Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha—Latelelang Mekgele e e Tlotlang Modimo

Basha—Latelelang Mekgele e e Tlotlang Modimo

Basha—Latelelang Mekgele e e Tlotlang Modimo

“Ithapise, mokgele wa gago e le boineelo jwa bomodimo.”—1 TIMOTHEO 4:7.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ile a akgola Timotheo? (b) Basha gompieno ba ‘ithapisa jang mokgele wa bone e le boineelo jwa bomodimo’?

“GA KE na ope yo mongwe wa maikutlo a a tshwanang le a gagwe yo ruri a tla tlhokomelang dilo tse di lo amang. . . . Jaaka ngwana le rraagwe o ne a nna motlhanka le nna mo go tsweledisetseng pele dikgang tse di molemo.” (Bafilipi 2:20, 22) Moaposetoloi Paulo o ne a bua mafoko ano a a monate a go akgola mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Filipi. O ne a bua kaga mang? O ne a bua kaga Timotheo, mosha yo a neng a tsamaya le ene mo mesepeleng ya gagwe. Akanya fela kafa mafoko ano a a bontshang lorato lwa ga Paulo a tshwanetseng a bo a ile a itumedisa pelo ya ga Timotheo ka teng!

2 Basha ba ba boifang Modimo jaaka Timotheo ga ba bolo go ratega mo bathong ba ga Jehofa. (Pesalema 110:3) Gompieno phuthego ya Modimo e na le basha ba bantsi ba ba direlang e le babulatsela, barongwa, baithaopi ba ba dirang mo dikagong le badiredi ba Bethele. Ba bangwe ba ba dirang tiro e e molemo thata ke ba ba dirang ka natla mo ditirong tsa phuthego mme ba ntse ba tlhokometse maikarabelo a mangwe. Basha bano ba ipelela kgotsofalo ya boammaaruri e e tlisiwang ke go latelela mekgele e e tlotlang Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa. Ruri ba ‘ithapisa mokgele wa bone e le boineelo jwa bomodimo.’—1 Timotheo 4:7, 8.

3. Go tla sekasekwa dipotso dife mo setlhogong seno?

3 Fa o le mosha, a o leka go fitlhelela mekgele mengwe ya semoya? O ka bona kae thuso le kgothatso ya go dira jalo? O ka gana jang kgatelelo ya lefatshe leno le le rotloetsang batho go ipatlela dithoto? O ka solofela go nna le masego afe fa o latelela mekgele e e tlotlang Modimo? A re boneng dikarabo tsa dipotso tseno ka go sekaseka botshelo le tiro ya botshelo jwa ga Timotheo.

Kgodiso ya ga Timotheo

4. Tlhalosa ka bokhutshwane botshelo jwa ga Timotheo e le Mokeresete.

4 Timotheo o goletse kwa Lisetera, torotswana e e neng e le mo kgaolong ya Roma ya Galatia. O ka tswa a ile a utlwalela ka Bokeresete a le mo dingwageng tsa bolesome, fa Paulo a ne a rera kwa Lisetera mo e ka nnang ka 47 C.E. Go ise go ye kae Timotheo o ne a nna le leina le lentle mo bakaulengweng ba Bakeresete ba lefelo leo. Fa Paulo a boela kwa Lisetera dingwaga tse pedi morago ga moo a bo a utlwa ka fa Timotheo a neng a gatetse pele ka teng, o ne a mo tlhopha gore a tsamaye le ene mo mesepeleng ya gagwe ya borongwa. (Ditiro 14:5-20; 16:1-3) Fa Timotheo a ntse a gola, o ne a newa maikarabelo a magolwane, go akaretsa mesepele ya botlhokwa ya borongwa ya go nonotsha bakaulengwe. Fa Paulo a ne a kwalela Timotheo a le kwa kgolegelong kwa Roma mo e ka nnang ka 65 C.E., Timotheo e ne e le mogolwane wa Mokeresete kwa Efeso.

