Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Kgona go Itshokela go Tlhoka Tshiamiso!

O ka Kgona go Itshokela go Tlhoka Tshiamiso!

O ka Kgona go Itshokela go Tlhoka Tshiamiso!

MONGWE le mongwe o kile a se ka a tshwarwa sentle ka tsela nngwe mo botshelong. Le fa ka dinako tse dingwe re akanya fela gore ga re tshwarwe sentle, ka dinako tse dingwe tota re a bo re sa tshwarwe sentle.

Nako le nako fa re sa tshwarwe sentle, re utlwa botlhoko mo maikutlong mme seno se ka ama kamano ya rona le Modimo. Re ka eletsa thata go baakanya boemo. Ka ntlha yang? Lebaka lengwe ke gore Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, “yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene,” o dirile batho ba na le keletso ya go dira dilo ka tshiamiso. (Duteronome 32:4; Genesise 1:26) Le fa go ntse jalo, re ka nna ra lebana le maemo a re lemogang gore ga go na tshiamiso. Monna mongwe yo o botlhale o kile a re: “Ke ne ka boa gore ke tle ke bone ditiro tsotlhe tsa kgatelelo tse di dirwang kafa tlase ga letsatsi, mme bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla, mo ba neng ba se na mogomotsi.” (Moreri 4:1) Ka gone, re ka lebana jang le go tlhoka tshiamiso?

Totatota go Tlhoka Tshiamiso ke Eng?

Go tlhoka tshiamiso ke boemo kana mokgwa wa go sa tshware ba bangwe sentle. Mo bathong, tshiamiso ke eng? Mmopi wa rona yo o siameng le yo o sa fetogeng o na le tshwanelo ya go tlhoma molao malebana le se se siameng le se se sa siamang. Go ya ka ene, go tsamaya “mo melaong ya botshelo” go akaretsa “go sa dire ka go tlhoka tshiamiso.” (Esekiele 33:15) Ka jalo, fa Jehofa a ne a bopa motho wa ntlha, o ne a tsenya segakolodi mo go ene—sengwe se se mo teng ga gagwe se se neng se tla mo thusa go farologanya se se siameng le se se sa siamang. (Baroma 2:14, 15) Gape, Jehofa mo Lefokong la gagwe, Baebele, o tlhalositse se se siameng le se se sa siamang.

Re ka dira jang fa re na le maikutlo a gore ga re a tshwarwa sentle? Go ka nna molemo gore re tlhatlhobe kgang ka kelotlhoko go bona gore a mme tota gone ga re a tshwarwa sentle. Ka sekai, sekaseka boemo jo moporofeti wa Mohebera Jona a neng a iphitlhela a le mo go jone. Jehofa o ne a mo laela gore a bolelele batho ba Ninife ka masetlapelo a a neng a tla. Kwa tshimologong, Jona o ne a tshaba a sa dira se a neng a laetswe go se dira. Le fa go ntse jalo, kgabagare o ne a ya kwa Ninife mme a tlhagisa banni ba teng ka katlholo e e neng e tla. Ka gonne batho ba Ninife ba ne ba arabela sentle, Jehofa o ne a swetsa ka gore a se ka a senya motse le baagi ba one. Jona o ne a ikutlwa jang? “Mo go Jona, go ne go sa itumedise ka gope, mme a tuka bogale.” (Jona 4:1) O ne a tsaya gore Jehofa o dirile dilo ka go tlhoka tshiamiso.

Mme gone, Jehofa, yo o kgonang go bona se se mo pelong, le yo e leng “morati wa tshiamo le tshiamiso,” o ne a se phoso. (Pesalema 33:5) Jona o ne a tshwanetse go ithuta gore tshwetso e Jehofa a e tsereng e ne e tsamaisana le tshiamiso ya gagwe e e se nang phoso. Fa re na le maikutlo a gore ga re a tshwarwa sentle, re ka nna ra ipotsa jaana, ‘A go ka direga gore Jehofa o leba kgang eno ka tsela e e farologaneng?’

