Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri

O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Femela Kobamelo ya Boammaaruri

ELIJA o ne a leba boidiidi jwa batho fa ba ntse ba tlhatloga Thaba ya Karemele. Tota le ka makuku go ne go le motlhofo go bona lehuma le le neng le aparetse batho bano. Dingwaga di le tharo le halofo tsa komelelo di ne di ba sotlile thata.

Mo gare ga batho bano ba ba neng ba tlhatloga thaba, go ne go na le baporofeti ba ga Baale ba le 450 ba ba neng ba tletse boikgogomoso e bile ba tlhoile Elija moporofeti wa ga Jehofa fela thata. Kgosigadi Jesebele o ne a bolaile batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi, mme Elija o ne a sa ntse a eme a nitame kgatlhanong le kobamelo ya ga Baale. Mme o ne a tla ema a nitame ka lobaka lo lo kana kang? Gongwe baperesiti bano ba ne ba akanya gore monna yono a le esi o ne a se kitla a ema a nitame kgatlhanong le bone botlhe. (1 Dikgosi 18:3, 19, 20) Kgosi Ahabe le ene o ne a tlile, a palame kara ya gagwe ya segosi. Le ene o ne a sa rate Elija gotlhelele.

Moporofeti yono yo e neng e le ene a le esi yo o emang kobamelo ya boammaaruri nokeng, o ne a tloga a bona ditiragalo tse di tlhomologileng. Fa Elija a ntse a lebile, go ne go ntse go baakanngwa lefelo le mo go lone go neng go tloga go direga tiragalo nngwe e e gakgamatsang e e supang pharologano e e leng teng fa gare ga molemo le bosula e lefatshe le neng le ise le ko le e bone. O ne a ikutlwa jang fa letsatsi leo le tlhaba? Fela jaaka le ene e le “motho yo o nang le maikutlo a a tshwanang le a rona” o ne a boifa. (Jakobe 5:17) Re ka tlhomamisega ka selo se le sengwe: E re ka Elija a ne a dikologilwe ke batho ba ba se nang tumelo, kgosi ya bone ya motlhanogi le baperesiti bao ba babolai, o ne a ikutlwa gore o esi fela.—1 Dikgosi 18:22.

Le fa go ntse jalo, ke eng se se neng se tsentse Iseraele mo mathateng ano? Mme o ka ithuta eng mo pegong eno gompieno? Baebele e re kgothaletsa go ela tlhoko thata sekao sa batlhanka ba ba ineetseng ba Modimo le go ‘etsa tumelo ya bone.’ (Bahebera 13:7) Jaanong a re sekaseke sekai sa ga Elija.

Bothata Jo bo Sa Bolong go Nna Teng bo Tloga bo Rarabololwa

Mo e batlang e le dingwaga tsotlhe tsa botshelo jwa ga Elija, o ne a lebile a sa kgone go dira sepe fa kobamelo ya ga Jehofa, e e neng e le karolo ya konokono ya naga ya gaabo le ya batho ba gaabo e ne e tlhokomologiwa le go gatakiwa. Aitsane, Baiseraele ba ne ba na le lobaka lo loleele ba le mo bothateng jwa go tlhopha fa gare ga kobamelo e e itshekileng le ya maaka, le fa gare ga kobamelo ya ga Jehofa Modimo le kobamelo ya medingwana ya ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Bothata joo bo ne jwa gakala thata mo motlheng wa ga Elija.

Kgosi Ahabe o ne a nyetse Jesebele, morwadie kgosi ya kwa Sidona. Jesebele o ne a ikemiseditse go anamisa kobamelo ya ga Baale mo nageng ya Iseraele le go fedisa kobamelo ya ga Jehofa. Ka bonako fela Ahabe o ne a ineela go tlhotlhelediwa ke ene. O ne a agela Baale tempele le sebeso a bo a etelela pele mo go obameleng modimo ono wa boheitane. Mme seno se ne sa kgopisa Jehofa fela thata.—1 Dikgosi 16:30-33. *

