Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditlhaketlhake Tsa Solomon Islands di Welwa ke Masetlapelo

Ditlhaketlhake Tsa Solomon Islands di Welwa ke Masetlapelo

Ditlhaketlhake Tsa Solomon Islands di Welwa ke Masetlapelo

Ka Mantaga, April 2, 2007, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe ya boima jwa 8,1 kwa dikarolong dingwe tsa Solomon Islands, e leng ditlhaketlhake tsa boboatsatsi tse di kwa bokonebotlhaba jwa Australia. Mo metsotsong e se kae fela, makhubu a magolo a metsi a go begwang gore mangwe a one a ne a le bogodimo jwa dimetara di le lesome, a ne a senya ditlhaketlhake tse di kwa Porofenseng ya Bophirima, a bolaya batho ba le 52 le go tlogela batho ba le 6 000 ba se na magae.

Lengwe la mafelo a a neng a senyegile thata e ne e le Gizo, e leng toropo e e fa lotshitshing lwa lewatle e e nang le baagi ba ka nna 7 000 ba ba nnang mo Setlhaketlhakeng sa Ghizo, se se dikilometara di ka nna 45 fela go tloga mo thoromo ya lefatshe e neng e runtse gone. Mo bosigong jwa letsatsi leo, phuthego e nnye ya Basupi ba ga Jehofa kwa Gizo e ne e lebile pele ka tlhoafalo go keteka Segopotso sa ngwaga le ngwaga sa loso lwa ga Jesu. (1 Bakorintha 11:23-26) Letsatsi le ne le tlhabile sentle le lewatle le ritibetse. Mme ka 7:39 a.m., go ya ka nako ya lefelo leo, go ne ga nna le thoromo ya lefatshe.

Thoromo ya Lefatshe!

Ron Parkinson, yo e leng mogolwane mo phuthegong o ne a baakanya dijo tsa mo mosong le mosadi wa gagwe e bong Dorothy, fa thoromo ya lefatshe e simologa. Ron a re: “Ntlo ya rona e e neng e setse e le ya bogologolo e ne e ya kwa le kwa jaaka setlhare sa khokhonate mme gone ga ya ka ya senyega. Go ne go tsogile modumo o mogolo. Dikhabote, fenetšhara, dijana, piano le dilo tse dingwe tse di kgonang go sutisiwa di ne tsa thubagana fa fatshe. Le fa go ne go le thata, re ne ra kgona go tswela kwa ntle. Dorothy o ne a segwa ke galase e e thubegileng mo lonaong.”

Barongwa ba ba nnang gaufi le rona, Tony le Christine Shaw le bone ba ne ba tshabela kwa ntle. Christine a re: “Lefatshe le ne le roroma thata jaana mo ke neng ka wela fa fatshe mme ka palelwa ke go ema. Fa o leba kwa lewatleng, matlo a ne a kokobetse mo metsing. Makhubu a magolo a ne a kumotse matlo ao mo metheong ya one. Batho ba ne ba tsamaya ka mekoro mo matlhekgeng ba batlana le batho ba ba neng ba sa ntse ba tshela. Morago ga moo go ne ga nna le thoromo e nngwe ya lefatshe e kgolo—mme ga nna le e nngwe gape. Mo malatsing a le matlhano a a latelang, go ne ga nna le dithoromo tse dingwe tsa lefatshe. Go ne go tshosa tota!”

Morago ga Moo ga Nna le Tsunami

Fa thoromo ya lefatshe e ne e simologa, Patson Baea o ne a le mo legaeng la gagwe le le mo setlhaketlhakeng sa Sepo Hite, se se dikilometara di ka nna thataro go tloga kwa Gizo. Go ne ga direga eng ka Patson le ba lelapa la gagwe ka nako ya masetlapelo ano?

Patson o gakologelwa masetlapelo ano jaana: “Ke ne ka taboga go iphaphatha le losi lwa lewatle ke ya kwa mosading wa me, e bong Naomi le bana ba rona ba banè. Le fa gone ba ne ba wetse fa fatshe, ba ne ba babalesegile. Bana ba ne ba roroma, mme ba bangwe ba lela. Nna le Naomi re ne ra ba gomotsa ka yone nako eo.

“Ke ne ka lemoga gore makhubu a lewatle a ne a biloga ka tsela e e sa tlwaelegang. Seno se ne se bontsha gore go tlile go nna le kgwanyape ya tsunami. Setlhaketlhake sa rona se sennye se ne se tlile go khurumediwa ke metsi. Mmè e bong Evalyn, yo o neng a nna mo setlhaketlhakeng se sennye se se gaufi le rona, le ene o ne a le mo kotsing. Ka bonako fela ke ne ka bolelela ba lelapa la me gore ba palame mokoro o o tsamayang ka enjene mme re ye go mo namola.

