Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bona! Lelata la ga Jehofa!”

“Bona! Lelata la ga Jehofa!”

Etsa Tumelo ya Bone

“Bona! Lelata la ga Jehofa!”

MAREA o ne a gadima a gakgametse fa moeng a tsena mo legaeng la gagwe. Moeng yono ga a ka a mmotsa gore rraagwe kgotsa mmaagwe o kae. O ne a tlile go bona ene! O ne a tlhomamisegile gore moeng yono e ne e se motho wa mo Nasaretha. E re ka motse wa bone o ne o le monnye, batho ba e seng ba motse oo ba ne ba bonala. Moeng yono ene, o ne a tla bonala gore ke motswakwa gongwe le gongwe kwa a yang teng. O ne a dumedisa Marea ka tsela e e neng e le la ntlha a e utlwa, a re: “Dumela wena yo o ratilweng segolo, Jehofa o na le wena.”—Luke 1:28.

Ke ka tsela eo Baebele e re itsiseng Marea, morwadia Heli, wa motse wa Nasaretha kwa Galalea ka yone. Baebele e simolola go bua ka ene ka nako e a neng a tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di botlhokwa mo botshelong jwa gagwe. O ne a beeleditswe ke monna wa mmetli e bong Josefa—o ne a sa huma mme gone o ne a ikanyega. Ka jalo, go bonala a ne a setse a rulagantse botshelo jwa gagwe—go tshela botshelo jo bo sa raraanang a thusa monna wa gagwe Josefa go tlhokomela lelapa. Le fa go ntse jalo, ka tshoganyetso fela, o ne a iphitlhela a na le moeng yono yo o mo leretseng kabelo e e tswang kwa Modimong, boikarabelo jo bo neng bo tla fetola botshelo jwa gagwe.

O ka nna wa gakgamadiwa ke go lemoga gore Baebele ga e re bolelele go le gontsi ka Marea. Ga e bue thata ka tsela e a godileng ka yone, e bua go le gonnye ka botho jwa gagwe mme ga e umake sepe ka ditebego tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, se Lefoko la Modimo le se buang ka ene se senola go le gontsi ka ene.

E le gore re itse Marea sentle, re tshwanetse go tlhokomologa dikgopolo tse dintsi tse madumedi a a farologaneng a di rutang ka ene. Ka jalo, ga re kitla re tlotla ka ditshwantsho tse dintsi tsa gagwe tse di dirilweng ka pente, mmabole kgotsa ka letsopa. E bile ga re kitla re tlotla le ka dithuto tse di raraaneng tse di dirileng gore mosadi yono yo o boikobo a tlotlomadiwe thata ka maina a a jaaka, “Mmaagwe Modimo” le “Kgosigadi ya Legodimo.” Go na le moo, a re tlhomeng mogopolo mo go se tota Baebele e se buang ka ene. E re naya kitso ya botlhokwa ka tumelo ya gagwe le kafa re ka e etsang ka gone.

O Etelwa ke Moengele

Jaaka o ka tswa o itse, moeng wa ga Marea e ne e se motho fela yo o tlwaelegileng. E ne e le moengele Gabariele. Fa a ne a raya Marea a re, “wena yo o ratilweng segolo,” Marea o ne a “tshwenyega fela thata” ka ntlha ya mafoko ao mme a ipotsa gore goreng a ne a mo dumedisa ka tsela eo e e sa tlwaelegang. (Luke 1:29) O ne a ipotsa gore o ne a ratilwe segolo ke mang? Marea o ne a sa lebelela gore a ratege thata mo bathong. Le fa go ntse jalo, moengele o ne a bua ka go ratiwa ke Jehofa Modimo. Marea o ne a tsaya seo se le botlhokwa thata. Le fa ntse jalo, ga a ka a nna mabela mme a tsaya fela gore o ne a setse a amogelwa ke Modimo. Fa re leka ka natla go amogelwa ke Modimo, re sa nne mabela re tsaya fela gore o setse a re amogela, re tla ithuta thuto ya botlhokwa e Marea yo mosha a neng a e tlhaloganya ka botlalo. Modimo o ganetsa ba ba mabela mme o rata ba ba ikokobeditseng e bile o ba ema nokeng.—Jakobe 4:6.

