Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lwela Go Nna Le Dinonofo Tse di Ka go Thusang go Dira Barutwa

Lwela Go Nna Le Dinonofo Tse di Ka go Thusang go Dira Barutwa

Lwela Go Nna Le Dinonofo Tse di Ka go Thusang go Dira Barutwa

“Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.”—MATHAIO 28:19.

1. Bangwe ba batlhanka ba Modimo mo nakong e e fetileng ba ne ba tlhoka go nna le bokgoni le maikutlo afe?

KA DINAKO tse dingwe batlhanka ba ga Jehofa ba tshwanetse go iteka ka natla gore ba nne le bokgoni le maikutlo a a tla ba thusang go dira thato ya gagwe. Ka sekai, Aborahame le Sara ba ne ba fuduga ba tswa mo motseng o o humileng wa Ure fa Modimo a ne a ba laela jalo mme kgabagare go ne ga tlhokega gore ba nne le dinonofo le bokgoni jo batho ba ba nnang mo megopeng ba tshwanetseng go nna le jone. (Bahebera 11:8, 9, 15) Fa Joshua a ne a eteletse Baiseraele pele fa ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, o ne a tlhoka go nna pelokgale, go ikanya Jehofa le go itse Molao wa gagwe. (Joshua 1:7-9) Mme ruri bokgoni bope fela jo Besalele le Oholiabe ba ka tswang ba ne ba setse ba na le jone bo ile jwa tokafadiwa kgotsa jwa okediwa ke moya wa Modimo. Mme ka ntlha ya seo banna bano ba ne ba kgona go okamela le go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go aga motlaagana le mo ditirong tse dingwe tse di tsamaisanang le go o aga.—Ekesodo 31:1-11.

2. Re tla sekaseka dipotso dife malebana le tiro ya go dira barutwa?

2 Makgolo a dingwaga morago ga moo, Jesu Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, . . . lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) E ne e le la ntlha batho ba newa tshiamelo ya go dira tiro e kana kana. Go tlhokega dinonofo dife mo tirong ya go dira barutwa? Re ka dira jang gore re nne le tsone?

Rata Modimo ka Lorato lo Logolo

3. Taelo ya gore re dire barutwa e re naya tshono ya go dira eng?

3 Fa re batla go bua le batho le go leka go ba tlhotlheletsa gore ba obamele Modimo yo o esi wa boammaaruri, re tshwanetse gore re bo re rata Jehofa thata. Baiseraele ba ne ba ka bontsha gore ba rata Modimo ka go ikobela melao ya gagwe ka pelo yotlhe, go isa ditlhabelo tse a di amogelang le go mmaka ka dipina. (Duteronome 10:12, 13; 30:19, 20; Pesalema 21:13; 96:1, 2; 138:5) Fa re ntse re dira batho barutwa, le rona re ikobela melao ya Modimo, mme gape re bontsha gore re rata Jehofa ka go bolelela ba bangwe ka ga gagwe le maikaelelo a gagwe. Re tshwanetse go bontsha gore re tlhatswegile pelo ka se re se buang, re tlhopha mafoko a a tshwanetseng, go tlhalosa kafa tota re ikutlwang ka teng ka tsholofelo ya rona e re e neilweng ke Modimo.—1 Bathesalonika 1:5; 1 Petere 3:15.

4. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a itumelela go ruta batho ka ga Jehofa?

4 E re ka Jesu a ne a rata Jehofa thata, o ne a itumedisiwa thata ke go bua ka ga maikaelelo a Modimo, Bogosi le kobamelo ya boammaaruri. (Luke 8:1; Johane 4:23, 24, 31) Tota e bile, Jesu o ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Johane 4:34) Mafoko ano a mopesalema a lebisitse mo go Jesu: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me. Ke boletse dikgang tse di molemo tsa tshiamo mo phuthegong e kgolo. Bona! Ga ke thibele dipounama tsa me. Wena Jehofa, o itse seo sentle.”—Pesalema 40:8, 9; Bahebera 10:7-10.

5, 6. Batho ba ba dirang barutwa ba tlhoka nonofo efe ya botlhokwa?

