Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Akanyetsa “Bokhutlo Jwa Morago ga Moo”

Akanyetsa “Bokhutlo Jwa Morago ga Moo”

Akanyetsa “Bokhutlo Jwa Morago ga Moo”

RE TSHWANELWA ke go dira ditshwetso tse dintsi mo botshelong. Ke boammaaruri gore go botlhale go akanya ka diphelelo tsa ditshwetso tsa rona pele re di dira. Bangwe ba ile ba ikwatlhaela thata ditshwetso tse ba neng ba di dira. Gongwe le wena o kile wa re, ‘Fa fela ke ne ke itsile gore selo seno se tla felela jaana, nkabo ke sa se dira.’

Motsamai yo o nang le maitemogelo o batla go itse gore tsela nngwe le nngwe e a tla e dirisang e ya kae. A ka nna a leba mmapa le go buisana le batho ba ba itseng lefelo leo. Ga go pelaelo gore o tla leba ka kelotlhoko matshwao a a tla kopanang le one mo tseleng a a mmontshang lefelo le a yang kwa go lone. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega jang gore ke tsela efe e e molemolemo e re tshwanetseng go e tsaya mo botshelong? Nako nngwe Modimo o ne a dirisa Moshe go bua jaana ka batho ba Iseraele wa bogologolo: “E kete ba ka bo ba le botlhale! Foo ba ne ba tla tlhatlhanya ka seno. Ba ne ba tla akanya ka bokhutlo jwa bone morago ga moo.”—Duteronome 32:29.

Kgakololo e e Molemo go Gaisa

Ga re tlhoke go ipotsa gore diphelelo tsa tsela e re e tlhophang mo botshelong e tla nna dife. E re ka Modimo a kgona go bona sengwe le sengwe, ke ene yo o ka kgonang go kaela batho botlhe tsela e e molemolemo e ba ka e tsayang. O bone ditsela tse dintsi tse batho ba ileng ba tsamaya mo go tsone le matswela a tsone. Baebele ya re: “Ditsela tsa motho di fa pele ga matlho a ga Jehofa, mme o akanyetsa ditselana tsotlhe tsa gagwe kwa teng.”—Diane 5:21.

Jehofa o amega ka batho ba ba mo ratang. O dirisa Lefoko la gagwe Baebele go ba kaela tsela e e molemolemo e ba ka e tsayang. Re bala jaana: “Ke tla dira gore o nne le temogo ke bo ke go rute tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone. Ke tla naya kgakololo ke go beile leitlho.” Ka jalo, pele ga o simolola go tsamaya mo tseleng epe fela, go molemo gore o kope kaelo ya ga Jehofa, fela jaaka Kgosi Dafide wa kwa Iseraele wa bogologolo yo o neng a rapela jaana: “Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone.”—Pesalema 32:8; 143:8.

Go latela tsela e o e bontshitsweng ke motsamai yo o mo ikanyang le yo o nang le maitemogelo go ka dira gore o ikutlwe o sireletsegile e bile o na le tsholofelo. Ga o tshwenyege ka gore tsela eo e ya kae. Dafide o ne a kopa kaelo ya ga Jehofa mme a e latela. Ka ntlha ya seo, o ne a nna le kagiso ya mogopolo e e tlhalositsweng sentle mo Pesalemeng e e itsegeng thata ya bo23. Dafide o ne a kwala jaana: “Jehofa ke Modisa wa me. Ga ke na go tlhoka sepe. O nthapamisa mo mafulong a a tletseng bojang; O nkisa fa mafelong a boikhutso a a nang le metsi a mantsi. O lapolosa moya wa me. O nkgogela mo ditselaneng tsa tshiamo ka ntlha ya leina la gagwe. Le fa gone ke tsamaya mo mokgatšheng wa moriti o montsho, ga ke boife sepe se se bosula.”—Pesalema 23:1-4.

Isagwe ya Bone e Tla Nna Jang?

Mopesalema mongwe yo e ka tswang e ne e le Asafe kgotsa mongwe wa ditlogolwana tsa gagwe, o ne a dumela gore o ‘batlile a fapoga’ mo tseleng e e siameng. Go ne go diragetse eng? O ne a bone tsela e batho ba ba sa ikanyegeng le ba ba ratang thubakanyo ba neng ba atlega ka yone mme o ne a tswela pelo “kagiso ya baikepi.” Mo go ene, ba ne ba bonala ba ‘iketlile ka bosakhutleng.’ Se se maswe le go feta ke gore mopesalema o ne a setse a simolotse go ipotsa gore a go botlhale go latela tsela ya tshiamo e a neng a e tlhophile.—Pesalema 73:2, 3, 6, 12, 13.

