Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo Le fa Re sa Tlhomamisega Gore le Bidiwa Jang?

Ke Eng Fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo Le fa Re sa Tlhomamisega Gore le Bidiwa Jang?

Babadi ba a Botsa

Ke Eng Fa re Tshwanetse go Dirisa Leina la Modimo Le fa Re sa Tlhomamisega Gore le Bidiwa Jang?

Gompieno ga go ope yo o itseng gore tota leina la Modimo le ne le bidiwa jang ka Sehebera sa bogologolo. Le fa go ntse jalo, sa botlhokwa ke gore leina la Modimo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo Baebeleng. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a itsise batho leina la Modimo mme a laela barutwa ba gagwe gore ba rapelele gore leina leo le itshepisiwe. (Mathaio 6:9; Johane 17:6) Ka jalo, ga go pelaelo gore Bakeresete ba tsaya go dirisa leina la Modimo go le botlhokwa. Jaanong, ke eng fa gompieno batho ba sa tlhomamisege gore leina leo le ne le bidiwa jang bogologolo? Go na le mabaka a le mabedi a konokono.

La ntlha, dingwaga di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng, Bajuda ba ne ba simolola ngwao nngwe e e amanang le tumelobotlhodi ya gore go ne go le phoso go bitsa leina la Modimo. Fa mmadi a ne a kopana le leina leo mo temaneng nngwe ya Baebele, o ne a tla tsenya lefoko “Morena” mo boemong jwa lone. Ka ntlha ya seno, morago ga makgolokgolo a dingwaga le sa dirisiwe, batho ba ne ba lebala tsela e leina la Modimo le bidiwang ka yone.

La bobedi, Sehebera sa bogologolo se ne se kwalwa kwantle ga ditumanosi fela jaaka go dirwa fa go khutshwafadiwa mafoko mangwe a Seesemane le a dipuo tse dingwe. Fa mmadi a bala sengwe se se kwadilweng, o ne a itsenyetsa ditumanosi tse a akanyang gore di a tshwanela. Fa nako e ntse e ya, go ne ga simololwa mokgwa o mongwe o o neng o tla dira gore tsela e mafoko a Sehebera a bidiwang ka yone e se ka ya lebalwa. Lefoko lengwe le lengwe mo Baebeleng ya Sehebera le ne la tsenngwa ditumanosi. Le fa go ntse jalo, mo leina la Modimo le neng le tlhaga gone, go ne ga tsenngwa ditumanosi tsa lefoko “Morena” e le go gakolola mmadi gore a bitse sentle lefoko leo le le neng le tsentswe mo boemong jwa leina la Modimo kgotsa go ne go sa tsenngwa sepe.

Ka jalo, go ne ga sala fela ditumammogo tse nnè tse di bidiwang Thaterakeramatone, tse dikishinare nngwe e di tlhalosang e le “ditlhaka tse nnè tsa Sehebera tse gantsi di ranolwang ka gore, YHWH kgotsa JHVH e leng ditlhaka tse di dirang gore leina la Modimo le le leng mo Baebeleng le kgone go bidiwa.” Go motlhofo go bona gore fa ditlhaka JHVH di tsentswe ditumanosi di fetoga jang go nna leina “Jehofa,” e leng tsela e e tlwaelegileng thata le e gantsi leina leo le bidiwang ka yone ka Setswana.

Le fa go ntse jalo, baithuti bangwe ba akantsha gore leina leo le bidiwe “Yahweh.” A tsela eno e batla e tshwana le e le neng le bidiwa ka yone kwa tshimologong? Ga go ope yo o tlhomamisegileng ka seo. Totatota baithuti bangwe ba Baebele ba ne ba umaka mabaka a go bo ba sa le bitse jalo. Ke boammaaruri gore gongwe tsela e maina a a mo Baebeleng a bidiwang ka yone ka dipuo tse di buiwang gompieno, ga e tshwane gotlhelele le e a neng a bidiwa ka yone ka Sehebera sa bogologolo mme ga go ope yo o nang le mathata ka seo. Seno ke ka gonne maina ano a setse a fetogile karolo ya puo ya rona e bile re setse re tlwaetse go a bitsa. Go ntse fela jalo le ka leina Jehofa.

Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba bidiwa batho ba leina la Modimo. Ba ne ba rerela ba bangwe ka leina leno mme ba ba rotloetsa gore ba le bitse. (Ditiro 2:21; 15:14; Baroma 10:13-15) Ka jalo, Modimo o go tsaya go le botlhokwa gore re dirise leina la gagwe ka puo le fa e ka nna efe e re e buang, re itse bokao jwa lone mme re tshele go dumalana le se leina leo le se emelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 31]

Sa botlhokwa ke gore leina la Modimo le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo Baebeleng