Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna O na Le “Mogala o o Menaganeng Seraro” mo Lenyalong la Gago

Nna O na Le “Mogala o o Menaganeng Seraro” mo Lenyalong la Gago

Nna O na Le “Mogala o o Menaganeng Seraro” mo Lenyalong la Gago

“Mogala o o menaganeng seraro ga o ka ke wa kgaoganngwa sebedi ka bonako.”—MOR. 4:12.

1. Ke mang yo o nyadisitseng batho ba ntlha ba babedi?

FA Jehofa Modimo a sena go bopa dimela le diphologolo, o ne a bopa motho wa ntlha, Adame. Moragonyana Modimo o ne a dira gore Adame a robale boroko jo bogolo, mme a dirisa longwe lwa dikgopo tsa gagwe go mo direla mothusi yo o itekanetseng. Fa Adame a bona Efa o ne a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.” (Gen. 1:27; 2:18, 21-23) Jehofa o ne a bontsha gore o itumelela go bo a bopile mosadi wa ntlha mme a kopanya batho ba ntlha ba babedi ka go ba nyadisa a bo a ba segofatsa.—Gen. 1:28; 2:24.

2. Satane o ne a dira eng go senya kamano ya ga Adame le Efa?

2 Go utlwisa botlhoko gore go ise go ye kae fela thulaganyo ya Modimo ya lenyalo e ne ya tlhaselwa. Jang? Setshedi se se boikepo sa moya, se se neng sa bidiwa Satane, se ne sa raela Efa gore a je leungo la setlhare se le sosi se banyalani bano ba neng ba se ileditswe. Morago fela ga foo, Adame o ne a tlhoka kutlo jaaka mosadi wa gagwe mme ba tsuologela puso e e siameng ya Modimo le kaelo ya gagwe e e molemo. (Gen. 3:1-7) Fa Jehofa a ne a botsa banyalani bao ka se ba se dirileng, go ne ga bonala gore kamano ya bone e ne e setse e senyegile. Adame o ne a pega mosadi wa gagwe molato, a re: “Mosadi yo o mo nneileng gore a nne le nna, o ne a nnaya leungo le le tswang mo setlhareng mme ka ja.”—Gen. 3:11-13.

3. Bajuda bangwe ba ne ba leba dilo jang ka tsela e e phoso?

3 Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela, Satane o ntse a dirisa mekgwa e e farologaneng ya boferefere go baka mathata mo lenyalong. Ka sekai, ka dinako tse dingwe o ile a dirisa baeteledipele ba bodumedi go dira gore batho ba lebe lenyalo ka tsela e e seng ya Dikwalo. Baeteledipele bangwe ba Bajuda ba ne ba nyatsa melao ya Modimo ka go letla banna gore ba tlhale basadi ba bone ka mabaka a a sa reng sepe a a jaaka go tshela letswai le lentsi mo dijong. Mme Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se ka lebaka la kgokafalo, mme a nyala yo mongwe o dira boaka.”—Math. 19:9.

4. Thulaganyo ya lenyalo e senngwa ka ditsela dife gompieno?

4 Le gompieno Satane o sa ntse a leka go senya thulaganyo ya lenyalo. Manyalo a basodoma, go nna ga batho mmogo ba sa nyalana, le go bo go le motlhofo gore batho ba tlhalane—dilo tseno tsotlhe di bontsha gore o atlega tota mo go seno. (Bala Bahebera 13:4.) Rona Bakeresete, re ka dira eng gore re se ka ra tshwaediwa ke tsela e e phoso e batho ba le bantsi ba lebang lenyalo ka yone? A re sekasekeng dilo dingwe tse di ka dirang gore lenyalo le itumele le bo le nnele ruri.

Dira Gore Jehofa a Nne A le Mo Lenyalong la Gago

5. Mafoko a a reng “mogala o o menaganeng seraro” a kaya eng mo lenyalong?

5 Gore lenyalo le atlege, Jehofa o tshwanetse go nna karolo ya lone. Lefoko la gagwe la re: “Mogala o o menaganeng seraro ga o ka ke wa kgaoganngwa sebedi ka bonako.” (Mor. 4:12) “Mogala o o menaganeng seraro” ke puo ya tshwantshetso. Fa setshwantsho seno se dirisiwa mo lenyalong, se akaretsa monna le mosadi, ba e leng megala ya ntlha e mebedi e e bofaganngwang le mogala wa konokono, e leng Jehofa Modimo. Go nna seoposengwe le Modimo go dira gore banyalani ba kgone go lebana le mathata, mme ke yone tsela ya go bona boitumelo jo bogolo mo lenyalong.

