwang yono o ne a bitsa, mme Jehofa a utlwa. Mme a mmoloka mo matshwenyegong otlhe a gagwe.” (Pesalema 34:6) Mo maemong otlhe a a ngomolang pelo a Dafide a neng a le mo go one o ne a rapela Modimo ka dinako tsotlhe gore a mo thuse, mme ka metlha Jehofa o ne a mo thusa. Dafide o ne a itse ka se se mo diragaletseng gore Modimo o tla mo tshegetsa le go mo thusa gore a itshoke.

Batsadi ba ba swetsweng ba tshwanetse go itse gore Jehofa o tla ba tshegetsa mo kutlobotlhokong e kgolo e ba leng mo go yone fela jaaka a ne a dira ka Dafide. Ba ka kgona go atamela “Moutlwi [yo mogolo] wa thapelo,” ba na le tsholofelo ya gore o tla ba thusa. (Pesalema 65:2) William yo o nopotsweng mo setlhogong se se fetileng o ne a re: “Gantsi ke ne ke na le boikutlo jwa gore ga nka ke ka kgona go tshela kwantle ga morwaake, mme ke ne ke kopa Jehofa gore a nthuse. Ka metlha o ne a mpha nonofo le bopelokgale jwa go tswelela ke tshela.” Le wena fa o ka rapela Jehofa o na le tumelo, Modimo yo mogolo yo o kwa legodimong o tla go thusa. Aitsane, Jehofa Modimo o solofetsa ba ba lekang ka natla go mo direla jaana: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”—Isaia 41:13.

Thuso E o Ka e Bonang mo Ditsaleng Tsa Boammaaruri

Gantsi batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke ngwana ba tlhoka nako ya go lelela ngwana wa bone ba le nosi le go baakanya maikutlo a bone. Le fa go ntse jalo, ga go botlhale gore ba nne nako e telele ba sa batle go kopana le batho. Lekwalo la Diane 18:1 la re, “yo o itlhaolang” a ka nna le mathata. Ka jalo batho ba ba swetsweng ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba wela mo seraing sa go sa batle go kopana le batho.

Ditsala tse di boifang Modimo di ka thusa thata ba ba leng mo tlalelong. Diane 17:17 ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” Lucy, yo le ene a umakilweng mo setlhogong se se fetileng o ne a gomodiwa ke ditsala tsa boammaaruri fa a sena go swelwa ke morwawe. Fa a bua ka ditsala tsa gagwe tsa mo phuthegong o ne a re: “Go re etela ga bone go ne ga thusa thata, le fa ka dinako dingwe ba ne ba bua go le gonnye fela. Tsala nngwe yone e ne e nketela mo malatsing a ke neng ke le nosi mo go one. O ne a itse gore ke tla bo ke le teng mo lapeng ke ntse ke lela, mme gantsi o ne a tla go lela le nna. Tsala e nngwe yone e ne e founa letsatsi le letsatsi go nkgothatsa. Batho ba bangwe bone ba ne ba re laletsa kwa malapeng a bone go tla go itumelela dijo le bone mme ba sa ntse ba dira jalo.”

Le fa gone botlhoko jo bo tlhabang pelo jo batsadi ba bo utlwang fa ba swelwa ke ngwana wa bone bo sa tloge motlhofo fela, go rapela Modimo le go kopana le ditsala tsa Bakeresete ba boammaaruri go dira gore ba ba swetsweng ba gomotsege ka tsela ya mmatota. Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ba swetsweng ke ngwana ba bona gore ruri Jehofa o na le bone. Ee, Jehofa “o fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.”—Pesalema 147:3.

Dipego Tsa Baebele Tse di Gomotsang

Mo godimo ga thapelo le botsalano jo bo agang, Lefoko la Modimo le le kwadilweng le ka gomotsa batho ba ba lelang. Dipego tsa Baebele di bontsha gore Jesu o eletsa thata e bile a ka kgona go tlosa botlhoko jwa batsadi ba ba swetsweng ka go tsosa bana ba bone mo baswing. Dipego tse di tshwanang le tseo di gomotsa thata batho ba ba mo kutlobotlhokong. A re sekasekeng dipego tse pedi tsa seo.

Luke kgaolo 7 e tlhalosa se se neng sa direga fa Jesu a ne a kopana le mokoloko wa batho ba ba yang phitlhong mo motseng wa Naina. Batho bao ba ne ba le gaufi le go fitlha morwa a le esi fela wa mosadi wa motlholagadi. Temana ya 13 ya re: “E rile Morena a tshogana ka a mmona, a tlhotlheletsega go mo tlhomogela pelo, mme a mo raya a re: ‘Tlogela go lela.’”