5. Go ya ka 2 Timotheo 3:14, 15, ke dilo dife tse pedi tse di neng tsa thusa Timotheo go dira tshwetso ya go latelela mekgele ya go direla Modimo?

5 Go bonala sentle gore Timotheo o ne a tlhopha go latelela mekgele ya go direla Modimo. Mme ke eng se se mo tlhotlheleditseng go dira jalo? Fa Paulo a ne a kwalela Timotheo lekwalo la bobedi, o ne a umaka dilo tse pedi tse di mo tlhotlheleditseng. O ne a kwala jaana: “Tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela, ka o itse batho ba o di ithutileng mo go bone e bile o itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng.” (2 Timotheo 3:14, 15) A re sekasekeng pele kafa Bakeresete ba bangwe ba tlhotlheleditseng Timotheo ka teng mo go se a neng a se tlhopha.

Solegelwa Molemo ke Batho Ba ba Go Tlhotlheletsang ka Tsela e e Siameng

6. Timotheo o ne a thapisiwa jang, mme o ne a arabela jang?

6 Timotheo o goletse mo lelapeng la batsadi ba ba kgaoganeng ka bodumedi. Rraagwe e ne e le Mogerika, mme mmaagwe e bong Yunise le mmaagwemogolo e bong Loise, e ne e le Bajuda. (Ditiro 16:1) Yunise le Loise ba ne ba ruta Timotheo boammaaruri go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera go tloga fela a sa le losea. Fa ba sena go sokologela mo Bokereseteng, kwantle ga pelaelo ba ne ba thusa go mo tlhotlheletsa gore a dumele dithuto tsa Bokeresete. Go bonala sentle gore Timotheo o ne a sola thapiso eno molemo thata. Paulo o ne a re: “Ke gakologelwa tumelo e e mo go wena e e se nang boitimokanyo bope, le e pele e neng ya nna mo go nkokoago Loise le mmago Yunise, mme e ke tshepang gore le mo go wena e gone.”—2 Timotheo 1:5.

7. Basha ba le bantsi ba sego ka tsela efe, mme seno se ka ba solegela molemo jang?

7 Gompieno, basha ba le bantsi ba sego ka gonne ba na le batsadi le batsadi ba batsadi ba bone ba ba boifang Modimo ba fela jaaka Loise le Yunise ba lemogang botlhokwa jwa go nna le mekgele ya go direla Modimo. Ka sekai, Samira o sa ntse a gopola metlotlo e meleele e a neng a nna le yone le batsadi ba gagwe fa a sa ntse a le mo dingwageng tsa gagwe tsa bolesome. A re: “Mmè le Ntate ba ne ba nthuta go leba dilo ka tsela ya ga Jehofa le go dira gore tiro ya go rera e nne yone ya botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa me. Ka dinako tsotlhe ba ne ba nkgothaletsa go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.” Samira o ne a amogela kgothatso ya batsadi ba gagwe mme jaanong o ipelela tshiamelo ya go nna leloko la lelapa la Bethele mo nageng ya gagabo. Fa batsadi ba gago ba go kgothaletsa gore o latelele mekgele ya go direla Modimo, reetsa kgakololo ya bone ka kelotlhoko. Ruri ba eletsa gore o atlege.—Diane 1:5.