5 Ka dinako tse dingwe, batho ba ba sa tswang go ithuta boammaaruri jwa Baebele ba tlhotlhelediwa ke go rata Modimo gore ba bue ka ga Jehofa le Bogosi ka go tlhatswega pelo mo e leng gore ba kgona go tlhotlheletsa ba bangwe gore ba sekaseke Dikwalo. (Johane 1:41) Go rata Modimo ke nonofo ya botlhokwa e e re tlhotlheletsang go dira barutwa. Ka jalo, a re direng gore lorato loo lo nne lo tuka ka go bala le go tlhatlhanya ka metlha ka Lefoko la gagwe.—1 Timotheo 4:6, 15; Tshenolo 2:4.

6 Kwantle ga pelaelo, go rata Jehofa go ile ga thusa gore Jesu Keresete e nne morutisi yo o tlhagafetseng. Mme leo ga se lone fela lebaka le le neng le dira gore e nne mmoledi wa Bogosi yo o nang le bokgoni. Ke nonofo efe e nngwe e e neng ya dira gore Jesu a atlege mo tirong ya go dira barutwa?

Bontsha Gore o Rata Batho

7, 8. Jesu o ne a leba batho jang?

7 Jesu o ne a amega ka batho e bile a bontsha gore o ba kgatlhegela eleruri. Tota le fa a ne a ise a tle go tshela mo lefatsheng e le motho, ka nako ya fa e ne e le “modiri yo o setswerere” wa Modimo, o ne a kgatlhegela dilo tse di amang batho. (Diane 8:30, 31) Fa Jesu a setse a tshela mo lefatsheng e le motho, o ne a utlwela batho botlhoko, a lapolosa ba ba neng ba tla kwa go ene. (Mathaio 11:28-30) Jesu o ne a bontsha lorato le kutlwelobotlhoko jaaka Jehofa, mme seno se ne se gogela batho mo kobamelong ya Modimo yo o esi wa boammaaruri. Batho ba mefuta yotlhe ba ne ba reetsa Jesu ka gonne o ne a bontsha gore o amega ka bone le ka maemo a bone e bile o a ba rata.—Luke 7:36-50; 18:15-17; 19:1-10.

8 Fa monna mongwe a ne a botsa gore o tshwanetse go dirang gore a rue botshelo jo bo sa khutleng, “Jesu [o ne] a mo leba mme a ikutlwa a mo rata.” (Mareko 10:17-21) Re bala jaana ka batho bangwe ba ba neng ba rutilwe ke Jesu kwa Bethani: “Jesu o ne a rata Maratha le monnawe le Lasaro.” (Johane 11:1, 5) Jesu o ne a amega thata ka batho mo a neng a ipha nako ya go ba ruta le fa a ne a tlhoka go ikhutsa. (Mareko 6:30-34) Tsela eno e a neng a amega thata e bile a rata batho ba bangwe ka yone, e ne ya dira gore a nne le bokgoni jwa go gogela batho mo kobamelong ya boammaaruri go feta motho ope fela.

9. Paulo o ne a na le boikutlo bofe mo tirong ya go dira barutwa?

9 Moaposetoloi Paulo le ene o ne a amega thata ka batho ba a neng a ba rerela. Ka sekai, o ne a raya batho ba ba neng ba fetogile Bakeresete kwa Thesalonika a re: “E re ka re lo rata ka lorato lwa bopelonomi, re ne ra itumelela thata go lo naya, e seng fela dikgang tse di molemo tsa Modimo, mme gape le meya ya rona, ka gonne lo ne lo ratega mo go rona.” Ka ntlha ya maiteko a Paulo a a dirileng ka lorato, bangwe kwa Thesalonika ba ne ba ‘retologa ba tswa mo medingwaneng ya bone gore ba nne batlhanka ba Modimo yo o tshelang.’ (1 Bathesalonika 1:9; 2:8) Fa re amega tota ka batho, fela jaaka go ne go dira Jesu le Paulo, le rona re ka itumelela go bona dikgang tse di molemo di ama dipelo tsa ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.”—Ditiro 13:48.

Bontsha Moya wa go Intsha Setlhabelo

10, 11. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka moya wa go intsha setlhabelo fa re leka go dira barutwa?