Ga se mang le mang yo o ka bolelelang mmè yo o fitlhang morwawe gore a tlogele go lela. Jaanong ke ka ntlha yang fa Jesu ene a ne a bua jalo? Ka gonne o ne a itse gore kutlobotlhoko ya mmè yono e ne e le gaufi le go fela. Pego eo e tswelela jaana: “[Jesu] a atamela a ama setsholo, mme batshodi ba ema, mme a re: ‘Lekau, ke a go raya ka re, Tsoga!’ Monna yo o suleng a rapamologa a bo a simolola go bua, mme a mo naya mmaagwe.” (Luke 7:14, 15) Mmaagwe morwa yono o tshwanetse a bo a ne a lela gape ka nako eo, mme jaanong e le dikeledi tsa boitumelo.

Mo lekgetlong le lengwe, Jesu o ne a atamelwa ke monna mongwe yo o bidiwang Jairo, yo o neng a kopa thuso gonne morwadie wa dingwaga di le 12 a ne a lwala thata. Moragonyana fela ga foo, Jairo o ne a bolelelwa gore morwadie o tlhokafetse. Dikgang tseno di ne tsa phatlola Jairo pelo, mme Jesu o ne a mo raya a re: “Se boife, fela supa tumelo.” Jesu o ne a ya kwa legaeng la ga Jairo mme a tsena kwa mosetsanyana yono yo o sa tsheleng a neng a le gone. Mme o ne a mo tshwara ka seatla a re: “Morweetsana, ke a go raya, Tsoga!” Go ne ga diregang? “Ka yone nako eo morweetsana yono a tsoga mme a simolola go tsamaya.” Batsadi ba gagwe ba ne ba dirang? “Ba se ka ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.” Fa Jairo le mosadi wa gagwe ba tlamparela morwadiabone, ba ne ba itumetse tota. E ne e kete ba a lora.—Mareko 5:22-24, 35-43.

Dipego tsa Baebele tse di jaaka tseno tse di buang ka go tsosiwa mo baswing ga bana, di bontsha batsadi ba ba swetsweng se se tla diragalang mo isagweng. Jesu o ne a re: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Boikaelelo jwa ga Jehofa ke gore Morwawe a tsose batho ba ba suleng. Bana ba le dimilionemilione ba ba tlhokafetseng ba tla utlwa “lentswe la gagwe” fa a ba raya a re: ‘Ke a lo raya, Tsogang!’ Bana bao ba tla bo ba tsamaya e bile ba bua gape. Mme fela jaaka Jairo le mosadi wa gagwe, batsadi ba bone ga ba kitla “ba kgona go itshwara ka ntlha ya go tlhapelwa ke boitumelo.”

Fa o tlhokafaletswe ke morwa kana morwadi, tsweetswee itse gore Jehofa a ka fetola kutlobotlhoko ya gago go nna boitumelo ka go mo tsosa mo baswing. Fa o batla go solegelwa molemo ke tsholofetso eno e e itumedisang, utlwa kgothatso eno ya mopesalema: “Batlang Jehofa le nonofo ya gagwe. Batlang sefatlhego sa gagwe ka metlha. Gakologelwang ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang tse a di dirileng, dikgakgamatso tsa gagwe.” (Pesalema 105:4, 5) Ee, direla Modimo wa boammaaruri Jehofa mme o mo obamele ka tsela e a e amogelang.

O tla diragalelwa ke eng fa o ‘batla Jehofa’? O tla bona nonofo fa o rapela Modimo, o tla ikutlwa o gomodiwa ke tsela e e lorato e ditsala tsa boammaaruri tsa Bakeresete di amegang ka wena ka yone mme o tla thusiwa gape ke go ithuta Lefoko la Modimo. Mo godimo ga moo, mo nakong e e sa fediseng pelo o tla bona fa Jehofa a dira “ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang” gore wena mmogo le ngwana wa gago yo o mo amogilweng ke loso lo solegelwe molemo.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

“Tlisa Mosadi yo o Swetsweng ke Bana ba le Babedi”

Banyalani ba kwa Nigeria e bong Kehinde le Bintu ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba swelwa ke bana ba le babedi mo kotsing ya koloi. Fa e sa le ka nako eo, ba utlwile botlhoko thata ka ntlha ya go swelwa ke bana ka tsela eno e e setlhogo. Le fa go ntse jalo, ba gomodiwa thata ke go bo ba ikantse Jehofa, mme ba tswelela ba bolelela baagelani ba bone ka molaetsa wa tsholofelo o o mo Baebeleng.

