Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

Mareko Ga a Ka a Ineela

Mareko Ga a Ka a Ineela

MAREKO o ne a kwala nngwe ya dibuka tse nnè tsa Baebele tse di buang ka ga botshelo jwa ga Jesu. Ke buka e khutshwane thata le e e balegang motlhofo tota. Mareko e ne e le mang? A o akanya gore o ne a itse Jesu?— * A re boneng gore ke diteko dife tse di boima tse Mareko a neng a lebana le tsone le go ithuta lebaka la go bo a sa ka a ineela go nna Mokeresete.

Mareko o umakiwa la ntlha mo Baebeleng ka leina morago ga gore Kgosi Herode Ageripa a latlhele moaposetoloi Petere mo kgolegelong. Bosigo bongwe moengele o ne a golola Petere, mme ka bonako fela o ne a ya kwa ntlong ya ga mmagwe Mareko e bong Marea, yo o neng a nna kwa Jerusalema. Petere o ne a gololwa mo kgolegelong dingwaga di ka nna lesome fa Jesu a sena go bolawa ka Tlolaganyo ya 33 C.E.—Ditiro 12:1-5, 11-17.

A o itse gore ke ka ntlha yang fa Petere a ne a ya kwa ntlong ya ga Marea?—Gongwe e ne e le ka gonne a ne a itse ba lelapa la ga Marea e bile a ne a itse gore barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwara dipokano mo ntlong ya ga Marea. Ntsalae Mareko e bong Barenabase, o ne a na le lobaka lo loleele e le morutwa, fa e sa le ka Moletlo wa Pentekosete ya 33 C.E. Baebele e umaka gore o ne a bontsha bopelotshweu ka nako ya Moletlo oo go thusa barutwa ba basha. Ka jalo, Jesu o tshwanetse a bo a ne a itse Barenabase le ba losika lwa gagwe—Marea le Mareko.—Ditiro 4:36,37; Bakolosa 4:10.

Mo Efangeleng ya gagwe, Mareko o ne a kwala gore mo bosigong jwa fa Jesu a ne a tshwarwa, go ne go na le lekawana lengwe le le neng le apere seaparo “mo mmeleng wa lone o o sa ikategang.” Mareko o ne a kwala gore fa baba ba ne ba tshwara Jesu, lekawana leno le ne la tshaba. O akanya gore lekawana leno e ne e le mang?—Go bonala fa ruri e ne e le Mareko! Ka jalo, fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba tsamaya go setse go le thari mo bosigong joo, go bonala Mareko a ne a apara seaparo seo ka bonako a bo a ba sala morago.—Mareko 14:51, 52.

Mosha yono e ka tswa e le mang? O diragalelwa ke eng, mme ka ntlha yang?

Eleruri Mareko o ne a tle a dirisane le batlhanka ba Modimo le go bona ditiragalo tse di botlhokwa tse di amanang le boikaelelo jwa Modimo. Gongwe o ne a le teng fa moya o o boitshepo o ne o tshololwa ka Pentekosete ya 33 C.E., mme o ne a atamalane thata le batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba jaaka Petere. Mme gape o ne a tsamaya mmogo le ntsalae e bong Barenabase, yo o neng a thusa Saulo ka go mo itsise Petere dingwaga di ka nna tharo fa Jesu a sena go iponatsha mo go Saulo ka ponatshegelo. Dingwaga di le dintsi morago ga moo, Barenabase o ne a romelwa kwa Tareso go ya go senka Saulo.—Ditiro 9:1-15, 27; 11:22-26; 12:25; Bagalatia 1:18,19.

Ka 47 C.E., Barenabase le Saulo ba ne ba tlhophiwa go dira tiro ya borongwa. Ba ne ba tsaya Mareko gore a tsamaye mmogo le bone, mme ka ntlha ya mabaka mangwe a a sa tlhalosiwang, moragonyana Mareko o ne a ba tlogela mme a boela gaabo kwa Jerusalema. Saulo yo o neng a itsege ka leina la gagwe la Seroma e bong Paulo, o ne a galefile. Mme ga a ka a itlhokomolosa se a neng a se leba e le go palelwa thata ga ga Mareko.—Ditiro 13:1-3, 9, 13.

Fa Paulo le Barenabase ba boa kwa loetong lwa bone la borongwa, ba ne ba bega ka katlego e e itumedisang e ba ileng ba nna le yone. (Ditiro 14:24-28) Dikgwedi moragonyana, Paulo le Barenabase ba ne ba rulaganya go boela kwa ba neng ba rerile gone le go etela barutwa ba basha. Barenabase o ne a batla go tsaya Mareko gore a tsamaye le bone, mme a o a itse gore Paulo o ne a akanya eng ka seo?— O “ne a sa bone go tshwanela” ka gonne pelenyana Mareko o ne a ba tlogetse mme a boela gaabo. Ruri se se ileng sa direga moragonyana se ile sa utlwisa Mareko botlhoko!

Paulo le Barenabase ba ne ba kgaogana morago ga “kgalefelano e e botlhoko.” Barenabase o ne a tsamaya le Mareko go ya go rera kwa Kupero, mme Paulo a tlhopha Silase ba bo ba etela barutwa ba basha, fela jaaka go ne go rulagantswe kwa tshimologong. A bo Mareko a tshwanetse a bo a ne a utlwile botlhoko jang ne go bo a bakile mathata fa gare ga ga Paulo le Barenabase!—Ditiro 15:36-41.

Ga re itse lebaka la go bo pelenyana Mareko a ile a boela gae. Gongwe o ne a na le lebaka le le utlwalang. Mme gone, go bonala Barenabase a ne a tlhomamisegile gore seo se ka se tlhole se direga gape. Mme o ne a nepile. Mareko ga a ka a ineela! Moragonyana o ne a dira tiro ya borongwa le Petere kwa Babelona eo e neng e le kgakala le gagabo. Fa a le koo, Petere o ne a romela ditumediso, a oketsa ka gore: “Le Mareko morwaake o a lo dumedisa.”—1 Petere 5:13.

Petere le Mareko ba ne ba nna le botsalano jo bo atamalaneng thata ka go bo ba ne ba direla Modimo mmogo! Seno se bonala sentle thata fa re bala Efangele ya ga Mareko. Mo go yone Mareko o bolela se Petere a mmoleletseng sone ka dilo tse a di boneng ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu. Ka sekai, bapisa dipego tse di buang ka sefefo kwa Lewatleng la Galalea. Mareko o tlhalosa dintlha tse di oketsegileng malebana le gore Jesu o ne a robetse kae mo mokorong le gore o ne a robetse mo godimo ga eng, dilo tse motho yo o tshwarang ditlhapi jaaka Petere a neng a ka di lemoga. Ke eng fa re sa iponele seno ka borona ka go bala le go bapisa dipego tseno tsa Baebele tse di mo go Mathaio 8:24; Mareko 4:37,38; le Luke 8:23?

Moragonyana fa Paulo a ne a tshwerwe kwa Roma, o ne a akgolela Mareko go mo ema nokeng ka boikanyegi. (Bakolosa 4:10, 11) Mme fa Paulo a ne a golegilwe koo gape, o ne a kwalela Timotheo le go mo kopa gore a tle le Mareko, o ne a tlhalosa jaana: “O mosola mo go nna mo go direleng.” (2 Timotheo 4:11) Eleruri Mareko o ne a kgona go direla Modimo ka ditsela tse di kgethegileng ka gonne o ne a se ka a ineela!

Mareko o ne a amogela masego afe ka ntlha ya go sa ineele?

^ ser. 3 Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o kgothaletse ngwana go ntsha maikutlo a gagwe..