Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Balepadinaledi ba ne ba etela Jesu leng?

Mo Efangeleng ya ga Mathaio, re bolelelwa gore “balepadinaledi ba ba tswang kwa dikarolong tsa botlhaba” ba ne ba etela Jesu, ba mo leretse dimpho. (Mathaio 2:1-12) Ga go tlhalosiwe gore ke balepadinaledi kgotsa “banna ba ba botlhale” ba le kae ba ba neng ba etela losea Jesu, mme ga go na bosupi jo bo tlhomameng jo bo tshegetsang tumelo e batho ba le bantsi ba nang le yone ya gore ba ne ba le bararo; e bile maina a bone ga a umakiwe gope mo Baebeleng.

Thanolo ya New International Version Study Bible e tlhalosa Mathaio 2:11 jaana: “Go farologana le se batho ba le bantsi ba se buang, banna ba ba Botlhale ga ba a ka ba etela Jesu kwa bojelong jwa diruiwa mo bosigong jo a tshotsweng ka jone, jaaka go dirile badisa. Ba ne ba tla dikgwedi di le mmalwa moragonyana mme ba ne ba mo etela e le ‘ngwana’ mo ‘ntlong’ ya gagwe.” Seno se tlhomamisiwa ke ntlha ya gore Herode, fa a ne a batla gore bana ba bannye ba bolawe, o ne a laela gore go bolawe basimane botlhe ba ba nang le dingwaga tse pedi go ya kwa tlase mo Bethelehema yotlhe le dikgaolo tsa yone. O ne a tlhopha bana ba dingwaga tseo fa a sena go bala “go ya ka nako e a neng a e tlhomamisitse ka kelotlhoko mo balepadinaleding.”—Mathaio 2:16.

Fa e le gore balepadinaledi bano ba ne ba etetse Jesu mo bosigong jo a tshotsweng ka jone le go mo tlisetsa gouta le dimpho tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo, ga go utlwale go bo malatsi a le 40 morago ga moo Maria a ile a ntsha maeba a mabedi e le tshupelo fa a ne a ile go tlhagisa Jesu mo tempeleng e e kwa Jerusalema. (Luke 2:22-24) Go ntsha maeba a mabedi e ne e le thulaganyo e e mo Molaong e e neng e diretswe batho ba ba humanegileng ba ba neng ba ka se kgone go ntsha phelefu e potlana. (Lefitiko 12:6-8) Fa dimpho tseno tse di tlhwatlhwakgolo di ka bo di ne di tlile ka nako e e siameng di ne di ka dirisediwa go duela ditshenyegelo tsa ba lelapa la gaabo Jesu kwa Egepeto.—Mathaio 2:13-15.

Ke ka ntlha yang fa Jesu a tsere malatsi a le manè go goroga kwa lebitleng la ga Lasaro?

Totatota, go bonala Jesu ne a rulagantse jalo. Ke ka ntlha yang fa re ka rialo? Akanya ka pego e e mo go Johane kgaolo 11.

Fa Lasaro, moagi wa kwa Bethani e bile e le tsala ya ga Jesu, a ne a lwala thata, bokgaitsadie ba ne ba romela lefoko kwa go Jesu. (Temana 1-3) Ka nako eo, Jesu o ne a ka tsaya malatsi a ka nna mabedi kgotsa go feta go goroga mo Bethani. (Johane 10:40) Go bonala Lasaro a ile a swa ka nako e Jesu a neng a amogela dikgang tsa gore Lasaro o a lwala. Jesu o ne a dirang? O ne a “nna malatsi a le mabedi mo lefelong le a neng a le mo go lone” mme morago a ya Bethani. (Temana 6, 7) Ka gone, e re ka a ne a leta malatsi a le mabedi a bo a tsaya loeto lwa malatsi a le mabedi, o ne a goroga kwa lebitleng la ga Lasaro malatsi a le manè Lasaro a setse a sule.—Temana 17.

Pelenyana ga foo, Jesu o ne a tsositse batho ba le babedi mo baswing—wa ntlha, o ne a mo tsosa fela fa a sena go swa mme yo mongwe go bonala a ne a mo tsosa moragonyana mo letsatsing le a suleng ka lone. (Luke 7:11-17; 8:49-55) A o ne a ka kgona go tsosa motho yo o neng a na le malatsi a le manè a setse a sule le yo mmele wa gagwe o setseng o simolotse go bola? (Temana 39) Se se kgatlhang ke gore buka nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re mo Bajudeng, go ne go na le tumelo ya gore go ne go se na tsholofelo epe “ka motho yo o neng a na le malatsi a le manè a sule; gonne ka nako eo mmele o ne o setse o bonala gore o a bola, mme moya, o go neng go dumelwa gore o ne o okame mmele malatsi a le mararo, o ne o sa tlhole o le teng.”

Fa e le gore bangwe ba batho ba ba neng ba kokoane kwa lebitleng ba ne ba na le dipelaelo, ba ne ba tloga ba bona maatla a Jesu a nang le one a go tsosa baswi. Fa Jesu a sena go ema fa pele ga lebitla le le bulegileng o ne a goeletsa a re: “Lasaro, tswa!” Mme “monna yo o neng a sule a tswa.” (Temana 43, 44) Tsogo ya baswi ke tsholofelo ya mmatota, e seng kgopolo e e phoso e batho ba le bantsi ba nang le yone ya gore moya o tswelela pele o tshela morago ga loso.—Esekiele 18:4; Johane 11:25.