Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgang ya ga Noa le Morwalela—Ke Boammaaruri, ga se Tlhamane Fela

Kgang ya ga Noa le Morwalela—Ke Boammaaruri, ga se Tlhamane Fela

Kgang ya ga Noa le Morwalela—Ke Boammaaruri, ga se Tlhamane Fela

A O ELETSA go tshela mo lefatsheng le le botoka—lefatshe le mo go lone batho ba tshelang mmogo ka kagiso? lefatshe le le senang ntwa, bokebekwa le kgatelelo? Fa go le jalo, o ka kgothadiwa ke pego nngwe ya hisitori e o ka tswang o e itse sentle. Ke pego ya ga Noa, monna yo o molemo tota yo o neng a aga araka e e neng ya boloka ene le ba lelapa la gagwe mo morwaleleng wa lefatshe lotlhe o o neng wa senya batho ba ba boikepo.

Ga se ditiragalo tse dintsi tse di itsegeng jaaka eno. Pego ya se se neng sa diragalela Noa e bonwa mo bukeng ya Baebele ya Genesise kgaolo 6 go ya go 9, mme e anelwa gape le mo Koran le mo dibukeng tsa ditlhamane tse batho ba le bantsi ba di kwadileng lefatshe ka bophara. A tota Morwalela o ne wa nna teng kgotsa a kgang eno ke tlhamane fela e e kgothaletsang batho go dira dilo tse di siameng? Baithutabodumedi le baitsesaense ba ile ba ganetsana ka kgang eno ka makgolokgolo a dingwaga. Le fa go ntse jalo, Lefoko la Modimo, Baebele, le re tlhomamisetsa gore—pego eno e boammaaruri ga se tlhamane fela. Akanyetsa dintlha tseno:

Pego ya Genesise e re bolelela ngwaga, kgwedi le letsatsi le Morwalela o simolotseng ka lone, gore araka e ne ya ema leng le gone kae le gore lefatshe le ne la oma leng. Gape e re bolelela dintlha ka botlalo malebana le araka—tsela e e neng e agilwe ka yone, dilekanyo tsa yone le dilo tse di dirisitsweng go e aga. Mme gantsi ditlhamane tsone ga di tlhalose dilo ka botlalo.

Dipego tse pedi tsa tatelano ya masika tse di mo Baebeleng di tlhomamisa gore Noa e ne e le motho wa mmatota. (1 Ditiragalo 1:4; Luke 3:36) Batho ba ba neng ba kwala dipego tseo tsa tatelano ya masika, e bong Esera le Luke, e ne e le babatlisisi ba ba kelotlhoko. Luke o ne a latedisa losika lwa ga Jesu Keresete go ya go fitlha kwa go Noa.

Ditshupiso tse di malebana le Noa kana Morwalela di ne tsa dirwa ke moporofeti Isaia le Esekiele mmogo le baaposetoloi ba Bakeresete e bong Paulo le Petere.—Isaia 54:9; Esekiele 14:14, 20; Bahebera 11:7; 1 Petere 3:19, 20; 2 Petere 2:5.

Jesu Keresete o ne a umaka Morwalela fa a ne a re: “Fela jaaka go ne ga diragala mo metlheng ya ga Noa, go tla nna jalo le mo metlheng ya Morwa motho: ba ne ba ja, ba ne ba nwa, banna ba ne ba nyala, basadi ba ne ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi leo fa Noa a ne a tsena mo arakeng, mme morwalela wa goroga mme wa ba senya botlhe.” (Luke 17:26, 27) Fa e le gore Morwalela ga o a ka wa nna teng, seno se ne se tla raya gore mafoko a Jesu a neng a a bua malebana le ‘metlha ya Morwa motho’ ga a kaye sepe.

Moaposetoloi Petere o ne a bolelela pele gore go ne go tla nna le “basotli” ba ba neng ba tla sotla se Baebele e se bolelang. Petere o ne a kwala jaana: “Go ya ka keletso ya bone, ntlha eno ga ba kgone go e lemoga, gore . . . lefatshe la nako [ya ga Noa] le ne la senngwa ka dilo tseo fa le ne le rwalelelwa ka metsi.” Ruri re tshwanetse go tsaya “ntlha eno” tsia! Petere o tswelela ka gore: “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.”—2 Petere 3:3-7.

Modimo o tla nyeletsa baikepi gape mme le mo nakong eo go tla nna le bafalodi. Fa re etsa sekao sa ga Noa, re ka nna gareng ga batho ba ba siameng ba ba tla falolelang mo lefatsheng le le botoka.