6, 7. (a) Ke eng se Bakeresete ba ka se dirang go tlhomamisa gore Modimo o mo lenyalong la bone? (b) Ke eng se kgaitsadi mongwe a se ratang ka monna wa gagwe?

6 Mme banyalani ba ka dira eng go tlhomamisa gore lenyalo la bone le tshwana le mogala oo o o menaganeng seraro? Mopesalema Dafide o ne a opela jaana: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” (Pes. 40:8) Le rona re tlhotlhelediwa ke lorato lo re ratang Modimo ka lone gore re mo direle ka pelo e e feletseng. Ka jalo, balekane boobabedi ba tshwanetse go dira gore ba nne le kamano e e gaufi le Jehofa mme ba itumelele go dira thato ya gagwe. Gape molekane mongwe le mongwe wa lenyalo o tshwanetse go leka go nonotsha lorato lo molekane wa gagwe a ratang Modimo ka lone.—Dia. 27:17.

7 Fa e le gore molao wa Modimo ruri o mo teng ga rona, re tla nna le dinonofo tse di tshwanang le tumelo, tsholofelo le lorato mme di tla thusa go nonotsha kgolagano ya lenyalo. (1 Bakor. 13:13) Mokeresete mongwe yo o bidiwang Sandra, yo o nang le dingwaga tse 50 a nyetswe, a re: “Se ke se ratang thata ka monna wa me ke gore o nnaya kaelo le kgakololo e e theilweng mo Baebeleng, e bile o rata Jehofa go feta kafa a nthatang ka teng.” Lona banna ba ba nyetseng, a go ka buiwa jalo ka lona?

8. Go tlhokegang gore batho ba bone “maduo a a molemo” mo lenyalong?

8 Jaaka banyalani, a lo baya dilo tsa bomodimo le dilo tse direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong jwa lona? Mo godimo ga moo, a ruri o tsaya molekane wa gago wa lenyalo e le mothusi wa gago fa lo ntse lo direla Jehofa? (Gen. 2:24) Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe, ka gonne ba na le maduo a a molemo a tiro ya bone ya bonatla.” (Mor. 4:9) Ee ruri, monna le mosadi ba tshwanetse go dira ka natla gore ba bone “maduo a a molemo” a e leng lenyalo le le nang le lorato, le le nnetseng ruri, e bile le segofadiwa ke Modimo.

9. (a) Banna ba ba nyetseng ba na le maikarabelo afe? (b) Go ya ka Bakolosa 3:19, monna o tshwanetse go tshwara mosadi wa gagwe jang?

9 Maiteko a monna le mosadi ba a dirang go tshela tumalanong le melao ya Modimo ke one a bontshang gore a Modimo o mo lenyalong la bone. Banna ba ba nyetseng ba na le boikarabelo jwa go tlamela ba malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang nameng le semoyeng. (1 Tim. 5:8) Gape ba kgothalediwa gore ba nne ba akanyetsa maikutlo a basadi ba bone. Bakolosa 3:19 ya re: “Lona banna ba lo nyetseng, nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” Motho mongwe yo o ithutileng Baebele o ne a re mafoko “galefela mo go botlhoko” a akaretsa “go bua le bone ka mafoko a a botlhoko, kana go ba itaya, go se ba bontshe lorato le tlhokomelo, go se ba tlamele, go se ba sireletse le go se ba thuse.” Ruri boitshwaro jo bo ntseng jalo bo tla bo bo sa tshwanela mo lelapeng la Bakeresete. Monna yo o dirisang botlhogo jwa gagwe ka tsela e e lorato o dira gore mosadi wa gagwe a rate go mo ikobela.

