Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Rre Yo o Sa Tshwaneng le Ope

Rre Yo o Sa Tshwaneng le Ope

Atamalana le Modimo

Rre Yo o Sa Tshwaneng le Ope

Mathaio 3:16, 17

“RRE.” Ga se mafoko a mantsi a a amang batho maikutlo thata jaaka leno. Rre yo tota a ratang bana ba gagwe o ba thusa gore ba atlege. Ke gone ka moo go utlwalang go bo Baebele e bitsa Jehofa Modimo ‘Rre.’ (Mathaio 6:9) Jehofa ke Rre yo o ntseng jang? Gore re kgone go araba potso eo, mma re sekaseke mafoko a Jehofa a neng a a raya Jesu fa a ne a kolobediwa. Ke boammaaruri gore tsela e rre a buang le bana ba gagwe ka yone e bontsha go le gontsi gore ke motsadi yo o ntseng jang.

Mo e ka nnang ka October 29 C.E., Jesu o ne a ya kwa Nokeng ya Joredane go ya go kolobediwa. Baebele e bega jaana ka se se neng sa direga: “Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega, mme a bona moya wa Modimo o tla mo go ene o fologa jaaka lephoi. Bona! Gape, ga nna lentswe le tswa kwa magodimong le le neng le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.’” * (Mathaio 3:16, 17) Mafoko ano a a lorato a a neng a buiwa ke Jehofa ka boene a re bolelela go le gontsi gore ke Rre yo o ntseng jang. Ela tlhoko dilo di le tharo tse Jehofa a neng a di bolelela Morwawe.

Sa ntlha, fa Jehofa a ne a re “yono ke Morwaake,” tota o ne a raya gore, ‘ke motlotlo go bo ke le Rraago.’ Rre yo o kelotlhoko o lemoga gore bana ba gagwe ba tlhoka go akgolwa le go tsewa tsia. Bana ba tlhoka go tlhomamisediwa gore mongwe le mongwe wa bone o botlhokwa mo lelapeng. Akanya fela gore Jesu o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa jang—tota le fa a ne a setse a godile—fa Rraagwe a ne a mo akgola!

Sa bobedi, fa Jehofa a bitsa Morwawe “moratwa” o ne a tlhalosa phatlalatsa tsela e a ratang Jesu ka yone. Tota re ka re Rraagwe o ne a mo raya a re, ‘ke a go rata.’ Rre yo o molemo o bolelela bana ba gagwe gore o ba rata thata. Mafoko ao—mmogo le go ba rata ka tsela e e tshwanetseng—a dira gore bana ba gole sentle. Ruri Jesu o tshwanetse a bo a ne a amega maikutlo tota fa a utlwa Rraagwe a tlhalosa tsela e a mo ratang ka yone!

Sa boraro, fa Jehofa a ne a re ‘ke mo amogetse,’ o ne a raya gore o amogetse Morwawe. E ne e kete Jehofa o ne a re, ‘Morwaake, ke itumelela thata se o se dirileng.’ Rre yo o lorato o batla ditsela tsa go itsise bana ba gagwe gore o itumelela dilo tse di molemo tse ba di buang kgotsa tse ba di dirang. Bana ba a kgothala fa batsadi ba ba bolelela gore ba a ba amogela. Eleruri Jesu o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa a kgothetse tota fa a utlwa gore Rraagwe o mo amogetse!

Ruri Jehofa ke Rre yo o sa tshwaneng le ope. A le wena o eletsa go nna le rre yo o ntseng jalo? Fa go le jalo, o tla itumedisiwa ke go itse gore o ka kgona go nna le kamano le Jehofa. Fa ka tumelo o ithuta ka ene mme o leka ka bojotlhe go dira thato ya gagwe, o tla atamalana le wena. Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Tota ga go sepe se se ka dirang gore o ikutlwe o sireletsegile go feta go nna le kamano e e gaufi le Jehofa Modimo, yo e leng Rre yo o molemolemo go feta ope fela yo re ka akanyang ka ene!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Go ya ka pego e e tshwanang le eno e e mo Efangeleng ya Luke, Jehofa o dirisa leemedi “o,” mme a re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.”—Luke 3:22.