Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Kgaoganya se Modimo a se Kopantseng Mmogo

O se Ka wa Kgaoganya se Modimo a se Kopantseng Mmogo

O se Ka wa Kgaoganya se Modimo a se Kopantseng Mmogo

“Ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe. Jalo, se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.”—MATHAIO 19:6.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa go tsamaisana le Dikwalo e bile go utlwala go lebelela gore banyalani ba tla nna le mathata gangwe le gape?

AKANYA fela o tloga o tsaya mosepele o moleele ka koloi. A o tla kopana le mathata mo tseleng? E tla bo e le boeleele go tsaya gore o ka se kopane le one! Ka sekai, o ka nna wa kopana le maemo a bosa a a sa iketlang, a a ka tlhokang gore o tsamaye ka bonya e bile o le kelotlhoko. Fa go ntse go ya, koloi e ka nna ya go fa mathata a o sa kgoneng go a baakanya, mme wa tshwanelwa ke go e emisa fa thoko ga tsela o bo o kopa thuso. A jaanong ka ntlha ya maemo ano o tshwanetse wa swetsa ka gore o ka bo o sa tsaya mosepele ono le gore jaanong o tshwanetse go tlogela koloi foo? Nnyaa. Fa o tsaya mosepele o moleele, o a itse gore o ka nna wa kopana le mathata mme o batla ditsela tsa go lebana le one.

2 Go ntse jalo le mo lenyalong. Ga go jaaka mathata a ka tlhokega, mme e tla bo e le boeleele fa batho ba ba ikaelelang go nyalana ba ka akanya gore ba tla nna ba itumetse fela ka dinako tsotlhe. Mo go 1 Bakorintha 7:28, Baebele e bolela ka tlhamalalo gore banna le basadi ba ne ba tla nna le “pitlagano mo nameng ya bone.” Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Ka bokhutshwane fela, ke ka gonne banna le basadi ga ba a itekanela, gape re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1; Baroma 3:23) Ka gone, tota le batho ba ba tshwanelanang ba ba ikobelang Modimo ba tla kopana le mathata gangwe le gape.

3. (a) Batho ba le bantsi mo lefatsheng ba leba lenyalo jang? (b) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba leka go nonotsha lenyalo la bone?

3 Mo lefatsheng gompieno, fa banyalani bangwe ba kopana le mathata, se ba se akanyang pele ke go tlhalana. Mo mafelong a le mantsi, palo ya batho ba ba tlhalanang e ntse e golela kwa godimo ka lobelo lo logolo. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba rarabolola mathata, ga ba a tshabele. Ka ntlha yang? Ka gonne ba tsaya lenyalo e le mpho e e boitshepo e e tswang kwa go Jehofa. Jesu o ne a bolela jaana ka batho ba ba nyalaneng: “Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se se kgaoganye.” (Mathaio 19:6) Gone ke boammaaruri, go tshela ka molao oo ga go motlhofo ka dinako tsotlhe. Ka sekai, ba losika le batho ba bangwe ba ba sa tlotleng melaometheo ya Baebele—go akaretsa le bagakolodi bangwe ba manyalo—gantsi ba kgothaletsa banyalani gore ba kgaogane kgotsa ba tlhalane ka mabaka a e seng a Dikwalo. * Mme Bakeresete ba itse gore go botoka go baakanya le go nonotsha lenyalo go na le go itlhaganelela go le fedisa. Ee ruri, go botlhokwa gore di tloga fela, re dire dilo ka tsela ya ga Jehofa—e seng go ya ka kgakololo ya batho ba bangwe.—Diane 14:12.

Go Fenya Mathata

4, 5. (a) Ke mathata afe a batho ba tshwanetseng go lebana le one mo lenyalong? (b) Ke ka ntlha yang fa melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e dira, tota le fa go na le mathata mo lenyalong?

