Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ga o Itse Kwa Seno se Tla Nnang le Katlego Teng!

Ga o Itse Kwa Seno se Tla Nnang le Katlego Teng!

Ga o Itse Kwa Seno se Tla Nnang le Katlego Teng!

“Mo mosong o jale peo ya gago mme o se ka wa letla seatla sa gago gore se ikhutse go fitlha maitseboa; gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng.”—MOR. 11:6.

1. Ke eng fa go bona tsela e sejalo se golang ka yone go gakgamatsa e bile go dira gore re ikokobetse?

MOLEMI o tshwanetse go nna pelotelele. (Jak. 5:7) Fa a sena go jala peo, o tshwanetse go e emela gore e tlhoge e bo e gole. Ka bonya ka bonya, fa maemo a siame matlhogela a simolola go tlhoga, a phunyeletsa mmu. Go tswa foo a a gola a nna dijalo tse di tswang ditlhaka. Kgabagare, tshimo ya molemi e siametse go rojwa. Go bona sejalo se gola jalo ke selo se se gakgamatsang tota! Gape go dira gore re ikokobetse tota fa re lemoga gore ke mang yo o godisang. Re ka tlhokomela peo. Re ka thusa go e nosetsa. Mme ke Modimo fela a ka e godisang.—Bapisa 1 Bakorintha 3:6.

2. Jesu o ne a ruta eng mabapi le go gola ka tsela ya semoya mo ditshwantshong tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong se se fetileng?

2 Jaaka go umakilwe mo setlhogong se se fetileng, Jesu o ne a tshwantsha tiro ya go rera ka Bogosi le molemi yo o jalang peo. Mo setshwantshong sa mefuta e e farologaneng ya mmu, Jesu o ne a gatelela gore le fa molemi a lema peo e e molemo, boemo jwa pelo ya motho ke jone jo bo laolang gore a peo eo e tla gola kana nnyaa. (Mar. 4:3-9) Mo setshwantshong sa mojadi yo o robalang, Jesu o ne a tlhalosa gore molemi ga a itse sentle gore peo e gola jang. Seno se bakwa ke gore peo e godisiwa ke maatla a Modimo, e seng a batho. (Mar. 4:26-29) Jaanong a re sekasekeng ditshwantsho tse dingwe tse tharo tsa ga Jesu—tlhaka ya mosetara, sebediso le letlowa. *

Setshwantsho sa Tlhaka ya Mosetara

3, 4. Setshwantsho sa tlhaka ya mosetara se tlhalosa dintlha dife malebana le molaetsa wa Bogosi?

3 Setshwantsho sa tlhaka ya mosetara, se le sone go kwadilweng ka sone mo go Mareko kgaolo 4, se tlhalosa dintlha tse pedi: sa ntlha, se bua ka koketsego e kgolo ya batho ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi; sa bobedi, se bontsha kafa batho ba ba amogelang molaetsa ba sirelediwang ka teng. Jesu o ne a re: “Ke eng se re tla tshwantshanyang bogosi jwa Modimo le sone, kgotsa re tla bo tlhalosa ka setshwantsho sefe? Le tlhaka ya mosetara, e ka nako e e neng e jalwa ka yone mo mmung e neng e le e nnye thata mo dipeong tsotlhe tse di mo lefatsheng—mme fa e sena go jalwa, e gola e ba e nna kgolo go feta merogo yotlhe e mengwe e bo e ungwa dikala tse dikgolo, mo dinonyane tsa legodimo di neng di kgona go bona bonno mo moriting wa yone.”—Mar. 4:30-32.

4 Fano go buiwa ka go gola ga “bogosi jwa Modimo” mo go bonalang mo tseleng e molaetsa wa Bogosi o anamang ka yone le mo tseleng e phuthego ya Bokeresete e neng ya gola ka yone go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E. go ya pele. Tlhaka ya mosetara ke peo e nnye e e ka tshwantshetsang sengwe se sennye thata. (Bapisa Luke 17:6.) Le fa go ntse jalo, kgabagare sejalo sa mosetara se ka gola sa nna boleele jwa dimetara di le 3 go ya go tse 5, sa nna le dikala tse di nonofileng, mme la bofelo sa nna fela jaaka setlhare.—Math. 13:31, 32.

