Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mokeresete o tshwanetse go leba jang go tsoma le go tshwara ditlhapi?

Baebele ga e kgale go tsoma kana go tshwara ditlhapi. (Duteronome 14:4, 5, 9, 20; Mathaio 17:27; Johane 21:6) Go ntse go le jalo, Bakeresete ba ba tsomang kana ba ba tshwarang ditlhapi ba tshwanetse go akanyetsa melaometheo e se kae ya Dikwalo.

Modimo o ne a letla Noa le ditlogolwana tsa gagwe go bolaya le go ja diphologolo, fa fela ba ne ba di tsholola madi pele ba di ja. (Genesise 9:3, 4) Taelo eno e ne e gatelela gore botshelo jwa phologolo bo tshwanetse go tlotlwa ka bo tswa kwa Modimong. Ka jalo, Bakeresete ga ba bolaye diphologolo e le motshameko fela kana go ijesa monate, e bile ba di bolaya ka bosetlhogo ba sa bontshe go tlotla botshelo.—Diane 12:10.

Go na le ntlha e nngwe gape e re tlhokang go e akanyetsa e e amang boikutlo jwa rona. Baaposetoloi ba ba neng ba tshwara ditlhapi ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumela fa ba tshwere tse dintsi. Mme ga go na sepe se se bontshang fa ba ne ba ikgantsha ka bokgeleke jwa bone jwa go tshwara ditlhapi kana jwa go tsoma. E bile ba ne ba sa tshware ditlhapi kana go tsoma gore ba gaisane le ba bangwe, ba bontshe bogatlhamelamasisi jwa bone, kana ba ijese monate wa go lelekisa, go lwantsha, le e leng go bolaya diphologolo.—Pesalema 11:5; Bagalatia 5:26.

Ka jalo, re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ke tlhoma sekao ka tsela e ke bontshang ka yone gore ke tlotla tsela e Jehofa a lebang botshelo ka yone? A ke nna ke akantse fela ka go tsoma kgotsa go tshwara ditlhapi e bile ke nna ke tlotla fela ka gone? A tsela ya me ya botshelo e supa gore ke motho yo o tseelang go tsoma kana go tshwara ditlhapi kwa godimo, kana a e supa fa ke le modiredi wa Modimo? A go tsoma kgotsa go tshwara ditlhapi go dira gore ke tlwaelane thata le batho ba ba sa dumeleng kana go dira gore ke tlhokomologe lelapa la me?’—Luke 6:45.

Batho bangwe ba ba itshedisang ka go tsoma kana go tshwara ditlhapi ba ka ikutlwa ba se phoso fa ba seegela kwa thoko dilo tsa semoya ka paka ya go tsoma le ya go tshwara ditlhapi. Le fa go ntse jalo, re bontsha tumelo le go ikanya Modimo fa re sa letle sepe se tseela tiro e re mo e direlang sebaka. (Mathaio 6:33) Mo godimo ga moo, le fa babusi ba ba pateletsa kgotsa nnyaa, Bakeresete ba ikobela melao ya ga “Kaesara” e e malebana le go tsoma le go tshwara ditlhapi.—Mathaio 22:21; Baroma 13:1.

Batho ba bangwe ba ka nna ba tlhoka go fetola tsela e ba akanyang ka yone malebana le melao ya ga Jehofa, e le gore ba dumalane le tsela e a lebang go tsoma le go tshwara ditlhapi ka yone. (Baefeso 4:22-24) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tlotla ditshwetso tse ba bangwe ba di dirang go ya ka digakolodi tsa bone. Moaposetoloi Paulo o ne a naya kgakololo eno e e tshwanelang sentle mo kgannyeng eno: “Jalo a re se tlholeng re atlholana, mme go na le moo dirang seno tshwetso ya lona, gore lo se ka lwa baya sekgopi fa pele ga mokaulengwe.” (Baroma 14:13) Go bontsha lorato lo e seng lwa bopelotshetlha jalo le tlotlo go dira gore go nne le kagiso mo phuthegong, e bile go ipedisa Modiri wa rona, Motswedi wa botshelo. —1 Bakorintha 8:13. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Bona gape le “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo kgatisong ya Tora ya Tebelo ya May 15, 1990.