Batho bangwe ba ne ba lemoga ka tsela e Kehinde le Bintu ba ritibetseng ka yone mo maikutlong e bile ba nonofile. Letsatsi lengwe mosadi yo o bidiwang Mohumagadi Ukoli o ne a raya mongwe wa ditsala tsa ga Bintu a re: “Tlisa mosadi yole yo o latlhegetsweng ke bana ba le babedi ka nako e le nngwe mme a sa ntse a rera molaetsa wa Baebele. Ke batla go itse gore ke eng se se mo nonotshang gore a kgone go itshoka.” Fa Bintu a goroga kwa ntlong ya mosadi yono, Mohumagadi Ukoli o ne a mo raya a re: “Ke batla go itse gore ke ka ntlha yang fa o sa ntse o rera ka Modimo yo o bolaileng bana ba gago. Modimo o tsere mosetsanyana wa me yo o esi. Fa e sa le ka nako eo, ga ke batle go utlwa sepe ka Modimo.” Bintu o ne a dirisa Baebele go tlhalosa lebaka la go bo batho ba swa le lebaka la go bo re tshwanetse go nna le tsholofelo e e tlhomameng ya gore batho ba re ba ratang ba tla tsosiwa mo baswing.—Ditiro 24:15; Baroma 5:12.

Morago ga moo, Mohumagadi Ukoli o ne a re: “Ke ntse ke akanya gore Modimo ke ene a bolayang batho. Jaanong ke itse boammaaruri.” Ka jalo o ne a dira tshwetso ya go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa gore a kgone go itse mo go oketsegileng ka ditsholofetso tsa Modimo.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

‘Ke Batla go Thusa Mme ga ke Itse Gore Nka Dira Seo Jang’

Fa batsadi ba ba tlhokafaletsweng ke ngwana mmogo le bana ba bangwe ba mo lapeng ba ntse ba utlwile botlhoko thata, ditsala tsa bone di ka nna tsa ikutlwa di tshaba. Ba batla go ba ema nokeng mme ba tshaba gore fa ba ka bua sengwe se se phoso kana ba dira sengwe se se phoso ba tla dira maemo ano a a botlhoko gore a etegele pele. Dikakantsho dingwe ke tseno tse di ka thusang ba ba ka tswang ba akanya jaana, ‘ke batla go thusa mme ga ke itse gore nka dira seo jang.’

❖ O se ka wa tila motho yo o swetsweng gonne o sa itse gore o reng kana gore o direng. Go nna teng fela ga gago go a ba nonotsha. A o ikutlwa o feletswe ke mafoko? O ka nna wa ba tlamparela fela le go bua jaana go tswa pelong, “ke maswabi ka se se diragetseng.” Mafoko ano fela a tla dira gore ba itse gore o a ba kgathalela. A o tshaba gore fa o lela o tla oketsa kutlobotlhoko ya bone? Baebele ya re: “Lelang le batho ba ba lelang.” (Baroma 12:15) Dikeledi tsa gago di supa gore le wena o utlwile botlhoko mme seo se a ba gomotsa.

❖ Ithaopele go thusa. A o ka baakanyetsa ba lelapa dijo tse di motlhofo? A o ka tlhatswa dijana tse di ntseng di koelana? A o ka ba direla ditiro tse dingwe? O se ka wa re, “Lo mpolelele fa lo tlhoka sengwe.” Le fa gone mafoko ao a ka tswa a buiwa ka bopeloephepa, mo batsading ba le bantsi ba ba swetsweng a raya gore o tshwaregile thata gore o ka ba thusa. Go na le moo, o ka nna wa botsa jaana, “Nka lo thusa ka eng gone jaanong?” mme o dire se ba tla go kopang sone. O se ka wa itshunya mo dikgannyeng tsa bone tsa botho kana wa tsena mo mafelong a o sa tshwanelang go tsena mo go one mo lelapeng la bone.

❖ O se ka wa re: “Ke itse gore lo ikutlwa jang.” Motho mongwe le mongwe o itshwara ka tsela e e farologaneng fa a tlhokafaletswe ke motho yo a mo ratang. Le fa le wena o swetswe ke ngwana, ga o itse tota kafa bone ba ikutlwang ka gone.

❖ Go tla tsaya nako gore maemo a siame gape mo lelapeng la bone. Tswelela o ba thusa kafa o ka kgonang ka teng. Kwa tshimologong go nna le batho ba le bantsi ba ba etelang lelapa le le swetsweng, mme gone ba tlhoka go nna ba etelwa le fa go setse go fetile nakonyana tiragalo eo e diragetse. Nna o etse tlhoko gore ba tlhoka eng mo dibekeng le mo dikgweding tse di latelang. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka thusang ba ba hutsafetseng ka ntlha ya go swelwa ke ngwana, bona kgaolo e e reng “Ba bangwe ba ka Thusa Jang?” mo go tsebe 20-4 ya boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Dipego tsa Baebele di bontsha gore Jesu o na le thata le keletso ya go tsosa bana mo baswing