Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gololwa mo Diraing Tsa Motshwaradinonyane

Go Gololwa mo Diraing Tsa Motshwaradinonyane

Go Gololwa mo Diraing Tsa Motshwaradinonyane

“[Jehofa] o tla go golola mo seraing sa motshwaradinonyane.”—PESALEMA 91:3.

1. “Motshwaradinonyane” ke mang, mme ke ka ntlha yang fa a le kotsi?

BAKERESETE botlhe ba boammaaruri ba lebane le sebatana se se boferefere e bile se le botlhale jo bo fetang jwa motho. Mo go Pesalema 91:3 se bidiwa “motshwaradinonyane.” Mmaba yono ke mang? Fa e sa le go simolola ka kgatiso ya June 1, 1883, makasine ono o ile wa bontsha gore mmaba yono tota ke Satane Diabolo. Mmaba yono yo o maatla o leka ka boferefere go tsietsa le go tshwara batho ba ga Jehofa fela jaaka motshwaradinonyane a leka go tshwara nonyane.

2. Ke ka ntlha yang fa Satane a tshwantshiwa le motshwaradinonyane?

2 Mo metlheng ya bogologolo, dinonyane di ne di tshwarelwa go opela monate ga tsone, mafofa a tsone a mantle, kgotsa di tshwarelwa go jewa le go dirwa setlhabelo. Le fa go ntse jalo, ka tlholego dinonyane ke dibopiwa tse di boboi, tse di tshogang motlhofo, tse go leng thata go di tshwara. Ka jalo, mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, motshwaradinonyane o ne a simolola pele ka go sekaseka ka kelotlhoko mekgwa ya mefuta ya dinonyane tse a neng a batla go di tshwara. Go tswa foo o ne a loga maano a a boferefere a go di tshwara. Fa Baebele e tshwantsha Satane le motshwaradinonyane e re thusa go tlhaloganya mekgwa ya gagwe. Diabolo o ithuta mongwe le mongwe wa rona. O ela mekgwa ya rona tlhoko a bo a re beela dirai tse di fitlhegileng a leka go re tshwara re tshela. (2 Timotheo 2:26) Fa a ka re tshwara, kamano ya rona le Modimo e ka fela mme kgabagare ra senngwa. Ka gone, fa re batla go sireletsega, re tshwanetse go kgona go lemoga maano a a farologaneng a “motshwaradinonyane.”

3, 4. Ke leng mo maano a ga Satane a tshwanang le a tau? a kake?

3 Mopesalema gape o dirisa dipapiso tse di utlwalang sentle fa a tshwantsha maano a ga Satane le a tawana kgotsa a kake. (Pesalema 91:13) Fela jaaka tau, Satane o a tle a tlhasele ka tlhamalalo a dirisa pogiso kgotsa dikgato tsa semolao tse di tsewang kgatlhanong le batho ba ga Jehofa. (Pesalema 94:20) Ditlhaselo tse di ntseng jalo tse di jaaka tsa tau di ka dira gore bangwe ba tlogele Jehofa. Gantsi ditlhaselo tseno tse di tlang ka tlhamalalo di nna le matswela a a neng a sa ikaelelwa a go dira gore batho ba Modimo ba nne seoposengwe. Mme go tweng ka ditlhaselo tsa ga Satane tse di bofitlha jaaka tsa kake?

4 Diabolo o dirisa botlhale jwa gagwe jo bo fetang jwa motho go tlisa ditlhaselo tsa boferefere le tse di kotsi jaaka tsa noga e e botlhole e e iphitlhileng. Ka tsela eno, o kgonne go tsenya botlhole mo mogopolong wa bangwe ba batho ba Modimo, a ba raela go dira thato ya gagwe e seng ya ga Jehofa, mme go bo go felela ka masetlapelo. Se se itumedisang ke gore, ga re mo lefifing ka maano a ga Satane. (2 Bakorintha 2:11) Jaanong a re sekasekeng dirai di le nnè tse di kotsi tse di dirisiwang ke “motshwaradinonyane.”

