Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Solegelwa Molemo fa re Itshokela go Boga

Re ka Solegelwa Molemo fa re Itshokela go Boga

Re ka Solegelwa Molemo fa re Itshokela go Boga

“Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng.”—JAKOBE 5:11.

1, 2. Ke eng se se bontshang gore Jehofa o ne a sa ikaelela gore batho ba boge?

GA GO motho ope yo o itekanetseng sentle mo mogopolong yo o batlang go boga; tota le Mmopi wa rona, Jehofa Modimo, ga a batle batho ba boga. Seno re se bona fa re sekaseka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng mme re bona gore go diragetseng fa a sena go bopa monna le mosadi. Sa ntlha, Modimo o ne a dira monna. “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe, mme motho a nna moya o o tshelang.” (Genesise 2:7) Adame o ne a na le mmele le mogopolo o o itekanetseng, mme o ne a sa tlhoke go lwala kgotsa go swa.

2 Go tweng ka maemo a Adame a neng a tshela mo go one? “Jehofa Modimo a jala tshingwana mo Edene, go ela kwa botlhaba, mme a baya gone motho yo a mmopileng. Ka jalo Jehofa Modimo a dira gore go mele mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se eletsegang mo ponong ya motho e bile se le molemo go ka nna dijo.” (Genesise 2:8, 9) Ee, Adame o ne a na le legae le lentle. Go ne go se na ope yo o bogang kwa Edene.

3. Banyalani ba ntlha ba batho ba ne ba nna le tsholofelo efe?

3 Genesise 2:18 e re itsise jaana: “Jehofa Modimo a tswelela a re: ‘Ga go molemo gore monna a nne a le nosi. Ke tlile go mo direla mothusi, gore e nne motlatsi wa gagwe.’” Jehofa o ne a direla Adame mosadi yo o itekanetseng, ka jalo a ba naya tsholofelo ya go nna le lelapa le le itumetseng. (Genesise 2:21-23) Gape Baebele ya re: “Modimo a ba segofatsa mme Modimo a ba raya a re: ‘Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.’” (Genesise 1:28) Batho ba ntlha ba babedi ba ne ba tla nna le tshiamelo e e gakgamatsang ya go atolosa Paradaise ya Edene go fitlha kgabagare e apesa lefatshe lotlhe, e nna paradaise ya lefatshe lotlhe. Mme ba ne ba tla nna le bana ba ba itumetseng, ba ba neng ba ka se boge. A tshimologo e e itumedisang!—Genesise 1:31.

Pogo e a Simologa

4. Hisitori e bontsha eng ka seemo sa batho?

4 Le fa go ntse jalo, fa re leba seemo sa lelapa la batho fa nako e ntse e feta, go bonala sentle gore sengwe se ile sa senyega tota. Go diragetse dilo tse di bosula, mme lelapa la batho le bogile thata. Mo makgolong a a ntseng a feta a dingwaga, ditlogolwana tsotlhe tsa ga Adame le Efa di ile tsa lwala, tsa tsofala mme kgabagare tsa swa. Ruri lefatshe ga le a ka la nna paradaise e e tletseng batho ba ba itumetseng. Seemo seno se tlhalosiwa sentle mo go Baroma 8:22: “Popo yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.”

5. Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba nna le seabe jang mo go tlisetseng lelapa la batho pogo?

5 Jehofa ga se ene a bakileng pogo e kana kana e e ntseng e aparetse batho ka lobaka lo loleele jaana. (2 Samuele 22:31) Batho le bone ba nnile le seabe. “Ba dirile bosula, ba dirile ka tsela e e makgapha mo ditirong tsa bone.” (Pesalema 14:1) Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba newa sengwe le sengwe se se molemo kwa tshimologong. E le gore dilo di tswelele di ntse jalo, Adame le Efa ba ne ba tshwanetse fela gore ba utlwe Modimo, mme bone ba ne ba tlhopha go tsuologela Jehofa. E re ka batsadi ba rona ba ntlha ba ile ba latlha Jehofa, o ne a ka se tlhole a ba boloka ba itekanetse. Ba ne ba tla koafala go fitlha ba swa. Mme bosaitekanelang bo ne jwa fetela mo go rona.—Genesise 3:17-19; Baroma 5:12.

6. Satane o ne a nna le seabe sefe mo go simololeng pogo?

6 Mongwe gape yo o nnileng le seabe mo go simololeng pogo yotlhe ke sebopiwa sa semoya se se ileng sa bidiwa Satane Diabolo. O ne a neilwe kgololesego ya go itlhophela. Le fa go ntse jalo, ga a ka a dirisa kgololesego eo sentle, go na le moo o ne a leka go dira gore a obamelwe. Mme Jehofa ke ene fela a tshwanetseng go obamelwa, e seng dibopiwa tsa gagwe. Satane ke ene a neng a tlhotlheletsa Adame le Efa gore ba tsuologele Jehofa, jaaka e kete ka go dira jalo ba “tla tshwana le Modimo, [ba] itse molemo le bosula.”—Genesise 3:5.