Ke eng se se neng sa dira gore kobamelo ya ga Baale e nne makgapha? E ne e hepisa Iseraele, e raela batho ba le bantsi gore ba se ka ba obamela Modimo wa boammaaruri. Gape e ne e le bodumedi jo bo makgapha le jo bo setlhogo. Bo ne bo akaretsa boaka jwa banna le basadi mo tempeleng, ditiro tsa tlhakanelodikobo le go ntsha bana ditlhabelo. Jehofa o ne a tsibogela seo ka go romela Elija kwa go Ahabe go mo itsise ka leuba le le neng le tla tswelela go fitlha moporofeti wa Modimo a bolela gore le fedile. (1 Dikgosi 17:1) Go ne ga feta dingwaga di le mmalwa pele Elija a tla go bona Ahabe gape le go mmolelela gore a phuthele batho le baporofeti ba ga Baale kwa Thabeng ya Karemele.

Le fa go ntse jalo, bothata jono bo re ama jang gompieno? Batho bangwe ba ka akanya gore kgang e e amanang le kobamelo ya ga Baale ga e na mosola gompieno, e re ka rona re sa dikologiwa ke ditempele tsa ga Baale le dibeso. Mme pego eno ga se hisitori ya bogologolo fela. (Baroma 15:4) Lefoko “Baale” le kaya “mong.” Jehofa o ne a raya batho ba gagwe a re ba tshwanetse go tlhopha ene gore e nne “baale” wa bone kgotsa monna yo e leng mong wa bone. (Isaia 54:5) A ga o dumele gore batho ba sa ntse ba direla beng ba ba farologaneng go na le gore ba direle Modimo Mothatayotlhe? Eleruri, fa batho ba dirisa botshelo jwa bone go batla madi, go bereka, go itlosa bodutu, go tlhakanela dikobo, kgotsa go obamela medimo e mentsi e e obamelwang go na le go direla Jehofa, ba itlhophela mong wa bone. (Mathaio 6:24; Baroma 6:16) Ka jalo ka tsela nngwe, dilo dingwe tse di neng di tlhotlheletsa batho thata mo kobamelong ya ga Baale di sa ntse di tsweletse le gompieno. Kganetsano eo ya bogologolo fa gare ga ga Jehofa le Baale e ka re thusa go dira tshwetso e e botlhale ya gore re tla direla mang.

‘Ba Okaoka’—Jang?

Fa o le mo setlhoeng se se tsubutlang diphefo sa Thaba ya Karemele o kgona go bona Iseraele yotlhe sentle—go tswa mo mokgatšheng o o phothoselang wa Kishone o o kwa tlase go ya kwa Lewatleng le Legolo (Lewatle la Mediterranean) le le gaufi, le go ya kwa dithabeng tsa Lebanona kwa ntlheng e e kgakala ya bokone. * Mme mo letsatsing leo la botlhokwa fa letsatsi le tlhaba, naga eo e ne e le mo seemong se se maswe. Naga e pele e neng e nonne e Jehofa a neng a e neile Baiseraele jaanong e ne e sa tlhole e ungwa. Jaanong naga eo e ne e fisitswe ke letsatsi, e senyegile ka ntlha ya boeleele jwa batho bano ba Modimo! Fa batho bao ba ntse ba phuthega mmogo, Elija o ne a ba atamela a bo a re: “Lo tla okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng ka lobaka lo lo kae? Fa Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, mo saleng morago; mme fa Baale e le ene, mo saleng morago.”—1 Dikgosi 18:21.

Elija o ne a bolela eng fa a re go “okaoka fa gare ga maikutlo a mabedi a a sa tshwaneng”? Batho bao ba ne ba sa lemoge gore ba ne ba tshwanetse go tlhopha fa gare ga kobamelo ya ga Jehofa le kobamelo ya ga Baale. Ba ne ba tsaya gore ba ne ba ka obamela Jehofa le Baale—gore ba ne ba ka kokobetsa Baale ka dingwao tsa bone tse di makgapha mme ba ntse ba kopa Jehofa Modimo melemo mengwe. Gongwe ba ne ba akanya gore Baale o ne a tla segofatsa dijalo tsa bone le metlhape ya bone, fa “Jehofa wa masomosomo” ene a tla ba sireletsa mo ntweng. (1 Samuele 17:45) Ba ne ba lebetse boammaaruri jono jwa botlhokwa—jo batho ba le bantsi ba sa ntseng ba sa bo lemoge le gompieno—jwa gore Jehofa ga a batle go obamelwa le medimo e mengwe. O batla gore re obamele ene fela e bile o tshwanelwa ke kobamelo eo. Ga se fela gore ga a amogele go obamelwa le medimo e mengwe, go a mo kgopisa!—Ekesodo 20:5.