Go Lebana Le go Sa Tshwarwe Sentle

Baebele e bega dikai di le dintsi tsa batho bangwe ba ba neng ba se ka ba tshwarwa sentle. Re ka ithuta go le gontsi ka go tlhatlhoba kafa ba neng ba lebana ka teng le mathata a bone a a boima. Akanya ka Josefa, yo bomogoloe ba ba lefufa ba neng ba mo rekisa go nna lekgoba kwa Egepeto. Kwa Egepeto mosadi wa mong wa gagwe o ne a leka go robala le ene, mme Josefa a gana. Go tswa foo mosadi yono a latofatsa Josefa ka maaka a re Josefa o ne a batla go robala le ene. Ka ntlha ya seno, Josefa o ne a tsenngwa mo kgolegelong. Le fa go ntse jalo, tumelo ya gagwe e ne e nonofile go feta mehiri ya tshipi e a neng a golegilwe ka yone. Ga a ka a letla gore go tlhoka tshiamiso go senye kamano ya gagwe le Modimo kana go koafatse tsela e a neng a ikanya Jehofa ka yone.—Genesise 37:18-28; 39:4-20; Pesalema 105:17-19.

Motho yo mongwe yo o neng a tshwarwa ka go tlhoka tshiamiso ke Nabothe. O ne a direlwa boferefere ke Jesebele, mosadi wa ga Kgosi Ahabe wa Iseraele. Kgosi e ne e batla tshimo ya ga Nabothe e e ruilweng boswa e e neng e le gaufi le ntlo ya segosi. Baiseraele ba ne ba sa letlelelwa go aba se ba se ruileng boswa, ka jalo Nabothe o ne a gana go rekisetsa kgosi tshimo eo. (Lefitiko 25:23) Ka ntlha ya seo, mosadi yo o bosula wa ga Ahabe o ne a batla basupi ba maaka ba ba neng ba latofatsa Nabothe ka gore o tlhapaditse Modimo le kgosi. Ka ntlha ya seo, Nabothe le bomorwawe ba ne ba bolawa. Akanya kafa Nabothe a tshwanetseng a bo a ile a ikutlwa ka teng fa batho ba ne ba mo kgobotletsa ka maje ba mmolaya!—1 Dikgosi 21:1-14; 2 Dikgosi 9:26.

Dikai tse di fa godimo ga di dikgolo go le kalo fa di bapisiwa le tsela e Keresete Jesu a ileng a tshwarwa ka go tlhoka tshiamiso ka yone. O ne a atlholelwa loso ka maaka mme a sekisiwa ka tsela e e seng kafa molaong. Mmusi wa Moroma yo o neng e le moatlhodi o ne a palelwa ke go emela se se siameng. (Johane 18:38-40) Satane o diretse Keresete Jesu botlhoka tshiamiso jo bo iseng bo tsamaye bo direlwe ope!

A dikai tseno di bontsha gore Jehofa ga a kgathale ka go sa tshwarwe sentle ga batho? Le e seng! Jehofa o ne a sa lebe ditiragalo tseno go ya ka pono ya batho. (Isaia 55:8, 9) Ka gonne Josefa a ile a rekisiwa go nna lekgoba, o ne a kgona go boloka ba lelapa la gagwe. O ne a nna mookamedi wa dijo kwa Egepeto pele ga go nna le leuba le legolo le le neng la ama ba lelapa la gagwe. Akanya fela gore fa Jehofa a ka bo a sa letlelela go tlhoka tshiamiso, Josefa o ka bo a sa tsenngwa mo kgolegelong. Fa a le koo o ne a kgona go phutholola ditoro tsa magolegwa mangwe a mabedi, mme mongwe wa bone moragonyana o ne a bolelela Faro ka Josefa, mme Josefa a felela e le mookamedi wa dijo.—Genesise 40:1; 41:9-14; 45:4-8.

Go tweng ka Nabothe? Le fano, leka go leba dilo jaaka Jehofa a ne a di leba. Mo go Jehofa, yo o kgonang go tsosa baswi, go ne go ntse jaaka e kete Nabothe o a tshela, le fa setopo sa gagwe se ne se rapaletse fa fatshe. (1 Dikgosi 21:19; Luke 20:37, 38) Nabothe o tshwanetse go leta nako e Jehofa a tla mo tsosang ka yone, mme go ntse jaaka e kete ke nako e khutshwane fela, ka gonne baswi ga ba itse sepe gotlhelele. (Moreri 9:5) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a busolosetsa Nabothe ka go atlhola Ahabe le ba ntlo ya gagwe.—2 Dikgosi 9:21, 24, 26, 35, 36; 10:1-11; Johane 5:28, 29.