10 Batho ba ba nang le bokgoni jwa go dira barutwa ba na le moya wa go intsha setlhabelo. Ruri ga ba tseye gore go ikokoanyetsa khumo ke gone ga botlhokwatlhokwa. Tota e bile, Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “A bo e tla nna selo se se thata jang ne gore ba ba nang le madi ba tsene mo bogosing jwa Modimo!” Barutwa ba ne ba gakgamalela go utlwa seno, mme Jesu o ne a oketsa a re: “Bongwanaka, a bo e le selo se se thata jang ne go tsena mo bogosing jwa Modimo! Go motlhofo gore kamela e phololele ka letshoba la nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo bogosing jwa Modimo.” (Mareko 10:23-25) Jesu o ne a kgothaletsa balatedi ba gagwe gore ba tshele botshelo jo bo sa raraanang gore ba kgone go tlhoma mogopolo mo tirong ya go dira barutwa. (Mathaio 6:22-24, 33) Ke ka ntlha yang fa moya wa go intsha setlhabelo o re thusa go dira barutwa?

11 Go tlhoka maiteko tota gore re rute dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng. Gantsi motho yo o dirang barutwa o leka gore beke le beke a ithute Baebele le motho yo o kgatlhegang. Baboledi bangwe ba Bogosi ba ile ba tlogela ditiro tsa nako e e tletseng mme ba bereka ka malatsi a a rileng kgotsa ka dinako tse di rileng fela gore ba nne le nako e e ka ba letlang go bona batho ba ba oketsegileng ba tota ba ratang go ithuta. Bakeresete ba le diketekete ba ile ba ithuta puo e nngwe gore ba kgone go rerela batho ba ditso tse dingwe mo lefelong la bone. Ba bangwe ba ba dirang barutwa ba ile ba tlogela magae a bone ba fudugela kwa kgaolong e nngwe kgotsa kwa nageng e nngwe gore ba nne le seabe ka botlalo mo thobong. (Mathaio 9:37, 38) Sotlhe seno se tlhoka moya wa go intsha setlhabelo. Mme go tlhokega se se fetang seo gore motho a nne le matswela mo tirong ya go dira barutwa.

Nna Pelotelele Mme o sa Senye Nako

12, 13. Ke ka ntlha yang fa bopelotelele bo tlhokega jaana mo tirong ya go dira barutwa?

12 Bopelotelele ke nonofo e nngwe e e re thusang go dira barutwa. Molaetsa wa rona wa Bokeresete o tlhoka gore re tseye kgato ka potlako, mme gone gantsi go dira barutwa go tsaya nako e bile go tlhoka bopelotelele. (1 Bakorintha 7:29) Jesu o ne a sa felele monnawe ka mmaagwe e bong Jakobe pelo. Le fa gone go lebega Jakobe a ne a itse tiro ya ga Jesu ya go rera, go ne ga feta lobaka lo lo rileng a kgorelediwa ke sengwe gore a se ka a nna morutwa. (Johane 7:5) Le fa go ntse jalo, mo lobakeng lo lokhutshwane morago ga loso lwa ga Keresete le pele ga Pentekosete 33 C.E., go lebega gore Jakobe o ne a nna morutwa, ka gonne Dikwalo di bontsha gore o ka tswa a ne a kopanela mo thapelong le mmaagwe, barwarraagwe le baaposetoloi. (Ditiro 1:13, 14) Jakobe o ne a gatela pele sentle semoyeng, mme morago a nna le maikarabelo a magolo mo phuthegong ya Bokeresete.—Ditiro 15:13; 1 Bakorintha 15:7.

13 Fela jaaka balemi, Bakeresete ba lema dilo tse gantsi di golang ka bonya—go tlhaloganya Lefoko la Modimo, go rata Jehofa, le moya o o tshwanang le wa ga Keresete. Seno se tlhoka bopelotelele. Jakobe o ne a kwala jaana: “Nnang pelotelele, bakaulengwe, go fitlha mo go nneng gone ga Morena. Bonang! Molemirui o nna a letetse leungo le le tlhokegang la lefatshe, a le pelotelele ka ga lone go fitlha a bona pula ya ntlha le pula ya morago. Le lona nnang pelotelele; nitamisang dipelo tsa lona, ka gonne go nna gone ga Morena go atametse.” (Jakobe 5:7, 8) Jakobe o ne a rotloetsa badumedi ka ene gore ba ‘nne pelotelele go fitlha mo go nneng gone ga Morena.’ Fa barutwa ba ne ba sa tlhaloganye sengwe, Jesu o ne a nna pelotelele le bone, a ba tlhalosetsa kgotsa a ba direla ditshwantsho. (Mathaio 13:10-23; Luke 19:11; 21:7; Ditiro 1:6-8) Jaanong ka Morena a le teng, le rona re tlhoka bopelotelele fa re ntse re leka go dira barutwa. Ba ba nnang balatedi ba ga Jesu mo motlheng wa rona ba tlhoka go rutiwa ka bopelotelele.—Johane 14:9.