Ka jalo Baiseraele bao ba ne ba “okaoka” jaaka motho yo o batlang go latela ditsela tse pedi ka nako e le nngwe. Batho ba le bantsi ba dira phoso e e tshwanang le gompieno, ba letla ‘bobaale’ ba bangwe go nna karolo ya botshelo jwa bone, mme ba kgaphela kobamelo ya Modimo kwa thoko! Tsela e Elija a ikuelang ka tlhoafalo ka yone gore re se ka ra okaoka e ka re thusa go sekaseka gape dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa rona le kafa re obamelang Modimo ka gone.

Teko e e Botlhokwa Thata

Elija o akantsha gore go dirwe teko nngwe. Teko eo e ne e le motlhofo thata. Baperesiti ba ga Baale ba ne ba tshwanetse go tlhoma sebeso le go baya setlhabelo mo go sone; morago ga moo ba ne ba tshwanetse go rapela modimo wa bone go tshuba molelo. Elija le ene o ne a tla dira se se tshwanang. O ne a re: “Modimo wa boammaaruri yo o arabang ka molelo ke ene Modimo wa boammaaruri.” Elija o ne a itse sentle gore Modimo wa boammaaruri e ne e le mang. Tumelo ya gagwe e ne e nonofile tota mo e leng gore ga a ka a okaoka go letla baporofeti ba ga Baale gore e nne bone ba simololang. O ne a naya baganetsi ba gagwe sebaka sengwe le sengwe, a ba letla go tlhopha poo ya bone ya setlhabelo le go rapela Baale pele. *1 Dikgosi 18:24, 25.

Ga re tshele mo metlheng ya dikgakgamatso. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ise a fetoge. Re ka nna ra bo re mo tshepa fela jaaka Elija a ne a mo tshepa. Ka sekai, fa batho ba bangwe ba sa dumalane le se Baebele e se rutang, ga re a tshwanela go boifa go ba letla go tlhalosa se ba se dumelang. Fela jaaka Elija, re ka ikanya Modimo wa boammaaruri go rarabolola bothata. Ga re dire seo ka go ikaega ka botlhale jwa rona, go na le moo re ikaega ka Lefoko la gagwe le le tlhotlheleditsweng, le le diretsweng ‘go tlhamalatsa dilo.’—2 Timotheo 3:16.

Baporofeti ba ga Baale ba ne ba baakanya mo ba tla dirang setlhabelo sa bone teng mme ba bitsa modimo wa bone. Ba ne ba nna ba goa ba re: “Baale, re arabe tlhe!” Go ne ga feta metsotso le diura tse dintsintsi ba ntse ba goa. Baebele ya re: “Mme go ne go se na lentswe lepe, e bile go se na ope yo o arabang.” Fa e nna thapama Elija o ne a simolola go ba sotla, a re Baale o tshwanetse a bo a tshwaregile thata go ba araba, le gore o ne a ithoma kwa ntlwaneng ya boithomelo kgotsa o ne a robetse mme mongwe o tshwanetse go mo tsosa. Elija o ne a raya baganetsi bano a re: “Bitsang ka lentswe le le kwa godimo thata.” Eleruri, o ne a bona kobamelo eno ya ga Baale e le tsietso, mme o ne a batla gore batho ba Modimo le bone ba lemoge seo.—1 Dikgosi 18:26, 27.

Baperesiti ba ga Baale ba ne ba gakala thata, ba “biletsa kwa godimo thata le go itshegaka go ya ka mokgwa wa bone ka dithipa tse di magale mabedi le ka marumo, go fitlha ba dira gore madi a elele mo go bone.” Mme seno ga se a ka sa thusa sepe! “Go ne go se na lentswe lepe, go se na ope yo o arabang, e bile go se na ope yo o reetsang.” (1 Dikgosi 18:28, 29) Eleruri, Baale o ne a seyo. Baale o ne a itlhametswe ke Satane go raela batho gore ba se ka ba obamela Jehofa. Fela jaaka le mo nakong e e fetileng, le gompieno go tlhopha mong ope fela ntle le Jehofa go a swabisa, tota e bile go tlhabisa ditlhong.—Pesalema 25:3; 115:4-8.