Go Boifa Batho

5. Ke ka ntlha yang fa serai sa “go boifa batho” se na le matswela jaana?

5 “Motshwaradinonyane” o tlhaloganya tsela e e tlwaelegileng ya batho ya go eletsa go ratiwa le go amogelwa ke ba bangwe. Ga se gore Bakeresete ba kgwaraletse dipelo fela ga ba na sepe le dikakanyo le maikutlo a batho ba ba tshelang le bone. E re ka Diabolo a itse seno, o batla go dirisa yone ntlha ya gore ba amega ka se batho ba bangwe ba se akanyang ka bone. Ka sekai, o raela bangwe ba batho ba Modimo ka go dirisa serai sa “go boifa batho.” (Diane 29:25) Fa go boifa batho go dira gore batlhanka ba Modimo ba kopanele le ba bangwe mo ditirong tse Jehofa a di iletsang kgotsa ba se ka ba dira se Lefoko la Modimo le ba laelang go se dira, ba a bo ba raetswe ke “motshwaradinonyane.”—Esekiele 33:8; Jakobe 4:17.

6. Ke sekai sefe se se bontshang kafa mosha a ka tshwarwang ka teng ke “motshwaradinonyane”?

6 Ka sekai, mosha a ka ineela mo kgatelelong ya balekane ba sekolo a bo a goga sekerete. Go ka direga gore fa a tswa mo gae a ya sekolong letsatsi leo, o ne a ise a ke a tsamaye a tlelwe ke mogopolo wa gore a ka goga. Mme jaanong ke fa o dira sengwe se se kotsi mo botsogong jwa gagwe e bile se sa itumedise Modimo. (2 Bakorintha 7:1) O raetswe jang? Gongwe o ne a nna le ditsala tse e seng tsone mme a tshaba go di swabisa. Basha, lo se ka lwa letla serai sa “motshwaradinonyane” se lo tshwara! Fa o sa batle go tshwarwa o tshela, itise gore o se ka wa ineela le mo dithaelong tse dinnye tota. Tsaya tsia tlhagiso ya Baebele ya gore o tile ditsala tse di sa siamang.—1 Bakorintha 15:33.

7. Satane a ka dira jang gore batsadi bangwe ba reketle semoyeng?

7 Batsadi ba ba kelotlhoko ba Bakeresete ba tsaya boikarabelo jwa bone jo bo tswang mo Dikwalong masisi jwa gore ba tlamele ba malapa a bone. (1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa ga Satane ke go dira gore Bakeresete ba wele mo seraing ka ntlha ya seo. Gongwe ba foswa ke dipokano ka metlha ka gonne ba ineela fa ba gatelelwa ke bathapi ba bone gore ba bereke le morago ga nako e e tlwaelegileng ya tiro. Ba ka nna ba tshaba go kopa nako ya gore ba nne teng mo kopanong yotlhe ya kgaolo gore ba obamele Jehofa le bakaulengwe ba bone. Sengwe se re ka itshireletsang mo seraing seno ka sone ke gore re “ikanye Jehofa.” (Diane 3:5, 6) Mo godimo ga moo, fa re gopola gore rotlhe re maloko a lelapa la ga Jehofa le gore o iphile boikarabelo jwa go re tlhokomela, seo se tla re thusa gore re nne re itsetsepetse. Batsadi, a lo na le tumelo ya gore Jehofa ka tsela nngwe o tla lo tlhokomela le ba malapa a lona fa lo dira thato ya gagwe? Kgotsa a Diabolo o tla lo tshwara lo tshela a bo a lo dirisa thato ya gagwe ka gonne lo boifa batho? Re lo kgothaletsa gore lo akanyetse dipotso tseno ka kelotlhoko.

