Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hagai le ya Sekarea

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hagai le ya Sekarea

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Hagai le ya Sekarea

KE NGWAGA wa 520 B.C.E. Go setse go fetile dingwaga di le somethataro fa e sale Bajuda ba ba boileng botshwarwa kwa Babelona ba thaya motheo wa tempele ya ga Jehofa kwa Jerusalema. Le fa go ntse jalo, tempele ga e ise e fediwe mme tiro ya go aga e thibetswe. Jehofa o tlhoma moporofeti Hagai mme dikgwedi di le pedi moragonyana o tlhoma moporofeti Sekarea gore a bolele molaetsa wa Gagwe.

Hagai le Sekarea ba na le maikaelelo a a tshwanang: Go rotloetsa batho gore ba tswelele ka tiro ya go aga tempele sesha. Maiteko a baporofeti bano a a atlega mme tempele e wediwa dingwaga di le tlhano moragonyana. Se Hagai le Sekarea ba se boletseng se begilwe mo dibukeng tsa Baebele tse di bidiwang ka maina a bone. Buka ya Hagai e weditswe ka 520 B.C.E. fa ya Sekarea yone e weditswe ka 518 B.C.E. Fela jaaka baporofeti bao, le rona Modimo o re neile tiro e re tshwanetseng go e dira e e tshwanetseng go wediwa pele bofelo jwa tsamaiso ya jaanong ya dilo bo fitlha. Ke tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. Mma re boneng gore ke kgothatso efe e re e bonang mo bukeng ya Hagai le ya Sekarea.

“TLHOMANG PELO YA LONA MO DITSELENG TSA LONA”

(Hagai 1:1–2:23)

Hagai o bua melaetsa e le menè e e rotloetsang mo malatsing a le 112 fela. Wa ntlha ke o o reng: “‘Tlhomang pelo ya lona mo ditseleng tsa lona. Tlhatlogelang kwa thabeng, mme lo tlise dikota. Mme lo age ntlo, gore ke tle ke e ipelele le gore ke tle ke galalediwe,’ go buile Jehofa.” (Hagai 1:7, 8) Batho ba nesetsa molaetsa oo pula. Molaetsa wa bobedi o na le tsholofetso ya gore: “[Nna Jehofa] ke tla tlatsa ntlo eno ka kgalalelo.”—Hagai 2:7.

Go ya ka molaetsa wa boraro, go itlhokomolosa ga bone go agiwa ga tempele sesha go dirile gore ‘tiro yotlhe ya batho le ya diatla tsa bone’ e se ka ya nna phepa fa pele ga ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, go tloga mo letsatsing le tiro ya go baakanya e simologang ka lone, Jehofa o ‘tla ba segofatsa.’ Fela jaaka molaetsa wa bonè o bolela, Jehofa o tla “nyeletsa nonofo ya magosi a ditšhaba” mme a tlhome Mmusi Serubabele go nna “palamonwana e e tshwayang.”—Hagai 2:14, 19, 22, 23.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:6—Polelwana e e reng “go a nowa, mme e seng gore go bo go tlhapelwee kaya eng? Polelwana eno e kaya fela go tlhokega ga beine. E re ka Jehofa a ne a tla bo a sa ba segofatse, beine e ne e tla tlhaela—tota e ne e tla bo e sa lekana gore e ba tlhapele.

2:6, 7, 21, 22—Ke mang kana ke eng se se reketlisang ditšhaba mme seo se felela ka eng? Jehofa ke ene a ‘reketlisang ditšhaba tsotlhe’ ka go rerwa ga molaetsa wa Bogosi lefatshe ka bophara. Gape tiro eno ya go rera e kgona go tlisa “dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe” mo ntlong ya ga Jehofa mme ka go dira jalo e e tlatsa ka kgalalelo. Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa wa masomosomo o tla reketlisa “magodimo le lefatshe le lewatle le lefatshe le le omeletseng,” mme ka go dira jalo a dira gore tsamaiso yotlhe e e boikepo ya jaanong e nyelediwe.—Bahebera 12:26, 27.