8. Timotheo o ne a solegelwa molemo jang ke go nna le ditsala tse di kgothatsang tsa Bakeresete?

8 Gape go botlhokwa gore o batle ditsala tse di kgothatsang mo gare ga bakaulengwe ba Bakeresete. Timotheo o ne a itsege mo bagolwaneng ba Bakeresete mo phuthegong ya gagwe le mo go ba ba kwa Ikonio, e e neng e ka nna sekgala sa dikilometara di le 30. (Ditiro 16:1, 2) O ne a nna tsala e kgolo ya ga Paulo, monna yo o matlhagatlhaga. (Bafilipi 3:14) Makwalo a ga Paulo a bontsha gore Timotheo o ne a amogela kgakololo le gore o ne a le bonako go etsa dikao tsa batho ba ba nang le tumelo. (1 Bakorintha 4:17; 1 Timotheo 4:6, 12-16) Paulo o ne a kwala jaana: “O latetse thuto ya me thata, tsela ya me ya botshelo, boikaelelo jwa me, tumelo ya me, bopelotelele jwa me, lorato lwa me, boitshoko jwa me.” (2 Timotheo 3:10) Ee, Timotheo o ne a latela sekao sa ga Paulo gaufiufi. Ka tsela e e tshwanang, fa o tlwaelana le batho ba ba nonofileng semoyeng mo phuthegong, ba tla go thusa go nna le mekgele e mentle ya go direla Modimo.—2 Timotheo 2:20-22.

Ithute “Mekwalo e e Boitshepo”

9. Kwantle ga go tlhopha ditsala tse di siameng, o tshwanetse wa dirang gore o ‘ithapise o na le mokgele wa boineelo jwa bomodimo’?

9 A go fitlhelela mekgele ya go direla Modimo go tlhoka fela gore o nne le ditsala tse di siameng? Nnyaa. Fela jaaka Timotheo, o tlhoka go sekaseka “mekwalo e e boitshepo” ka kelotlhoko. O ka tswa o se motho yo o bonang go ithuta go le motlhofo, mme gopola gore Timotheo o ne a tshwanetse go ‘ithapisa mokgele wa gagwe e le boineelo jwa bomodimo.’ Gantsi baatleletiki ba ithapisa dikgwedi di le dintsi gore ba kgone go fitlhelela mokgele wa bone. Ka tsela e e tshwanang, go fitlhelela mekgele ya go direla Modimo go tlhoka gore o itime dilo dingwe o bo o dire ka natla. (1 Timotheo 4:7, 8, 10) O ka nna wa botsa wa re, ‘Mme go ithuta Baebele go ka nthusa jang gore ke fitlhelele mekgele ya me?’ A re sekasekeng ditsela tse tharo.

10, 11. Ke ka ntlha yang fa Dikwalo di ka go kgothaletsa go fitlhelela mekgele ya go direla Modimo? Naya sekai.

10 Sa ntlha, Dikwalo di tla go naya tlhotlheletso e e siameng. Di senola botho jo bo gakgamatsang jwa ga Rraarona yo o kwa legodimong, kgato e a e tsereng e e bontshang lorato lo logolo mo go rona le masego a a sa feleng ao a a beetseng batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Amose 3:7; Johane 3:16; Baroma 15:4) Fa kitso ya gago ka Jehofa e ntse e gola, le lorato lo o mo ratang ka lone lo tla gola mmogo le keletso ya gago ya go ineela mo go ene botshelo jwa gago jotlhe.

11 Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba re go ithuta Baebele ka metlha ba le bosi go ba thusitse thata gore ba dire gore boammaaruri bo age mo go bone. Ka sekai, Adele o goletse mo lelapeng la Bokeresete mme o ne a ise a ke a tsamaye a ipeele mekgele ya go direla Modimo. A re: “Batsadi ba me ba ne ba tsamaya le nna kwa Holong ya Bogosi, mme ke ne ke sa ithute ke le nosi e bile ke sa reetse kwa dipokanong.” Fa mogolowe a sena go kolobediwa, ke gone Adele a neng a simolola go tlhoafalela boammaaruri. “Ke ne ka simolola go bala Baebele yotlhe. Ke ne ke bala karolo e nnye ke bo ke kwala dintlha di sekae ka se ke sa tswang go se bala. Ke sa ntse ke na le dintlha tseo tsotlhe tse ke di kwadileng. Ke ne ka bala Baebele mo ngwageng o le mongwe.” Seo se feletse ka gore Adele a ikutlwe a kgothatsega go ineela mo go Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe. Le fa a na le bokoa jo bo masisi mo mmeleng, jaanong ke mmulatsela, kgotsa moreri wa nako e e tletseng.