Serai sa go Rata Dithoto

8. Satane o dirisa serai sa go rata dikhumo jang?

8 Gape Satane o dirisa serai sa go rata dithoto go re raela. Tsamaiso ya lefatshe leno ya tsa kgwebo gantsi e rotloetsa batho go tsena mo dikgwebong tse di humisang ka bonako tse di ka nnang tsa raela le bangwe ba batho ba Modimo. Ka dinako tse dingwe, batho ba ka rotloetsa ba bangwe ba re: “Dira ka natla. Fa o setse o eme sentle ka madi, o ka tlhaba kgobe ka mutlwa, wa itumelela botshelo. O ka nna wa bo wa nna mmulatsela.” Bangwe mo phuthegong ba ba sa lebeng dilo sentle e bile e le ba ba dirisang bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone mo phuthegong ya Bokeresete go itirela madi ba ka bua jalo. Akanya ka kelotlhoko ka maitlhomo a a ntseng jalo. A ga a bontshe gore ba akanya jaaka monna wa mohumi “yo o seng tekatekano” wa setshwantsho sa ga Jesu?—Luke 12:16-21.

9. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete bangwe ba ka raelwa ke go eletsa go nna le dilo?

9 Satane o dira gore tsamaiso ya gagwe e e boikepo e tlhotlheletse batho go eletsa go nna le dilo. Kgabagare keletso eo e ka fekeetsa botshelo jwa Mokeresete, e hupetsa lefoko e bo e dira gore e nne “le le sa ungweng.” (Mareko 4:19) Baebele e re kgothaletsa gore re kgotsofale fa re na le dijo le se re ipipang ka sone. (1 Timotheo 6:8) Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba raelwa ke “motshwaradinonyane” ka gonne ba sa dirise kgakololo eo ka bobone. A e ka tswa e le gore boikgodiso bo dira gore ba ikutlwe ba tshwanetse go tshela ka tsela e e rileng? Go tweng ka rona? A go eletsa go nna le dithoto go dira gore re se ka ra tlhola re tsaya dikgang tsa kobamelo ya boammaaruri di le botlhokwa thata? (Hagai 1:2-8) Ka maswabi, ka dinako tse di thata tsa itsholelo, bangwe ba ile ba tlhokomologa dikgang tse di amanang le kobamelo ya bone gore ba tswelele ba tshela ka tsela e ba e tlwaetseng. Mokgwa ono wa go rata dithoto o itumedisa “motshwaradinonyane”!

Serai sa Boitlosobodutu jo bo Kotsi

10. Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse a itshekatsheka malebana le eng?

10 Leano le lengwe la “motshwaradinonyane” ke go koafatsa bokgoni jwa batho jwa tlholego jwa go lemoga se se molemo le se se bosula. Bontsi jwa dithulaganyo tsa boitlosobodutu di setse di laolwa thata ke maikutlo a a tshwanang le a a neng a atile kwa Sodoma le Gomora. Tota le dipego tsa dikgang mo thelebisheneng le mo makwalodikgannyeng di bontsha thata dikgang tsa thubakanyo e bile di kgotsofatsa go kgatlhegela tlhakanelodikobo mo go sa siamang mo go atileng. Bontsi jwa se se lebegang e le boitlosobodutu mo metsweding ya dikgang se kgoreletsa bokgoni jwa batho jwa go ‘farologanya se se siameng le se se sa siamang.’ (Bahebera 5:14) Le fa go ntse jalo, gopola mafoko a Jehofa a a buileng a dirisa moporofeti Isaia: “A bo go latlhega ba ba reng molemo ke bosula le bosula ke molemo!” (Isaia 5:20) A “motshwaradinonyane” o tlhotlheleditse tsela e o akanyang ka yone a dirisa boitlosobodutu jono jo bo sa siamang o sa lemoge? Go botlhokwa go itshekatsheka.—2 Bakorintha 13:5.