10. Basadi ba Bakeresete ba tshwanetse go dira dilo jang?

10 Basadi ba Bakeresete ba ba batlang gore Jehofa a nne a le mo manyalong a bone le bone ba tshwanetse go dira se Modimo a se batlang. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “A basadi ba ikobele banna ba bone jaaka ba ikobela Morena, ka gonne monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego.” (Baef. 5:22, 23) Satane o ne a tsietsa Efa, a rotloetsa maaka a gore motho a ka bona boitumelo jo bo nnelang ruri fa a sa laolwe ke Modimo. Gompieno moya ono wa boitaolo o a rena mo manyalong a mantsi. Le fa go ntse jalo, basadi ba ba ratang Modimo ga ba sulafalelwe ke go ikobela tlhogo ya bone e e lorato. Ba gakologelwa gore Jehofa o ne a dira Efa “motlatsi” wa monna wa gagwe, e leng maikarabelo a Modimo a neng a a tsaya a tlotlega. (Gen. 2:18) Mosadi yo o nyetsweng wa Mokeresete yo o diragatsang maikarabelo ao ka go rata, ruri ke “serwalo” mo monneng wa gagwe.—Dia. 12:4.

11. Mokaulengwe mongwe o ne a re lenyalo la gagwe le thusitswe ke eng gore le atlege?

11 Se sengwe se se ka thusang gore Modimo a nne a le mo lenyalong ke gore banyalani ba ithute Lefoko la Modimo mmogo. Gerald, yo o nang le dingwaga tse 55 a le mo lenyalong le le itumetseng, a re: “Selo sa botlhokwa thata se se dirang gore lenyalo le atlege ke go bala le go ithuta Baebele mmogo.” Gape a re: “Go dira dilo mmogo, segolobogolo dilo tsa semoya, go dira gore banyalani ba atamalane thata ba bo ba atamalane le Jehofa.” Go ithuta Baebele mmogo go thusa lelapa go nna le akantse ka melao ya ga Jehofa, go nonotsha kamano ya bone le ene, e bile go dira gore ba tswelele ba gatela pele sentle.

12, 13. (a) Ke eng fa go le botlhokwa thata gore banyalani ba rapele mmogo? (b) Ke ditiro dife tse dingwe tsa Bokeresete tse di nonotshang lenyalo?

12 Gape banyalani ba ba itumetseng ba rapela mmogo. Fa monna a ‘tsholola pelo ya gagwe’ a kopa dilo dingwe tse ba di tlhokang, kwantle ga pelaelo seo se nonotsha kgolagano ya lenyalo. (Pes. 62:8) Ka sekai, go ka nna motlhofo gore o se ka wa tlhola o tsosa kgotlhang e o neng o na le yone le molekane wa gago pele ga lo rapela Mothatayotlhe mmogo gore a lo kaele. (Math. 6:14, 15) Go dumalana le thapelo ya lona, go ka nna molemo gore loobabedi lo ikemisetse go thusana le go ‘tswelela lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile.’ (Bakol. 3:13) Gakologelwang gore go rapela go bontsha gore lo ikanya Modimo. Kgosi Dafide o ne a re: “Matlho a botlhe a leba kwa go wena ka tsholofelo.” (Pes. 145:15) Fa re rapela Modimo ka tsholofelo ga re nne le ditlhobaelo tse dintsi, ka gonne re itse gore ‘o a re kgathalela.’—1 Pet. 5:7.

13 Tsela e nngwe ya botlhokwa e re ka dirang gore Jehofa a nne a le mo lenyalong la rona ka yone ke ka go ya dipokanong tsa phuthego le go bereka mmogo mo bodireding jwa tshimo. Kwa dipokanong, banyalani ba ithuta kafa ba ka lwantshang ka teng “maano a boferefere” a Satane a a dirisang go kgaoganya malapa. (Baef. 6:11) Mme monna le mosadi ba ba berekang mmogo ka metlha mo tirelong ya tshimo ba ithuta gore ba nne ba ‘nitame ba sa tshikhinyege.’—1 Bakor. 15:58.

