Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Lewatle le le thetsweng le le neng le le mo tempeleng ya ga Solomone le ne le le bogolo jo bo kana kang?

Pego e e mo go 1 Dikgosi 7:26 e umaka gore lewatle leo le ne le tshola “dilekanyo tsa bata di le dikete tse pedi” tsa metsi a a neng a dirisiwa ke baperesiti mme pego e e tshwanang le eno e e mo go 2 Ditiragalo 4:5 ya re lewatle leo le ne le tshola “dilekanyo tsa bata di le dikete tse tharo.” Seno se ile sa dira gore batho bangwe ba bolele gore pharologanyo eno e bakilwe ke phoso e e dirilweng ke mokwadi wa buka ya Ditiragalo.

Le fa go ntse jalo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e re thusa go bona kafa ditemana tseno tse pedi di dumalanang ka gone. Dikgosi wa Ntlha 7:26 e balega jaana: “Le ne le ka tshola dilekanyo tsa bata di le dikete tse pedi.” Ela tlhoko gore 2 Ditiragalo 4:5 ya re: “Jaaka seelo, le ne le ka tshola dilekanyo tsa bata di le dikete tse tharo.” Ka jalo, 2 Ditiragalo 4:5 e tlhalosa selekanyo se lewatle leo le neng le ka se tshola, fa 1 Dikgosi 7:26 yone e tlhalosa selekanyo sa metsi a a neng a tshelwa ka metlha mo lewatleng leo. Ka mafoko a mangwe, le ne le sa tladiwe go ya ka selekanyo se le neng le ka se tshola e leng dilekanyo tsa bata di le dikete di le tharo. Go bonala ba ne ba tlwaetse go tshela fela dilekanyo tsa bata tsa metsi di le dikete di le pedi mo go lone.

Ke ka ntlha yang fa Jesu le Petere ba ne ba duela lekgetho la tempele ka ledi le le lengwe fela?

Mo motlheng wa ga Jesu, monna mongwe le mongwe wa Mojuda yo o nang le dingwaga di feta 20 o ne a tshwanetse gore ngwaga le ngwaga a duele lekgetho la tempele la diderakema tse pedi kgotsa ledi la didrachma. Madi ano a ne a lekana le tuelo ya malatsi a ka nna mabedi. Fa mongwe a ne a botsa malebana le go duela lekgetho leo, Jesu o ne a raya Petere a re: “Ya kwa lewatleng, o latlhele sekgoge sa ditlhapi, o bo o tseye tlhapi ya ntlha e e tswang mme, fa o bula molomo wa yone, o tla fitlhela ledi la tshipi la selefera. Le tseye mme o le ba neye e le la me le wena.”—Mathaio 17:24-27.

Bakanoki ba le bantsi ba dumela gore ledi la tshipi le le umakiwang fano, tota e ne e le tetradrachma. Ledi leno le ne le lekana le diderakema di le nnè, kgotsa le ne le ka duelela batho ba babedi lekgetho la tempele. Tetradrachma e ne e tlwaelegile thata e bile e bonwa motlhofo go na le didrachma. Ka jalo The New Bible Dictionary ya re: “Go bonala nako le nako Bajuda ba le babedi ba ne ba kopanela ledi leno go duela lekgetho la Tempele.”

Mo godimo ga moo, motho mongwe le mongwe yo o neng a batla go duela lekgetho la motho a le mongwe o ne a tshwanetse go ntsha tuelo ya go ananya madi. Tuelo eno e ne e ka fitlha go diperesente di le robedi. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba duelela batho ba babedi ka nako e le nngwe ba ne ba sa ntshe tuelo eno. Ka jalo tota le mo dintlheng tseno tse di ka lebegang di se botlhokwa go le kalo, pego e e kwadilweng ke Mathaio e dumalana le tsela e go neng go dirwa dilo ka yone mo motlheng wa ga Jesu.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ledi le le okeditsweng la tetradrachma