5. Phuthego ya Bokeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga e ne ya oketsega jang?

5 Phuthego ya Bokeresete e simolotse go gola ka bonya ka 33 C.E. fa barutwa ba ka nna 120 ba ne ba tlodiwa ka moya o o boitshepo. Mo nakong e khutshwane fela, phuthego eno e potlana ya barutwa e ne ya nna le badumedi ba le diketekete. (Bala Ditiro 2:41; 4:4; 5:28; 6:7; 12:24; 19:20.) Mo dingwageng di le masome a mararo, palo ya barobi e ne ya gola thata mo e leng gore moaposetoloi Paulo o ne a raya phuthego ya kwa Kolosa a re dikgang tse di molemo di ne di setse di ‘rerilwe mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.’ (Bakol. 1:23) A koketsego e e boitshegang ruri!

6, 7. (a) Go ile ga nna le koketsego efe fa e sa le go tloga ka 1914? (b) Go sa ntse go tla nna le koketsego efe?

6 Fa e sale Bogosi jwa Modimo bo tlhongwa kwa legodimong ka 1914, dikala tsa “setlhare” sa mosetara di ne tsa gola go feta kafa go neng go lebeletswe ka teng. Batho ba Modimo ba bone boporofeti jono jwa ga Isaia bo diragadiwa ka tsela ya mmatota: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata.” (Isa. 60:22) Setlhopha se sennye sa batlodiwa ba ba neng ba dira tiro ya go rera ka Bogosi mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga ba ne ba ka se akanye gore ka ngwaga wa 2008, go tla bo go na le Basupi ba ka nna dimilione tse supa ba ba dirang tiro eno mo dinageng di feta 230. Ruri eno ke koketsego e e boitshegang, e e tshwanang le go gola ga tlhaka ya mosetara e Jesu a buileng ka yone mo setshwantshong!

7 A mme koketsego eo e felela foo? Nnyaa. Kgabagare batho ba ba busiwang ke Bogosi jwa Modimo ba tla bo ba tletse lefatshe lotlhe. Baganetsi botlhe ba tla bo ba tlositswe. Seno ga se na go dirwa ke batho mme se tlile go dirwa ke Morena Molaodimogolo Jehofa fa a tsenelela mo mererong ya lefatshe. (Bala Daniele 2:34, 35.) Go tswa foo re tla bona boporofeti jo bongwe jo bo kwadilweng ke Isaia bo diragadiwa la bofelo: “Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isa. 11:9.

8. (a) Dinonyane tse go buiwang ka tsone mo setshwantshong sa ga Jesu di emela bomang? (b) Re sirelediwa mo go eng le gone jaanong?

8 Jesu a re dinonyane tsa legodimo di kgona go bona bonno mo moriting wa Bogosi jono. Dinonyane tseno ga di emele baba ba Bogosi ba ba lekang go ja peo e e molemo, jaaka dinonyane tsa setshwantsho sa monna yo o neng a gasa peo mo mefuteng e e farologaneng ya mmu. (Mar. 4:4) Go na le moo, mo setshwantshong seno dinonyane di emela batho ba ba dipelo di siameng ba ba batlang tshireletso mo phuthegong ya Bokeresete. Le gone jaanong batho bano ba sirelediwa mo mekgweng e e ka senyang kamano ya bone le Modimo le mo ditlwaelong tse di leswe tsa lefatshe leno le le boikepo. (Bapisa Isaia 32:1, 2.) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a tshwantsha Bogosi jwa ga Mesia le setlhare mme a bua jaana ka tsela ya boporofeti: “Ke tla e tlhoma sesha mo thabeng ya bogodimo jwa Iseraele, mme ruri e tla tlhoga dikala tse dikgolo e bo e tlhagisa maungo e bo e nna mosedara o mogolo thata. Mme kafa tlase ga one go tla aga dinonyane tsotlhe tsa lefuka lengwe le lengwe; di tla aga mo moriting wa dikala tsa one tse di nang le makakaba.”—Esek. 17:23.

Setshwantsho sa Sebediso

9, 10. (a) Jesu o ne a gatelela ntlha efe mo setshwantshong sa sebediso? (b) Mo Baebeleng, gantsi sebediso se tshwantshetsa eng, mme re tla sekaseka potso efe malebana le kgang e Jesu a neng a bua ka sebediso mo go yone?