14. Le fa re le pelotelele, re ka dirisa jang nako ya rona ka botlhale go dira barutwa?

14 Le fa re le pelotelele, lefoko ga le ungwe mo bontsing jwa batho ba re simololang go ithuta Baebele le bone. (Mathaio 13:18-23) Ka jalo, fa re sena go tsaya matsapa a a tlhokegang go ba thusa, go tla bo go le botlhale gore re tlogele go dirisa nako ya rona mo go bone mme re leke go batla batho ba ba ka tsayang boammaaruri jwa Baebele bo le botlhokwa. (Moreri 3:1, 6) Mme gone, tota le batho ba ba anaanelang boammaaruri ba ka tlhoka thuso e ntsi gore ba fetole tsela e ba lebang dilo ka yone, maikutlo a bone le dilo tse ba di tsayang di le botlhokwa mo botshelong. Ka jalo re nna pelotelele, fela jaaka Jesu a ne a le pelotelele mo barutweng ba ba neng ba tlhoka nako gore ba nne le boikutlo jo bo tshwanetseng.—Mareko 9:33-37; 10:35-45.

Leka ka Natla go Nna le Bokgoni Jwa go Ruta

15, 16. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go baakanyetsa sentle le go bua ka tsela e e sa raraanang fa re dira barutwa?

15 Go rata Modimo, go amega ka batho, moya wa go intsha setlhabelo le bopelotelele, tsotlhe tseno di botlhokwa gore motho a atlege mo tirong ya go dira barutwa. Gape re tshwanetse go lwela go nna le bokgoni jwa go ruta, ka gonne bo dira gore re kgone go tlhalosa dilo ka tsela e e utlwalang sentle, e e sa raraanang. Ka sekai, mafoko a le mantsi a Morutisi yo Mogolo, Jesu Keresete, a ne a na le matswela thata ka gonne a ne a sa raraana. O ka tswa o gopola mafoko a ga Jesu a a jaaka ano: “Ipolokeleng matlotlo kwa legodimong.” “Lo se ka lwa naya dintša se se boitshepo.” “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mathaio 6:20; 7:6; 11:19; 22:21) Gone ke boammaaruri, Jesu o ne a sa bue dipolelwana tse dikhutshwane fela. O ne a ruta dilo ka tsela e e utlwalang sentle e bile a tlhalosa dilo fa go tlhokega. O ka etsa jang tsela ya ga Jesu ya go ruta?

16 Motho o tlhoka go baakanyetsa ka kelotlhoko gore a kgone go ruta ka tsela e e sa raraanang le e e utlwalang sentle. Gantsi fa modiredi a sa baakanyetsa, o bua thata. A ka nna a tlhalosa sengwe le sengwe se a se itseng ka kgang nngwe mo dintlha tsa botlhokwa di felelang di sa utlwala ka gonne a buetse ruri. Mme modiredi yo o ipaakantseng sentle ene o akanya ka motho yo a mo rutang, o tlhatlhanya ka kgang a bo a tlhalosa sentle dintlha tse di tlhokegang fela. (Diane 15:28; 1 Bakorintha 2:1, 2) O akanyetsa gore moithuti o setse a itse go le kana kang le gore o tla tshwanelwa ke go gatelela dintlha dife mo thutong. Modiredi o ka tswa a itse dilo tse dintsi tse di kgatlhang ka kgang e ba tlotlang ka yone, mme e tla utlwala sentle fa a fokotsa tshedimosetso e e sa tlhokegeng.

17. Re ka thusa batho jang gore ba tlhaloganye mabaka a a ntshiwang mo Dikwalong?

17 Gape Jesu o ne a thusa batho go akanya, a sa ba neye tshedimosetso fela. Ka sekai, nako nngwe o ile a botsa a re: “O akanyang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela ditshwanelo kgotsa lekgetho la tlhogo mo go bomang? Mo go bomorwaatsone kgotsa mo go ba e leng batswakwa?” (Mathaio 17:25) Re ka tswa re itumelela go tlhalosa Baebele thata mo re tshwanelwang ke go itshwara gore re fe moithuti sebaka sa go ntsha maikutlo a gagwe kgotsa gore a tlhalose kgang nngwe e go tlotliwang ka yone mo thutong ya legae ya Baebele. Mme gone re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra botsakaka batho dipotso. Mo boemong jwa moo, re ka dirisa botlhale, ditshwantsho tse di maleba, le dipotso tse di bontshang go akanyetsa go ba thusa go tlhaloganya dintlha tsa Dikwalo tse di mo dikgatisong tsa rona tse di tlhalosang Baebele.