4 Boammaaruri ke gore lenyalo lengwe le lengwe le tlhoka go sekasekwa gangwe le gape. Gantsi seo se tla kaya go rarabolola dikgotlhang tse e seng tsa sepe. Le fa go ntse jalo, mo manyalong a mangwe go ka nna le mathata a a masisi a a ka gomagometsang go thuba lenyalo. Ka dinako tse dingwe, lo ka nna lwa tlhoka go kopa thuso mo mogolwaneng mongwe yo o nyetseng wa Mokeresete yo o nang le maitemogelo. Le fa go ntse jalo, maemo a a ntseng jalo ga a reye gore lenyalo la lona le paletswe. A bontsha fela botlhokwa jwa go ngaparela melaometheo ya Baebele fa lo rarabolola mathata.

5 E re ka Jehofa e le Mmopi wa batho e bile e le Mosimolodi wa thulaganyo ya lenyalo, o itse go feta motho ope o sele gore re tlhoka eng gore re atlege mo lenyalong. Potso ke gore, A re tla reetsa kgakololo e e mo Lefokong la gagwe re bo re e ikobela? Ruri re ka solegelwa molemo fa re dira jalo. Jehofa o ne a raya batho ba gagwe ba bogologolo a re: “Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:18) Go ngaparela melaometheo e e mo Baebeleng go ka atlegisa lenyalo. A re simololeng ka go sekaseka kgakololo e Baebele e e nayang banna ba ba nyetseng.

“Tswelelang lo Rate Basadi ba Lona”

6. Banna ba ba nyetseng ba newa kgakololo efe mo Dikwalong?

6 Lekwalo le moaposetoloi Paulo a neng a le kwalela Baefeso le na le kaelo e e utlwalang sentle e e newang banna ba ba nyetseng. Paulo o ne a kwala a re: “Banna, tswelelang lo rate basadi ba lona, fela jaaka Keresete le ene a ne a rata phuthego a ba a ineela ka ntlha ya yone. Ka tsela eno banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone. Yo o ratang mosadi wa gagwe o a ithata, gonne ga go motho ope yo o kileng a tlhoa nama ya gagwe; mme o a e fepa a ba a e ngomaela, jaaka Keresete le ene a dira phuthego jalo. Le fa go ntse jalo, gape, a mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata.”—Baefeso 5:25, 28, 29, 33.

7. (a) Ke eng se e tshwanetseng ya nna karolo ya konokono ya motheo wa lenyalo la Bakeresete? (b) Banna ba ka tswelela ba rata basadi ba bone jang?

7 Paulo ga a tlhalose bothata bongwe le bongwe jo bo ka tlhagang fa gare ga monna le mosadi wa gagwe. Go na le moo, o bolela tharabololo ya botlhokwa ka go bontsha se e tshwanetseng ya nna karolo ya konokono ya motheo wa lenyalo lengwe le lengwe la Bakeresete—lorato. E bile, lorato lo umakwa makgetlho a le marataro mo ditemaneng tse di fa godimo. Ela tlhoko gape gore Paulo o raya banna a re: “Tswelelang lo rate basadi ba lona.” Kwantle ga pelaelo, Paulo o ne a lemoga gore go ratana pele ga lenyalo go ka tswa go le motlhofo thata go feta go tswelela lo ratana morago ga lenyalo. Go ntse jalo bogolo jang mo “metlheng [eno] ya bofelo” fa batho ba bantsi e le “baithati,” le “ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe.” (2 Timotheo 3:1-3) Mekgwa eno e e sa rategeng e senya malapa a le mantsi gompieno, mme monna yo o lorato ga a ne a letla mekgwa ya lefatshe ya bopelotshetlha e tlhotlheletsa tsela e a akanyang le e a dirang dilo ka yone.—Baroma 12:2.

O ka Tlamela Mosadi wa Gago Jang?

8, 9. Monna yo o nyetseng wa Mokeresete o tlamela mosadi wa gagwe ka ditsela dife?

8 Fa e le gore o monna yo o nyetseng wa Mokeresete, o ka gana jang mekgwa ya bopelotshetlha mme wa bontsha mosadi wa gago lorato lwa mmatota? Mo mafokong a Paulo a neng a a kwalela Baefeso a a nopotsweng pelenyana, o ne a umaka dilo tse pedi tse o tshwanetseng go di dira—go tlamela mosadi wa gago le go mo ngomaela fela jaaka o dira mmele wa gago. O ka tlamela molekane wa gago jang? Tsela e nngwe ke ka go tlhokomela mosadi wa gago ka se a se tlhokang mo mmeleng. Paulo o ne a kwalela Timotheo a re: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.”—1 Timotheo 5:8.

