Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Di Kwaletswe go re Laya’

‘Di Kwaletswe go re Laya’

‘Di Kwaletswe go re Laya’

“GO DIRWA ga dibuka tse dintsi ga go na bokhutlo.” (Moreri 12:12) Tshedimosetso e ntsintsi e e gatisiwang e e leng teng gompieno e dira gore mafoko ano a nne boammaaruri gompieno fela jaaka a ne a ntse ka nako ya fa a ne a kwalwa. Jaanong he, mmadi yo o nang le temogo a ka itse jang gore tota ke dikgatiso dife tse a ka di balang?

Gantsi fa babadi ba kgatlhegela buka nngwe, ba batla go itse dintlha dingwe ka ga mokwadi wa yone. Bagatisi ba ka tsenya serapa se sennye se se tlhalosang leina la lefelo le mokwadi a tswang kwa go lone, ditlankana tsa dithuto tsa gagwe le lenaane la dibuka tse a di gatisitseng. Go botlhokwa go itse gore mokwadi ke mang, mme seno se bonala sentle mo go se se neng se dirwa ke bakwadi ba basadi mo metlheng ya bogologolo. Ba ne ba dirisa maina a a itlhametsweng a banna gore babadi ba se ke ba nyatsa buka eo fela ka gonne e kwadilwe ke mosadi.

Ka maswabi, fela jaaka go umakilwe mo setlhogong se se fetileng, batho ba bangwe ba tlhokomologa Dikwalo tsa Sehebera gonne ba dumela gore Modimo yo go buiwang ka ene foo ke modimo yo o setlhogo yo o neng a nyeletsa baba ba gagwe a sa ba utlwele botlhoko. * Mma re sekasekeng se Dikwalo tsa Sehebera mmogo le Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika di re bolelelang sone ka Mokwadi wa Baebele.

Dintlha Dingwe ka ga Mokwadi wa Baebele

Go ya ka se se buiwang ke Dikwalo tsa Sehebera, Modimo o ne a raya setšhaba sa Iseraele a re: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Malaki 3:6) Dingwaga di ka nna 500 moragonyana, mokwadi wa Baebele e bong Jakobe o ne a kwala jaana ka Modimo: “Mo go ene ga go na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.” (Jakobe 1:17) Jaanong ke ka ntlha yang fa bangwe ba akanya gore Modimo yo go buiwang ka ene mo Dikwalong tsa Sehebera o farologane le Modimo yo o mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika?

Karabo ke gore, mo dikarolong tse di farologaneng tsa Baebele go senolwa dintlha tse di farologaneng malebana le botho jwa Modimo. Mo bukeng ya Genesise fela, o tlhalosiwa “a utlwa botlhoko mo pelong,” e le “Modiri wa legodimo le lefatshe,” gape e le “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe.” (Genesise 6:6; 14:22; 18:25) A ditlhaloso tseno tse di farologaneng di lebisitswe go Modimo a le mongwe? Ee tota.

Ka sekai: Batho ba ba tlang mo kgotlatshekelo ba ka nna ba itse moatlhodi wa lefelo la bone e le motho yo o nitameng le yo o diragatsang molao. Mme bana ba gagwe bone ba ka tswa ba mo tsaya e le rre yo o lorato le yo o pelotshweu. Ditsala tsa gagwe tsone di mo tsaya a le botsalano e bile e le motho yo o ratang metlae. Moatlhodi, rre le tsala ke motho a le mongwe fela. Ke fela gore dikarolo tse di farologaneng tsa botho jwa gagwe di bonala sentle mo maemong a a farologaneng.

Ka tsela e e tshwanang, Dikwalo tsa Sehebera di tlhalosa Jehofa e le “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri.” Le fa go ntse jalo, re ithuta gape gore ga a “kitla a golola [ope] mo kotlhaong ka gope.” (Ekesodo 34:6, 7) Dintlha tseno tse pedi di tlhalosa se leina la Modimo le se kayang. Leina “Jehofa” tota le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Mo go kayang gore Jehofa o kgona go nna sengwe le sengwe fela se a tlhokang go nna sone go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Ekesodo 3:13-15) Mme gone ga a fetoge. Jesu o ne a re: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo o mongwe fela.”—Mareko 12:29.

A Dikwalo Tsa Sehebera di Tseetswe Sebaka ke Tse Dingwe?

Gompieno go tlwaelegile gore dibuka di tseelwe sebaka ke tse dingwe fa go nna le dipatlisiso tse disha kana fa megopolo e e neng e itsege thata e fetoga. A Dikwalo tsa Sehebera di tseetswe sebaka ke Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ka yone tsela eo? Le e seng.