Karabo

Ka lotlatlana e ne ya nna nako ya gore Elija e nne ene a dirang setlhabelo. O ne a baakanya sebeso sa ga Jehofa se se neng se rutlolotswe, se go neng go se pelaelo gore se ne se sentswe ke baba ba kobamelo e e itshekileng. O ne a dirisa matlapa a le 12, gongwe a gakolola ba le bantsi mo setšhabeng sa ditso di le 10 tsa Iseraele gore ba ne ba sa ntse ba le kafa tlase ga Molao o o neng o neilwe ditso tsotlhe di le 12. Morago ga moo o ne a baya setlhabelo sa gagwe mo sebesong mme a tshela sengwe le sengwe ka metsi a gongwe a tserweng mo Lewatleng la Mediterranean le le neng le le gaufi. O ne a ba a dira gore go epiwe mesele go dikologa sebeso, le yone ya tladiwa ka metsi. O ne a bontsha kafa a ikanyang Modimo wa gagwe thata ka gone ka go naya baporofeti ba ga Baale tshono e ntsi mme a se ka a naya Jehofa tshono e e kalo.—1 Dikgosi 18:30-35.

Fa sengwe le sengwe se siame, Elija o ne a rapela. Thapelo eo e ne e sa raraana, mme e ne e bontsha sentle gore ke dilo dife tse di neng di le botlhokwa thata mo go Elija. Sa ntlha e bile e le sa botlhokwa le go feta, o ne a batla gore go itsege gore Baale yono e ne e se “Modimo mo Iseraele” mme Jehofa e ne e le ene Modimo wa bone. Sa bobedi, o ne a batla gore mongwe le mongwe a itse gore ene e ne e le motlhanka fela wa ga Jehofa; kgalalelo yotlhe le tlotlo di tshwanetse go ya go Modimo. Sa bofelo, o ne a bontsha gore o sa ntse a kgathalela batho ba gaabo, ka go bo o ne a tlhoafaletse go bona Jehofa a busa ‘pelo ya bone.’ (1 Dikgosi 18:36, 37) Elija o ne a sa ntse a ba rata le fa go sa ikanyege ga bone go ne go bakile mathata. Fa re rapela Modimo, a re ka bontsha gore le rona re amegile ka leina la gagwe, mme re nne boikokobetso le go utlwela botlhoko batho ba bangwe ba ba tlhokang thuso?

Pele ga Elija a rapela, boidiidi jo bo neng bo le foo bo tshwanetse jwa bo bo ne bo ipotsa gore a Jehofa o ne a tla ba swabisa jaaka Baale a dirile. Le fa go ntse jalo, morago ga thapelo, ba ne ba sa tlhole ba ipotsa dipotso. Pego ya re: “Foo molelo wa ga Jehofa wa tla o wa mme wa ja tshupelo e e fisiwang le dikgong le maje le lorole, le metsi a a neng a le mo moseleng wa a laila.” (1 Dikgosi 18:38) A bo e le karabo e e kgatlhang jang ne! Mme batho ba ne ba tsibogela seo jang?

