Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Nahume, ya Habakuke le ya Sefania

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Nahume, ya Habakuke le ya Sefania

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Nahume, ya Habakuke le ya Sefania

PUSO ya lefatshe ya Asiria e setse e ripitlile Samarea, motsemogolo wa bogosi jwa ditso di le lesome jwa Iseraele. E setse e le lobaka lo loleele Asiria e ntse e tshosetsa Juda. Moporofeti Nahume wa Juda o tshotse molaetsa o o malebana le motsemogolo wa Asiria, Ninife. Buka eno ya Baebele ya Nahume, e e kwadilweng pele ga 632 B.C.E., e tshotse molaetsa oo.

Puso e e neng ya latela ke Mmusomogolo wa Babelona, o ka dinako dingwe o neng o busiwa ke dikgosi tsa Bakaladea. Buka ya Habakuke, e gongwe e konetsweng ka 628 B.C.E., e bolelela pele kafa Jehofa a tla dirisang puso eo ya lefatshe jaaka moemedi wa gagwe go diragatsa katlholo, le se kgabagare se tla diragalelang Babelona.

Moporofeti Sefania wa Juda ene, o ne a porofeta pele ga Nahume le Habakuke. O ne a porofeta dingwaga di feta 40 pele Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E., mme o bolela molaetsa wa tshenyego e e tla tlelang Juda mmogo le wa tsholofelo. Gape buka ya Baebele ya Sefania e na le melaetsa e e kgatlhanong le ditšhaba tse dingwe.

“A BO GO LATLHEGA MOTSE WA TSHOLOLO YA MADI”

(Nahume 1:1–3:19)

“Polelo kgatlhanong le Ninife” e tswa kwa go Jehofa Modimo yo o ‘bonya go galefa e bile a na le maatla a magolo.’ Ninife e tlile go senngwa le fa gone Jehofa e le “kago e e thata mo motlheng wa matshwenyego” mo go ba ba batlang botshabelo mo go ene.—Nahume 1:1, 3, 7.

“Ruri Jehofa o tla phutha [busetsa] se Jakobe a ipelafatsang ka sone.” Mme gone Asiria o tshwentse setšhaba sa batho ba Modimo jaaka ‘tau e e gagoganyang.’ Jehofa o “tla fisa kara ya [Ninife] ya ntwa mo mosing. Mme tšhaka e tla kometsa ditawana tsa [gagwe] tse di seriri.” (Nahume 2:2, 12, 13) “A bo go latlhega motse wa tshololo ya madi”—Ninife. “Botlhe ba ba utlwang pego kaga [gagwe] ruri ba tla [mo] opela diatla” mme ba itumele.—Nahume 3:1, 19.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:9—“Phediso e e feletseng” ya Ninife e tla kaya eng mo go Juda? E tla kaya gore Juda e tla bo e gololesegile ka mo go feletseng mo go Asiria; “matshwenyego a ka se tsoge lekgetlo la bobedi.” Nahume o bua jaaka e kete Ninife ga a tlhole a le teng, a re: “Bonang! Mo dithabeng go tla dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, yo o itsiseng kagiso phatlalatsa. Keteka meletlo ya gago, wena Juda.”—Nahume 1:15.

2:6—“Dikgoro tsa dinoka” tse di neng tsa bulega ke dife? Dikgoro tseno di kaya phatlha e metsi a Noka ya Tigris a e phuntseng mo dipoteng tsa Ninife. Ka 632 B.C.E. Ninife o ne a sa tshoga fa masole a a kopaneng a Bababelona le a Bameda a ne a tla go mo tlhasela. E re ka a ne a ikutlwa a sireletsegile mo dipoteng tsa gagwe tse di kwa godimo, o ne a itsaya e le motse o o ka se kang wa tlhaselwa ke ope. Le fa go ntse jalo, dipula tse di maatla di ne tsa dira gore noka ya Tigris e penologe. Go ya ka se se neng sa buiwa ke mokwalahisitori mongwe e bong Diodorus, dipula tseno “di ne tsa khurumetsa karolo nngwe ya motse mme tsa thuba bontlhanngwe jwa dipota tsa teng.” Ka jalo dikgoro tsa noka di ne tsa bulega ka yone tsela eo, mme jaaka go ne go boleletswe pele, Ninife e ne ya gapiwa ka bonako jo bo tshwanang le jwa molelo o o lailang serite se se omileng.—Nahume 1:8-10.