11. Makasine ono o ne wa naya tlhagiso efe ka dikgangtswelelopele tsa thelebishene?

11 Mo e ka nnang dingwaga tse 25 tse di fetileng, Tora ya Tebelo ka lorato e ne ya tlhagisa baobamedi ba boammaaruri ka ga dikgangtswelelopele tsa thelebishene. * E ne ya bolela mafoko a a latelang ka ga tsela e metseletsele e e itsegeng ya dikgangtswelelopele tsa thelebishene e amileng batho ka tsela e e bofitlha ka teng: “Go batla lorato go dirisiwa jaaka seipato sa go mpampetsa boitshwaro bongwe le bongwe. Ka sekai, kgarebane nngwe e e imileng e sa nyalwa e raya tsala ya yone e re: ‘Mme tota ke rata Victor. Ga ke kgathale. . . . Go mo tsholela ngwana go botlhokwa thata mo go nna!’ Mmino o o monate o o lelelang kwa tlase o dira gore go nne bokete go akanya gore se mosetsana yono a batlang go se dira ga se maswe go le kalo. Le wena o rata Victor. O utlwela mosetsana yono botlhoko. O ‘tlhaloganya seemo.’ Molebeledi mongwe yo e neng ya re morago a itharabologelwa o ne a re, ‘go a gakgamatsa gore o feletsa o buelela tsela e o akanyang ka yone go le kana kang. Re itse gore boitsholo jo bo maswe ga bo a siama. . . . Mme ke ile ka lemoga gore mo tlhaloganyong ke ne ke tsaya karolo.’”

12. Ke dintlha dife tse di bontshang kafa go tshwanelang ka teng gore re bo re tlhagisiwa gone jaanong ka dithulaganyo dingwe tsa thelebishene?

12 Fa e sale go gatisiwa ditlhogo tseo, dithulaganyo tsa mofuta oo tse di senyang boitsholo di ntse di ata. Mo mafelong a mantsi, dithulaganyo tse di ntseng jalo di gasiwa diura tse 24 ka letsatsi. Gantsi banna, basadi le basha ba le bantsi ba fepa megopolo le dipelo tsa bone ka boitlosobodutu jo bo ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, rona ga re a tshwanela go itsietsa ka go akanya ka tsela e e phoso. Go tla bo go le phoso go akanya gore boitlosobodutu jwa boitsholo jo bo maswe bo tshwana fela le se se diregang mo botshelong jwa mmatota. A tota Mokeresete a ka bona go siame go tlhopha go ntshiwa bodutu ke mofuta wa batho ba a neng a ka se akanye le go ba laletsa mo ga gagwe?

13, 14. Batho bangwe ba ile ba tlhalosa jang kafa ba solegetsweng molemo ka teng ke ditlhagiso tse di malebana le thelebishene?

13 Ba le bantsi ba ne ba solegelwa molemo ke go tsaya tlhagiso eo tsia e re e newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” (Mathaio 24:45-47) Fa bangwe ba sena go bala kgakololo e e tlhamaletseng e e theilweng mo Baebeleng, ba ne ba kwala ba bolela kafa ditlhogo tseno di ba amileng ka teng. * Mongwe o ne a ipolela jaana: “Go ne ga tsaya dingwaga di le 13 ke le lekgoba la dikgangtswelelopele tsa thelebishene. Ke ne ke tsaya gore fa fela ke ya dipokanong tsa Bokeresete e bile ke rothela kwa tirelong ya tshimo, ke siame. Mme ke ne ka simolola go nna le boikutlo jwa selefatshe jo bo fitlhelwang mo dikgangtswelelopeleng tsa thelebishene jwa gore fa monna wa gago a go sotla kgotsa o ikutlwa o sa ratiwe, go siame gore o dire boaka—monna yono ke ene a ipileditseng mathata. Ka jalo e rile ke ikutlwa ke na le lebaka le le utlwalang ke ne ka tsaya kgato eno e e sa siamang mme ka leofela Jehofa le molekane wa me.” Mosadi yono o ne a kgaolwa. Kgabagare o ne a itharabologelwa, a ikwatlhaya mme a busediwa mo phuthegong. Ditlhogo tse di tlhagisang ka dikgangtswelelopele tsa thelebishene di ne tsa mo nonotsha gore a gane go itlosa bodutu ka dilo tse Jehofa a di tlhoileng.—Amose 5:14, 15.

