Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Aga Diholo Tsa Bogosi go Tlisetsa Jehofa Pako

Go Aga Diholo Tsa Bogosi go Tlisetsa Jehofa Pako

Go Aga Diholo Tsa Bogosi go Tlisetsa Jehofa Pako

“Ga ke dumele se ke se bonang. Ke ne ke sa akanye gore le ka motlha re tla nna le lefelo le lentle jaana le re kopanang mo go lone go baka Jehofa. Ga go sepe se se ka nkamogang boitumelo jono jo ke nang le jone!”—MARIA, MEXICO.

BASUPI BA GA JEHOFA ba rata go phuthega mmogo gore ba ithute Lefoko la Modimo, Baebele. (Pesalema 27:4; Bahebera 10:23-25) Mme ba itumelela thata go dira seo fa ba kgona go kopana mo mafelong a a tlotlegang a kobamelo. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng ba agile mafelo a masha a kobamelo a le diketekete—a a bidiwang Diholo Tsa Bogosi—mo dinageng di le dintsi lefatshe ka bophara.

Ke eng se se tlhotlheleditseng gore go agiwe dikago tseno? Ke bomang ba ba di agang? Mme tiro eno ya go aga e ama jang batho ba ba e dirang? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno, ela tlhoko se se ntseng se direga kwa Mexico le kwa Belize.

Go Tlhokega Diholo Tsa Bogosi Tse Disha di le Diketekete!

Mo nakong e e fetileng, Basupi ba ga Jehofa ba kwa Mexico ba ne ba kopana go obamela Jehofa mo lefelong le fa e ka nna lefe le ba neng ba kgona go le bona—e ka tswa e le kwa morago ga ntlo ya mongwe, mo magaeng a Basupi, mo mabolokelong, mo dikaratšheng kana mo mafelong a a hirilweng. Mo nakong eno yotlhe, Basupi bano ba ba ikanyegang ba ne ba ntse ba akanya gore go ne go tla nna molemo tota fa ba ne ba ka ikagela Diholo tsa bone tsa Bogosi.

Ka 1994 go ne go na le Basupi ba le 388 000 kwa Mexico. Patlisiso e e neng ya dirwa mo ngwageng oo e ne ya bontsha gore fa Basupi bao botlhe ba ne ba ka nna le mafelo a kobamelo, go ne go tla tlhokega gore go agiwe Diholo tse disha tsa Bogosi di le 3 300. A namane e tona ya tiro!

Mo nakong eo, diphuthego tsa mo lefelong leo di ne di setse di ikagela Diholo tsa Bogosi fa di kgona. Mme mo dingwageng di feta tlhano tse di latelang go ne ga bonala sentle gore re tla tshwanelwa ke go aga diholo tse di oketsegileng gore re fitlhelele diholo tse di neng di tlhokega—mme re di age ka bonako. Tiro eno e tona e dirwa jang?

Ditlhopha Tse di Etang Tsa Baithaopi ba ba Nang le Bokgoni

Ka 1999 go ne ga simololwa mokgwa o mosha wa go aga. Go ne ga dirwa Ditlhopha tsa go Aga Diholo Tsa Bogosi go ralala Mexico. Basupi ba ga Jehofa ba ba tswang mo nageng yotlhe—ba bontsi jwa bone ba neng ba itse go aga—ba ne ba ithaopa go nna le seabe mo thulaganyong eno e e kgatlhang. Gone jaanong go na le ditlhopha tseo di le 35 kwa Mexico, mme go simolotswe setlhopha se sengwe kwa Belize.

Gantsi ditlhopha tseno tsa go Aga Diholo tsa Bogosi di na le baithaopi ba le robedi, banna le basadi ba ba dirang tiro eno ka nako e e tletseng ba sa duelwe. Setlhopha seno sa baithaopi ba ba itumetseng se tsamaya mo mafelong a a farologaneng gone mo nageng eo se thapisa ba bangwe mo tirong eno ya go aga. Moithaopi mongwe le mongwe o bereka diura di le robedi ka letsatsi, go tloga ka Mantaga go fitlha ka Labotlhano mme o tlodisa Matlhatso a le mongwe a bo a bereka o o latelang. Ba simolola ka go tlotla ka temana ya Baebele ka 7:00 a.m. mme morago ga moo ba ja dijo tsa mo mosong. Mongwe le mongwe wa bone o ikemiseditse go dira tiro nngwe le nngwe e a kopiwang go e dira. Ka sekai, basadi ba dira ditiro tse gantsi di dirwang ke banna tse di jaaka go poleisetera, go tsenya dithaele le go penta.

Diphuthego tsa mo lefelong leo di thusa baithaopi bano ba ba etang ka go ba naya mafelo a ba ka robalang kwa go one, go ba tlhatswetsa diaparo le go ba baakanyetsa dijo. Baithaopi bano le Basupi ba mo lefelong leo, ga ba age fela diholo mme gape ba itumelela botsala kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mmogo mo tirong ya go rera ka ntlo le ntlo.

