Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Bogosi Jwa Modimo bo mo Pelong ya Gago?

A Bogosi Jwa Modimo bo mo Pelong ya Gago?

Babadi ba a Botsa

A Bogosi Jwa Modimo bo mo Pelong ya Gago?

Batho ba le bantsi gompieno ba akanya gore karabo ya potso e e fa godimo ke ee. Ka sekai, The Catholic Encyclopedia ya re: “Bogosi jwa Modimo bo raya gore Modimo o busa mo dipelong tsa rona.” Baruti ba tlwaetse go ruta thuto eno. A tota Baebele e ruta gore Bogosi jwa Modimo bo mo dipelong tsa batho?

Bangwe ba akanya gore Jesu ke ene a simolotseng kgopolo eno ya gore Bogosi jwa Modimo bo mo dipelong tsa batho. Gone Jesu o ne a re: “Bonang! Bogosi jwa Modimo bo mo gare ga lona.” (Luke 17:21) Dithanolo dingwe di re: “Bogosi jwa Modimo bo mo go lona” kgotsa bo mo “teng ga lona.” A mafoko ao a ga Jesu a ranotswe ka tsela e e tshwanetseng? A tota o ne a raya gore Bogosi jwa Modimo bo mo teng ga dipelo tsa batho?

Sa ntlha, sekaseka se pelo e leng sone. Fa go buiwa ka pelo mo Baebeleng, pelo ya tshwantshetso e kaya motho wa kafa gare, se motho a se akanyang, mekgwa le maikutlo a gagwe. Kgopolo ya gore sengwe se segolo jaaka Bogosi jwa Modimo se mo teng ga pelo ya motho—ka sekai, gore bo ka fetola batho le go ba godisa—e ka utlwala e itumedisa, mme a thuto eno e a utlwala?

Baebele ya re: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Jesu ka boene o ne a re: “Mo teng, mo pelong ya batho, go tswa dikakanyo tse di utlwisang botlhoko: dikgokafalo, bogodu, dipolao, maakafalo, dikeletso tsa bopelotshetlha, ditiro tse di boikepo.” (Mareko 7:20-22) Akanya fela: A bontsi jwa mathata a re a bonang mo lefatsheng gompieno ga a simologe mo dipelong tse di nang le boleo tsa batho? Ka jalo Bogosi jwa Modimo jo bo itekanetseng bo ka nna jang mo pelong e e ntseng jalo? Tota e bile, pelo e ka se tlhagise Bogosi jwa Modimo fela jaaka sitlwasitlwane e ka se ka ya tlhagisa difeige.—Mathaio 7:16.

Sa bobedi, akanya ka bareetsi ba Jesu a neng a bua le bone fa a bua mafoko a a mo go Luke 17:21. Temana e e tlang pele ga eno ya re: “Ya re a bodiwa ke Bafarasai gore bogosi jwa Modimo bo ne bo tla leng, a ba araba.” (Luke 17:20) Bafarasai e ne e le baba ba ga Jesu. Jesu o ne a bolela ka tlhamalalo gore baitimokanyi bao ga ba kitla ba tsena mo Bogosing jwa Modimo. (Mathaio 23:13) Jaanong fa Bafarasai ba ne ba sa tle go tsena mo Bogosing jwa Modimo, a Bogosi bo ne bo ka nna mo dipelong tsa bone? Ga go kgonege! Jaanong, Jesu o ne a rayang?

Bontsi jwa dithanolo tse di ranotsweng sentle tsa Baebele di dirisa mafoko a a tshwanang le a a mo kgatisong ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha fa di ranola mafoko ano a ga Jesu. Dithanolo tse dingwe tsa re Bogosi bo “mo gare ga lona.” Mo motlheng oo, Bogosi jwa Modimo bo ne bo le mo gare ga batho bao jang, go akaretsa le mo Bafarasaing? Jesu e ne e le ene yo Jehofa Modimo a mo tlhomileng go nna Kgosi ya Bogosi. E re ka Jesu e ne e le Kgosi e e Tlhomilweng, o ne a le mo gare ga batho bao. O ne a ruta ka Bogosi jwa Modimo a bo a dira dikgakgamatso, a ba bontsha go se kae se Bogosi joo bo neng bo tla se dira. Ka gone, Bogosi bo ne bo le mo gare ga bone ka tsela ya mmatota.

Eleruri, Dikwalo ga di tshegetse ka gope kgopolo ya gore Bogosi jwa Modimo bo mo dipelong tsa batho. Go na le moo, ke puso ya mmatota, e e tla lereng diphetogo tse dikgolo mo lefatsheng, fela jaaka baporofeti ba boleletse pele.—Isaia 9:6, 7; Daniele 2:44.