Botlhe ba ne ba re: “Jehofa ke Modimo wa boammaaruri! Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!” (1 Dikgosi 18:39) Kwa bofelong ba ne ba bona boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ise ba bontshe tumelo epe. Go bua boammaaruri, go dumela gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri fa ba sena go bona molelo o wa kwa legodimong morago ga thapelo go ne go sa bontshe gore tota ba na le tumelo. Ka jalo Elija o ne a kopa gore ba bontshe tumelo ya bone ka tsela e nngwe. O ne a ba kopa gore ba dire sengwe se ba neng ba tshwanetse go bo ba se dirile dingwaga di le dintsi pelenyana ga foo—go ikobela Molao wa ga Jehofa. Molao wa Modimo o ne o re baporofeti ba maaka le baobamedi ba medingwana ba tshwanetse go bolawa. (Duteronome 13:5-9) Baperesiti bano ba ga Baale e ne e le baba ba ga Jehofa Modimo ba ba neng ba dira kgatlhanong le maikaelelo a gagwe ka boomo. A ba ne ba tshwanetse go utlwelwa botlhoko? E re ka baperesiti bano ba ne ba sa utlwele botlhoko bana ba ba se nang molato ba ba neng ba fisiwa ba tshela go nna ditlhabelo tsa ga Baale, le bone ba ne ba sa tshwanelwe ke go utlwelwa botlhoko. (Diane 21:13; Jeremia 19:5) Ka jalo, Elija o ne a laela gore ba bolawe, mme ba ne ba bolawa.—1 Dikgosi 18:40.

Batshwayadiphoso bangwe ba gompieno ba kgala tsela e teko eno ya kwa Thabeng ya Karemele e feletseng ka yone. Bangwe ba ka nna ba tshwenyega gore batho ba ba tlhagafaletseng bodumedi ba e dirisa go buelela ditiro tse di setlhogo tse di bakwang ke letlhoo la bodumedi. Mme ka maswabi, gompieno go na le batho ba le bantsi ba ba ipolelang gore ba rata bodumedi mme ba le setlhogo. Le fa go ntse jalo, Elija o ne a sa nna jalo. O ne a dira mo boemong jwa ga Jehofa ka go bolaya baobamedi bao e le go diragatsa tshiamo. Gape, Bakeresete ba mmatota ba a itse gore ba ka se ka ba bolaya baikepi fela jaaka Elija a ne a dira. Molao o barutwa botlhe ba ga Jesu ba neng ba tshwanetse go o ikobela fa Mesia a sena go tla, o fitlhelwa mo mafokong a Keresete a neng a a bolelela Petere: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Mo isagweng, Jehofa o tla dirisa Morwawe go diragatsa tshiamiso ya Gagwe.

Mokeresete wa boammaaruri o na le boikarabelo jwa go tshela botshelo jo bo bontshang gore o na le tumelo. (Johane 3:16) Tsela nngwe ya go dira jalo ke go etsa banna ba ba ikanyegang ba ba tshwanang le Elija. O ne a obamela Jehofa ka botlalo mme o ne a kgothaletsa le ba bangwe go dira se se tshwanang. O ne a senola ka bopelokgale bodumedi jo bo tsietsang jo Satane a bo dirisang go raela batho gore ba se ka ba obamela Jehofa. Mme o ne a ikanya Jehofa go rarabolola mathata go na le gore a ikaege ka bokgoni jwa gagwe le go itirela dilo jaaka a rata. Eleruri, Elija o ne a femela kobamelo e e itshekileng. E kete mongwe le mongwe wa rona a ka etsa tumelo ya gagwe!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya gore Elija o ne a dirisana jang le Ahabe pele, bona setlhogo se se reng “A o Na le Tumelo e e Tshwanang Le ya Ga Elija?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 1, 1992.

^ ser. 13 Gantsi Karemele e nna e na le dimela tse ditala, gangwe le gape fa diphefo tse di bongola tse di tswang mo lewatleng di ntse di tlhatloga mo mekgokoloseng ya yone, di nesa dipula le monyo o montsi. E re ka go ne go tsewa gore Baale ke ene a nesang pula, go bonala thaba eno e ne e le lefelo le le botlhokwa la go mo obamela. Ka jalo Karemele e e omeletseng e ne e le lefelo le le siameng go senola gore kobamelo ya ga Baale ke tsietso fela.

^ ser. 17 Elija o ne a ba raya a re: ‘Lo se ka lwa fisa setlhabelo ka molelo.’ Bakanoki bangwe ba re baobamedi bao ba medingwana ka dinako tse dingwe ba ne ba dirisa dibeso tse kafa tlase di nang le phatlha e tshesane e e sa bonaleng, gore go bonale e kete molelo o tshubilwe ke maatla mangwe a a sa tlwaelegang.

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Go tlhopha mong ope fela ntle le Jehofa go a swabisa

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

“Jehofa ke Modimo wa boammaaruri!”