14 Mmadi yo mongwe yo botshelo jwa gagwe bo neng jwa amega o ne a re: “Fa ke sena go bala ditlhogo tseno ke ne ka lela ka gonne ke ne ka lemoga gore pelo ya me e ne e sa tlhole e feletse mo go Jehofa. Ke ne ka solofetsa Modimo wa me gore ke ne nka se tlhole ke nna lekgoba la dikgangtswelelopele tseno.” Fa mosadi mongwe wa Mokeresete a sena go bontsha kafa a anaanelang ditlhogo tseno ka teng, o ne a dumela gore o tshwakgogile mme a kwala a re: “Ke ne ke ipotsa . . . gore a kamano ya me le Jehofa e ka amega. Ke ne nka nna jang tsala le batho ba ba ntseng jalo mme gape ke le tsala le Jehofa?” Fa e le gore dithulaganyo tse di ntseng jalo tsa thelebishene di ile tsa senya maitsholo a batho dingwaga tse 25 tse di fetileng, di ama batho jang gompieno? (2 Timotheo 3:13) Re tshwanetse go lemoga mefuta yotlhe ya seru sa ga Satane sa boitlosobodutu, e ka tswa e le dikgangtswelelopele tsa thelebishene tse di remeletseng mo boitshwarong jo bo maswe, metshameko ya bidio e e tletseng thubakanyo kgotsa dibidio tsa mmino tse di tletseng boitsholo jo bo sa siamang.

Seru sa Dikgotlhang

15. Diabolo o tshwara bangwe jang ba tshela?

15 Satane o dirisa dikgotlhang e le seru gore a kgaoganye batho ba ga Jehofa. Re ka tshwarwa ke seru seno go sa kgathalesege gore re na le tshiamelo efe ya tirelo. Bangwe ba tshwarwa ba tshela ke Diabolo ka gonne ba letla dikgotlhang di kgoreletsa kagiso le kutlwano le letlepu le legolo la semoya le Jehofa a le dirileng.—Pesalema 133:1-3.

16. Satane o ntse a leka jang ka boferefere go senya kutlwano ya rona?

16 Ka Ntwa ya Lefatshe I, Satane o ne a leka go senya karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya ga Jehofa ka go e tlhasela ka tlhamalalo mme a palelwa. (Tshenolo 11:7-13) Fa e sa le ka nako eo, o ntse a leka ka boferefere go senya kutlwano ya rona. Fa re letla dikgotlhang tsa rona le ba bangwe di re kgaoganya, re tla bo re neile “motshwaradinonyane” sebaka. Fa re dira jalo re ka kgoreletsa moya o o boitshepo gore o se ka wa dira ka kgololesego mo matshelong a rona le mo phuthegong. Fa seo se ka direga, Satane a ka itumela ka gonne le fa e le sepe fela se se senyang kutlwano ya phuthego se kgoreletsa tiro ya go rera.—Baefeso 4:27, 30-32.

17. Batho ba ba nang le dikgotlhang ba ka thusiwa ke eng gore ba di rarabolole?

17 O ka dirang fa o na le kgotlhang le Mokeresete ka wena? Gone ke boammaaruri, maemo ga a tshwane. Mme le fa go ka tswa go na le mabaka a mantsi a go bo mathata a nna gone, ga go na lebaka lepe la gore dikgotlhang di tlogelwe di sa rarabololwa. (Mathaio 5:23, 24; 18:15-17) Kgakololo e e mo Lefokong la Modimo e tlhotlheleditswe, e itekanetse. Nako le nako fa melaometheo ya Baebele e dirisiwa, e nna le matswela. Ka metlha e a dira!