3:4—Ninife o ne a tshwana jang le seaka? Ninife e ne ya tsietsa ditšhaba ka go di solofetsa botsala le gore e tla di thusa fa tota e ne e di tlisetsa jokwe ya kgatelelo. Ka sekai, Asiria e ne ya thusa Kgosi Ahase wa Judea fa a ne a tlhaselwa ke Basiria ba ba neng ba dirile kgolagano le Iseraele. Le fa go ntse jalo, kgabagare “kgosi ya Asiria a tsogologela [Ahase] mme a mo tshwenya thata.”—2 Ditiragalo 28:20.

Se re Ithutang Sone:

1:2-6. Go ipusolosetsa ga ga Jehofa mo babeng ba gagwe ba ba ganang go mo naya kobamelo e e feletseng go bontsha gore Jehofa o batla boineelo jo bo feletseng mo baobameding ba gagwe.—Ekesodo 20:5.

1:10. Dipota tse dikgolo le ditora di le makgolokgolo ga di a ka tsa thibela go diragadiwa ga lefoko la ga Jehofa kgatlhanong le Ninife. Gompieno baba ba batho ba ga Jehofa ga ba ka ke ba kgona go falola dikatlholo tse di botlhoko tsa ga Jehofa.—Diane 2:22; Daniele 2:44.

“MOSIAMI ENE, O TLA NNA A TSHELA”

(Habakuke 1:1–3:19)

Dikgaolo tse pedi tsa ntlha tsa buka ya Habakuke, ke puisano magareng ga moporofeti le Jehofa Modimo. E re ka Habakuke a ngomogile pelo ka ntlha ya se se diregang mo Juda, o botsa Modimo jaana: “Ke ka ntlha yang fa o dira gore ke bone se se utlwisang botlhoko, mme o nnela go leba a e leng matshwenyego fela?” Jehofa o mo araba ka gore: “Ke tsosa Bakaladia, setšhaba se se bogale se se mafega.” Moporofeti o gakgamaletse kgang ya gore Modimo o dirisa “ba ba dirang ka boferefere” go otlhaya Juda. (Habakuke 1:3, 6, 13) Habakuke o tlhomamisegile gore mosiami o tla nna a tshela, mme mmaba ene ga a kitla a falola katlholo. Mo godimo ga moo, Habakuke o bega ka ditatlhego tse tlhano tse baba ba Bakaladia ba tla otlhaiwang ka tsone.—Habakuke 2:4.

Fa Habakuke a ntse a rapelela gore a utlwelwe botlhoko, o anela ka “dipina tsa khutsafalo” ditiro tse Jehofa a di dirileng mo nakong e e fetileng tse di bontshang maatla a gagwe tse di jaaka tse a neng a di dira kwa Lewatleng le Lehibidu, kwa nageng le kwa Jeriko. Gape moporofeti yono o bolelela pele nako e ka yone Jehofa a tla bong a gwanta a galefile ka Haramagedona. O konela thapelo ya gagwe ka mafoko a a reng: “Jehofa Morena Molaodimogolo ke maatla a me a botlhaga; mme o tla dira gore dinao tsa me di tshwane le tsa dikgama tse ditonanyana, e bile o tla dira gore ke gate mo mafelong a me a a kwa godimo.”—Habakuke 3:1, 19.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:5, 6—Ke ka ntlha yang fa go lebega Bajuda ba ne ba sa dumele gore Bakaladia ba ka tsogologela Jerusalema? Mo nakong e Habakuke a simolotseng go porofeta ka yone, Juda e ne e tlhotlhelediwa thata ke Egepeto. (2 Dikgosi 23:29, 30, 34) Le fa gone Bababelona ba ne ba le maatla, masole a bone a ne a ise a tsamaye a fenye Faro Neko. (Jeremia 46:2) Mo godimo ga moo, tempele ya ga Jehofa e ne e le mo Jerusalema, mme losika lwa segosi lwa ga Dafide lo ne lo ntse lo busa lo le koo lo sa kgorelediwe ke sepe. Mo Bajudeng ba motlha oo, “tiro” ya Modimo ya go letla Bakaladia gore ba nyeletse Jerusalema e ne e lebega e ka se kgonege. Mme gone, le fa mafoko a ga Habakuke a ne a utlwala a ka se direge, ponatshegelo e e malebana le go nyelediwa ga Jerusalema ke Bababelona yone, ‘ruri e ne e tla diragala’ ka 607 B.C.E.—Habakuke 2:3.