“Fa re sena go tsamaya sekgala se sennye, lekhubu le legolo le ne la feta kafa tlase ga mokoro wa rona. Metsi a lewatle a ne a ya kwa godimo le kwa tlase. Fa re goroga kwa mmè a neng a le gone, o ne a tshogile, a tlhakane tlhogo e bile a boifa thata go tsena mo metsing. Naomi le morwarona Jeremy, wa dingwaga di le 15, ba ne ba itatlhela mo makhubung a magolo mme ba mo thusa gore a thumele kwa mokorong. Morago ga moo, ke ne ka kgweetsa mokoro ka lobelo lo logolo, mme ra tsena mo lewatleng.

“Mo nakong eno metsi a lewatle a ne a boetse kwa morago ka selekanyo se segolo, mme a dira gore maje a korale a a dikologileng setlhaketlhake a bonale sentle. Ka tshoganyetso fela, go ne ga nna le makhubu a magolo a metsi a a neng a khurumetsa ditlhaketlhake tseo. Ntlo ya rona ya baeng e e fa thoko ga losi lwa lewatle e ne ya kumoga mo motheong wa yone mme e ne ya senyega mo e neng e ka se tlhole e baakanngwa. Metsi a ne a tsena mo ntlong ya rona, a senya bontsi jwa dithoto tsa rona. Fa metsi a lewatle a fokotsega, re ne ra kgona go tsaya Dibaebele le dikopelo mo ntlong ya rona e e senyegileng mme ra ya kwa Gizo.”

Go bapa le lotshitshi lwa lewatle go ne go na le dilo di le dintsi tse di neng di senyegile le batho ba le bantsi ba ba neng ba sule. Karolo e e kafa bophirima jwa Setlhaketlhake sa Ghizo e ne e senyegile thata. Go begwa gore metsi a bogodimo jwa one e neng e le dimetara di le tlhano a ne a senya metse e ka nna 13!

Mo bosigong joo, batho ba le 22 ba ne ba le kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Gizo go keteka Segopotso sa loso lwa ga Jesu. Se se itumedisang ke gore ga go na ope wa bone yo o neng a gobaditswe thata ke masetlapelo ano. Ron, yo o nopotsweng pelenyana o ne a re: “Go ne go se na motlakase mme dipone tsa rona tsa parafine di ne di senyegile. Ka jalo Mokaulengwe Shaw o ne a neela puo a dirisa totšhe. Re ne ra opela dipina tsa go leboga Jehofa re le mo lefifing, re opelela kwa godimo.”

Tiro ya go Namola

Fa batho ba kwa Honiara, e leng motsemogolo wa Solomon Islands, ba utlwalela ka masetlapelo ano, ofisi ya lekala ya mo lefelong leo ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya tsaya kgato ka bonako go romelela batho ba ba amilweng ke tsunami dilo tse di tlhokegang. Bakaulengwe ba kwa ofising ya lekala ba ne ba founela kwa mafelong a a amegileng mme ba tlhomamisa gore Basupi ba koo ba bolokesegile. Go ne ga romelwa batho ba ba ka ikanngwang kwa lefelong le le kgakala kwa Setlhaketlhakeng sa Choiseul go ya go batla Mosupi mongwe yo o nnang koo. Kgabagare o ne a fitlhelwa a tshela e bile a babalesegile. Go ne ga romelwa le madi a go reka dilo tsa thuso ya potlako kwa Gizo.

Baemedi ba lekala ba ne ba goroga kwa Gizo ka Labone ka sefofane se ba neng ba ka kgona go se bona ka nako eo. Craig Tucker, yo e leng leloko la Komiti ya Lekala o ne a re: “Re ne re tshotse mabokoso a le mmalwa a dilwana tsa go namola. Bapalami ba bangwe ba ne ba tshwanelwa ke go tlogela merwalo ya bone ka gonne sefofane se ne se sa kgone go e rwala yotlhe, mme re ne ra itumelela gore mabokoso a rona a ne a tsewa otlhe. A ne a le gareng ga dilwana tsa go namola tse di neng tsa goroga pele mo lefelong la masetlapelo. Didirisiwa tse dingwe di ne tsa goroga ka mokoro morago ga malatsi a le mabedi.”

