Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dinako Tsa Mathata

Dinako Tsa Mathata

Dinako Tsa Mathata

BAEBELE e ne ya bolelela pele gore batho ba tla lebana le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” E tlhalosa nako eo e re ke “malatsi a bofelo.” (2 Timotheo 3:1-5; 2 Petere 3:3-7) Jesu Keresete o ne a bua ka nako e e tshwanang le eo fa a ne a araba potso e barutwa ba gagwe ba neng ba mmotsa yone malebana le “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 24:3) A gone jaanong re tshela mo malatsing a bofelo? Bapisa se Baebele e neng ya se bolelela pele le dipego tsa bosheng tse di umakiwang fa tlase fano, mme o itirele tshwetso ka seo.

Se Baebele e neng ya se bolelela pele: dintwa tsa lefatsheLuke 21:10; Tshenolo 6:4.

Se dipego tsa bosheng di se buang: “Dintsho tse di bakilweng ke ntwa mo lekgolong la bo20 la dingwaga di ne di feta gararo tsa makgolo a a fetileng a dingwaga di kopane, go simolola ka nako ya fa Keresete a ne a tsholwa.”—Worldwatch Institute.

Se Baebele e neng ya se bolelela pele: tlhaelo ya dijo le malwetseLuke 21:11; Tshenolo 6:5-8.

Se dipego tsa bosheng di se buang: Ka 2004 mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 863 mo lefatsheng ba ne ba sa otlega sentle, palo eo e ne e feta ya 2003 ka dimilione di le 7.—United Nations Food and Agriculture Organization.

Batho ba ka nna bilione ba nna mo mekhukhung; ba le dibilione di le 2,6 ba tlhoka ditirelo tsa go latlha leswe le go thibela malwetse; ba le dibilione di le 1,1 ga ba na metsi a a phepa a go nwa.—Worldwatch Institute.

Batho ba le dimilione di le 500 ba tshwerwe ke malaria; ba le dimilione di le 40 ba tshela ka mogare wa HIV-AIDS; ka 2005 bolwetse jwa thiibi jone bo bolaile batho ba le dimilione di le 1,6.—World Health Organization.

Se Baebele e neng ya se bolelela pele: go senngwa ga lefatsheTshenolo 11:18.

Se dipego tsa bosheng di se buang: “Ka ntlha ya dilo tse batho ba di dirang go ise go ye kae mefuta e le mentsi ya diphologolo le dimela e tla nyelela.” “Go fitlhetswe gore mo lefatsheng lotlhe mo e ka nnang pedi tharong ya dilo tsa tlholego tse di re thusang go nna re tshela di a fokotsega.”—Millennium Ecosystem Assessment.

“Digase tse di kotsi tse di bakiwang ke batho di dirile gore tlelaemete ya lefatshe e senyege mme seo se dirile gore go nne le diphelelo tse di kotsi mo lefatsheng.”—NASA, Goddard Institute for Space Studies.

Se Baebele e neng ya se bolelela pele: dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di tla rerwa mo lefatsheng lotlheMathaio 24:14; Tshenolo 14:6, 7.

Se dipego tsa bosheng di se buang: Ka 2007, Basupi ba ga Jehofa ba le 6 957 854 ba ne ba dirisa diura di feta dibilione di le 1,4 ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo dinageng di le 236.—2008 Yearbook of Jehovah’s Witnesses.

Jaaka go boletswe fa godimo, Baebele e ne ya bolelela pele gore le fa go na le dikgang tse di bosula, go na le lebaka la go nna le tsholofelo. Jesu o ne a bua ka “dikgang tse di molemo” tsa Bogosi jwa Modimo. Bogosi jwa Modimo ke eng? Ke ka ntlha yang fa bo dira gore batho ba nne le tsholofelo ya isagwe e e botoka? Mme Bogosi jwa Modimo bo tla go ama jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Baebele e ne ya bolelela pele maemo a lefatshe a re a bonang gompieno