Morago ga moo, mopesalema o ne a tsena mo lefelong le le boitshepo la ga Jehofa mme a rapela le go akanya ka se kgabagare se tla diragalelang baikepi. O ne a re: “Ke ne ke batla go lemoga isagwe ya bone.” O ne a akanya ka isagwe ya batho ba a neng a ba tswela pelo. O ne a lemoga gore batho bao ba ne ba le “mo lefelong le le boreledi” le gore ba ne ba tla ‘fedisiwa ka letshogo la tshoganyetso!’ Mme go tweng ka tsela e mopesalema a neng a tsamaya mo go yone? O ne a re: “Morago ga moo o [Jehofa] tla nkisa kgalalelong.”—Pesalema 73:17-19, 24.

Go akanya thata ka matswela a ditiro tsa batho ba ba dirisang mekgwa e e sa siamang le e e belaetsang gore ba atlege mo botshelong go ne ga tlhomamisetsa mopesalema gore o ne a tsamaya mo tseleng e e siameng. O ne a konela ka gore: “Fa e le nna, go atamela Modimo go molemo mo go nna.” Ka dinako tsotlhe go nna gaufi le Jehofa Modimo go tlisa melemo e e nnelang ruri.—Pesalema 73:28.

“Itse Kwa o Yang Gone”

Le rona re ka nna ra lebana le go dira ditshwetso tse di ntseng jalo gompieno. O ka nna wa kopiwa go saenela tumalano ya kgwebo e e bonalang e ka dira madi a mantsi, wa tlhatlosiwa mo tirong kgotsa mongwe a go kopa gore o kopanele le ene mo kgwebong e e tla dirang madi a mantsi. Gone ke boammaaruri gore tiro nngwe le nngwe e ntšha e ka nna le dikotsi tsa yone. Le fa go ntse jalo, ruri go botlhokwa gore o akanyetse pele diphelelo tsa tshwetso e o e tsayang. Go ka nna le matswela afe? A go tla tlhokega gore o nne kgakala le lelapa la gago, e leng selo se se ka nnang sa bakela wena le molekane wa gago mathata? A o tla tshwanelwa ke go fetsa nako o na le batho ba ba sa siamang ba o dirang kgwebo le bone kgotsa ba o kopanang le bone kwa dihoteleng le kwa mafelong a mangwe? Fa o akanyetsa ka kelotlhoko se se tla diregang kwa pele, o tla kgona go dira tshwetso e e botlhale. Tsaya tsia kgakololo eno ya ga Solomone: “Itse kwa o yang gone.”—Diane 4:26, Contemporary English Version.

Rotlhe re tla bo re dira sentle fa re akanya ka kgakololo eno, segolobogolo jang basha. Lekawana lengwe le ne la hira bidio e le neng le itse gore e bontsha ditshwantsho tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. O ne a bolela gore fa a sena go e leba, o ne a ikutlwa a na le keletso e kgolo ya go tlhakanela dikobo mo a neng a ya kwa mosading mongwe yo o rekisang mmele yo o neng a nna gaufi le ene. O ne a feleletsa a utlwile botlhoko thata, a na le segakolodi se se molato e bile a tshogile gore a ka tswa a tsenwe ke bolwetse. Se se diragetseng se tshwana sentle le se se tlhalosiwang mo Baebeleng: “Ka tshoganyetso o mo sala morago, jaaka poo e e tlang go tlhabiwa.” Go ka bo go nnile molemo fa a ka bo a akanyeditse diphelelo tsa se a neng a se dira.—Diane 7:22, 23.

O se Ka wa Itlhokomolosa Matshwao

Batho ba le bantsi ba tla dumela gore ga go botlhale go itlhokomolosa matshwao a a go kaelang kwa o yang gone. Le fa go ntse jalo, ka maswabi ke se bangwe ba se dirang mo tseleng ya botshelo fa ba sa rate kaelo e ba e newang. Akanya ka se se neng sa dirwa ke Baiseraele bangwe ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Jeremia. Setšhaba se ne se tshwanetse go dira tshwetso mme Jehofa Modimo o ne a ba gakolola jaana: ‘Botsang ka ditsela tsa bogologolo, kwa jaanong tsela e e molemo e leng teng; lo tsamaye mo go yone.’ Mme batho ka botlhogoethata ba ne ba re ‘ga ba na ba tsamaya’ ka tsela eo. (Jeremia 6:16) Diphelelo tsa go tsuologa ga bone e ne ya nna dife? Ka 607 B.C.E., Bababelona ba ne ba tla mme ba senya motse wa Jerusalema gotlhelele le go isa baagi ba one kwa botshwarwa kwa Babelona.