Ke Jehofa Fela a Nang le Tshwanelo ya go Busa

7. Ditlamorago tsa go tsuologela Jehofa di bontsha eng?

7 Ditlamorago tse di maswe tsa botsuolodi di bontsha gore Jehofa, Molaodimogolo wa Lobopo, ke ene fela a nang le tshwanelo ya go busa le gore puso ya gagwe ke yone fela e siameng. Mo dingwageng tse di diketekete tse di ntseng di feta, go ile ga bonala gore Satane, yo o ileng a nna “mmusi wa lefatshe leno,” o tlhomile puso e e boikepo, e e bosula le e e tletseng thubakanyo e bile e sa kgotsofatse gotlhelele. (Johane 12:31) Lobaka lo loleele lo lo fetileng batho ba ntse ba busa puso e e tletseng mathata ba laolwa ke Satane le lone lo bontshitse gore ga ba kgone go busa ka tshiamo. (Jeremia 10:23) Ka jalo, le fa batho ba ka akanya ka mofuta ope fela wa puso e e sa laolweng ke Jehofa, puso eo e tla palelwa. Hisitori e bontshitse kwantle ga pelaelo gore go ntse fela jalo.

8. Jehofa o ikaeletseng ka mefuta yotlhe ya puso ya batho, mme o tla diragatsa boikaelelo joo jang?

8 E re ka jaanong Jehofa a letleletse batho gore ba lekeletse mefuta ya dipuso ka diketekete tsa dingwaga ba sa busiwe ke ene, o na le lebaka le le utlwalang la go fedisa mefuta eno yotlhe ya dipuso mo lefatsheng mme a di emisetse ka puso ya gagwe. Boporofeti bongwe kaga kgang eno jwa re: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [dipuso tsa batho] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [puso ya gagwe ya kwa legodimong e eteletswe pele ke Keresete] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. . . . Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” (Daniele 2:44) Puso ya madimona le batho e tla fela, mme Bogosi jwa Modimo jwa kwa legodimong ke jone fela bo tla salang bo busa lefatshe. Keresete e tla bo e le ene Kgosi, mme o tla busa mmogo le batho ba ba ikanyegang ba le 144 000 ba ba tserweng mo lefatsheng.—Tshenolo 14:1.

Melemo ya go Boga

9, 10. Jesu o ne a solegelwa molemo jang ke dilo tse a neng a di boga?

9 Go a kgatlha go sekaseka ditshwanelego tsa batho ba ba tla busang mo Bogosing jwa kwa legodimong. Sa ntlha, Keresete Jesu o ne a bontsha kafa a tshwanelegang go nna Kgosi ka teng. O ne a feditse dingwaga tse dintsintsi a na le Jehofa a dira thato ya ga Rraagwe, e le “modiri [wa gagwe] yo o setswerere.” (Diane 8:22-31) Fa Jehofa a ne a rulaganya gore Jesu a tle mo lefatsheng, o ne a dira jalo ka go rata. Fa a le mo lefatsheng, o ne a tlhoma mogopolo mo go boleleleng ba bangwe kaga bolaodi jwa ga Jehofa le Bogosi jwa gagwe. Jesu o ne a re tlhomela rotlhe sekao se se molemo ka go ikobela bolaodi joo.—Mathaio 4:17; 6:9.

10 Jesu o ne a bogisiwa, kgabagare a bolawa. Fa a ntse a dira bodiredi jwa gagwe, o ne a kgona go bona kafa batho ba leng mo maemong a a tlhomolang pelo ka teng. A go bona seo le go boga ka boene go ne ga nna le molemo ope? Ee. Bahebera 5:8 ya re: “Le mororo e ne e le Morwa [wa Modimo], o ne a ithuta kutlo mo dilong tse a neng a di boga.” Se se diragaletseng Jesu fa a ntse a le mo lefatsheng se ne sa dira gore e nne motho yo o tlhaloganyang le yo o pelotlhomogi thata. O ne a iponela ka matlho seemo sa lelapa la batho. O ne a ka kgona go utlwela botlhoko ba ba bogang le go tlhaloganya botoka seabe se a tla nnang le sone sa go ba namola. Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a bontshang seno ka teng mo bukeng ya Bahebera: “O ne a patelesega go tshwana le ‘bomorwarraagwe’ ka ditsela tsotlhe, gore a tle a nne moperesiti yo mogolo yo o nang le kutlwelobotlhoko le yo o ikanyegang mo dilong tse di leng ka ga Modimo, gore a tle a isetse maleo a batho setlhabelo sa thuanyo. Gonne e re ka ene ka boene a bogile fa a ne a lekwa, o kgona go tswa ba ba lekwang thuso.” “Yo re nang le ene e le moperesiti yo mogolo, ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo. Jalo, a re atameleng kwa setulong sa bogosi sa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang ka kgololesego ya go bua, gore re tle re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.”—Bahebera 2:17, 18; 4:14-16; Mathaio 9:36; 11:28-30.