2:9—Ke ka ditsela dife ‘kgalalelo ya ntlo ya morago e nnang kgolo go feta ya pele’? Seno se ne se tla direga mo e ka nnang ka ditsela di le tharo: dingwaga tse tempele e nnileng teng ka tsone, ke mang yo o neng a ruta koo le gore ke bomang ba ba neng ba thologela teng go ya go obamela Jehofa. Le fa gone tempele e ntle thata ya ga Solomone e ne e na le dingwaga di le 420 e eme, go tloga ka 1027 B.C.E. go ya go 607 B.C.E., ‘ntlo ya morago’ e ne e ntse e dirisiwa ka dingwaga di feta 580, go tloga fa e wediwa ka 515 B.C.E. go fitlha e senngwa ka 70 C.E. Mo godimo ga moo, Mesia—Jesu Keresete—o ne a ruta mo ‘ntlong ya morago,’ mme go ne ga tla batho ba le bantsi mo go yone go feta mo go “ya pele” gore ba tle go obamela Modimo.—Ditiro 2:1-11.

Se re Ithutang Sone:

1:2-4. Go ganediwa ga tiro ya rona ya go rera ga go a tshwanela go dira gore re fetole dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa rona, re se tlhole re ‘batla pele bogosi,’ mme re dire gore dilo tse rona re di ratang di tle pele.—Mathaio 6:33.

1:5, 7Go molemo gore re ‘tlhome pelo ya rona mo ditseleng tsa rona’ mme re akanye kafa tsela e re tshelang ka yone e amang kamano ya rona le Modimo ka gone.

1:6, 9-11; 2:14-17. Bajuda ba motlha wa ga Hagai ba ne ba bereka ka natla gore ba dire dilo tse bone ba di ratang mme ba ne ba sa itumelele tiro ya diatla tsa bone. Ba ne ba tlhokomologile tempele, ka jalo Modimo o ne a sa ba segofatse. Re tshwanetse go baya dilo tsa semoya kwa pele mme re direle Modimo ka moya otlhe re ntse re gopola gore go sa kgathalesege gore re humile kana re humanegile, “tshegofatso ya ga Jehofa ke yone e e humisang.”—Diane 10:22.

2:15, 18. Jehofa o ne a rotloetsa Bajuda gore go simolola ka nako eo ba se ka ba tlhoma dipelo tsa bone mo tseleng e ba neng ba dira ka yone mo nakong e e fetileng, ba dira ba ikgoga fela mme ba di tlhome mo go ageng tempele sesha. Ka tsela e e tshwanang le rona gompieno re tshwanetse go dira ka natla go tlhoma megopolo ya rona mo tseleng e re obamelang Modimo ka yone.

‘E SENG KA MAATLA, MME KA MOYA WA ME’

(Sekarea 1:1–14:21)

Sekarea o simolola tiro ya gagwe ya go porofeta ka go kopa Bajuda gore ba ‘boele kwa go Jehofa.’ (Sekarea 1:3) Diponatshegelo di le robedi tse di latelang di tlhomamisa gore Modimo o tla ba ema nokeng mo tirong ya go aga tempele sesha. (Bona lebokoso le le reng “Diponatshegelo Tsa ga Sekarea di le Robedi Tsa Tshwantshetso.”) Tiro ya go aga e tla wediwa, “e seng ka mophato wa sesole, le fa e le ka maatla, mme ka moya wa [ga Jehofa].” (Sekarea 4:6) Monna yo o bidiwang Letlhogela, “ruri o tla aga tempele ya ga Jehofa” mme “o tla nna moperesiti mo setulong sa gagwe.”—Sekarea 6:12, 13.

Go romelwa moemedi go tswa kwa Bethele go ya go botsa baperesiti ka ga go boloka moetlo wa go itima dijo e le go gopola go senngwa ga Jerusalema. Jehofa o bolelela Sekarea gore go hutsafala ka nako ya go itima dijo makgetlo a le manè mo go dirwang e le go gopola masetlapelo a a neng a wela Jerusalema go tla fetolwa go nna “go itumela le go ipela le dipaka tse di molemo tsa moletlo.” (Sekarea 7:2; 8:19) Melaetsa e mebedi e e latelang e akaretsa dikatlholo tse di kgatlhanong le ditšhaba le baporofeti ba maaka, boporofeti jo bo amanang le Mesia le molaetsa o o malebana le go tsosolosiwa ga batho ba Modimo.—Sekarea 9:1; 12:1.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:1—Ke ka ntlha yang fa monna a ne a lekanya Jerusalema ka mogala? Go lebega seno se ne se bontsha gore go tla agiwa lebota le le sireletsang go dikologa motse. Moengele o itsise monna yono gore Jerusalema e tla atolosiwa mme Jehofa o tla e sireletsa.—Sekarea 2:3-5.