18. Ke ka ntlha yang fa go etsa Jehofa go ka re thusa go rarabolola dikgotlhang?

18 Jehofa o “iketleeleditse go itshwarela” mme o naya “boitshwarelo jwa boammaaruri.” (Pesalema 86:5; 130:4) Re bontsha gore re bana ba ga Jehofa ba ba rategang fa re mo etsa. (Baefeso 5:1) Rotlhe re baleofi mme re tlhoka boitshwarelo jwa ga Jehofa fela thata. Ka jalo, re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re ikutlwa re sa batle go itshwarela mongwe. Re ka tloga ra tshwana le motlhanka wa setshwantsho sa ga Jesu yo o neng a gana go itshwarela motlhanka ka ene yo o neng a mo kolota madi a mannye thata fa a bapisiwa le a ene a neng a setse a a itshwaretswe ke mong wa gagwe. Fa mong a itsisiwe, o ne a dira gore motlhanka yo o sa itshwareleng yo mongwe a latlhelwe mo kgolegelong. Jesu o ne a konela setshwantsho sa gagwe ka go re: “Rre wa selegodimo o tla dirisana le lona ka mokgwa o o tshwanang fa lo sa itshwarele mongwe le mongwe morwarraagwe go tswa mo dipelong tsa lona.” (Mathaio 18:21-35) Go tlhatlhanya ka setshwantsho seo le go akanya kafa Jehofa a ileng a re itshwarela ka makgetlho a mantsi ka teng ruri go tla re thusa fa re ntse re leka go rarabolola dikgotlhang le mokaulengwe wa rona!—Pesalema 19:14.

Go Nna re Babalesegile “mo Lefelong la Sephiri la Mogodimodimo”

19, 20. Mo metlheng eno e e kotsi re tshwanetse go leba jang ‘lefelo la sephiri’ la ga Jehofa le ‘moriti’ wa gagwe?

19 Re tshela mo metlheng e e kotsi. Ruri Satane o ka bo a re sentse rotlhe fa e ka bo e se ka tshireletso ya ga Jehofa e e lorato. Ka jalo, fa re sa batle go tshwarwa ke “motshwaradinonyane,” re tshwanetse go nna re le mo lefelong la tshwantshetso la tshireletso, re ‘nna mo lefelong la sephiri la Mogodimodimo,’ re iponetse “bonno kafa tlase ga moriti wa Mothatayotlhe.”—Pesalema 91:1.

20 A ka metlha re tseyeng kgakololo le kaelo ya ga Jehofa e le tshireletso, le ka motlha re se ka ra di tsaya di re gatelela. Rotlhe re lebane le sebatana se se botlhale jo bo fetang jwa motho. Ga go ope yo o ka kgonang go falola go tshwarwa ke sone, fa e se ka thuso e e lorato ya ga Jehofa. (Pesalema 124:7, 8) Ka jalo, a re rapeleleng gore Jehofa a re golole mo diraing tsa “motshwaradinonyane”!—Mathaio 6:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Tora ya Tebelo, June 15, 1983, tsebe 3-8.

^ ser. 13 Tora ya Tebelo, December 1, 1983, tsebe 23 (ka Seesemane).

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa “go boifa batho” e le serai se se kotsi?

• Diabolo o dirisa jang serai sa go rata dithoto?

• Satane o ile a raela bangwe jang ka serai sa boitlosobodutu jo bo sa siamang?

• Diabolo o dirisa serai sefe go fedisa kutlwano ya rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Bangwe ba ile ba raelwa ke “go boifa batho”

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

A o itlosa bodutu ka dilo tse Jehofa a di tlhoileng?

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

O ka dirang fa o na le kgotlhang le Mokeresete ka wena?