Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kopo e e Dirwang Lefatshe ka Bophara

Kopo e e Dirwang Lefatshe ka Bophara

Kopo e e Dirwang Lefatshe ka Bophara

AKANYA ka batho ba le dimilione di le makgolokgolo kgotsa ba le dibilione, botlhe ba kopa selo se se tshwanang. Ba kopa molaodi yo mogolo go ba feta botlhe mo lobopong go ba naya sengwe. Le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwa fela ba bone ba ba itseng gore totatota ba batla eng. A tota selo se se ntseng jalo se ka direga? Mme gone, seno se direga letsatsi le letsatsi. Batho bano botlhe ba kopa eng? Ba kopa gore Bogosi jwa Modimo bo tle!

Go ya ka phopholetso nngwe, go na le madumedi a ka nna 37 000 a a ipitsang gore ke a Bokeresete, a a bolelang gore Jesu Keresete ke Moeteledipele wa one. Madumedi ao a na le maloko a feta dibilione di le pedi. Bontsi jwa bone ba rapela thapelo e gantsi e bidiwang Rara wa Rona kgotsa Thapelo ya Morena. A o itse thapelo eno? Jaaka Jesu a ne a e ruta balatedi ba gagwe, e simolola ka mafoko a a reng: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.”—Mathaio 6:9, 10.

Go fetile makgolokgolo a dingwaga jaanong, baobamedi ba ntse ba boaboeletsa mafoko ano mo dikerekeng. Gape ba a bua ka tlhogo fa ba kopane e le malapa le fa ba le nosi, mo dinakong tsa boitumelo le tsa kutlobotlhoko. Ba ile ba bua mafoko ano go tswa pelong le e leng ka tlhoafalo. Ba bangwe ba le bantsi ba ithutile go bua mafoko ano ka tlhogo, mme ba a bua ka metlha ba sa akanye go le kalo kana gotlhelele ka bokao jwa one. Maloko ano a dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete ga se bone fela ba ba neng ba solofela go tla ga Bogosi jwa Modimo le go bo rapelela.

Kopo e e Dirwang le mo Madumeding a e Seng a Bokeresete

Thapelo e e tlwaelegileng thata mo tumelong ya Sejuda ke thapelo ya khutsafalo e e bidiwang Kaddish. Le mororo e sa amane go le kalo le loso kana khutsafalo, gantsi e rapelwa fa go sule mongwe. Thapelo eno ya re: “A [Modimo] a tlhome Bogosi jwa gagwe fa lo sa ntse lo tshela . . . mme e nne ka bonako.” * Thapelo e nngwe ya sinagoge ya bogologolo e bua ka tsholofelo ya Bogosi jwa ga Mesia yo o tswang mo ntlong ya ga Dafide.

Batho ba bangwe ba ba mo madumeding a e seng a Bokeresete ba kgatlhiwa ke kgang ya Bogosi jwa Modimo. Go ya ka lokwalodikgang lwa The Times of India, moeteledipele mongwe yo o itsegeng wa bodumedi wa kwa India wa lekgolo la bo19 la dingwaga, yo o neng a batla go itse gore ke dilo dife tse tumelo ya Se-Hindu, Se-Moseleme le ya Sekeresete di tshwanang mo go tsone, o ne a re: “Bogosi jwa Modimo jwa mmatota bo tla bonwa fela fa botlhaba le bophirima di ka nna seoposengwe.” Mme bosheng jaana mogokgo wa kholetšhe ya Boiselamo kwa Strathfield, kwa Australia, o ne a kwalela lokwalodikgang longwe a re: “Fela jaaka Bamoseleme ba bangwe botlhe le nna ke dumela gore Jesu o tla boa mme a tle go tlhoma Bogosi jwa mmatota jwa Modimo.”

Ga go pelaelo gore gone jaanong, go na le batho ba le dibilione ba ba solofetseng mo Bogosing jwa Modimo le ba ba bo rapelelang. Mme gone akanya ka ntlha eno e e kgatlhang.

Gongwe o setse o itse gore rona Basupi ba ga Jehofa, bagatisi ba makasine ono, re tsamaya ka ntlo le ntlo mo lefelong la lona re tlotla le batho ka dikgang tsa Baebele. Fa setlhogo seno se kwalwa, tiro eno e dirwa mo dinageng di le 236 le ka dipuo tse di fetang 400. Setlhogo se segolo se re rerang ka sone ke Bogosi jwa Modimo. Tota e bile, ela tlhoko gore leina le le feletseng la makasine ono ke Tora ya Tebelo e Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa. Gantsi re botsa batho gore a ba rapelela Bogosi joo. Ba le bantsi ba re ee. Le fa go ntse jalo, fa ba bodiwa gore Bogosi joo ke eng, bontsi jwa bone ba araba ka gore, “Ga ke itse,” kgotsa dikarabo tsa bone ga di utlwale e bile ga ba tlhomamisege ka se ba se buang.

Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi jaana ba kopa selo se ba sa kgoneng go se tlhalosa? A ke ka gonne Bogosi jwa Modimo e le kgang e e raraaneng le e e thata go e tlhaloganya? Nnyaa. Bogosi bo tlhalosiwa ka botlalo le ka tsela e e utlwalang sentle mo Baebeleng. Mo godimo ga moo, molaetsa wa Baebele ka ga Bogosi o ka go naya tsholofelo ya mmatota mo dinakong tseno tsa mathata. Mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore Baebele e tlhalosa jang tsholofelo eo. Mme morago re tla bona gore go tla diragala eng fa thapelo ya ga Jesu ya gore Bogosi bo tle e tla bo e arabiwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Fela jaaka mo thapelong ya sekao ya ga Jesu, thapelo ya khutsafalo e e bidiwang Kaddish le yone e kopa gore leina la Modimo le itshepisiwe. Le mororo go na le dikganetsano ka kgang ya gore a thapelo eno ya Kaddish e ne e ntse e le teng mo motlheng wa ga Keresete kana pele ga foo, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo di tshwana. Boikaelelo jwa thapelo eno ya ga Jesu e ne e se gore e nne ya mofuta mongwe o o sa tlwaelegang. Kopo nngwe le nngwe e e mo thapelong eo e ne e tswa mo Dikwalong tse ka nako eo Bajuda botlhe ba neng ba na le tsone. Jesu o ne a kgothaletsa Bajuda ka ene go rapelela dilo tse ba neng ba tshwanetse go bo ba sa bolo go di rapelela.