9 Ga se ka metlha batho ba kgonang go bona koketsego. Mo setshwantshong sa ga Jesu se se latelang, o gatelela ntlha eno. A re: “Bogosi jwa magodimo bo tshwana le sebediso, se mosadi mongwe a neng a se tsaya mme a se fitlha mo dilekanyetsong tse tharo tse dikgolo tsa bupi, go fitlha leribi lotlhe le bela.” (Math. 13:33) Sebediso seno se emela eng, mme se amana jang le koketsego ya Bogosi?

10 Mo Baebeleng, gantsi sebediso se dirisiwa go tshwantshetsa boleo. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka sebediso ka tsela eno fa a ne a bua kafa moleofi mongwe a neng a tlisitse tlhotlheletso e e bosula ka teng mo phuthegong kwa Korintha wa bogologolo. (1 Bakor. 5:6-8) A jaanong Jesu o ne a dirisa sebediso go tshwantshetsa go oketsega ga sengwe se se sa siamang?

11. Sebediso se ne se dirisiwa jang kwa Iseraele bogologolo?

11 Pele ga re araba potso eo, re tshwanetse go sekaseka mabaka a le mararo a konokono. Sa ntlha, le fa Jehofa a ne a sa dumele gore go dirisiwe sebediso ka nako ya mokete wa Tlolaganyo, ka dinako tse dingwe o ne a amogela ditlhabelo tse di neng di na le sebediso. Sebediso se ne se dirisiwa mo ditshupelong tsa kabalano tsa go ntsha ditebogo, e le ditshupelo tse motho a neng a di ntsha ka go rata a leboga Jehofa ka ntlha ya masego a mantsi a a mo nayang one. Dijo tseno di ne di jewa ka boitumelo.—Lefi. 7:11-15.

12. Re ka ithuta eng mo tseleng e Baebele e dirisang dipapiso ka yone?

12 Sa bobedi, le fa ka dinako tse dingwe sengwe se ka emela sengwe se se sa siamang mo Baebeleng, ka dinako tse dingwe sone selo seo se ka dirisiwa go emela sengwe se se siameng. Ka sekai, mo go 1 Petere 5:8 Satane o tshwantshiwa le tau, go bontsha gore o kotsi e bile o setlhogo. Mme mo go Tshenolo 5:5 Jesu o tshwantshiwa le tau—“Tau e e leng ya lotso lwa Juda.” Mo go Jesu, tau e tshwantshetsa tshiamiso e e dirisiwang ka bopelokgale.

13. Setshwantsho sa ga Jesu sa sebediso se bontsha eng ka go gola ka tsela ya semoya?

13 Sa boraro, mo setshwantshong sa ga Jesu, ga a ka a re sebediso se ne sa senya bupi jotlhe, mo bo ka se kang jwa dirisiwa. O ne a tlhalosa fela kafa senkgwe se dirwang ka teng. Mosadi o ne a tsenya sebediso ka boomo mme se ne sa bereka sentle. Sebediso se ne se fitlhegile mo buping. Ka jalo, mosadi o ne a sa kgone go bona go bela ga tlhama. Seno se re gopotsa monna yo o jalang peo a bo a robala bosigo. Jesu o ne a re “peo e [a tlhoga] e bo e golele kwa godimo, gore jang [monna yono] ga a itse.” (Mar. 4:27) A bo eno e le tsela e e molemo jang ne ya go tlhalosa kafa go gola ga semoya mo go sa bonweng ka matlho go diregang ka teng! Kwa tshimologong re ka tswa re sa bone gore motho o gola semoyeng, mme kgabagare matswela a gone a bonala sentle.

14. Ke karolo efe ya tiro ya go rera e e tshwantshediwang ke go bo sebediso se bedisa tlhama yotlhe?

14 Go gola ga semoya ga go bonwe ka matlho mme gape go aname. Ntlha eno le yone e gatelelwa mo setshwantshong sa sebediso. Sebediso se bedisa tlhama yotlhe, ‘dilekanyo tse dikgolo tsa bupi di le tharo.’ (Luke 13:21) Jaaka sebediso, tiro ya go rera ka Bogosi e e dirileng gore go nne le koketsego eno ya semoya e aname mo e leng gore gone jaanong go rerwa ka Bogosi “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.” (Dit. 1:8; Math. 24:14) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go nna le seabe mo koketsegong eno e e gakgamatsang ya go rera ka Bogosi!