12, 13. (a) Go ithuta Baebele go tla thusa mosha go dira diphetogo dife, mme jang? (b) Naya dikai tsa botlhale jo bo fitlhelwang mo Lefokong la Modimo.

12 Sa bobedi, Baebele e tla go thusa go dira diphetogo tse di tlhokegang mo bothong jwa gago. Paulo o ne a bolelela Timotheo gore “mekwalo e e boitshepo” e “tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Fa o tlhatlhanya ka metlha ka dikgang tse di amanang le Lefoko la Modimo e bile o dirisa melaometheo ya Baebele, o tla bo o letla moya wa Modimo gore o lootse botho jwa gago. O tla go thusa go tlhagolela dinonofo tsa botlhokwa tse di jaaka boikokobetso, boitshoko, bonatla le go rata Bakeresete ka wena go tswa pelong. (1 Timotheo 4:15) Timotheo o ne a na le dinonofo tseno, mme di ne tsa dira gore a nne thuso e kgolo mo go Paulo mmogo le mo diphuthegong tse ene Timotheo a neng a direla mo go tsone.—Bafilipi 2:20-22.

13 Sa boraro, Lefoko la Modimo ke letlotlo la botlhale. (Pesalema 1:1-3; 19:7; 2 Timotheo 2:7; 3:15) Le tla go thusa gore o tlhophe ditsala sentle, o tlhophe boitlosobodutu jo bo molemo mme o kgone go lebana le dikgwetlho tse dingwe tse dintsi. (Genesise 34:1, 2; Pesalema 119:37; 1 Bakorintha 7:36) O tshwanetse wa dira ditshwetso tse di botlhale gone jaanong gore o tle o kgone go fitlhelela mekgele ya go direla Modimo.

“Tlhabana Tlhabano e e Molemo”

14. Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo go latelela mekgele ya go direla Modimo?

14 Go baya mekgele ya go tlotla Jehofa kwa pele go botlhale mme ga go motlhofo. Ka sekai, fa o tshwanetse go tlhopha gore o tla dira eng ka botshelo jwa gago, o ka gatelelwa thata ke ba losika, balekane ba gago le barutisi ba gago ba ba go eleletsang se se molemo, ba dumela gore thutego e e kwa godimo le tiro ya maemo a a kwa godimo ke tsone di tlisang katlego ya boammaaruri le boitumelo. (Baroma 12:2) Fela jaaka Timotheo, o tla tlhoka go “tlhabana tlhabano e e molemo ya tumelo” gore o ‘tshware botshelo jo bo sa khutleng ka thata’ jo Jehofa a go solofetsang jone.—1 Timotheo 6:12; 2 Timotheo 3:12.

15. Timotheo o ka tswa a ile a lebana le kganetso efe?

15 Fa maloko a a sa dumeleng a lelapa a sa amogele ditshwetso tsa gago, seo e ka nna teko e kgolo. Timotheo o ka tswa a ile a tshwanelwa ke go lebana le kganetso e e ntseng jalo. Go ya ka buka nngwe ya dipatlisiso, ba gagabo Timotheo ba ka tswa ba ne ba “le mo setlhopheng sa batho ba ba rutegileng le ba ba amogelang madi a mantsi.” Rraagwe o ka tswa a ne a lebeletse gore Timotheo a senke thutego e e kwa godimo mme a tsweletse pele kgwebo ya lelapa la gagabo. * Akanya fela gore rraagwe Timotheo o ka tswa a ile a itshwara jang fa a lemoga gore Timotheo o ne a tlhopha botshelo jo bo kotsi le jo bo sa tlhomamang mo go tsa madi jwa go dira tiro ya borongwa le Paulo!