2:5—“Monna yo o nang le maatla” ke mang mme ke ka ntlha yang fa a se “kitla a fitlhelela mokgele wa gagwe”? Bababelona ba ba neng ba dirisa botswerere jwa bone mo ntweng go fenya ditšhaba tse dingwe, e ne e le setlhopha sa “monna yo o nang le maatla.” Diphenyo tse a neng a di bona mo ntweng di ne tsa dira gore a tshwane le mongwe yo o tagilweng ke “beine.” Le fa go ntse jalo, o ne a se na go atlega go phuthela ditšhaba tsotlhe mmogo kwa go ene ka gonne Jehofa o ne a tla dirisa Bamede le Baperesia go mo phutlhamisa. Gompieno, setlhopha sa “monna” yono ke mebuso ya dipolotiki. O tagilwe thata jaana ke go itshepa go tlola le boikgodiso, mme o na le keletso ya bopelotshetlha ya go ikatolosa. Mme gone ga a fitlhelele mokgele wa gagwe wa “go phuthela ditšhaba tsotlhe mmogo kwa go ene.” Ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo tla kopanyang batho.—Mathaio 6:9, 10.

Se re Ithutang Sone:

1:1-4; 1:12–2:1. Habakuke o ne a botsa Jehofa dipotso ka bopeloephepa mme o ne a mo araba. Modimo wa boammaaruri o reetsa dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.

2:1. Fela jaaka Habakuke, re tshwanetse go nna re thantse semoyeng e bile re direla Jehofa ka tlhagafalo. Gape re tshwanetse go nna re iketleeleditse go baakanya tsela e re akanyang ka yone gore e dumalane le ‘kgalemo’ kana kotlhao e re e newang.

2:3; 3:16. Fa re ntse re letile ka tumelo go tla ga letsatsi la ga Jehofa, a re nneng re gopotse gore dinako di potlakile.

2:4. Gore re kgone go falola go tla ga letsatsi la katlholo ya ga Jehofa, re tshwanetse go itshoka ka boikanyegi.—Bahebera 10:36-38.

2:6, 7, 9, 12, 15, 19. Ruri tatlhego e tla tlela yo o pelotshetlha go bona poelo ya go sa ikanyege, yo o ratang thubakanyo, yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang kana yo o obamelang medingwana. Re tshwanetse go ikela tlhoko gore re tile mekgwa le ditlwaelo tseno.

2:11. Fa rona re palelwa ke go senola boikepo jo bo mo lefatsheng leno, “leje ka bolone le tla goa ka khutsafalo.” Ka jalo, go botlhokwa gore re tswelele re rera molaetsa wa Bogosi ka bopelokgale!

3:6. Ga go sepe se se tla kgonang go thiba Jehofa fa a diragatsa katlholo ya gagwe, tota le mekgatlho ya batho e go lebegang e nnetse ruri jaaka dithaba le dithota ga e na go kgona.

3:13. Re tlhomamisegile gore tshenyego e e tla nnang gone ka Haramagedona ga e na go tlela batho botlhe. Jehofa o tla boloka batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.

3:17-19. Tota le fa re ka welwa ke mathata pele ga Haramagedona kana ka nako ya fa e setse e tlhasetse, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re naya ‘maatla a botlhaga’ fa re ntse re tswelela re mo direla ka boitumelo.

“LETSATSI LA GA JEHOFA LE GAUFI”

(Sefania 1:1–3:20)

Kobamelo ya Baale e aname le Juda yotlhe. Jehofa o bua jaana ka moporofeti wa gagwe Sefania: “Ke tla otlolola seatla sa me kgatlhanong le Juda le kgatlhanong le banni botlhe ba Jerusalema.” Sefania o ba tlhagisa jaana: “Letsatsi la ga Jehofa le gaufi.” (Sefania 1:4, 7, 14) Ke fela ba ba dirang se Modimo a se batlang ba ba tla ‘sujwang’ mo letsatsing leo.—Sefania 2:3.

“A bo go latlhega . . . motse o o gatelelang”—Jerusalema! “‘Ka jalo nnang lo ntebeletse,’ go bua Jehofa, go fitlha letsatsi la go ema ga me ke emela kgapo, gonne tshwetso ya me ya boatlhodi ke go phutha ditšhaba . . . gore ke [di] tshele ka katlholo ya me.” Mme Modimo o solofetsa jaana: “Ke tla dira gore lo nne leina le pako mo ditšhabeng tsotlhe tsa lefatshe, fa ke busa batshwarwa ba lona fa pele ga matlho a lona.”—Sefania 3:1, 8, 20.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:13, 14—Ke “lentswe” la ga mang le ‘le tla nnang le opela’ mo Ninife e e kgakgabaditsweng gotlhelele? E re ka Ninife e ne e tla fetoga lefelo la diphologolo tsa naga le dinonyane, lentswe le le neng le tla nna le opela ke melotsana ya dinonyane mme gongwe le modumo wa phefo e e tsenang ka difensetere tsa magae le dikago tse go sa nneng ope mo go tsone.