Fa go Tsoga Mathata

14. Ke dilo dife tse di ka bakang mathata mo lenyalong?

14 Ke boammaaruri gore o ka tswa o setse o kile wa utlwa dikakantsho tse di fa godimo, mme ke eng o sa tlotle ka tsone o phuthologile le molekane wa gago? Sekasekang gore a go na le dilo dingwe tse lo tshwanetseng go dira diphetogo mo go tsone mo lenyalong la lona. Le fa go ntse jalo, Baebele e a dumela gore le batho ba Modimo a leng mo manyalong a bone “ba tla nna le pitlagano mo nameng ya bone.” (1 Bakor. 7:28) Ka ntlha ya bosaitekanelang jwa batho, tlhotlheletso e e bosula ya lefatshe leno le le se nang molao le dirai tsa ga Diabolo, tota le manyalo a batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo a kgona go nna le mathata a magolo. (2 Bakor. 2:11) Mme Jehofa o re thusa gore re kgone go lebana le mathata ao. Ee, re ka kgona. Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a swelwa ke leruo, batlhokomedi le bana. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Mo go seno sotlhe Jobe ga a ka a leofa kgotsa a kaya fa Modimo a dirile sepe se se sa tshwanelang.”—Jobe 1:13-22.

15. Mathata a ka dira gore batho ba itshware jang, mme balekane ba lenyalo ba ka lebana jang le seo?

15 Mosadi wa ga Jobe ene o ne a mo raya a re: “A o sa ntse o ngangatletse bothokgami jwa gago? Tlhapatsa Modimo mme o swe!” (Jobe 2:9) Eleruri, fa go nna le masetlapelo kana mathata a mangwe, go tshwenyega mo maikutlong ka ntlha ya seo go ka felela ka gore motho a dire dilo a sa akanya sentle. Monna yo o botlhale a re: “Kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa.” (Mor. 7:7) Fa molekane wa gago a phatloga ka bogale a bua mafoko a a utlwisang botlhoko ka gonne go na le mathata, kana “kgatelelo,” leka go nna o digile makgwafo. Go mo fetola ka bogale go ka nna ga dira gore mongwe wa lona, kana loobabedi lo bue sengwe se se tla dirang gore boemo joo bo nne maswe le go feta. (Bala Pesalema 37:8.) Ka jalo, itlhokomolose “puo e e phomesegelang fela” e e ka tswang e bakwa ke go betwa ke pelo kana go kgobega marapo.—Jobe 6:3.

16. (a) Mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 7:1-5 a ka dirisiwa jang mo lenyalong? (b) Ke eng fa go nna tekatekano go le botlhokwa thata mo lenyalong?

16 Banyalani ga ba a tshwanela go lebelela dilo tse tota di ka se kang tsa direga. Molekane yo mongwe a ka nna a bona mekgwa mengwe mo molekaneng wa gagwe, a ba a akanya a re, ‘Nka mo fetola.’ Ka go bontsha lorato le bopelotelele, fa nako e ntse e tsamaya o ka nna wa kgona go thusa molekane wa gago go tokafatsa. Le fa go ntse jalo, o se ka wa lebala gore Jesu o ne a tshwantsha motho yo o bonang diphoso tse di sa reng sepe mo go yo mongwe le motho yo o bonang “lotlhaka” mo leitlhong la mokaulengwe wa gagwe, mme a sa bone “tlhomeso” e e mo leitlhong la gagwe. Jesu o ne a re kgothatsa jaana: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa.” (Bala Mathaio 7:1-5.) Seno ga se reye gore diphoso tse di masisi di tshwanetse go tlhokomologiwa. Robert, yo o nang le dingwaga tse di batlileng di tshwara 40 a nyetse, a re: “Banyalani ba tlhoka go buisana ba phuthologile le go iketleeletsa go baakanya fa yo mongwe a gakolola yo mongwe, mme seo se ka felela ka gore ba dire diphetogo dingwe mo botshelong jwa bone.” Ka jalo, nna tekatekano. Go na le go nnela go tshwenyega ka dinonofo tse o eletsang e kete molekane wa gago a ka bo a na le tsone, ithute go anaanela le go itumelela dinonofo tse di molemo tse a setseng a na le tsone.Mor. 9:9.

17, 18. Fa go tsoga mathata, re ka batla thuso kae?