16. Mosha mongwe o ne a lebana jang le kganetso ya motsadi?

16 Basha ba Bakeresete gompieno ba lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tseo. Matthew, yo o direlang kwa ofising nngwe ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa, o gopola seno: “Fa ke simolola go nna mmulatsela, Rre o ne a kgobegile marapo tota. O ne a dumela gore ke ne ke ‘sentse’ thutego ya me ka go dira tiro ya go phepafatsa gore ke itshedise ka yone fa ke ntse ke le mo bodireding. O ne a tle a nkgobe, a nkgopotsa gore ke ne nka amogela madi a mantsi jang fa ke ne nka nna le tiro ya boitshediso ya nako e e tletseng.” Matthew o ne a emelana jang le kganetso eo? “Ke ne ka nna le thulaganyo e e nitameng ya go bala Baebele le go rapela ka metlha, bogolo jang ka dinako tse go neng go ka nna motlhofo ka tsone gore ke galefe.” Matthew o ne a duelelwa go ititaya sehuba ga gagwe. Fa nako e ntse e ya, kamano ya gagwe le rraagwe e ne ya tokafala. Gape Matthew o ile a atamalana gaufi le Jehofa. Matthew a re: “Ke bone jaaka Jehofa a ntlamela ka se ke se tlhokang, a nkgothatsa a bo a ntshireletsa gore ke se ka ka dira ditshwetso tse di sa siamang. Nkabo ke sa diragalelwa ke seno sotlhe fa nkabo ke sa latelela mekgele ya go direla Modimo.”

Nna o Tlhomile Mogopolo mo Mekgeleng ya go Direla Modimo

17. Go ka direga jang gore bangwe ba kgobe marapo batho ba ba ikaeleleng go tsenela tirelo ya nako e e tletseng, mme ba go dira ba sa lemoge? (Mathaio 16:22)

17 Kgwetlho e e fitlhegileng e e ka go kgoreletsang go latelela mekgele ya go direla Modimo e ka nna ya ba ya tswa mo badumeding ka wena. Bangwe ba ka nna ba botsa ba re, ‘Ke ka ntlha yang fa o bula tsela? O ne o ka kgona go tshela botshelo jo bo tlwaelegileng mme o ntse o rera. Batla tiro e e duelang sentle mme o tlhomamisege gore o tla nna o na le madi.’ Eno e ka utlwala e le kgakololo e e molemo, le fa go ntse jalo a o tla bo o ithapisa o na le mokgele wa boineelo jwa bomodimo fa o e latela?

18, 19. (a) O ka dira jang gore o nne o tlhomile mogopolo mo mekgeleng ya go direla Modimo? (b) Tlhalosa gore wena jaaka mosha o ithontsha dilo dife ka ntlha ya Bogosi.

18 Go lebega Bakeresete bangwe mo motlheng wa ga Timotheo ba ne ba akanya jalo. (1 Timotheo 6:17) E le gore Paulo a thuse Timotheo go nna a tlhomile matlho mo mekgeleng ya go direla Modimo, o ne a mo kgothatsa jaana: “Ga go na motho ope yo e reng e le lesole a bo a tsenelela ditiro tsa kgwebo tsa botshelo, gore a tle a bone kamogelo ya yo o mo kwadisitseng go nna lesole.” (2 Timotheo 2:4) Lesole le le mo ntweng le ka se batle go itewa tsebe ke ditiro tse e seng tsa bosole. Botshelo jwa gagwe le jwa ba bangwe bo ikaegile ka gore ka dinako tsotlhe a bo a iketleeditse go diragatsa ditaelo tsa molaodi wa gagwe. E re ka o le lesole le le laolwang ke Keresete, le wena o tshwanetse wa tlhoma mogopolo fela jalo mme wa tila go itlhakatlhakanya le ditiro tse di sa tlhokegeng tsa go ipatlela dithoto tse di ka go thibelang go diragatsa ka botlalo bodiredi jwa gago jo bo bolokang matshelo.—Mathaio 6:24; 1 Timotheo 4:16; 2 Timotheo 4:2, 5.

