Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ka Modimo wa Boammaaruri

Ka Modimo wa Boammaaruri

Se re Ithutang Sone mo go Jesu

Ka Modimo wa Boammaaruri

A Modimo o na le leina?

Jesu o ne a ruta gore Modimo o na le leina. O ne a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.’” (Mathaio 6:9) Baebele e re bolelela gore leina la Modimo ke Jehofa. (Pesalema 83:18) Fa Jesu a ne a bua ka balatedi ba gagwe a rapela Rraagwe, o ne a re: “Ke ba itsisitse leina la gago.”—Johane 17:26.

Jehofa ke mang?

Jesu o ne a re Jehofa ke “Modimo yo o esi wa boammaaruri” ka gonne e le ene Mmopi. (Johane 17:3) O ne a re: “A lo ne lwa se ka lwa bala gore yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi?” (Mathaio 19:4) Gape o ne a re: “Modimo ke Moya.” (Johane 4:24) Ka jalo, ga re kgone go bona Modimo.—Ekesodo 33:17-20.

Modimo o batla gore re direng?

Fa motho mongwe a ne a botsa Jesu gore ke taelo efe e e kgolo go di feta tsotlhe, Jesu o ne a mo raya a re: “Ya ntlha ke, ‘Utlwa, wena Iseraele, Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa yo o mongwe fela, mme o rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.’ Ya bobedi ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’”—Mareko 12:28-31.

Re ka bontsha jang gore re rata Modimo?

Jesu o ne a re: “Ke rata Rara.” O ne a bontsha jang lorato loo? O ne a re: “Fela jaaka Rara a nneile taelo go dira, ke dira jalo.” (Johane 14:31) Gape o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Johane 8:29) Re ka itumedisa Modimo ka go ithuta ka ene. Fa Jesu a ne a rapelela barutwa ba gagwe, o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri.”—Johane 17:3; 1 Timotheo 2:4.

Re ka ithuta jang ka Modimo?

Tsela nngwe ya go ithuta ka Modimo ke ka go ela tlhoko dilo tse a di bopileng. Ka sekai, Jesu o ne a re: “Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone?” Ke thuto efe e Jesu a neng a batla gore re ithute yone ka go ela tlhoko dinonyane? Ga re a tshwanela go dira gore dilo tse re tlhobaelang ka tsone mo botshelong di dire gore re tlogele go direla Modimo.—Mathaio 6:26-33.

Tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe e re ka itseng Jehofa ka yone ke ka go ithuta Lefoko la gagwe, Baebele. Jesu o ne a re Dikwalo ke “lefoko la Modimo.” (Luke 8:21) Jesu o ne a raya Modimo a re: “Lefoko la gago ke boammaaruri.”—Johane 17:17; Petere 1:20, 21.

Jesu o ne a thusa batho go ithuta boammaaruri ka Jehofa. Mongwe wa barutwa ba gagwe o ne a bua jaana ka ene: “A dipelo tsa rona di ne tsa se ka tsa tuka fa a ne a ntse a bua le rona mo tseleng, fa a ne a ntse a re bulela Dikwalo ka botlalo?” (Luke 24:32) Gore re ithute ka Modimo, re tshwanetse go nna boikokobetso le go iketleeletsa go ithuta. Jesu o ne a re: “Fa lo sa sokologe lo bo lo nna jaaka bana ba babotlana, ga lo na go tsena mo bogosing jwa magodimo ka gope.”—Mathaio 18:3.

Ke ka ntlha yang fa go itse Modimo go tlisa boitumelo?

Modimo o re thusa go tlhaloganya boikaelelo jwa botshelo. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Jehofa o re ruta tsela e e molemo go di feta tsotlhe ya botshelo. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—Luke 11:28; Isaia 11:9.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo ya 1 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 17 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

“Ke ba itsisitse leina la gago.” —Johane 17:26

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Re ka ithuta ka Jehofa go tswa mo dilong tse a di bopileng le mo Baebeleng