Letlowa

15, 16. (a) Tlhalosa setshwantsho sa letlowa ka bokhutshwane. (b) Letlowa le emela eng, mme setshwantsho seno se umaka karolo efe ya koketsego ya tiro ya Bogosi?

15 Selo sa botlhokwa go feta palo ya batho ba ba ipolelang gore ke barutwa ba ga Jesu Keresete ke gore ke barutwa ba ba ntseng jang. Jesu o bua ka karolo eno ya koketsego ya tiro ya Bogosi mo setshwantshong se sengwe sa gagwe, se se ka ga letlowa. O ne a re: “Gape bogosi jwa magodimo bo tshwana le letlowa le le gogwang le le digetsweng kwa tlase mo lewatleng mme le gogoba ditlhapi tsa mofuta mongwe le mongwe.”—Math. 13:47.

16 Letlowa, le le emelang tiro ya go rera ka Bogosi, le phutha ditlhapi tsa mefuta yotlhe. Jesu o tswelela a re: “E rile [letlowa] le tlala ba le gogela mo lotshitshing mme, ba ntse fa fatshe, ba phuthela tse di siameng mo dijaneng, mme tse di sa tshwanelang ba di latlha. Ke kafa go tla nnang ka gone mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo: baengele ba tla tswa mme ba ntshe ba ba boikepo mo go ba ba siameng [mme] ba tla ba latlhela mo bokepisong jo bo tukang. Ke gone koo selelo sa bone le phuranyo ya meno a bone di tla nnang gone.”—Math. 13:48-50.

17. Go kgaoganya mo go umakiwang mo setshwantshong sa letlowa go tlile go dirwa leng?

17 A go kgaoganya mo go tlhalosiwang fano go kaya katlholo ya bofelo ya dinku le dipodi e Jesu a rileng e tla dirwa fa a tla ka kgalalelo ya gagwe? (Math. 25:31-33) Nnyaa. Katlholo eo ya bofelo e tla dirwa fa Jesu a tla ka nako ya pitlagano e kgolo. Go kgaoganya mo go umakiwang mo setshwantshong sa letlowa gone go dirwa “mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.” * Gone jaanong re tshela mo nakong eo, mo metlheng e e tla felelang ka pitlagano e kgolo. Ka jalo, tiro ya go kgaoganya e dirwa jang gone jaanong?

18, 19. (a) Tiro ya go kgaoganya e dirwa jang gone jaanong? (b) Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tshwanetse go dira eng? (Bona le ntlha e e kwa tlase mo tsebe 21.)

18 Mo metlheng ya gompieno dimilione tsa ditlhapi tsa tshwantshetso tse di tswang mo lewatleng la batho di tlile mo phuthegong ya ga Jehofa. Bangwe ba nna teng kwa Segopotsong, ba bangwe ba tla dipokanong tsa rona, mme ba bangwe bone ba dumela go ithuta Baebele. Mme a batho bano botlhe ba itshupa e le Bakeresete ba boammaaruri? Ba ka ‘gogelwa mo lotshitshing,’ mme Jesu o re bolelela gore ke “[ba ba] siameng” fela ba ba tla phuthelwang mo dijaneng, tse di emelang diphuthego tsa Bokeresete. Ba ba sa tshwaneleng ba a latlhwa, mme kgabagare ba tla latlhelwa mo bokepisong jo bo tukang jwa tshwantshetso, mo go rayang gore ba tla senngwa mo nakong e e tlang.

19 Fela jaaka ditlhapi tse di sa tshwanelang, batho ba bantsi ba ba kileng ba ithuta Baebele le batho ba ga Jehofa ba tlogetse go ithuta. Bangwe ba batsadi ba bone e leng Bakeresete ga ba ise ba ko ba batle go nna balatedi ba ga Jesu. Ba ntse ba sa batle go dira tshwetso ya go direla Jehofa kana ba ile ba mo direla ka lobakanyana mme ba tlogela. * (Esek. 33:32, 33) Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata gore batho botlhe ba ba dipelo di ikanyegang ba dumele go phuthelwa mo diphuthegong tse di tshwanang le dijana pele ga letsatsi la bofelo la katlholo le tla, le gore ba tswelele ba ntse mo lefelong le le sireletsegileng.