9 Le fa go ntse jalo, se se tlhokegang ga se fela go mo naya dijo, diaparo le bonno. Ka ntlha yang? Ka gonne monna a ka kgona go naya mosadi wa gagwe dilo tse dintsi tse a di tlhokang mo mmeleng mme a bo a palelwa ke go mo tlhokomela mo maikutlong le mo dilong tsa kobamelo. Go mo tlamela ka ditsela tse pedi tseno tsa bofelo go botlhokwa. Ke boammaaruri gore banna ba le bantsi ba Bakeresete ba tlhoafetse thata ka go tlhokomela dilo tse di amang phuthego. Mme go nna le maikarabelo a mantsi mo phuthegong ga go reye gore jaanong monna o tshwanetse go tlhokomologa maikarabelo ao a a neilweng ke Modimo a go nna tlhogo ya lelapa. (1 Timotheo 3:5, 12) Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, makasine ono o ne wa akgela jaana ka kgang eno: ‘Go dumalana le se se bolelwang ke Baebele, go ka nna ga bolelwa gore “bodisa bo simolola kwa gae.” Fa mogolwane a tlhokomologa lelapa la gagwe, a ka nna a baya maemo a gagwe mo kotsing.’ * Go bonala sentle gore go botlhokwa gore o tlamele mosadi wa gago—mo mmeleng, mo maikutlong, mme segolobogolo mo dilong tsa semoya.

Go Ngomaela Mosadi wa Gago go Kayang?

10. Monna a ka ngomaela mosadi wa gagwe jang?

10 Fa o ngomaela mosadi wa gago, o mo tlhokomela sentle ka gonne o mo rata. Go na le ditsela di le mmalwa tse o ka dirang seno ka tsone. Sa ntlha, iphe nako e e lekaneng ya go nna le mosadi wa gago. Fa o tlhokomologa mosadi wa gago mo ntlheng eno, tsela e a go ratang ka yone e ka nna ya fokotsega. Gape o gopole gore o ka ithaya wa re o neile mosadi wa gago nako le tlhokomelo e a e tlhokang mme ene a bo a sa ikutlwe a neilwe se a se tlhokang. O ka se ka wa re o ngomaela mosadi wa gago fa ene a sa ikutlwe a ngomaelwa. Paulo o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Fa o le monna yo o lorato, o tshwanetse go tlhomamisa gore o tlhaloganya se tota mosadi wa gago a se tlhokang.—Bafilipi 2:4.

11. Kamano ya monna yo o nyetseng le Modimo le phuthego e amiwa jang ke tsela e a tshwarang mosadi wa gagwe ka yone?

11 Tsela e nngwe e o ka bontshang gore o ngomaela mosadi wa gago ka yone ke go dirisana le ene ka bonolo, e ka tswa e le fa o bua le ene kgotsa ka ditiro. (Diane 12:18) Paulo o ne a kwalela Bakolosa a re: “Lona banna ba lo nyetseng, nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” (Bakolosa 3:19) Go ya ka buka nngwe ya dipatlisiso, karolo ya bofelo ya mafoko a ga Paulo e ka ranolwa e le sekapuo ga twe “o se ka wa mo tshwara jaaka mongwe yo o thapetsweng go tlhokomela ntlo” kgotsa “o se ka wa mo dira motlhanka.” Monna yo o gatelelang mosadi wa gagwe—fa ba le babedi fela kgotsa fa pele ga batho—tota ga a bontshe gore o ngomaela mosadi wa gagwe. Fa a tshwara mosadi wa gagwe makgwakgwa, seo se ka ama kamano ya gagwe le Modimo. Moaposetoloi Petere o ne a kwalela banna ba ba nyetseng a re: “Tswelelang lo nna le [basadi ba lona] ka mokgwa o o tshwanang go ya ka kitso, lo ba naya tlotlo jaaka sejana se se bokoa, sa sesadi, e re ka le lona lo le baruaboswa le bone ba letlhogonolo le le sa re tshwanelang la botshelo, e le gore dithapelo tsa lona di se ka tsa kgoreletsega.” *1 Petere 3:7.