Tony Shaw le Patson Baea, mmogo le Basupi ba bangwe go tswa kwa Gizo, ba ne ba tsamaya diura di le pedi ka mokoro go ya go thusa Basupi ba ba nnang kgakala kwa setlhaketlhakeng sa Ranongga. Setlhaketlhake seno se se boleele jwa dikilometara di le 32 le bophara jwa dikilometara di le robedi se ne se tsholeditswe ka dimetara tse di fetang tse pedi go tswa mo lewatleng ke maatla a thoromo ya lefatshe! Go lebega metsi a a neng a biloga ka tshoganetso go dikologa setlhaketlhake seo e le one a a bakileng tsunami e e neng ya wela ditlhaketlhake tse di gaufi.

Tony a re: “Maloko a phuthego a ne a itumetse thata go re bona. Ba ne ba babalesegile mme gone ba sa nne mo matlong a bone ka gonne ba boifa dithoromo tse dinnye tsa lefatshe tse di nnang teng morago ga thoromo e kgolo. Mokoro wa rona e ne e le one wa ntlha go tlisa dilwana tsa namolo. Pele ga re tsamaya, re ne ra rapela le bone go tswa pelong re leboga Jehofa.”

Patson a re: “Morago ga malatsi a le mmalwa, re ne ra boela kwa Ranongga go tlisa dilwana tse di oketsegileng le go batla lelapa lengwe la Basupi ba ba neng ba nna kwa lefelong le le kgakala mo setlhaketlhakeng seo. Kgabagare re ne ra fitlhela Matthew Itu le ba lelapa la gagwe ba nna mo gare ga sekgwa. Ba ne ba lela ba itumetse, fa ba bona gore re ne re sa ba lebala! Thoromo ya lefatshe e ne e sentse legae la bone le bontsi jwa dikago mo motseng wa bone. Le fa go ntse jalo, selo se segolo se ba neng ba tshwenyegile ka sone e ne e le gore ba nne le Dibaebele tse disha gonne Dibaebele tsotlhe tsa bone di ne di latlhegile ka nako ya masetlapelo.”

Ba ne Ba Akgolwa ke Batho ba e Seng Basupi

Batho ba bangwe ba ne ba lemoga kafa Bakeresete bano ba ratanang ka gone. Craig Tucker a re: “Mmegadikgang mongwe yo o neng a le kgatlhanong le tiro ya go namola o ne a gakgamadiwa le go kgatlhiwa ke go lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba neile maloko a bone dijo, ditente le dilwana tse dingwe tse di tlhokegang mo malatsing a sekae fela morago ga thoromo ya lefatshe.” Patson o oketsa jaana: “Baagi ba motse wa Ranongga ba ne ba akgola Basupi ka gonne ba ne ba namola batho ka bonako mme ba ne ba ngongorega ka gore kereke ya bone yone ga ya ka ya ba thusa.” Mosadi mongwe o ne a re, “Phuthego ya lona e ne ya tsaya kgato ka bonako!”

Basupi ba ne ba thusa le baagelani ba bone. Christine Shaw o tlhalosa jaana: “ Fa re ne re etetse bookelo jwa nakwana kwa Gizo, re ne ra bona banyalani ba re neng re sa tswa go kopana le bone mo bodireding jwa tshimo. Ba ne ba gobetse e bile ba tshogile fela thata. Setlogolo sa mosadi yono se a neng a se tshwere se ne se tserwe ke tsunami le go kgangwa ke metsi. Re ne ra boela gae ka bonako go ba leretse dijo le diaparo mme ba ne ba itumela fela thata.”

Batho ba ba amiwang ke masetlapelo a tlholego ga ba tlhoke fela didirisiwa tsa namolo. Ba tlhoka thata kgomotso e ba ka e bonang fela mo Lefokong la Modimo, Baebele. Ron a re: “Badiredi bangwe ba bodumedi ba ne ba re Modimo o ne a otlhaela batho maleo a bone. Mme re ne ra ba bontsha mo Baebeleng gore Modimo ga se ene a bakang boikepo. Batho ba le bantsi ba ne ba re leboga ka go bo re ba gomoditse ka Baebele.”—2 Bakorintha 1:3, 4; Jakobe 1:13. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 24 Bona setlhogo se se reng “‘Goreng?’—Go Araba Potso e e Boima go di Gaisa Tsotlhe,” mo makasineng wa Tsogang! ya November 2006, tsebe 3-9. Dikhopi di le dintsi tsa makasine ono di ne tsa abiwa kwa Gizo morago ga masetlapelo.

[Setshwantsho/Mmapa mo go tsebe 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Choiseul

Ghizo

Gizo

Ranongga

HONIARA

AUSTRALIA

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ba lelapa la ga Baea ba le mo mokorong o o tsamayang ka enjene

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Tshenyo e e bakilweng ke tsunami kwa Gizo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Holo eno ya Bogosi e ne e le yone fela kago e e neng e sa senyega kwa Lale mo Setlhaketlhakeng sa Ranongga.