Marea o ne a tshwanetse go nna boikokobetso jalo ka gonne moengele o ne a tlile go mo naya tshiamelo e a neng a sa akanye gore a ka tsamaya a nna le yone. Moengele o ne a mmolelela gore o ne a tlile go tshola ngwana yo o neng a tla nna mogolo mo bathong botlhe. Gabariele o ne a re: “Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.” (Luke 1:32, 33) Ga go pelaelo gore Marea o ne a setse a itse ka tsholofetso e Modimo a neng a e dirile le Dafide dingwaga di feta sekete tse di fetileng—ya gore, mongwe wa ditlogolo tsa gagwe o ne a tla busa ka bosakhutleng. (2 Samuele 7:12, 13) Ka jalo, morwawe o ne a tla nna Mesia yo batho ba Modimo ba neng ba sa bolo go mo leta ka makgolokgolo a dingwaga!

Gape moengele o ne a mmolelela gore morwawe o ne a tla “bidiwa Morwa Mogodimodimo.” Mosadi yono yo e neng e le motho wa mo lefatsheng o ne a ka kgona jang go tshola Morwa Modimo? Tota e bile, Marea o ne a tla kgona jang go nna le morwa? O ne a beeleditswe ke Josefa mme ba ne ba ise ba nyalane. Marea o ne a botsa potso eno ka tlhamalalo a re: “Seno se tla nna jang, e re ka ke sa tlhakanele dikobo le monna?” (Luke 1:34) Ela tlhoko gore Marea o ne a bua ka bokgarebane jwa gagwe a sa tlhabiwe ke ditlhong. Go na le moo, o ne a tlotlomatsa boitsheko jwa gagwe. Gompieno basha ba le bantsi ba itlhaganelela go tlhakanela dikobo ba ise ba tsene mo lenyalong mme ba sotla ba ba sa direng jalo. Ruri lefatshe le fetogile. Mme Jehofa ene ga a ise a fetoge. (Malaki 3:6) Fela jaaka mo motlheng wa ga Marea, o rata thata batho ba ba kgomarelang melao ya gagwe ya boitsholo.—Bahebera 13:4.

Le fa Marea e ne e le motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo, e ne e le motho yo o sa itekanelang. Ka jalo, o ne a tla kgona jang go tshola ngwana yo o itekanetseng, Morwa Modimo? Gabariele o ne a re: “Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, le maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” (Luke 1:35) Boitshepo bo kaya go nna “phepa,” “go itsheka.” Gantsi bana ba gotsa bosaitekanelang le boleo mo batsading ba bone. Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng eno Jehofa o ne a tlile go dira kgakgamatso nngwe e e tlhomologileng. O ne a tla tlosa botshelo jwa Morwawe kwa legodimong mme a bo tsenye mo popelong ya ga Marea a bo a dirisa maatla a gagwe a a dirang kgotsa moya o o boitshepo go “okama” Marea, e le go sireletsa ngwana gore a se ka a itshekololwa ke boleo. A Marea o ne a dumela tsholofetso eo ya moengele? O ne a araba jang?