Melemo ya go Nna Moithaopi

Baithaopi bano ba ikutlwa jang ka tiro e ba e dirang? Daniel yo o nang le dingwaga di feta di le tharo e ntse e le moithaopi a re: “Ke boammaaruri gore re bereka mo mogoteng le mo serameng, re ja dijo tse re sa di tlwaelang, re nna re le mo tseleng, re nna kgakala le ba malapa a rona mme gantsi ga re na bontsi jwa didirisiwa tsa segompieno.” O tswelela jaana: “Mme mathata a re lebanang le one ga se sepe fa re a bapisa le masego a re a bonang.”

Mangwe a masego ano ke afe? Baithaopi ba le bantsi ba ithuta ditiro tsa go aga tse ba neng ba sa di itse. Mme moithaopi mongwe yo o bidiwang Carlos yo o okametseng dingwe tsa ditlhopha tse dikgolo o tlhalosa se ene a akanyang gore ke sa botlhokwa. A re: “Re setse re le lelapa la maloko a le 20. Re ja mmogo, re bereka mmogo, re ithuta mmogo e bile re rapela mmogo. Botsala jwa rona bo nonofile tota.”

Gape ditlhopha tseo tsa kago di na le botsala jo bo nonofileng le diphuthego tse ba di thusang tsa mo lefelong leo. José yo o nnileng le seabe mo diporojekeng di feta 100 a re: “Re itumedisiwa ke go bona dikeledi tsa boitumelo le menyenyo e e supang kanaanelo fa Basupi ba mo lefelong leo ba bona toro ya bone ya go nna le Holo e ntšha ya Bogosi e diragadiwa.” O oketsa ka gore: “Re itumedisiwa ke go itse gore tumelo ya ba bangwe e nonotshiwa ke seabe le fa se ka nna sennye go le kae se re nnang le sone mo go ageng ntlo e nngwe ya kobamelo e e itshekileng.”

Ba Fitlhelela Sengwe se se Itumedisang!

Mafelo ano a kobamelo ga a manobonobo. Go na le moo, Diholo tsa Bogosi di agilwe ka tsela e e motlhofo gore tiro ya go aga e fele ka bonako e bile di se ka tsa ja madi a le mantsi. Fa fela go kgonega, go dirisiwa didirisiwa tsa go aga le mokgwa wa go aga wa mo lefelong leo. Ka tsela eno, ba kgona go aga holo e ntšha ka dibeke tse di kwa tlase ga di le thataro!

Go tloga ka 2007, diphuthego tsotlhe tsa kwa Belize di ne di na le Diholo tse disha tsa Bogosi di ka nna 17. Mme go tloga ka 1999 fela, go agilwe diholo di feta 1 400 kwa Mexico!

Le fa gone go fitlheletswe tiro e kgolo jaana, go sa ntse go na le tiro e ntsi e e tshwanetseng go dirwa. (Mathaio 9:37) Gone jaanong Basupi ba kwa Mexico ba oketsegile mme ba feta 600 000—mme botlhe bano ba kopana gararo mo bekeng go rutwa ka Lefoko la Modimo. Ka jalo, go sa ntse go tlhokega diholo tse dingwe gape tse disha di ka nna 2 000. Fa tiro eno ya baithaopi ya go aga e ne e ikaegile fela ka maiteko a batho, ba ne ba se kitla ba kgona go fitlhelela mokgele oo. Mme fela jaaka matswela a bontsha, “dilo tsotlhe di a kgonega” fa Jehofa Modimo a di eme nokeng.—Mathaio 19:26.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

“Se ba Se Buang Ba a Se Dira”

Basupi ba ga Jehofa ba go agiwang mo lefelong la bone ga se bone fela ba ba amiwang ke tiro eo ya go aga Holo ya Bogosi. Ka sekai, fa go ne go agiwa Holo ya Bogosi kwa Belize, monna mongwe yo mosadi wa gagwe e leng leloko la bodumedi jwa Pentekosete o ne a bolelela mosadi yono gore fa Basupi ba ga Jehofa ba fetsa go aga “kereke” ya bone, o batla go kopanela le bone. Ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa gore a ikutlwe jalo? O ne a re: “Ke a bona gore Modimo o na le bone. Ga ba lwe fa ba ntse ba dira mmogo. Mme se ba se buang ba a se dira.”

[Setshwantsho]

Holo ya Bogosi kwa Orange Walk, Belize

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Maiteko a a Dirwang Lefatshe ka Bophara

Ditlhopha tsa go Aga Diholo tsa Bogosi di tlhomilwe mo dinageng di feta 120. Lenaane la dingwe tsa dinaga di le mmalwa tse baithaopi ba itumelelang go thusa kwa go tsone le bontshitswe fa tlase:

Angola, Bolivia, Croatia, Dominican Republic, Ethiopia, Fiji, Ghana, Hong Kong, India, Jamaica, Kazakhstan, Liberia, Moldova, Nigeria, Papua New Guinea, Rwanda, Tuvalu, Ukraine, Venezuela, Zambia.

[Ditshwantsho]

Holo ya Bogosi kwa Acapulco, Mexico

Maloko a Setlhopha sa go Aga Diholo tsa Bogosi kwa Mexico

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Holo ya Bogosi kwa Tlaxcala, Mexico