6:11-13—A go bewa ga serwalo mo tlhogong ya Moperesiti yo Mogolo Joshua go ne go mo dira kgosi le moperesiti? Nnyaa, Joshua e ne e se wa losika lwa segosi lwa ga Dafide. Le fa go ntse jalo, go bewa ga gagwe serwalo mo tlhogong go ne ga mo dira moetapele wa ga Mesia. (Bahebera 6:20) Boporofeti jo bo amanang le “Letlhogela” bo ne jwa diragadiwa ka Jesu Keresete, yo e neng e le Kgosi le Moperesiti yo o kwa legodimong. (Jeremia 23:5) Fela jaaka Joshua a ne a direla Bajuda ba ba boetseng gae e le moperesiti yo mogolo mo tempeleng e e agilweng sesha, Jesu Keresete le ene ke Moperesiti yo Mogolo mo kobamelong ya boammaaruri mo tempeleng ya ga Jehofa ya semoya.

8:1-23—Melaetsa e le lesome e e umakiwang mo ditemaneng tseno e diragadiwa leng? Molaetsa mongwe le mongwe o latela mafoko a a reng “Jehofa wa masomosomo o buile jaana” mme ke tsholofetso ya kagiso e Modimo a e nayang batho ba gagwe. Mengwe ya melaetsa eno e ne ya diragadiwa mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., mme melaetsa eno yotlhe e diragaditswe go tloga ka 1919 C.E. kana e a diragadiwa gone jaanong. *

8:3—Ke ka ntlha yang fa Jerusalema e bidiwa “motse wa boammaaruri”? Pele Jerusalema e senngwa ka 607 B.C.E., e ne e le “motse o o gatelelang,” o o tletseng baporofeti ba ba bosula le baperesiti le batho ba ba sa ikanyegeng. (Sefania 3:1; Jeremia 6:13; 7:29-34) Le fa go ntse jalo, fa tempele e sena go agiwa sesha mme batho ba ikemiseditse go direla Jehofa, dithuto tsa kobamelo ya boammaaruri di ne di tla rutwa koo mme Jerusalema e ne e tla bidiwa “motse wa boammaaruri.”

11:7-14—Ke eng se se tshwantshediwang ke go roba ga ga Sekarea lore lo lo bidiwang “Bontle” le lo longwe lo lo bidiwang “Tshwaragano”? Sekarea o tlhalosiwa e le yo o rometsweng go ‘disa letsomane le le neng le laoletswe go bolawa’—batho ba sekadinku ba ba tsiediwang ke baeteledipele ba bone. Mo tirong ya gagwe ya bodisa, Sekarea o ne a tshwantshetsa Jesu Keresete yo o neng a rometswe mo bathong ba Modimo a neng a dirile kgolagano le bone mme ba ne ba mo itatola. Go rojwa ga lore lo lo bidiwang “Bontle” go ne go tshwantshetsa gore Modimo o tla fedisa kgolagano ya Molao e a neng a e dirile le Bajuda mme a se tlhole a dirisana le bone sentle. Go rojwa ga lore lo lo bidiwang “Tshwaragano” go ne go raya gore Juda le Iseraele di ne di se kitla di tlhola di dirisana jaaka bana ba motho fa ba obamela Jehofa.

12:11—“Selelo sa Hadadarimone mo lebaleng la mokgatšha wa Megido” se kaya eng? Kgosi Josia wa Juda o ne a bolawa mo ntweng e e neng e lowa le Faro Neko wa Egepeto kwa ‘mokgatšheng wa Megido’ mme batho ba ne ba mo lelela dingwagangwaga ba opela ‘dipina tsa khutsafalo.’ (2 Ditiragalo 35:25) Ka jalo, “selelo sa Hadadarimone” se ka tswa se raya go hutsafalela go swa ga ga Josia.

Se re Ithutang Sone:

1:2-6; 7:11-14. Jehofa o itumedisiwa ke batho ba ka boikwatlhao ba amogelang kgalemelo mme ba boela kwa go ene gore ba mo obamele ka pelo yotlhe, mme le ene o boela kwa go bone. Mme gape ga a thuse ba ba ‘ganang go tlhwaya tsebe, ba bo ba nna ba tiisa legetla, le ditsebe tsa bone ba di dira logwadi’ mme ba gana go reetsa molaetsa wa gagwe.

4:6, 7Ga go sekgoreletsi sepe se segolo se moya wa Modimo o ka palelwang ke go se fenya mme o dire gore tiro ya go aga tempele sesha e wediwe sentle. Re ka kgona go fenya mathata le fa e ka nna afe a re ka lebanang le one fa re ntse re direla Modimo ka go nna le tumelo mo go Jehofa.—Mathaio 17:20.