Kafa Marea a Neng a Araba Gabariele ka Teng

Batho bangwe ba ba belaelang kgang eno go akaretsa le baithutabodumedi bangwe ba madumedi a a ipitsang a Bokeresete ga ba dumele gore kgarebane e ka tshola ngwana. Go sa kgathalesege gore ba rutegile go le kana kang, ga ba tlhaloganye boammaaruri jono jo bo sa raraanang. Fela jaaka Gabariele a bontshitse, “mo Modimong ga go polelo e e se kitlang e kgonega.” (Luke 1:37) Marea o ne a dumela gore mafoko a ga Gabariele a boammaaruri ka gonne e ne e le mosadi yo mosha yo o nang le tumelo e kgolo. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore Marea o ne a dumela sengwe le sengwe fela se a se bolelelwang. Fela jaaka motho mongwe le mongwe yo o akanyang, Marea o ne a tlhoka bosupi jo bo tla mo thusang gore a dumele kgang eo. Gabariele o ne a ipaakanyeditse go mo naya bosupi jo bo oketsegileng. O ne a mmolelela ka mosadi mongwe wa losika lwa gagwe yo o godileng e bong Elisabetha, yo go neng go itsiwe e le moopa. Modimo o ne a dirile gore a kgone go ithwala ka tsela ya kgakgamatso!

Jaanong Marea o ne a tla dira eng? O ne a na le kabelo eno e a e neilweng le bosupi jwa gore Modimo o tla dira sotlhe se Gabariele a neng a se buile. Ga re a tshwanela go tsaya fela gore tshiamelo eno e ne e sa tshose e bile e se thata. Go ne go na le sengwe se a neng a tlhoka go se akanyetsa, o ne a beeleditswe ke Josefa. A o ne a sa ntse a tla mo nyala fa a lemoga gore o ithwele? Sengwe gape ke gore kabelo eno ka boyone e ka tswa e ne e lebega e le maikarabelo a a boima. O ne a tlile go tshola botshelo jwa motho wa botlhokwa go ba gaisa botlhe wa Modimo—Morwa wa Modimo yo o rategang! O ne a tla tshwanelwa ke go mo tlhokomela fa e sa ntse e le lesea le le sa kgoneng go itirela sepe le go mo sireletsa mo lefatsheng le le boikepo. Ruri jono ke boikarabelo jo bo boima!

Baebele e bontsha gore ka dinako dingwe, tota le banna ba ba ikanyegang ba ne ba okaoka go amogela dikabelo tse di gwetlhang tse Modimo a neng a ba naya tsone. Moshe o ne a re ga se seleta mo puong ka jalo ga a ka ke a kgona go nna mmueledi wa Modimo. (Ekesodo 4:10) Jeremia le ene o ne a gana mme a re e sa ntse e le “mosimanyana fela,” o sa ntse a le monnye thata go ka dira tiro e Modimo a neng a mo abela yone. (Jeremia 1:6) Mme Jona ene o ne a tshabela kabelo ya gagwe! (Jona 1:3) Marea ene o ne a tla dira eng?

Mafoko a gagwe a boikokobetso le go nna kutlo a ile a nna a utlwala go ralala dingwaga. O ne a raya Gabariele a re: “Bona! Lelata la ga Jehofa! E kete go ka ntiragalela kafa polelong ya gago.” (Luke 1:38) Lelata e ne e le lone motlhanka wa maemo a a kwa tlasetlase; botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo diatleng tsa mong wa gagwe. Eo ke yone tsela e Marea a neng a ikutlwa ka yone ka Mong wa gagwe, Jehofa. O ne a itse gore o bolokesegile mo diatleng tsa gagwe, gore Jehofa o a ikanyega mo go ba ba ikanyegang mo go ene le gore o tla mo segofatsa fa a ntse a iteka ka natla go dira kabelo eno e e gwetlhang e a neng a e neilwe.—Pesalema 18:25.

Ka dinako tse dingwe, Modimo o re kopa gore re dire dilo dingwe tse di ka nnang tsa lebega di le thata mo matlhong a rona. Le fa go ntse jalo, mo Lefokong la gagwe o re naya mabaka a le mantsi a gore re mo ikanye, gore re ipeye mo diatleng tsa gagwe fela jaaka Marea a ne a dira. (Diane 3:5, 6) A re tla dira jalo? Fa re ka dira jalo o tla re segofatsa, a re naya mabaka a gore re nne le tumelo e e nonofileng mo go ene.

