Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Isagwe e re Tsholetse Eng?

Isagwe e re Tsholetse Eng?

Isagwe e re Tsholetse Eng?

KE KA NTLHA YANG FA KARABO YA POTSO ENO E LE BOTLHOKWA? Dilo tse motho a di lebeletseng mo isagweng di ama tsela e a itshwarang ka yone gone jaanong. Ka sekai, batho ba ba se nang tsholofelo e e kalo ka isagwe ba ka nna le boikutlo jono: “A re jeng re nweng, gonne ka moso re tlile go swa.” (1 Bakorintha 15:32) Gantsi boikutlo jono bo dira gore motho a je bobe, a nwe bobe a bo a tlhobaele—e seng gore a nne le kagiso ya mmatota ya mogopolo.

Gone ke boammaaruri gore fa isagwe e ne e ikaegile ka se batho ba se fitlhelelang, re ne re se kitla re nna le tsholofelo. Moya, metsi le lefatshe di kgotlelwa ka selekanyo se segolo. Matshosetsi a ntwa ya nuklea le ditlhaselo tsa dirukhutlhi di a oketsega. Mo lefatsheng lotlhe dibilione tsa batho di amiwa ke bolwetse le khumanego. Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a utlwalang a gore re nne le tsholofelo.

Le fa batho ba sa kgone go bolelela pele se tota se tla diragalang mo isagweng, Jehofa Modimo o itlhalosa e le “Ene Yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.” (Isaia 46:10) Jehofa a reng ka se se tla diregang mo isagweng?

Se Baebele e se Buang

Jehofa a ka se letle lefatshe le senngwa mo le se kitlang le kgona go baakanngwa. Tota e bile, Baebele e solofetsa gore Modimo o tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Jehofa o tla dirisa Bogosi kgotsa puso ya gagwe ya kwa legodimong go tlosa boikepo mo lefatsheng le go lere maemo a a neng a a ikaeletse pele. (Genesise 1:26-31; 2:8, 9; Mathaio 6:9, 10) Ditemana tse di latelang tsa Baebele di re itsise se se tla diregang mo isagweng, di tlhalosa ditiragalo tse di tla tlogang di ama mongwe le mongwe mo lefatsheng.

Pesalema 46:8, 9. “Tlang, lona batho, lo bone ditiro tsa ga Jehofa, kafa a beileng ditiragalo tse di akabatsang ka teng mo lefatsheng. O dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe. O roba bora gape o robaganya lerumo; o fisa dikoloi mo molelong.”

Isaia 35:5, 6. “Ka nako eo matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo. Gonne metsi a tla bo a pomponyegile mo nageng, le melatswana e e phothoselang mo lebaleng le le sekaka.”

Isaia 65:21, 22. “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.”

Daniele 2:44. “Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”

Johane 5:28, 29. “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa.”

Tshenolo 21:3, 4. “Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

Kafa Karabo ya Baebele e Lereng Kagiso ya Mmatota ya Mogopolo ka Gone

Sa ntlha, go ka nna thata go dumela gore maemo a a tlhalositsweng fa godimo a tla nna teng. Mme Modimo ke ene a solofetsang dilo tseno, e seng batho. Mme Jehofa Modimo ‘a ka se ka a aka.’—Tito 1:2.

Fa o ithuta go ikanya ditsholofetso tsa Modimo le go tshela ka melao ya gagwe, o tla nna le kagiso ya mogopolo le fa o lebane le maemo a a boima thata. Dintwa, khumanego, bolwetse, tota le mathata a botsofe kgotsa go lebana le loso—ga go na sepe sa dilo tseno se se tla go tseelang kagiso ya mogopolo. Ka ntlha yang? Ka gonne o tla bo o tlhatswegile pelo gore Bogosi jwa Modimo bo tla siamisa diphelelo tsa maemo ano a a botlhoko.

O ka dira eng gore o nne le tsholofelo e e ntseng jalo ka isagwe? O tshwanetse go ‘fetola mogopolo wa gago’ le go iponela “se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” (Baroma 12:2) Gongwe o tla tlhoka bosupi jo bo oketsegileng jwa gore ditsholofetso tsa Baebele di a ikanyega. Go botlhokwa go batla bosupi joo. Dilo di le mmalwa tse o di dirang mo botshelong di tla go leretse kagiso e kgolo ya mogopolo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Lefoko la Modimo la reng ka isagwe?

Isaia 35:5

Isaia 35:6

Johane 5:28, 29