4:10. Serubabele le batho ba gagwe ba ne ba wetsa tiro ya go aga tempele fela jaaka Modimo a ne a ba laetse mme Jehofa o ne a ba beile leitlho fa ba ntse ba dira jalo. Ga go thata go le kalo gore batho ba ba sa itekanelang ba tshele ka melao ya ga Jehofa.

7:8-10; 8:16, 17. Gore re kgone go amogelwa ke Jehofa, re tshwanetse go nna le tshiamiso, re direlane bopelonomi jwa lorato, re nne kutlwelobotlhoko mme re bue boammaaruri le ba bangwe.

8:9-13. Jehofa o a re segofatsa fa ‘diatla tsa rona di nonofile,’ fa re ntse re dira tiro e a re neileng yone. Masego a re nnang le one a akaretsa kagiso, polokesego le go gatela pele semoyeng.

12:6. Ba ba eteletseng batho ba ga Jehofa pele ba tshwanetse go nna ‘jaaka serumola se se tukang’—ba bontshe tlhoafalo e kgolo.

13:3. Re tshwanetse go ikanyega mo Modimong le mo phuthegong ya gagwe go feta le fa e ka nna mo mothong ope fela, le fa re ka tswa re atamalane thata jang le ene.

13:8, 9Batlhanogi ba Jehofa a neng a ba latlhile ba ne ba le bantsi, e le dintlha di le pedi tsa batho botlhe ba ba nnang mo nageng. Mme ntlha ya boraro yone e ne ya itshekisiwa jaaka e kete e itshekisiwa ka molelo. Mo motlheng wa rona, Jehofa ga a amogele batho ba ba mo ditumelong tse di ipitsang tsa Bokeresete. Ke palo e nnye fela ya Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba ‘bitsang leina la ga Jehofa’ le ba ba ineetseng go itshekisiwa. Bakeresete bano mmogo le badumedi ka bone ga ba ipolele fela gore ke Basupi ba ga Jehofa ka molomo.

Re Tlhotlhelediwa go Dira ka Tlhagafalo

Melaetsa e Hagai le Sekarea ba e boletseng e re ama jang gompieno? Fa re akanya ka tsela e melaetsa eno e neng ya tlhotlheletsa Bajuda ka yone gore ba tswelele ka tiro ya go aga tempele, ruri le rona re tlhotlheletsega go nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira batho barutwa.

Sekarea o ne a bolelelapele gore Mesia o ne a tla tla a “palame esele,” o ne a tla rekisiwa ka “dipapetla tsa selefera di le masome a mararo,” le gore o ne a tla itewa mme ‘letsomane le falale.’ (Sekarea 9:9; 11:12; 13:7) A bo go tlhatlhanya thata jaana ka go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Mesia jo bo bolelwang ke Sekarea go nonotsha tumelo ya rona jang ne! (Mathaio 21:1-9; 26:31, 56; 27:3-10) Tsela e re ikanyang Lefoko la ga Jehofa le dithulaganyo tse a re diretseng tsone gore re bolokwe e a nonotshiwa.—Bahebera 4:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Bona Tora ya Tebelo ya January 1, 1996, tsebe 9-22.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

DIPONATSHEGELO TSA GA SEKAREA DI LE ROBEDI TSA TSHWANTSHETSO

1:8-17: E tlhomamisa gore tempele e tla wediwa mme e bontsha gore Jerusalema le metse e mengwe e e mo Juda e tla segofadiwa.

1:18-21: E solofetsa bokhutlo jwa ‘dinaka di le nnè tse di neng tsa phatlalatsa Juda’ tse di emelang dipuso tsotlhe tse di ganetsang kobamelo ya ga Jehofa.

2:1-13: E bontsha gore Jerusalema e tla atolosiwa le gore Jehofa o tla nna tshireletso—“lobota lwa molelo go mo dikologa.”

3:1-10: E bontsha gore Satane o ne a na le seabe mo go kgoreletseng tiro ya go aga tempele le gore Moperesiti yo Mogolo Joshua ga a bonwe molato.

4:1-14: E tlhomamisa gore dikgoreletsi tse di jaaka dithaba di tla fedisiwa le gore Mmusi Serubabele o tla wetsa go aga tempele.

5:1-4: E hutsa badirabosula ba ba sa otlhaiwang.

5:5-11: E bolelelapele gore boikepo bo tla fedisiwa.

6:1-8: E solofetsa gore baengele ba tla ba tlhokomela le go ba sireletsa.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Boikaelelo jwa melaetsa ya ga Hagai le ya ga Sekarea e ne e le bofe?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ba ba eteletseng pele ba tshwana jang le “serumola se se tukang”?