3:9—‘Puo e e itshekileng’ ke eng, mme e buiwa jang? Ke boammaaruri jwa Modimo jo bo fitlhelwang mo Lefokong la gagwe Baebele. Bo akaretsa dithuto tsotlhe tse di mo Baebeleng. Re e bua ka go dumela boammaaruri, le go bo ruta ba bangwe sentle le ka go tshela ka tsela e e dumalanang le thato ya Modimo.

Se re Ithutang Sone:

1:8. Go lebega batho bangwe ba motlha wa ga Sefania ba ne ba ‘apara diaparo tsa seeng’ gore ba amogelwe ke ditšhaba tse di ba dikologileng. Ruri e tla bo e le boeleele gore baobamedi ba ga Jehofa gompieno ba leke go inyalanya le lefatshe ka go dira se se tshwanang!

1:12; 3:5, 16. Jehofa o ne a nna a romela baporofeti ba gagwe gore ba tlhagise batho ba gagwe ka ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi. O ne a dira jalo le fa gone—jaaka maritsa a a omeletseng a a itshekileng kwa tlase mo nkgong ya beine—Bajuda ba le bantsi ba ne ba tswelela ka tsela ya bone ya botshelo mme ba sa kgatlhegele molaetsa wa baporofeti. Fa letsatsi le legolo la ga Jehofa le ntse le atamela, go na le gore re letle batho ba ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa rona ba ‘repise diatla tsa rona,’ ba dire gore re iketle, re tshwanetse go tswelela re bolela molaetsa wa Bogosi re sa kgaotse.

2:3. Ke Jehofa fela yo o ka re bolokang mo letsatsing la bogale jwa gagwe. Gore Jehofa a tswelele a re amogela, re tshwanetse go ‘mmatla’ ka go ithuta Lefoko la gagwe Baebele ka kelotlhoko; ka go mo kopa ka thapelo gore a re kaele; le ka go atamalana le ene. Re tshwanetse go ‘batla tshiamo’ ka go tshela re le phepa mo boitsholong. Mme re tshwanetse go ‘batla bopelonolo’ ka go nna bonolo le boikobo.

2:4-15; 3:1-5. Mo letsatsing le Jehofa a tla bong a diragatsa katlholo ya gagwe ka lone, madumedi a a ipitsang a Bokeresete le ditšhaba tsotlhe tse di neng di gatelela batho ba Modimo, di tla diragalelwa ke se se neng sa diragalela Jerusalema wa bogologolo le ditšhaba tse di mo dikologileng. (Tshenolo 16:14, 16; 18:4-8) Re tshwanetse go tswelela re bolela dikatlholo tsa Modimo ka bopelokgale.

3:8, 9Fa re ntse re letetse letsatsi la ga Jehofa, re ipaakanyetsa go falola ka go ithuta go bua ‘puo e e itshekileng’ le ka go ‘bitsa leina la ga Jehofa’ ka go ineela mo go ene. Gape re direla Jehofa re le ‘seoposengwe’ mmogo le batho ba gagwe mme re mo naya ‘setlhabelo sa pako’ e le mpho.—Bahebera 13:15.

“Le Itlhaganela Thata”

Mopesalema o ne a opela jaana: “Mo lobakanyaneng fela, moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng; ruri o tla sekaseka lefelo la gagwe, mme o tla bo a seyo.” (Pesalema 37:10) Fa re akanya ka se se neng sa bolelelwa pele ka Ninife mo bukeng ya Nahume le ka Babelona le Juda wa motlhanogi mo bukeng ya Habakuke, ruri ga re belaele gore mafoko a mopesalema a tla diragadiwa. Mme gone re tshwanetse go leta lobaka lo lokae?

Sefania 1:14 ya re: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.” Gape buka ya Sefania e re bontsha kafa re ka sujwang ka gone mo letsatsing leo, le se re tshwanetseng go se dira gone jaanong e le go ipaakanyetsa go falola. Eleruri, “lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.”—Bahebera 4:12.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Dipota tse dikgolo thata tsa Ninife ga di a ka tsa thibela go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Nahume

[Motswedi wa Setshwantsho]

Randy Olson/National Geographic Image Collection