12. Monna wa Mokeresete a ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a tshwara phuthego ya Bokeresete ka yone?

12 Le ka motlha o se ka wa akanya gore go tla itiragalela fela gore mosadi wa gago a go rate. Mo tlhomamisetse gore o tla nna o ntse o mo rata. Jesu o ne a tlhomela banna ba Bakeresete sekao ka tsela e a neng a tshwara phuthego ya Bokeresete ka yone. O ne a le bonolo, a le pelonomi, a itshwarela—tota le fa balatedi ba gagwe ba ne ba bontsha mekgwa e e sa siamang gangwe le gape. Ke gone ka moo Jesu a neng a ka raya ba bangwe a re: “Tlang mo go nna, . . . gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo.” (Mathaio 11:28, 29) Monna wa Mokeresete a ka etsa Jesu ka go tshwara mosadi wa gagwe ka tsela e Jesu a neng a tshwara phuthego ka yone. Monna yo ruri a ngomaelang mosadi wa gagwe, a bontsha seno ka se a se buang le se a se dirang, a ka mo lapolosa eletota.

Basadi ba ba Tshelang ka Melaometheo ya Baebele

13. Baebele e na le melaometheo efe e e ka thusang basadi ba ba nyetsweng?

13 Gape Baebele e na le melaometheo e e ka thusang basadi ba ba nyetsweng. Baefeso 5:22-24, 33 ya re: “A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena, ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego, ka ene e le mmoloki wa mmele ono. Tota e bile, jaaka phuthego e ikobela Keresete, jalo a basadi le bone ba nne jalo mo banneng ba bone mo go sengwe le sengwe. . . . Mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”

14. Ke ka ntlha yang fa molaomotheo wa Dikwalo wa go ikoba o sa nyatse basadi?

14 Ela tlhoko kafa Paulo a ileng a gatelela kgang ya go ikoba le tlotlo ka teng. Mosadi o gopodiwa gore a ikobele monna wa gagwe. Seo se tsamaisana le thulaganyo ya Modimo. Sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang kwa legodimong le mo lefatsheng se ikobela mongwe. Tota le ene Jesu o ikobela Jehofa Modimo. (1 Bakorintha 11:3) Gone ke boammaaruri gore monna yo o dirisang botlhogo jwa gagwe ka tsela e e tshwanetseng o direla mosadi wa gagwe dilo motlhofo gore a nne a mo ikobela.

15. Ke kgakololo efe e e molemo mo Baebeleng e e newang basadi ba ba nyetsweng?

15 Paulo gape o ne a bolela gore mosadi “o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” Mosadi wa Mokeresete o tshwanetse a nna le “moya o o didimetseng le o o bonolo,” a sa ganetse monna wa gagwe ka lonyatso kgotsa go itirela se ene a se batlang. (1 Petere 3:4) Mosadi yo o ratang Modimo o dira ka natla go tlhokomela legae la gagwe e bile o tlisetsa tlhogo ya gagwe tlotlo. (Tito 2:4, 5) O tla leka go bua monna wa gagwe molemo a bo a sa dire sepe se se ka dirang gore batho ba bangwe ba se ka ba mo tlotla. Gape o tla dira ka natla go thusa gore ditshwetso tsa gagwe di atlege.—Diane 14:1.

16. Basadi ba ba nyetsweng ba Bakeresete ba ka ithuta eng mo dikaing tsa ga Sara le Rebeka?

16 Go nna le moya o o didimetseng le o o bonolo ga go reye gore mosadi wa Mokeresete ga a na maikutlo kgotsa gore ga go botlhokwa gore ene o akanyang. Basadi ba bogologolo ba ba neng ba rata Modimo, ba ba jaaka Sara le Rebeka, ba ne ba tlhalosa maikutlo a bone ka dikgang tse di farologaneng, mme pego ya Baebele e bontsha gore Jehofa o ne a amogela ditiro tsa bone. (Genesise 21:8-12; 27:46–28:4) Basadi ba Bakeresete le bone ba ka ntsha maikutlo a bone. Le fa go ntse jalo, ba tshwanetse ba dira seo ka go akanyetsa, ba sa bue ka lonyatso. Ba ka nna ba fitlhela gore go bua ka tsela e e ntseng jalo go tla itumedisa le go amogelwa ke banna ba bone.