O Etela Elisabetha

Se Gabariele a neng a se bolelela Marea kaga Elisabetha se ne se kaya mo gontsi mo go ene. Mo basading botlhe ba ba leng teng mo lefatsheng, ke mang tota yo a neng a ka tlhaloganya maemo a gagwe botoka? Marea o ne a itlhaganelela kwa nageng e e dithaba ya Juda, loeto lo gongwe lo neng lo tsaya malatsi a le mararo kana a le manè. Fa Marea a tsena mo lelapeng la ga Elisabetha le moperesiti Sekarea, Jehofa o ne a mo naya bosupi jo bongwe gape jo bo nonofileng jo bo neng bo tla nonotsha tumelo ya gagwe. Elisabetha o ne a utlwa Marea a mo dumedisa mme ka yone nako eo, lesea le le mo popelong ya gagwe le ne la tlola ka boitumelo. O ne a tlala moya o o boitshepo mme a bitsa Marea “mmaagwe Morena wa me.” Modimo o ne a senoletse Elisabetha gore morwa wa ga Marea e ne e tla nna Morena wa gagwe, Mesia. Gape Elisabetha o ne a tlhotlhelediwa gore a bake Marea ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe le go nna kutlo a re: “Gape go itumela ene yo o dumetseng.” (Luke 1:39-45) Ee, sengwe le sengwe se Jehofa a neng a se solofeditse Marea se ne se tla diragala!

Morago ga moo Marea o ne a araba. Mafoko a gagwe a begilwe ka kelotlhoko mo go Luke 1:46-55. Mafoko ano ke one a maleele a Marea a kileng a a bua a a begilweng mo Baebeleng mme a senola go le gontsi ka ene. Tsela e a bakang Jehofa ka yone go bo a mo segofaditse ka tshiamelo ya gore e nne ene mmaagwe Mesia e bontsha kafa a tletseng tebogo le kanaanelo ka gone. E bontsha kafa a nang le tumelo e kgolo ka gone fa a re Jehofa o folosa ba ba mabela le gore o maatla e bile o thusa batho ba maemo a a kwa tlase le ba ba humanegileng ba ba batlang go mo direla. Gape e senola gore o na le kitso e e kana kang. Go ya kafa go fopholediwang ka gone, o ne a umaka Dikwalo tsa Sehebera ka makgetlo a feta 20!

Ga go pelaelo gore Marea o ne a akanya ka kelotlhoko ka Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, o ne a ikokobetsa a letla gore Dikwalo e nne tsone di buang go na le gore a bue ka maemo a gagwe. Letsatsi lengwe morwa yo ka nako eo a neng a ntse a gola mo popelong ya gagwe, o ne a tla nna le boikutlo jo bo tshwanang mme a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng.” (Johane 7:16) Go molemo gore re ipotse gore: ‘A ke bontsha tlotlo e e ntseng jalo le tshisimogo mo Lefokong la Modimo? Kana a ke bona go le molemo go buelela dikgopolo tsa me le dithuto tsa me?’ Re itse sentle karabo ya ga Marea.

Marea o ne a nna le Elisabetha dikgwedi di le tharo, ga go pelaelo gore ba ne ba kgothatsana fela thata. (Luke 1:56) Basadi ba babedi bano ba re gakolola botlhokwa jwa go nna le ditsala. Fa re batla ditsala tse tota di ratang Modimo wa rona Jehofa, ga go pelaelo gore re tla gola semoyeng mme re atamalane le ene. (Diane 13:20) Kgabagare, e ne e le nako ya gore Marea a boele gae. Josefa o ne a tla reng fa a utlwa ka boemo jwa gagwe?