17 Go ka nna le diteko fa maemo a fetoga mo botshelong. Banyalani ba ka nna ba lebana le mathata fa ba nna le bana. Molekane wa lenyalo kana ngwana a ka lwala thata. Batsadi ba ka nna ba tlhoka go tlhokomelwa ka tsela e e kgethegileng fa ba tsofala. Bana ba ba godileng ba ka nna ba fudugela kgakala le legae. Diphetogo tse dingwe di ka bakwa ke go nna le ditshiamelo le maikarabelo mo phuthegong. Diphetogo tseno tsotlhe di ka baka mathata le tlhobaelo mo lenyalong.

18 Fa mathata a o nang le one mo lenyalong a dira gore o ikutlwe o tlaletswe thata, o ka dirang? (Dia. 24:10) O se ka wa itlhoboga! Satane a ka rata gore mongwe wa batlhanka ba Modimo a tlogele kobamelo e e itshekileng. A ka itumela le go feta fa e ka tlogelwa ke banyalani. Ka jalo, dira sotlhe se o ka se kgonang go tlhomamisa gore lenyalo la gago le nna e le mogala o o menaganeng seraro. Baebele e na le dipego tse dintsi tsa batho ba ba ileng ba nna ba ikanyega le fa ba ne ba lebane le diteko tse dikgolo. Ka sekai, nako nngwe Dafide o ne a tshololela Jehofa mafatlha, a re: “Nkutlwela botlhoko, tlhe Modimo, ka gonne motho yo o nang le go swa o . . . nna a nkgatelela.” (Pes. 56:1) A o kile wa ikutlwa o gateletswe ke “motho yo o nang le go swa”? Le fa kgatelelo eo e ka tswa e bakwa ke motho yo o kgakala le wena kana ke motho yo o atamalaneng le ene, gakologelwa: Dafide o ne a nna le nonofo ya go itshoka, le wena o ka nna le yone. Dafide o ne a re: “Ke ne ka botsa Jehofa, mme a nkaraba, mme a nkgolola mo letshogong lotlhe la me.”—Pes. 34:4.

Masego a Mangwe

19. Re ka thibela jang ditlhaselo tsa ga Satane?

19 Mo nakong eno ya bokhutlo, banyalani ba tshwanetse go ‘nna ba gomotsana le go agana.’ (1 Bathes. 5:11) O se ka wa lebala gore Satane a re re ikanyega mo go Jehofa fela ka gonne re batla go solegelwa molemo. O tla dira sengwe le sengwe se a ka se kgonang, go akaretsa go thuba lenyalo, go dira gore re se ka ra ikanyega mo Modimong. Gore re kgone go thibela ditlhaselo tsa ga Satane, re tshwanetse go ikanya Jehofa ka botlalo. (Dia. 3:5, 6) Paulo o ne a re: “Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—Bafil. 4:13.

20. Batho ba bona masego afe fa ba dira gore Modimo a nne a le mo manyalong a bone?

20 Masego a batho ba a bonang fa Modimo a le mo lenyalong la bone a mantsi. Seno se itshupile se le boammaaruri mo go Joel le mosadi wa gagwe yo o nang le dingwaga tse 51 a nyalane le ene. Joel a re: “Ke leboga Jehofa ka metlha ke lebogela mosadi wa me le lenyalo la rona le le itumetseng. E ntse e le molekane yo o molemo.” Ke eng se se ba thusitseng? “Ka metlha re leka go bontshana bopelonomi, bopelotelele le lorato.” Ga go na ope wa rona yo o ka dirang seo ka botlalo mo tsamaisong eno ya dilo. Le fa go ntse jalo, a re lekeng ka natla go dirisa melaometheo ya Baebele le go dira gore Jehofa a nne a le mo manyalong a rona. Fa re dira jalo, manyalo a rona a tla tshwana le “mogala o o menaganeng seraro [o o ka se kang] wa kgaoganngwa sebedi ka bonako.”—Mor. 4:12.

A o A Gakologelwa?

• Go kaya eng gore Jehofa a nne mo lenyalong?

• Banyalani ba tshwanetse go dirang fa go tsoga mathata?

• Re ka itse jang gore a Modimo o mo lenyalong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go rapela mmogo go thusa banyalani go lebana le mathata