Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dinaledi di Senola Maatla a Modimo

Dinaledi di Senola Maatla a Modimo

Dinaledi di Senola Maatla a Modimo

“Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o tlisang masomosomo a tsone ka palo, a di bitsa tsotlhe ka maina. Ka ntlha ya bogolo jwa maatla a a boitshegang, le ka go bo a na le nonofo e kgolo, ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tlhaelang.”—ISAIA 40:26.

LETSATSI ke naledi e e bogolo jo bo lekanetseng fela. Tota le fa go ntse jalo, bogolo jwa lone bo feta jwa lefatshe ka makgetlo a le 330 000. Letsatsi le feta bontsi jwa dinaledi tse di leng gaufi le lefatshe. Mme gone, bogolo jwa dinaledi tse dingwe tse di jaaka e e bidiwang V382 Cygni bo feta jwa letsatsi ka makgetlo a le 27.

Letsatsi le na le maatla a kana kang? Akanya fela gore molelo o ne o tla bo o le mogote go le kana kang fa o kgona go utlwa mogote wa one o le bokgakala jwa dikilometara di le 15. Letsatsi le bokgakala jwa dikilometara di ka nna dimilione di le 150 go tswa mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, fa letsatsi le tlhabile sentle, mogote wa lone o ka ntsha motho marophi! Se se gakgamatsang ke gore, maatla a letsatsi a a fitlhang mo lefatsheng a ka nna bilione fela. Le fa go ntse jalo, karolonyana eno ya maatla a letsatsi e lekane go thusa gore botshelo bo nne teng mo polaneteng eno.

Tota e bile, baitsesaense ba ile ba bolela gore maatla otlhe a a tswang mo letsatsing fela a lekane go thusa dipolanete tse dingwe di ka nna dibilione di le 31 tse di jaaka lefatshe. Kgotsa tsela e nngwe e re ka e dirisang go lekanya maatla ano a magolo a letsatsi: Fa maatla otlhe a letsatsi a ne a ka kopanngwa ka motsotswana fela, aterese ya Internet ya Space Weather Prediction Center (SWPC) ya re, a ne a ka tlamela United States “mo dingwageng di le 9 000 000 tse di tlang ka maatla a a lekanang le a naga eo e a dirisang gone jaanong.”

Maatla a letsatsi a tswa mo bogareng jwa lone—jaaka a sedirisiwa sa nuklea se se thubaganyang diatomo gore di ntshe maatla a mantsi. Letsatsi le legolo thata mme bogare jwa lone bo kitlane thata jaana mo e leng gore go tsaya dingwaga di le dimilionemilione gore maatla a a tswang mo bogareng jwa lone a fitlhe mo lefatsheng. Aterese ya Internet ya SWPC ya re: “Fa letsatsi le ne le ka emisa go ntsha maatla gompieno, go ne go tla tsaya dingwaga di le 50 000 000 gore matswela a seo a bonale mo Lefatsheng!”

Jaanong akanya ka ntlha eno: Fa o leba loapi lo lo apogileng bosigo, o bona dinaledi di le diketekete tse nngwe le nngwe ya tsone e ntshang maatla a mantsi a a lekanang le a letsatsi. Mme baitsesaense ba bolela gore go na le dinaledi di le dibilionebilione mo lobopong!

Dinaledi tseno tsotlhe di tswa kae? Babatlisisi ba le bantsi ba dumela gore ka mabaka mangwe a le jaanong ba sa a tlhaloganyeng, lobopo lo itlhagetse fela ka tshoganyetso mo e ka nnang dingwaga di le dibilione di le 14 tse di fetileng. Baebele ya re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Ga go pelaelo gore Ene yo o dirileng metšhine eno e megolo e e ntshang maatla e re e bitsang dinaledi, o ka bidiwa yo o ‘nang le nonofo e kgolo.’—Isaia 40:26.

Kafa Modimo a Dirisang Maatla a Gagwe ka Gone

Jehofa Modimo o dirisa maatla a gagwe go nonotsha batho ba ba dirang thato ya gagwe. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a dirisa nonofo ya gagwe go ruta batho ka Modimo. Paulo o ne a se na nonofo nngwe e e sa tlwaelegang, mme gone o ne a kgona go dira go le gontsi mo tirong ya gagwe le fa a ne a ganediwa thata. O ne a kgona jang? O ne a itse gore Modimo o ne a mo neile “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakorintha 4:7-9.

Gape Jehofa Modimo o ne a dirisa maatla a gagwe go senya batho ba ba neng ba tlola melao ya gagwe ya boitsholo ka boomo. Jesu Keresete o ne a re go senngwa ga Sodoma le Gomora le Morwalela wa Motlha wa ga Noa ke dikai tsa kafa Jehofa a dirisang maatla a gagwe ka gone fa a senya batho ba ba boikepo. Jesu o ne a porofeta gore go ise go ye kae Jehofa o tla dirisa gape maatla a gagwe go senya batho ba ba itlhokomolosang melao ya Gagwe.—Mathaio 24:3, 37-39; Luke 17:26-30.

Seno se go Ama Jang?

Fa o se na go tlhatlhanya ka maatla a Modimo a a bonalang mo dinaleding, o ka nna wa ikutlwa jaaka Kgosi Dafide yo o neng a re: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse, le morwa motho wa mo lefatsheng ke eng go bo o mo tlhokomela?”—Pesalema 8:3, 4.

Ee, go lemoga kafa re leng bannye ka gone fa re bapisiwa le lobopo lo logolo go dira gore re ikutlwe re se batho ba sepe. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tshosiwa ke maatla a Modimo. Jehofa o ne a tlhotlheletsa moporofeti Isaia go kwala mafoko ano a a gomotsang: “[Modimo] O naya yo o lapileng maatla; le yo o se nang maatla a a boitshegang o dira gore a totelwe ke thata e e feletseng. Basimane ba tla lapa le go felelwa ke nonofo, le makau a tla kgopiwa, mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla nna le maatla gape. Ba tla tlhatlogela kwa godimo ka diphuka jaaka bontsu. Ba tla siana mme ga ba kitla ba lapa; ba tla tsamaya mme ga ba kitla ba felelwa ke nonofo.”—Isaia 40:29-31.

Fa o eletsa go dira thato ya Modimo, o ka tlhomamisega gore o tla go naya moya wa gagwe o o boitshepo go go thusa gore o kgone go dira thato ya gagwe. Mme o tshwanetse go o kopa. (Luke 11:13) Fa Modimo a go eme nokeng, o tla kgona go itshokela teko nngwe le nngwe le go nna le nonofo ya go dira se se siameng.—Bafilipi 4:13.

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Fa Modimo a go eme nokeng o tla nna le nonofo ya go dira se se siameng

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Go tloga kafa molemeng kwa godimo go ya kafa mojeng: losagaripa lwa Whirlpool, Setlhopha sa dinaledi tsa Selemela, Orion Nebula, losagaripa lwa Andromeda

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Bogolo jwa letsatsi bo feta jwa lefatshe ka makgetlo a le 330 000

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Pleiades: NASA, ESA and AURA/Caltech; tse dingwe tsotlhe tse di kwa godimo: National Optical Astronomy Observatories