Marea le Josefa

Marea ga a ka leta gore go bonale gore o ithwele. O ne a tshwanetse go bolelela Josefa ka gone. Pele a ka bua le ene, o tshwanetse a bo a ne a ipotsa gore monna yono yo o siameng le yo o boifang Modimo o ne a tla tsaya dikgang tseno jang. Le fa go ntse jalo, o ne a ya kwa go ene mme a mmolelela dilo tsotlhe tse di mo diragaletseng. O ka akanya fela gore Josefa o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile jang. O ne a batla go dumela mokapelo yono wa gagwe, mme gone kgang e a mmoleletseng yone ga e ise e tsamaye e direge pele. Baebele ga e re bolelele gore o ne a akanyang. Mme gone ya re o ne a dira tshwetso ya go tlhala Marea, gonne mo motlheng oo batho ba ba beeletsaneng ba ne ba lejwa jaaka ba ba nyalaneng. Le fa go ntse jalo, o ne a sa batle go mo tlhabisa ditlhong mo bathong ba bangwe kgotsa go dira gore a otlhaiwe, ka jalo o ne a tlhopha go mo tlhala mo sephiring. (Mathaio 1:18, 19) Marea o tshwanetse a bo a ne a utlwa botlhoko tota fa a ntse a lebile monna yono yo o molemo a boga ka ntlha ya boemo jono jo bo iseng bo ko bo direge pele. Mme gone ga a ka a mo galefela.

Jehofa ga a ka a letla Josefa gore a tswelele ka maikaelelo a gagwe a mo go ene a neng a lebega a siame. Moengele wa Modimo o ne a bolelela Josefa mo torong gore tota Marea o ne a ithwele ka tsela ya kgakgamatso. Josefa o tshwanetse a bo a ne a ikutlwa a imologile! Jaanong le ene o ne a dira se Marea a neng a se dirile kwa tshimologong—a dira go ya ka se Jehofa a neng a mo kaela sone. O ne a nyala Marea, mme a ipaakanyetsa go tsaya maikarabelo a a tlhomologileng a go tlhokomela Morwa wa ga Jehofa.—Mathaio 1:20-24.

Go molemo gore—banyalani le batho ba ba akanyetsang lenyalo—ba ithute mo banyalaning bano ba basha ba ba neng ba tshela dingwaga di le 2 000 tse di fetileng. Fa Josefa a bona mosadi wa gagwe a ntse a dira ditiro tse di dirwang ke bommè, o tshwanetse a bo ne a itumedisiwa ke go bo moengele wa Modimo a ne a mo kaela. O tshwanetse a bo a ne a bona botlhokwa jwa go ikaega ka Jehofa fa motho a dira ditswetso tse dikgolo. (Pesalema 37:5; Diane 18:13) Ga go pelaelo gore go tswa foo, o ne a nna kelotlhoko a bo a nna pelonomi fa a dira ditshwetso e re ka e ne e le tlhogo ya lelapa.

Kafa letlhakoreng le lengwe, re ka swetsa ka goreng ka go dumela ga ga Marea go nyalana le Josefa? Le fa kwa tshimologong go ne go le thata gore Josefa a dumele se Marea a mmolelelang sone, Marea o ne a mo leta gonne mmona yono e ne e tla nna ene tlhogo ya lelapa. Marea o ne a ithuta thuto ya botlhokwa mo go seno, mme le basadi ba Bakeresete gompieno ba tshwanetse go ithuta mo go seno. Kgabagare, dilo tseno tshotlhe di tshwanetse tsa bo di ne tsa ruta Josefa le Marea go le gontsi ka botlhokwa jwa go ikanyega le go buisana.

Ga go pelaelo gore banyalani bano ba basha ba simolotse lenyalo la bone sentle. Boobabedi ba ne ba rata Jehofa Modimo go feta dilo tsotlhe mme ba tlhoafaletse go dira thato ya gagwe e le batsadi ba ba nang le maikarabelo le ba ba lorato. Ke boammaaruri gore ba ne ba letetswe ke masego a magolo—le dikgwetlho tse dikgolo. Ba ne ba letetswe ke go godisa Jesu, yo o neng a tla nna monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela mo lefatsheng.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Go rata Modimo ke motheo wa botlhokwa mo lenyalong