Seabe sa Maitlamo

17, 18. Ke ditsela dife tse ka tsone banna le basadi ba ka tilang maiteko a ga Satane a go fedisa kgolagano ya lenyalo?

17 Lenyalo ke maitlamo a botshelo jotlhe. Ka jalo, monna le mosadi ba tshwanetse ba nna le keletso ya mmatota ya go atlegisa lenyalo la bone. Fa go sa buisanwe ka tshosologo, mathata a ka kekela mme a nna magolo. Go le gantsi, balekane ba lenyalo ba tlogela go buisana fa go nna le mathata, mme seo se dira gore ba nne le sekgopi. Balekane bangwe ba lenyalo e bile ba senka tsela ya go tswa mo lenyalong, gongwe e le ka go simolola go ratana le mongwe yo ba sa nyalanang le ene. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.”—Mathaio 5:28.

18 Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete botlhe, go akaretsa Bakeresete ba ba nyetseng le ba ba nyetsweng a re: “Lo galefe, mme le fa go ntse jalo lo se ka lwa leofa; a letsatsi le se ka la phirima lo sa ntse lo galefile, le gone lo se ka lwa naya Diabolo sebaka.” (Baefeso 4:26, 27) Mmaba wa rona yo mogolo, Satane, o leka go dirisa dikgotlhang dipe tse di ka tsogang fa gare ga Bakeresete. Lo se ka lwa mo letla a atlega! Fa go nna le mathata, batlisisang gore Baebele ya re Jehofa o ikutlwa jang ka maemo a a rileng, lo dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Tlotlang ka se lo sa dumalaneng ka sone lo dira jalo ka bonolo le ka boikanyegi. Dirang gore se lo se itseng ka melao ya ga Jehofa se tsamaisane le ditiro tsa lona. (Jakobe 1:22-25) Fa e le ka lenyalo la lona, iketleetseng go tswelela pele lo tsamaya le Modimo mmogo, mme lo se ka lwa letla ope kgotsa sepe se kgaoganya se Modimo a se kopantseng mmogo!—Mika 6:8.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Bona lebokose le le reng “Tlhalo le Kgaogano” mo makasineng wa Tsogang! ya February 8, 2002, tsebe 28, o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 9 Bona Tora ya Tebelo, May 15, 1989, tsebe 12.

^ ser. 11 E le gore monna a tshwanelege go newa ditshiamelo dingwe mo phuthegong ya Bokeresete, ga a tshwanela go nna “moitei”—ke gore, motho yo o itayang ba bangwe mo mmeleng kgotsa yo o ba kgobang ka mafoko. Ka jalo, makasine wa Tora ya Tebelo wa September 1, 1990 o bolela jaana mo go tsebe 25: “Monna a ka se ka a tshwanelega fa a dira ka tsela ya bomodimo fa a le kwa mafelong a mangwe mme mo legaeng la gagwe e le modipa.”—1 Timotheo 3:2-5, 12.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa le manyalo a Bakeresete a nna le mathata?

• Monna a ka tlhokomela mosadi wa gagwe jang mme a mmontsha gore o a mo ngomaela?

• Mosadi a ka dirang go bontsha gore o tlotla monna wa gagwe ka tsela e e boteng?

• Monna le mosadi ba ka nonotsha maitlamo a bone jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Monna yo o nyetseng o tshwanetse a tlamela mosadi wa gagwe ka dilo tse a di tlhokang mo mmeleng le ka dilo tsa semoya

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Monna yo o ngomaelang mosadi wa gagwe o a mo lapolosa

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Basadi ba Bakeresete ba itsise banna ba bone maikutlo a bone ka tlotlo