20, 21. (a) Re ithutile eng fa re ne re sekaseka ditshwantsho tsa ga Jesu malebana le koketsego? (b) O ikemiseditse go dira eng?

20 Re ithutile eng fa re ne re sekaseka ka bokhutshwane ditshwantsho tsa ga Jesu malebana le koketsego ya semoya? Sa ntlha, jaaka go gola ga tlhaka ya mosetara, batho ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi ba oketsegile thata mo lefatsheng. Ga go na sepe se se ka emisang go anama ga tiro ya ga Jehofa! (Isa. 54:17) Gape batho ba ba batlileng “bonno mo moriting wa [setlhare]” ba sireleditswe ka tsela ya semoya. Sa bobedi, Modimo ke ene a godisang. Fela jaaka sebediso se se fitlhegileng se bedisa tlhama yotlhe, ga se ka metlha koketsego eno e lemotshegang kana e tlhaloganngwang, mme yone e a anama! Sa boraro, ga se batho botlhe ba ba amogetseng molaetsa ba ba itshupileng ba tshwanela. Bangwe ba tshwana le ditlhapi tse di sa tshwaneleng tse go buiwang ka tsone mo setshwantshong sa ga Jesu.

21 A bo go kgothatsa jang go bona batho ba bantsi jaana ba ba tshwanelang ba gogelwa kwa go Jehofa! (Joh. 6:44) Seno se feletse ka koketsego e e boitshegang mo dinageng tse dintsi. Kgalalelo yotlhe e ya kwa go Jehofa Modimo ka ntlha ya koketsego eno. Ka gonne re bona koketsego eno, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ikobela kgakololo eno e e kwadilweng bogologolo: “Mo mosong o jale peo ya gago . . . , gonne ga o itse kwa seno se tla nnang le katlego teng, e ka tswa e le fano kgotsa fale, kgotsa gore a ka bobedi jwa tsone di tla nna molemo ka go tshwana.”—Mor. 11:6.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Ditlhaloso tse di tlileng go latela di fetola se se kileng sa tlhalosiwa mo makasineng wa Tora ya Tebelo, wa June 15, 1992, tsebe 17-22, le mo go wa October 1, 1975, tsebe 589-608 (ka Seesemane).

^ ser. 17 Le fa Mathaio 13:39-43 e bua ka karolo e nngwe ya tiro ya go rera ka Bogosi, nako e e tla diragadiwang ka yone ke nako e e tshwanang le e setshwantsho sa letlowa se tla diragadiwang ka yone, ke gore, “mo bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo.” Go kgaoganngwa ga ditlhapi tsa tshwantshetso ke tiro e e tswelelang pele e dirwa, fela jaaka tiro ya go lema le go roba e tswelela mo nakong eno.—Tora ya Tebelo, October 15, 2000, tsebe 25-26; Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri, tsebe 178-181, serapa 8-11.

^ ser. 19 A seno se raya gore baengele ba latlhile mongwe le mongwe yo o emisitseng go ithuta kana go kopanela le batho ba ga Jehofa ka gonne ba mo tsaya e le motho yo o sa tshwaneleng? Nnyaa! Fa mongwe a batla go boela kwa go Jehofa tota, o tla mo amogela.—Mal. 3:7.

O ka Araba Jang?

• Setshwantsho sa ga Jesu sa tlhaka ya mosetara se re ruta eng ka koketsego ya tiro ya Bogosi le ka go sireletsega semoyeng?

• Sebediso se Jesu a buang ka sone mo setshwantshong sa gagwe se tshwantshetsa eng, mme Jesu o tlhalosa ntlha efe malebana le go oketsega ga tiro ya Bogosi?

• Go buiwa ka karolo efe ya koketsego ya tiro ya Bogosi mo setshwantshong sa letlowa?

• Re ka tlhomamisa jang gore re nna re le bangwe ba batho ba ba ‘phuthetsweng mo dijaneng’?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Setshwantsho sa tlhaka ya mosetara se re rutang ka koketsego ya tiro ya Bogosi?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Re ithuta eng mo setshwantshong sa sebediso?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Go kgaoganya ditlhapi tse di siameng le tse di sa tshwaneleng go tshwantshetsa eng?