Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modisa yo o Amegang ka Wena

Modisa yo o Amegang ka Wena

Atamalana le Modimo

Modisa yo o Amegang ka Wena

Mathaio 18:12-14

‘A TOTA Modimo o amega ka nna?’ Fa e le gore o kile wa ipotsa potso eo, ga se wena fela. Bontsi jwa rona re kile ra lebana le mathata, mme ka dinako tse dingwe, re ka nna ra belaela gore a tota Mmopi wa lobopo lono lo logolo o a amega ka rona. Re tlhoka go itse gore, A tota Jehofa Modimo o amega ka mongwe le mongwe wa rona? Fa Jesu yo o itseng Jehofa sentle a ne a sa ntse a le mo lefatsheng, o ne a dira setshwantsho se se re nayang karabo e e kgotsofatsang ya potso eo.

Fa Jesu a ne a bapisa tsela e Jehofa a amegang ka yone ka rona le e modisa a kgathalelang dinku tsa gagwe ka yone o ne a re: “Fa motho mongwe a ka nna le dinku di le lekgolo mme e le nngwe ya tsone e timela, a ga a na go tlogela tse di masome a robongwe le borobongwe mo dithabeng a ba a bolola a ya go batla e e timetseng? Mme fa go diragala gore a e bone, eleruri ke a lo bolelela, o ipelela yone thata go na le tse di masome a robongwe le borobongwe tse di sa timelang. Ka tsela e e tshwanang ga se selo se se eletsegang mo go Rre yo o kwa legodimong gore mongwe wa ba bannye bano a nyelele.” (Mathaio 18:12-14) Mma re boneng kafa Jesu a tlhalosang tsela e Jehofa a amegang ka bonolo ka yone ka mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe.

Modisa o ne a ikutlwa a na le boikarabelo jo bogolo jwa go tlhokomela nku nngwe le nngwe ya gagwe. Fa nku nngwe e ne e ka timela, o ne a tla itse gore ke efe e e timetseng. O ne a itse nku nngwe le nngwe ka leina le a e neileng lone. (Johane 10:3) Modisa yono yo o amegang ka dinku tsa gagwe o ne a se kitla a emisa go batla nku e e timetseng go fitlha a e bona. Fa a ya go batla nku e e timetseng, o ne a tla bo a sa tsenye tse dingwe tse di setseng tse 99 mo kotsing. Gantsi badisa ba ne ba disa ba le mmogo, ba tlogela matsomane a bone gore a fule mmogo. * Ka jalo, fa modisa yono a ya go batla nku e e timetseng, o ne a ka tlogela dinku tse dingwe di tlhokometswe ke badisa ba bangwe ka nakwana. Fa modisa a sena go bona nku e e timetseng, mme a e fitlhela e sa gobala, o ne a nna le lebaka la go itumela. O ne a rwala nku eno e e tshogileng mo magetleng a gagwe, a bo a e busetsa kwa letsomaneng le le bolokesegileng.—Luke 15:5, 6.

Fa Jesu a tlhalosa setshwantsho seno o ne a re Modimo ga a batle “mongwe wa ba bannye bano a nyelele.” Pelenyana ga foo, Jesu o ne a tlhagisa barutwa ba gagwe gore ba se ka ba kgopisa “mongwe wa ba bannye bano ba ba dumelang mo go [ene].” (Mathaio 18:6) Ka jalo, setshwantsho seno sa ga Jesu se re ruta eng ka Jehofa? Ke Modisa yo o amegang thata ka nku nngwe le nngwe ya gagwe, go akaretsa le “ba bannye”—ba lefatshe le ka tswang le ba tsaya ba se botlhokwa. Ke boammaaruri gore moobamedi mongwe le mongwe wa ga Jehofa ga a tshwane le ba bangwe e bile o botlhokwa mo matlhong a Modimo.

Fa e le gore o batla go tlhomamisediwa gore o botlhokwa thata mo Modimong, goreng o sa ithute ka mo go oketsegileng ka Modisa yono yo Mogolo e leng Jehofa Modimo, le kafa o ka atamalanang le ene ka gone? Fa o ka dira jalo, kgabagare o tla tshepa Modimo fela jaaka moaposetoloi Petere yo go lebegang a ne a ikutlwela ka boene setshwantsho seno sa ga Jesu sa nku e e timetseng. Moragonyana Petere o ne a kwala jaana: ‘Latlhela tlhobaelo yotlhe ya gago mo Modimong, ka gonne o a go kgathalela.’—1 Petere 5:7.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go ne go se thata go kgaoganya matsomane a a fulang mmogo e re ka nku nngwe le nngwe e ne e itse lentswe la modisa wa yone le le sa tshwaneng le a mangwe.—Johane 10:4.