11. Lebaka la go bo dikgosi le baperesiti ba nako e e tlang ba kile ba tshela mo lefatsheng le tla ba solegela molemo jang fa ba setse ba busa?

11 Go ka bolelwa se se tshwanang ka ba ba 144 000, ba ba neng “ba rekwa” mo lefatsheng gore ba buse mmogo le Keresete Jesu mo Bogosing jwa kwa legodimong. (Tshenolo 14:4) Botlhe ba tshotswe e le batho mo lefatsheng, ba gola mo lefatsheng le le tletseng pogo ba bo ba boga bone ka bobone. Ba le bantsi ba ne ba bogisiwa, mme bangwe ba ile ba bo ba bolawa ka ntlha ya go nna ba ikanyega mo go Jehofa le ka go iketleeletsa go latela Jesu. Mme ‘ga ba a ka ba tlhabisiwa ditlhong ke bosupi ka ga Morena wa bone, mme ba boga bosula ka ntlha ya dikgang tse di molemo.’ (2 Timotheo 1:8) Go tshela ga bone mo lefatsheng go dira gore ba tshwanelegele thata go atlhola lelapa la batho ba le kwa legodimong. Ba ithutile go nna pelotlhomogi, go nna pelonomi le go tlhoafalela go thusa batho.—Tshenolo 5:10; 14:2-5; 20:6.

Boitumelo Jwa ba ba Solofetseng go Tshela mo Lefatsheng

12, 13. Ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ka solegelwa molemo jang ke go boga?

12 A go boga ga jaanong go ka nna le melemo epe mo go ba ba solofetseng go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise le le se nang bolwetse, bohutsana le loso? Botlhoko le tlalelo tse di tlisiwang ke go boga ka botsone fela ga di eletsege. Mme fa re itshokela go boga ka tsela eo, dinonofo tsa rona tse di molemo di ka gola mme ra itumela.

13 Akanya ka se Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le se bolelang ka kgang eno: “Le e leng fa lo tshwanetse go boga ka ntlha ya tshiamo, lo itumetse.” “Fa lo kgobelwa leina la ga Keresete, lo itumetse.” (1 Petere 3:14; 4:14) “Go itumela lona fa batho ba lo kgoba ba bo ba lo bogisa e bile ba bua ka lona selo le fa e ka nna sepe fela se se boikepo ka ntlha ya me, e bile ba aka. Ipeleng lo bo lo tlolake ka boipelo, e re ka maduo a lona a le magolo kwa magodimong; gonne ba ne ba bogisa baporofeti pele ga lona ka tsela eo.” (Mathaio 5:11, 12) “Go itumela motho yo o nnang a itshokela teko, ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo.”—Jakobe 1:12.

14. Baobamedi ba ga Jehofa ba itumedisiwa ke eng fa ba boga?

14 Tota se se re itumedisang ga se go boga ka bogone. Se se dirang gore re itumele re bo re kgotsofale ke go itse gore re boga ka gonne re dira thato ya ga Jehofa e bile re latela sekao sa ga Jesu. Ka sekai, mo lekgolong la ntlha la dingwaga, bangwe ba baaposetoloi ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong mme ba tlisiwa fa pele ga kgotlatshekelo ya Bajuda ba latofadiwa ka gore ba rera ka ga Jesu Keresete. Ba ne ba kgwathisiwa ba bo ba gololwa. Ba ne ba ikutlwa jang ka seo? Pego ya Baebele e bolela gore ba ne “ba tswa fa pele ga Sanehederine ba tsamaya, ba ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la gagwe.” (Ditiro 5:17-41) Ba ne ba sa itumedisiwe ke go kgwathisiwa le botlhoko jo ba neng ba bo utlwa morago ga moo, mme ba ne ba itumelela go tlhaloganya gore seno se diragala ka ntlha ya go ikanyega ga bone mo go Jehofa le go latela dikgato tsa ga Jesu.—Ditiro 16:25; 2 Bakorintha 12:10; 1 Petere 4:13.