Jesu ene o ne a swa. Mme Modimo o ne a mo tsosa a mmaya mo boemong jo bo “kwa godimodimo ga puso nngwe le nngwe le taolo le maatla le borena le leina lengwe le lengwe le le rewang.” (Baefeso 1:20, 21) Tsela e Satane a ileng a tshwara Keresete Jesu ka yone ka go tlhoka tshiamiso e ne e ka se thibele Jehofa go duela Morwawe. Jesu o ne a tlhatswegile pelo gore fa e ne e le thato ya ga Jehofa, ka ponyo ya leitlho o ne a ka dirolola go tlhoka tshiamiso ga gore a tshwarwe e se kafa molaong. Le fa go ntse jalo, Keresete gape o ne a itse gore Jehofa o na le nako e a tlileng go diragatsa Dikwalo ka yone le ya go dirolola go tlhoka tshiamiso gotlhe.

Ke boammaaruri gore, Satane le baemedi ba gagwe ba ne ba tshwara basiami ka tsela e e se nang tshiamiso mme Jehofa kgabagare o ne a baakanya dilo mme a dirololela ruri go tlhoka tshiamiso. Ka jalo, re tshwanetse go leta Modimo gore a baakanye go tlhoka tshiamiso.—Duteronome 25:16; Baroma 12:17-19.

Mabaka A go Bo Jehofa a ka Letlelela go Tlhoka Tshiamiso

Jehofa a ka tswa a na le mabaka a go bo a sa baakanye boemo jo bo rileng. A ka nna a dumelela gore re se ka ra tshwarwa sentle, e le tsela ya go re thapisa mo maikarabelong a rona a Bokeresete. Mme gone ‘Modimo ga a leke ope ka dilo tse di bosula.’ (Jakobe 1:13) Le fa go ntse jalo, a ka nna a letla gore boemo jo bo rileng bo tswelele bo le teng mme a sa tsenelele, e bile a ka nonotsha batho ba ba batlang gore a ba thapise jalo. Baebele ya re: “Fa lo sena go boga ka lobakanyana, Modimo wa bopelonomi jotlhe jo bo sa re tshwanelang . . . ene ka boene o tla wetsa thapiso ya lona, o tla lo nitamisa, o tla lo nonotsha.”—1 Petere 5:10.

Gape fa Jehofa a letla go tlhoka tshiamiso mo go rileng gore go tswelele, seo se ka nna sa dira gore batho ba ba go dirang ba ikwatlhaye. Dibeke di le mmalwa fela fa Jesu a sena go bolawa, Bajuda bangwe ba ba neng ba reetsa kgakololo ya ga Petere ba ne “ba tlhabega mo pelong.” Ba ne ba amogela lefoko la Modimo ka pelo yotlhe mme ba kolobediwa.—Ditiro 2:36-42.

Mme gone, ga se batho botlhe ba ba dirang ka go tlhoka tshiamiso ba ba tla ikwatlhayang. Bangwe ba bone e bile ba ka nna ba dira ditiro tse di maswe le go feta tsa go tlhoka tshiamiso. Le fa go ntse jalo, Diane 29:1 ya re: “Motho yo o kgalemelwang kgapetsa mme a thatafatsa thamo ya gagwe o tla robega ka tshoganyetso, mme ga a na go fola.” Ee Jehofa kgabagare o tlile go fedisa batho ba ba tswelelang ba itshwara ka tsela e e sa siamang.—Moreri 8:11-13.

Go sa kgathalesege gore go tsaya nako e e kana kang gore mabadi a rona a go sa tshwarwe sentle a fole, re ka tlhomamisega gore Jehofa o itse kafa a ka re thusang ka teng. Mme ruri o tlile go dirolola go tlhoka tshiamiso gotlhe mo re ka tswang re kile ra lebana le gone mo tsamaisong eno e e bosula. Gape, o re solofeditse tuelo ya bofelo, botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le ‘go tla nnang tshiamo mo go lone.’—2 Petere 3:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Nabothe o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa jang fa a ne a sa tshwarwe sentle thata jaana?