18. Go lwela go nna le “botswerere jwa go ruta” go akaretsa eng?

18 Dikwalo di bua ka ga “botswerere jwa go ruta.” (2 Timotheo 4:2; Tito 1:9) Bokgoni jo bo ntseng jalo jwa go ruta bo akaretsa se se fetang fela go thusa mongwe go tshwara dintlha dingwe ka tlhogo. Re tshwanetse go leka go thusa moithuti wa Baebele gore a tlhaloganye pharologanyo e e leng teng fa gare ga boammaaruri le maaka, se se siameng le se se bosula, se se botlhale le se se seng botlhale. Fa re ntse re dira seno e bile re leka go dira gore motho yono a rate Jehofa, a ka nna a bona lebaka la go bo a tshwanetse go mo ikobela.

Nna Matlhagatlhaga mo Tirong ya go Dira Barutwa

19. Bakeresete botlhe ba nna le seabe jang mo tirong ya go dira barutwa?

19 Phuthego ya Bokeresete ke mokgatlho o o dirang batho barutwa. Fa mongwe a simolola go nna morutwa, Mosupi wa ga Jehofa yo o mmoneng a bo a mo thusa go ithuta se Baebele e se rutang ga se ene fela a nang le lebaka la go ipela. Fa batho ba bolotsa letsholo la go senka ngwana yo o latlhegileng, ke motho a le mongwe fela mo setlhopheng seo yo tota a tla bonang ngwana. Mme fa ngwana a boa a kopana le batsadi ba gagwe, go itumela mongwe le mongwe yo o neng a ntse a le mo letsholong la go mmatla. (Luke 15:6, 7) Ka tsela e e tshwanang, tiro ya go dira barutwa ke tiro e e tshwaraganelwang. Bakeresete botlhe ba dira tiro ya go senka batho ba ba ka nnang barutwa ba ga Jesu. Mme fa mongwe yo mosha a simolola go tla dipokanong kwa Holong ya Bogosi, Mokeresete mongwe le mongwe yo o leng teng o thusa go oketsa tsela e motho yono a anaanelang kobamelo ya boammaaruri ka yone. (1 Bakorintha 14:24, 25) Ka jalo, Bakeresete botlhe ba ka ipelela gore ngwaga le ngwaga go dirwa barutwa ba basha ba le makgolo a le diketekete.

20. O tshwanetse go dirang fa o batla go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Baebele?

20 Bakeresete ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ka itumelela go ruta mongwe ka ga Jehofa le kobamelo ya boammaaruri. Mme le fa ba lekile go le kae, ba ka tswa ba ise ba kgone go dira jalo. Fa e le gore o mo seemong seo, tswelela pele o nonotsha lorato lo o ratang Jehofa ka lone, amega ka batho ba bangwe, nna le moya wa go intsha setlhabelo, nna pelotelele, mme o leke go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go ruta. Mo godimo ga tsotlhe, rapela ka keletso e o nang le yone ya go ruta batho boammaaruri. (Moreri 11:1) Gomodiwa ke go itse gore sengwe le sengwe se o se dirang mo tirelong ya ga Jehofa se thusa mo tirong ya go dira barutwa e e galaletsang Modimo.

A o Ka Tlhalosa?

• Ke ka ntlha yang fa tiro ya go dira barutwa e re leka gore re rata Modimo go le kana kang?

• Batho ba ba dirang barutwa ba tlhoka go nna le dinonofo dife?

• “Botswerere jwa go ruta” bo akaretsa eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Motswedi wa Setshwantsho 21]

Bakeresete ba bontsha kafa ba ratang Modimo thata ka teng ka go dira barutwa

[Motswedi wa Setshwantsho 23]

Ke ka ntlha yang fa batho ba ba dirang barutwa ba tshwanetse go kgatlhegela ba bangwe?

[Motswedi wa Setshwantsho 24]

Dingwe tsa dinonofo tse di tlhokwang ke batho ba ba dirang barutwa ke dife?

[Motswedi wa Setshwantsho 25]

Bakeresete botlhe ba kgatlhiwa ke go bona matswela a a molemo a tiro ya go dira barutwa