15. Fa re itshokela go boga gone jaanong, seo se ka re solegela molemo jang mo isagweng?

15 Fa re itshokela kganetso le pogiso ka boikutlo jo bo tshwanetseng, seo se ka dira gore re kgone go itshoka. Seno se tla re thusa go itshokela pogo epe ya mo isagweng. Re bala jaana: “Go tseyeng e le boipelo fela, bakaulengwe ba me, fa lo kopana le diteko tse di farologaneng, lo itse jaaka lo itse gore boleng jono jo bo lekilweng jwa tumelo ya lona bo felela ka boitshoko.” (Jakobe 1:2, 3) Baroma 5:3-5 le yone e re itsise jaana: “A re itumeleng fa re le mo dipitlaganong, e re ka re itse gore pitlagano e tsala boitshoko; boitshoko jone, boemo jo bo amogelesegang; boemo jo bo amogelesegang jone, tsholofelo, mme tsholofelo ga e swabise.” Ka jalo, fa re ntse re itshokela diteko gone jaanong ka ntlha ya botshelo jwa rona jwa Bokeresete, re tla kgona go itshokela diteko tse dingwe tse re ka kopanang le tsone mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo.

Jehofa o Tla Duela

16. Ke eng se Jehofa a tla se direlang dikgosi le baperesiti ba nako e e tlang se se tla ba lebatsang pogo ya bone?

16 Tota le fa re latlhegelwa ke dithoto ka ntlha ya go ganediwa kgotsa go bogisediwa go tshwarelela mo tseleng ya Bokeresete, re ka kgotsofalela go itse gore Jehofa o tla re duela ka botlalo. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a kwalela bangwe ba ba neng ba na le tsholofelo ya go ya legodimong: “Lo ne lwa . . . itshokela ka boipelo go gapiwa ga dilo tsa lona, lo itse gore lona ka bolona lo na le thuo e e botoka le e e nnelang ruri” lo le babusi mo Bogosing jwa Modimo. (Bahebera 10:34) Mme akanya ka boipelo jo ba tla nnang le jone fa ba kaelwa ke Jehofa le Keresete ba bo ba thusa go tlisetsa banni ba lefatshe le lesha masego a a gakgamatsang. A bo mafoko a moaposetoloi Paulo a neng a a kwalela Bakeresete ba ba ikanyegang a le boammaaruri jang ne: “Ke tsaya gore dipogisego tsa paka ya jaanong ga se sepe fa di bapisiwa le kgalalelo e e tlileng go senolwa mo go rona.”—Baroma 8:18.

17. Ke eng se Jehofa a tla se direlang batho ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ba mo direlang ka boikanyegi gone jaanong?

17 Ka tsela e e tshwanang, go sa kgathalesege gore ba ba solofetseng go tshela mo lefatsheng ba ka tseelwa eng gone jaanong kgotsa ba ka ithaopela go latlhegelwa ke eng ka ntlha ya go direla Jehofa, o tla ba duela thata ka se a tla se dirang mo isagweng. O tla ba naya botshelo jo bo itekanetseng, jo bo sa khutleng, mo lefatsheng la paradaise. Mo lefatsheng leo le lesha, Jehofa “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” (Tshenolo 21:4) A tsholofetso e e itumedisang jang ne! Ga go sepe se re ka se tseelwang kgotsa se re ka ithaopelang gore se re latlhegele mo lefatsheng leno ka ntlha ya ga Jehofa se se ka tshwanang le botshelo jo bo itumedisang jo bo tlang, jo a tla bo nayang batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba itshokelang go boga.

18. Jehofa o re naya tsholofetso efe e e gomotsang mo Lefokong la gagwe?

18 Pogo epe e re sa ntseng re tla tshwanelwa ke go e itshokela e ka se ka ya re kgoreletsa ka tsela epe go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Modimo le lesha. Pogo eo yotlhe e tla emisediwa gotlhelele ke maemo a a itumedisang mo lefatsheng le lesha. Isaia 65:17, 18 e re bolelela jaana: “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong. Mme itumeleng, lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang.” Ka jalo, go ne go tshwanela gore Jakobe, morwarraagwe Jesu ka mmaagwe, a kwale a bolele jaana: “Re bolela ba ba itshokileng e le ba ba itumetseng.” (Jakobe 5:11) Ee, fa re itshokela pogo ya gone jaanong ka boikanyegi, re ka solegelwa molemo gone jaanong le mo isagweng.

O ne O ka Araba Jang?

• Go tlile jang gore batho ba boge?

• Go boga go ka nna le melemo efe mo bathong ba ba tla busang lefatshe mo isagweng le ba ba tla nnang mo go lone?

• Ke ka ntlha yang fa re ka itumela gone jaanong le fa re boga?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba tla nna le isagwe e e itumedisang

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Go bona batho ba boga go ne ga thusa Jesu gore a ipaakanyetse go nna Kgosi e e molemo le Moperesiti yo Mogolo

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Baaposetoloi ba ne ‘ba ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa’ tumelo ya bone