Ga go pelaelo gore Jesu o ka bo a buile fa a ne a batla gore Dikwalo tsa Sehebera di tseelwe sebaka ke pego ya bodiredi jwa gagwe le dibuka tse di kwadilweng ke barutwa ba gagwe. Le fa go ntse jalo, pego ya ga Luke e e malebana le Jesu pele a tlhatlogela legodimong ya re: “A simolola kwa go Moshe le Baporofeti botlhe [mo Dikwalong tsa Sehebera] a ba phuthololela [barutwa ba gagwe ba babedi] dilo tse di ka ga gagwe mo Dikwalong tsotlhe.” Moragonyana Jesu o ne a ipontsha mo baaposetoloing ba gagwe ba ba ikanyegang le mo bathong ba bangwe. Pego eo e tswelela jaana: “Jaanong a ba raya a re: ‘Ano ke mafoko a me a ke neng ka a bua le lona fa ke ne ke sa ntse ke na le lona, gore dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe le mo Baporofeting le Dipesalema ka ga me di tshwanetse go diragala.’” (Luke 24:27, 44) Jesu o ne a se kitla a nopola mo Dikwalong tseno tsa Sehebera kwa bofelong jwa bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng fa e le gore di ne di feletswe ke nako.

Fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, balatedi ba ga Jesu ba ne ba tswelela ba dirisa Dikwalo tsa Sehebera go gatelela boporofeti jo bo neng bo sa ntse bo tlile go diragadiwa, melaometheo e e mo Molaong wa ga Moshe e e neng e ruta dithuto tsa botlhokwa, mmogo le dipego tsa batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba sekao sa bone se se molemo se kgothatsang Bakeresete gore ba nne ba ikanyega. (Ditiro 2:16-21; 1 Bakorintha 9:9, 10; Bahebera 11:1–12:1) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” * (2 Timotheo 3:16) Dikwalo tsa Sehebera di mosola jang gompieno?

Kgakololo ya Botshelo Jwa Letsatsi le Letsatsi

Ela tlhoko bothata jo bo leng teng gompieno jwa go tlhaolana ga batho ka lotso. Mo motseng mongwe o o kafa Botlhaba jwa Yuropa, monna mongwe wa Moethiopia yo o nang le dingwaga di le 21 o ne a re: “Fa re batla go ya felo gongwe re tshwanetse go tsamaya re le setlhopha. Gongwe ga ba na go re tlhasela fa re le setlhopha.” O tswelela jaana: “Ga re kgone go tsamaya morago ga 6 p.m. bogolosegolo ka terena e e tsamayang kafa tlase ga lefatshe. Fa batho ba re leba ba bona fela mmala wa rona.” A Dikwalo tsa Sehebera di bua sengwe ka kgang eno e e thata?

Baiseraele ba bogologolo ba ne ba boleletswe jaana: “Fa go direga gore moagi wa moeng a age le wena e le moeng mo lefatsheng la lona, lo se ka lwa mo sotla. Moagi wa moeng yo o agileng le lona e le moeng o tshwanetse go nna jaaka motho wa mo lefatsheng la ga lona; mme o mo rate jaaka o ithata, gonne lo ne lwa nna baagi ba baeng kwa lefatsheng la Egepeto.” (Lefitiko 19:33, 34) Ee, kwa Iseraele wa bogologolo molao oo o ne o laela gore bafaladi kana “baagi ba baeng” ba akanyediwe, mme o bolokilwe mo Dikwalong tsa Sehebera. A ga o dumalane gore melaometheo e e mo molaong oo e ka kgona go fedisa bothata jo bo leng teng gompieno jwa go tlhaolana ka lotso?

Le fa gone Dikwalo tsa Sehebera di sa re neye kgakololo e e malebana le madi ka botlalo, di na le dikaelo tse di mosola tsa kafa motho a ka dirisang madi ka botlhale ka gone. Ka sekai, mo go Diane 22:7 re bala jaana: “Yo o tsenang mo sekolotong ke motlhanka wa motho yo a mo kolotang.” (The Bible in Basic English) Bagakolodi ba le bantsi ba tsa madi ba dumela gore go itlwaetsa go reka ka sekoloto go ka dira gore motho a feleletse a na le mathata a madi.

Mo godimo ga moo, go batla dikhumo ka ditsela tsotlhe—e leng selo se se tlwaelegileng thata mo lefatsheng la gompieno la batho ba ba ratang dithoto—go ne ga tlhalosiwa sentle ke mongwe wa banna ba ba neng ba humile thata mo hisitoring, Kgosi Solomone. O ne a kwala jaana: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno. Seno le sone ke lefela.” (Moreri 5:10) A tlhagiso e e botlhale!

Tsholofelo ya Isagwe

Baebele yotlhe e na le setlhogo se le sengwe fela: Modimo o tla dirisa Bogosi jo go tla bong go busa Jesu Keresete mo go jone go tlotlomatsa bolaodi jwa Gagwe le go itshepisa leina la Gagwe.—Daniele 2:44; Tshenolo 11:15.

