Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Gana go Tlhotlhelediwa ke “Moya wa Lefatshe”

Gana go Tlhotlhelediwa ke “Moya wa Lefatshe”

Gana go Tlhotlhelediwa ke “Moya wa Lefatshe”

“Re ne ra se ka ra amogela moya wa lefatshe, fa e se moya o o tswang kwa Modimong.”—1 BAKOR. 2:12.

1, 2. (a) Bogologolo dithaga di ne di dirisediwa eng mo meepong ya Boritane?(b) Bakeresete ba lebane le kotsi efe?

KA NGWAGA wa 1911, balaodi ba kwa Boritane ba ne ba tlhoma molao o o neng o diretswe go sireletsa matshelo a batho ba ba neng ba bereka mo meepong ya magala. Moepo mongwe le mongwe o ne o tshwanetse go nna le dithaga tse pedi. Ka lebaka lefe? Fa go ne go ka runya molelo mo moepong, batho ba ba namolang ba ne ba tla tsena kafa tlase ga lefatshe ba tshotse dithaga tseo. Dinonyane tseo tse dinnye di fekeediwa motlhofo ke digase tse di botlhole, tse di jaaka carbon monoxide. Fa moya o ne o ka kgotlelesega, dinonyane tseno di ne di bontsha gore ga di tseege sentle, e bile di ne di wa fa di kotameng teng. Tlhagiso eno e e neng e bonwa go sa le gale e ne e le botlhokwa. Carbon monoxide ke gase e e se nang mmala, e e se nang monko, e e bolayang ka go dira gore disele tse dikhibidu tsa madi di emise go tsamaisa okosejene mo mmeleng. Fa batho ba ba namolang ba sa lemoga kotsi, ba ne ba ka idibala ba bo ba swa ba sa lemoga le gore mebele ya bone e ne e tsenwe ke botlhole.

2 Ka tsela ya semoya, Bakeresete ba lebane le boemo jo bo tshwanang le jwa batho ba ba neng ba dira mo meepong eo. Jang? Fa Jesu a ne a naya barutwa ba gagwe tiro ya go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe, o ne a itse gore o ne a ba romela mo lefelong le le kotsi, le le laolwang ke Satane le moya wa lefatshe. (Math. 10:16; 1 Joh. 5:19) Jesu o ne a tshwenyegile thata ka barutwa ba gagwe mo e leng gore bosigo jwa pele ga a swa, o ne a rapela Rraagwe a re: “Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo.”—Joh. 17:15.

3, 4. Jesu o ne a naya barutwa ba gagwe tlhagiso efe, mme ke eng fa re tshwanetse go e kgatlhegela?

3 Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe ka kotsi ya go robala boroko jwa semoya jo bo ka felelang ka go swa semoyeng. Mafoko a gagwe a re ama thata jaaka re tshela mo bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo. O ne a kgothatsa barutwa ba gagwe jaana: “Nnang lo tsogile . . . gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:34-36) Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore Jesu gape o ne a solofetsa gore Rraagwe o ne a tla ba naya moya o o boitshepo go ba gopotsa dilo dingwe le go ba thusa go nna ba tsogile e bile ba nonofile.—Joh. 14:26.

4 Go tweng ka rona gompieno? A le rona moya oo o o boitshepo o ka re thusa? Fa go ntse jalo, re tshwanetse go dira eng gore re nne le one? Moya wa lefatshe ke eng, mme o bereka jang? Re ka kgona jang go gana go tlhotlhelediwa ke moya ono wa lefatshe?—Bala 1 Bakorintha 2:12.

Moya o o Boitshepo Kana Moya wa Lefatshe?

5, 6. Moya o o boitshepo o ka re direla eng, mme re tshwanetse go dira eng gore re o amogele?

5 Moya o o boitshepo ga o a felela fela mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Le gompieno o teng, mme o ka re naya maatla a go dira se se siameng e bile o ka re naya nonofo ya go direla Modimo. (Bar. 12:11; Bafil. 4:13) Gape o ka dira gore re nne le dinonofo tse di bonolo, tse di tshwanang le lorato, bopelonomi le molemo, tse e leng mangwe a “maungo a moya.” (Bagal. 5:22, 23) Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo ga a pateletse batho ba ba sa batleng moya wa gagwe o o boitshepo gore ba nne le one.

6 Ka jalo go tla bo go utlwala gore re ipotse jaana, ‘Nka dira eng gore ke amogele moya o o boitshepo?’ Baebele e bontsha gore go na le dilo di le mmalwa tse re ka di dirang. Kgato ya botlhokwa e motlhofo—o kope mo Modimong. (Bala Luke 11:13.) Kgato e nngwe e e molemo ke go ithuta le go dirisa kgakololo e e mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya. (2 Tim. 3:16) Ga se gore mongwe le mongwe fela yo o balang Baebele o amogela moya wa Modimo. Mme fa Mokeresete yo o peloephepa a ithuta Lefoko la Modimo, a ka kgona go ikutlwa ka tsela e e tlhalosiwang mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng le go leba dilo ka yone tsela eo. Gape go botlhokwa go dumela gore Jehofa o tlhomile Jesu go nna moemedi wa gagwe le gore ke ene yo Modimo a mo dirisang go re naya moya wa Gagwe. (Bakol. 2:6) Ka jalo, re batla go latela sekao sa ga Jesu mme re tshele go ya ka dithuto tsa gagwe. (1 Pet. 2:21) Fa re ntse re leka go tshwana le Keresete, re tla nna re ntse re amogela moya o o boitshepo.