19 Mo boemong jwa go nna le mokgele wa go tshela botshelo jwa go tlhaba kgobe ka mutlwa, tlhagolela moya wa go ithontsha dilo dingwe. “Iketleeletse go tshela o se na manobonobo a botshelo, jaaka mongwe wa masole a ga Keresete Jesu.” (2 Timotheo 2:3, The English Bible in Basic English) Fa Timotheo a ntse a tsamaya le Paulo, o ne a ithuta sephiri sa go kgotsofala le mo maemong a a thata tota. (Bafilipi 4:11, 12; 1 Timotheo 6:6-8) Le wena o ka dira fela jalo. A o iketleeditse go ithontsha dilo dingwe ka ntlha ya Bogosi?

Masego a Jaanong le a Isagwe

20, 21. (a) Tlhalosa mangwe a masego a a tlisiwang ke go nna le mekgele ya go direla Modimo. (b) O iketleeditse go dira eng?

20 Timotheo o ne a nna a tsamaya le Paulo dingwaga di ka nna 15. O ne a iponela ka matlho fa go tlhomiwa diphuthego tse disha fa dikgang tse di molemo di ntse di anamela mo e ka nnang mo karolong yotlhe ya bokone jwa Mediterranean. Botshelo jwa gagwe bo ne bo itumedisa e bile bo kgotsofatsa go feta kafa bo ka bong bo nnile ka teng fa a ka bo a tlhophile botshelo jo go tweng ke jo bo “tlwaelegileng.” Fa o latelela mekgele ya go direla Modimo, le wena o tla bona masego a mantsi a botlhokwa. O tla atamalana le Jehofa mme o ratiwe le go tlotliwa ke Bakeresete ka wena. Mo boemong jwa kutlobotlhoko le go ngomoga pelo mo go bakwang ke go batla go nna le dithoto, o tla nna le boitumelo jwa mmatota jo bo bakwang ke go aba ka bopelotshweu. Sa botlhokwa le go feta, o tla ‘tshwara botshelo jwa mmatota ka thata’—jo e leng go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—1 Timotheo 6:9, 10, 17-19; Ditiro 20:35.

21 Ka jalo fa e le gore ga o ise o simolole, re go kgothaletsa ka lorato gore o simolole gone jaanong go ithapisa o na le mokgele wa boineelo jwa bomodimo. Atamalana le bao mo phuthegong ba ka go thusang go fitlhelela mekgele ya go direla Modimo, mme o batle kaelo ya bone. Dira gore go ithuta Lefoko la Modimo o le esi ka metlha e nne selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gago. Iketleeletse gore o gane moya wa lefatshe leno wa go rata dithoto. Mme ka metlha o gopole gore Modimo “yo o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re di ipelele” o go solofetsa gore o ka bona masego a magolo gone jaanong le mo isagweng fa o tlhopha mekgele e e mo tlotlang.—1 Timotheo 6:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Setšhaba sa Bagerika se ne se tsaya thuto e le botlhokwa thata. Plutarch, yo o neng a tshela mo motlheng wa ga Timotheo, o ne a kwala jaana: “Go rutega sentle ke motswedi wa sotlhe se se molemo. . . . Ruri ke gone go re gogelang kwa boitsholong jo bo molemo le boitumelo. . . . Dilo tse dingwe tsotlhe ga di na mosola e bile ga re tlhoke go itshwenya ka tsone.”—Moralia, I, “The Education of Children.”

A o A Gakologelwa?

• Basha ba ka bona kae thuso ya go latelela mekgele ya go direla Modimo?

• Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go ithuta Baebele ka kelotlhoko?

• Basha ba ka gana jang tlhotlheletso ya lefatshe leno ya go rata dithoto?

• Go latelela mekgele ya go direla Modimo go tlisa masego afe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Timotheo o ne a latelela mekgele e e molemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Ke bomang ba ba neng ba tlhotlheletsa Timotheo ka tsela e e molemo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

A o latelela mekgele ya go direla Modimo?