Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Masetlapelo A Tlholego ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?

A Masetlapelo A Tlholego ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?

Babadi ba a Botsa

A Masetlapelo A Tlholego ke Kotlhao e e Tswang Kwa Modimong?

MODIMO ga a dirise masetlapelo a tlholego go otlhaya batho ba ba senang molato. Ga ise a dire jalo e bile ga a kitla a tsamaya a dira seo. Ka ntlha yang? Ka gonne mo go 1 Johane 4:8 Baebele ya re: “Modimo ke lorato.”

Sengwe le sengwe se Modimo a se dirang se tlhotlhelediwa ke lorato. Lorato ga lo utlwise batho ba ba senang molato botlhoko, ka gonne Baebele ya re “lorato ga lo direle moagelani bosula.” (Baroma 13:10) Baebele e bolela jaana mo go Jobe 34:12: “Eleruri, Modimo ka boene ga a dire boikepo.”

Ke boammaaruri gore Baebele e ne ya bolelela pele gore mo motlheng wa rona go tla nna le masetlapelo a a jaaka “dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo.” (Luke 21:11) Mme gone Jehofa ga se ene a bakang tshenyo e di e dirang fela jaaka molepaloapi e se ene a bakang tshenyo e e dirwang ke setsokotsane se a buileng gore se tla nna teng. Ka jalo, fa e le gore ga se Modimo yo o bakang pogo e e welang batho ka ntlha ya masetlapelo a tlholego, e bakwa ke eng?

Baebele ya re “lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo,” e leng Satane Diabolo. (1 Johane 5:19) Fa e sa le e le mmolai go simolola fa a ne a tsuologa kwa tshimologong mme le jaanong e sa ntse e le ene. (Johane 8:44) Satane o tsaya botshelo jwa batho bo sa re sepe e bile bo se botlhokwa. O dira dilo a tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha, ka jalo ga go gakgamatse go bo a tlhamile tsamaiso ya lefatshe lotlhe e e tletseng bopelotshetlha. Tsamaiso ya gompieno ya lefatshe e letla gore batho ba jewe ntsoma mo ba le bantsi ba ba sa kgoneng go itshireletsa ba nnang mo mafelong a a kotsi a go leng motlhofo gore fa ba le mo go one ba welwe ke masetlapelo a tlholego kana a a bakiwang ke batho. (Baefeso 2:2; 1 Johane 2:16) Ka jalo, batho ba ba pelotshetlha ke bone ba ba tshwanetseng go pegwa molato ka ntlha ya masetlapelo mangwe a a welang batho. (Moreri 8:9) Ka ntlha yang?

Batho ba nnile le seabe ka tsela nngwe mo go bakeng masetlapelo mangwe a mantsintsi a a nnileng teng. Ka sekai, akanya ka mathata a a neng a tlhagela baagi ba New Orleans kwa U.S.A., e leng toropo e e neng ya welwa ke kgwanyape kgotsa o akanye ka matlo a a neng a senngwa ke seretse se se neng se elela go tswa kwa dithabeng tsa Venezuela. Mo ditiragalong tseo le tse dingwe, dilo tsa tlholego tse di jaaka phefo le pula di ile tsa baka masetlapelo a magolo ka ntlha ya go bo batho ba tlhoka kitso ka ditiragalo tsa maemo a bosa, ka ntlha ya dikago tse di sa agiwang sentle, go tlhoka thulaganyo, go sa reetse ditlhagiso le ka ntlha ya diphoso tse di dirwang ke batho ba ba mo taolong.

Akanya ka masetlapelo a a neng a diragala mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele. Mo motlheng wa ga Jesu, tora nngwe e e neng ya gosomana ka tshoganyetso e ne ya bolaya batho ba le 18. (Luke 13:4) Masetlapelo ano a ka tswa a ne a bakilwe ke phoso e e dirilweng ke motho, “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” kgotsa dilo tseno ka bobedi—mme gone e ne e se katlholo e e tswang kwa Modimong.—Moreri 9:11.

A go na le masetlapelo mangwe a a kileng a bakwa ke Modimo? Ee, mme go farologana le masetlapelo a tlholego kgotsa a a bakiwang ke batho, one a ne a sa senye sengwe le sengwe, a ne a na le boikaelelo e bile a ne a nna gone ka sewelo. Dikai tse pedi tsa seno ke Morwalela wa lefatshe lotlhe wa motlha wa tlhogo ya lotso e bong Noa le go senngwa ga metse ya Sodoma le Gomora mo motlheng wa ga Lote. (Genesise 6:7-9, 13; 18:20-32; 19:24) Dikatlholo tseo tse di tswang kwa Modimong di ile tsa fedisa batho ba ba boikepo mme ba ba siameng mo matlhong a Modimo bone ba tlogelwa ba tshela.

Tota e bile, Jehofa Modimo o ka kgona go fedisa pogo e bile o na le keletso le nonofo ya go fedisa pogo yotlhe le go golola batho mo ditlamoragong tse di bakwang ke masetlapelo a tlholego. Pesalema 72:12 e ne ya bolelela pele jaana ka Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo e bong Jesu Keresete: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi.”