Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go ne go le phoso gore Jakobe a itire e kete ke ene Esau jaaka go begilwe mo go Genesise 27:18, 19?

O ka tswa o tlwaelane le pego eno. Mo botsofeng jwa gagwe, Isake o ne a laela Esau gore a ye go mo tsomela nama ya phologolo a re: “Mma ke je, gore moya wa me o tle o go segofatse pele ga ke swa.” Fa Rebeka a sena go utlwa gore monna wa gagwe o rileng o ne a baakanya dijo tse di monate mme a laela Jakobe jaana: ‘O ise dijo kwa go rrago mme a di je, gore a tle a go segofatse pele a swa.’ Mme go tswa foo Jakobe o ya kwa go rraagwe a tshotse dijo tse di monate a apere diaparo tsa ga Esau, mme a na le matlalo a dipotsane mo molaleng le mo diatleng tsa gagwe. Fa Isake a mmotsa a re, “O mang, morwaaka?” Jakobe o ne a araba ka gore: “Ke nna Esau leitibolo la gago.” Isake o ne a dumela se a se buang mme a mo segofatsa.—Genesise 27:1-29.

Baebele ga e re bolelele dintlha ka botlalo gore ke ka ntlha yang fa Rebeka le Jakobe ba dirile jaaka ba dirile, mme gone e umaka gore boemo jono bo ne jwa tlhaga ka tshoganyetso. Re tshwanetse go lemoga gore Lefoko la Modimo ga le dumalane le se Rebeka le Jakobe ba se dirileng, e bile ga le se kgale, ka jalo pego eno ga e rotloetse gore batho ba ake kana ba tsietse ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Baebele e re naya tshedimosetso ka boemo jo bo neng bo le foo.

Sa ntlha, pego eno e bontsha sentle gore Jakobe ke ene a neng a tshwanelwa ke go segofadiwa ke rraagwe; mme Esau ene o ne a sa tshwanelege. Pelenyana ga foo, Jakobe o ne a rekile botsalwapele mo go morwarraagwe wa lewelana yo o neng a sa bo tseye bo le botlhokwa mme a bo rekisa gore a bone dijo gonne a ne a tshwerwe ke tlala. Esau o ne “a nyatsa tshwanelo ya go nna leitibolo.” (Genesise 25:29-34) Ka jalo fa Jakobe a ne a ya kwa go rraagwe, o ne a batla tshegofatso e tota e neng e le ya gagwe semolao.

Sa bobedi, fa Isake a lemoga gore o segofaditse Jakobe, ga a ka a batla go fetola se a neng a setse a se dirile. Gongwe o ne a gakologelwa se Jehofa a neng a se bolelela Rebeka pele mawelana ano a tsholwa: “Yo mogolwane o tla direla yo mmotlana.” (Genesise 25:23) Gape re tshwanetse go gopola gore pele Jakobe a tloga a ya kwa Harana, Isake o ne a oketsa tshegofatso e a neng a mo segofaditse ka yone pelenyana.—Genesise 28:1-4.

Sa bofelo, re tshwanetse go gopola gore Jehofa o ne a bona e bile a kgatlhegela dilo tsotlhe tse di neng di direga foo. Tshegofatso e Isake a neng a e naya, e ne e amana le se Modimo a se solofeditseng Aborahame. (Genesise 12:2, 3) Fa Modimo a ne a sa batle gore go segofadiwe Jakobe, a ka bo a ile a tsereganya ka tsela nngwe. Go na le moo, Jehofa o ne a tlhomamisetsa Jakobe kgang eno ka gore: “Malapa otlhe a lefatshe a tla itshegofatsa ka wena le ka losika lwa gago.”—Genesise 28:10-15.