Go itlhokomolosa matshwao a Modimo a re beetseng one ga go kitla go re solegela molemo. Dikwalo di re kgothaletsa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

Mangwe a matshwao a Modimo a a re tlhagisang ke a a reng “O se Ka wa Tsena.” Ka sekai, Baebele ya re: “O se ka wa tsena mo tselaneng ya baikepi, mme o se ka wa tsamaya wa tlhamalalela mo tseleng ya ba ba bosula.” (Diane 4:14) Diane 5:3, 4 e tlhalosa nngwe ya ditsela tse di kotsi tse re tshwanetseng go di tila ka tsela eno: “Gonne dipounama tsa mosadi o sele di nna di rotha jaaka lomepe lwa tswina ya dinotshe, mme magalapa a gagwe a boleta go feta leokwane. Mme ditlamorago tse di tswang mo go ene di bogalaka go gaisa longana; di bogale jaaka tšhaka e e magalemabedi.” Mo bathong ba bangwe, go dira boitsholo jo bo sa siamang—le motho yo o ithekisang mmele kgotsa le ope fela—go ka bonala e le selo se se itumedisang. Mme go itlhokomolosa matshwao a a tshwanetseng go laola boitshwaro jwa rona a a reng, “O se Ka wa Tsena” go ka felela ka masetlapelo.

Pele ga o simolola go tsamaya mo tseleng e e ntseng jalo, ipotse jaana, ‘Tsela eno e nkisa kae?’ Go akanya fela ka diphelelo tsa tshwetso e o batlang go e tsaya go ka go thusa gore o se ka wa tsaya tsela e e ka nnang le matswela a a botlhoko. Bolwetse jwa AIDS le malwetse a mangwe a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, go ima o sa batle, go senya mpa, go thubega ga malapa le go nna le segakolodi se se molato, ke dingwe tsa dilo tse di senyang botshelo jwa batho ba ba itlhokomolosang matshwao a a ba kaelang tsela e ba tshwanetseng go tshela ka yone. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa sentle gore go tla direga eng ka batho ba ba dirang boitsholo jo bo sa siamang. Ga “ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10.

“Tsela ke E”

Ka dinako tse dingwe go thata go bona gore ditshwetso tse re di dirang di tla felela jang. Ka jalo, re leboga thata go bo Modimo a amega ka rona e bile a re kaela sentle! Jehofa o ne a re: “Tsela ke e. Tsamayang ka yone.” (Isaia 30:21) Tsela e Jehofa a re bontshang yone e felela ka eng? Le fa tsela eo e le tshesane e bile e le thata, Jesu o ne a re e isa kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 7:14.

Iphe nako ya go akanya ka tsela e o tsamayang mo go yone. A ke tsela e e siameng? E go isa kae? Rapela Jehofa gore a go kaele. Leba ‘mmapa wa tsela’ e leng Baebele. Go ka nna ga tlhokega gore o buisane le motsamai mongwe yo o nang le maitemogelo, yo o ntseng a leka go latela kaelo ya ga Jehofa. Fa e le gore o bona go tlhokega gore o fetole tsela e o tsamayang mo go yone, dira jalo ka bonako.

Gantsi motsamai o a kgothala fa a bona letshwao le le mo kaelang kwa a yang teng le le mo tlhomamisetsang gore o mo tseleng e e siameng. Fa o sekaseka tsela e o tshelang ka yone mme o lemoga gore o tsamaya mo tseleng e e siameng, tswelela o dira jalo. O gaufi le go itumelela melemo ya go tsamaya mo tseleng eno.—2 Petere 3:13.

Tsela nngwe le nngwe e na le kwa e felelang teng. Fa o fitlha kwa bofelong jwa tsela e o e tlhophileng, o tla bo o le kae? Ga go ka ke ga thusa ka sepe go ema foo o bo o eletsa gore o ka bo o ile wa tlhopha tsela e nngwe! Ka jalo, pele ga o dira tshwetso e nngwe gape mo botshelong, ipotse jaana, ‘Diphelelo tsa tshwetso e ke e dirang e tla nna dife?’

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10]

“Bokhutlo Morago ga Moo” e Tla Nna Bofe?

Gantsi basha ba lebana le dithaelo le dikgatelelo tsa go lekeletsa dilo tse go bonalang batho ba le bantsi ba di rata. Fa tlase fano ke maemo mangwe a a ka nnang a diragala.

Mongwe o go raya a re o tshaba go goga sekerete.

Morutabana yo o nang le maitlhomo a a siameng o go rotloetsa gore o tsweletse dithuto kwa yunibesithing.

O lalediwa go ya phathing e go tla bong go na le bojalwa gongwe le diokobatsi.

Mongwe o go raya a re: “Ke eng fa o sa tsenye tshedimosetso e e ka ga gago mo atereseng nngwe ya Internet?”

Tsala e go laletsa gore o tle go leba filimi e e bontshang thubakanyo le boitsholo jo bo sa siamang.

Fa o ne o ka lebana le maemo a a tshwanang le ano, o ne o tla dira eng? A o ne o tla ineela motlhofo fela, kgotsa a o ne o tla sekaseka ka kelotlhoko gore diphelelo e tla nna dife? O tla bo o le botlhale go ipotsa jaana: “A motho o ka gogobela molelo mo sehubeng sa gagwe mme diaparo tsa gagwe tsa se ka tsa sha? Kgotsa a motho o ka tsamaya mo magaleng mme dinao tsa gagwe tsa se ka tsa sha?”—Diane 6:27, 28.