Mo Dikwalong tsa Sehebera re ithuta dintlha ka botlalo tsa kafa botshelo bo tla bong bo le ka teng mo Bogosing jwa Modimo mme seno se a re gomotsa le go re atametsa gaufi le Motswedi wa kgomotso eo e leng Jehofa Modimo. Ka sekai, moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore go tla nna le kagiso fa gare ga batho le diphologolo: “Phiri e tla nna nakonyana le kwanyana e tonanyana, mme lengau le tla botha le potsane, le namane le tawana e e seriri le phologolo e e fepilweng sentle tsotlhe di tla nna mmogo; mme mosimanyana o tla di etelela pele.” (Isaia 11:6-8) A tsholofelo e e molemolemo!

Mme go tweng ka ba ba sotlegang gonne ba tlhaolwa ka lotso, ba na le bolwetse jo bo masisi kana ba sotlwa ke maemo a tsa itsholelo a go seng sepe se ba ka se dirang ka one? Dikwalo tsa Sehebera di bolelela pele jaana ka Keresete Jesu: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” (Pesalema 72:12, 13) Ditsholofetso tseno di a utlwala gonne di thusa ba ba di dumelang gore ba lebane le isagwe ba na le tsholofelo.—Bahebera 11:6.

Ga go gakgamatse go bo moaposetoloi Paulo a ne a tlhotlhelediwa gore a kwale jaana: “Dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo”! (Baroma 15:4) E le ruri Dikwalo tsa Sehebera e sa ntse e le karolo e e botlhokwatlhokwa ya Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng e leng Baebele. Di mosola thata mo go rona gompieno. Re solofela gore o tla leka ka natla go ithuta mo go oketsegileng ka se tota Baebele yotlhe e se rutang mme o atamalane le Mokwadi wa yone Jehofa Modimo.—Pesalema 119:111, 112.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mo setlhogong seno Tesetamente e Kgologolo e bidiwa Dikwalo tsa Sehebera. (Bona lebokoso le le reng “Tesetamente e Kgologolo Kana Dikwalo Tsa Sehebera?” mo go tsebe 6.) Ka tsela e e tshwanang, Basupi ba ga Jehofa le bone gantsi ba bitsa Tesetamente e Ntšha ba re Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.

^ ser. 13 Dikwalo tsa Sehebera di na le melaometheo e le mentsi e e botlhokwa thata gompieno. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go lemoga gore Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao o Modimo a neng a o naya setšhaba sa Baiseraele a dirisa Moshe.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

TESETAMENTE E KGOLOGOLO KANA DIKWALO TSA SEHEBERA?

Polelwana “tesetamente e kgologolo” e fitlhelwa mo go 2 Bakorintha 3:14, mo Baebeleng ya King James Version. Mo thanolong eo, lefoko “tesetamente” le emela lefoko la Segerika di·a·theʹke. Le fa go ntse jalo, dithanolo di le dintsi tsa segompieno tse di jaaka New International Version, di ranola di·a·theʹke e le “kgolagano” e seng “tesetamente.” Ka ntlha yang?

Mokwadi wa dikishinare e bong Edward Robinson o ne a re: “E re ka kgolagano ya bogologolo e fitlhelwa mo dibukeng tsa ga Moshe, [di·a·theʹke] e emela buka ya kgolagano, buka ya ga Moshe, e leng molao.” Mo go 2 Bakorintha 3:14 moaposetoloi Paulo o ne a bua ka Molao wa ga Moshe o e leng karolo ya Dikwalo tsa pele ga Bokeresete.

Ka jalo ke tsela efe e e tshwanelang sentle e dibuka tsa ntlha tse 39 tsa Baebele e e Boitshepo di ka bidiwang ka yone? Go na le gore Jesu Keresete le balatedi ba re karolo eno ya Baebele e feletswe ke nako kana ke ya bogologolo, ba ne ba bitsa ditemana tseno “Dikwalo” le “Dikwalo tse di boitshepo.” (Mathaio 21:42; Baroma 1:2) Ka jalo, go dumalana le mafoko ano a a tlhotlheleditsweng, Basupi ba ga Jehofa ba bitsa Tesetamente e Kgologolo ba re Dikwalo tsa Sehebera gonne kwa tshimologong karolo eo ya Baebele e ne e kwadilwe thata ka Sehebera. Ka tsela e e tshwanang, ba bitsa dikwalo tse go tweng ke Tesetamente e Ntšha ba re Dikwalo tsa Segerika gonne banna ba ba neng ba tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala karolo eno ya Baebele ba ne ba dirisa puo ya Segerika.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Motho a ka itsege e le moatlhodi yo o tlhomameng, rre yo o lorato le tsala

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jesu o ne a dirisa Dikwalo tsa Sehebera mo bodireding jotlhe jwa gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka thusang motho go dira ditshwetso tse di siameng?