7. Moya wa lefatshe o tlhotlheletsa batho jang?

7 Moya wa lefatshe one o tlhotlheletsa batho go nna le botho jo bo tshwanang le jwa ga Satane. (Bala Baefeso 2:1-3.) Moya ono o dira ka ditsela di le mmalwa. Jaaka re bona mo lefatsheng lotlhe gompieno, o kgothaletsa batho gore ba se ka ba ikobela melao ya Modimo. O kgothaletsa “keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong.” (1 Joh. 2:16) O dira gore batho ba dire ditiro tsa nama, tse di jaaka go dira boaka, go obamela medingwana, go dirisana le meya, go nna lefufa, go phatloga ka bogale le go tagwa. (Bagal. 5:19-21) Gape o kgothaletsa puo ya botlhanogi e e kgotlelang se se boitshepo. (2 Tim. 2:14-18) Kwantle ga pelaelo fa motho a tswelela a itetla go tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe, o tla tshwana le Satane.

8. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tlhopha magareng ga eng le eng?

8 Go ka se kgonege gore re tshele re sa tlhotlhelediwe ke moya ope. Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go tlhopha gore ke eng se a tla se letlang go laola botshelo jwa gagwe—moya o o boitshepo kana moya wa lefatshe. Batho ba jaanong ba laolwang ke moya wa lefatshe ba ka tswa mo taolong ya one ka go letla moya o o boitshepo gore o kaele matshelo a bone. Le fa go ntse jalo, go ntse go ka direga se se fapaaneng le seo. Batho ba ba kileng ba bo ba laolwa ke moya o o boitshepo ba ka tshwaediwa ke moya wa lefatshe. (Bafil. 3:18, 19) A re boneng kafa re ka ganang go tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe ka teng.

Lemoga Matshwao a a Tlhagisang Go sa Le Gale

9-11. Mangwe a matshwao a a tlhagisang a a bontshang gore re ka tswa re tshwaediwa ke moya wa lefatshe ke afe?

9 Batho ba ba umakilweng fa godimo ba ba berekang kwa meepong ya Boritane ba ne ba dirisa dithaga gore ba kgone go lemoga go sa le gale fa go na le gase e e botlhole. Fa motho yo o berekang mo moepong a bona nonyane e wa fa e neng e kotame teng, o ne a itse gore o tshwanetse go tsaya kgato ka bonako gore a boloke botshelo jwa gagwe. Mo dilong tsa semoya, mangwe a matshwao a a tlhagisang go sa le gale a a bontshang gore re tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe ke afe?

10 Fa re ne re simolola go ithuta dithuto tse di mo Lefokong la Modimo re bo re neela matshelo a rona mo go Jehofa, re ka tswa re ne re bala Baebele ka tlhoafalo. Gongwe re ne re rapela ka tlhoafalo e bile re rapela kgapetsakgapetsa. E bile re ne re itumelela go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete, re tsaya pokano nngwe le nngwe e lapolosa semoyeng, jaaka monna yo o tshwerweng ke lenyora a ka lapolosiwa ke metsi mo sekakeng. Go dira dilo jalo go ne ga re thusa gore re se ka ra tlhola re laolwa ke moya wa lefatshe.

11 A re sa ntse re leka go bala Baebele letsatsi le letsatsi? (Pes. 1:2) A re rapela ka metlha e bile re rapela go tswa pelong? A re rata dipokano tsa phuthego mme re nna teng kwa go tsone tsotlhe beke le beke? (Pes. 84:10) Kana ga re tlhole re na le mengwe ya mekgwa eno e e molemo? Ke boammaaruri gore re ka tswa re na le maikarabelo a mantsi a a tlhokang nako ya rona le maatla a rona, mme go ka nna thata gore re tswelele re latela thulaganyo e e molemo ya go dira dilo tsa semoya. Mme fa e le gore ga re tlhole re na le mengwe ya mekgwa eo e e molemo, a seo se ka tswa se bontsha gore re tshwaediwa ke moya wa lefatshe? A jaanong re tla tsaya matsapa go tsosolosa mekgwa e e molemo e re kileng ra bo re na le yone?

‘Le ka Motlha Lo se Ka Lwa Imelwa’

12. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe tlhagiso efe, mme ka ntlha yang?

12 Ke eng se sengwe se re ka se dirang go gana moya wa lefatshe? Fa Jesu a ne a kgothatsa barutwa ba gagwe gore ba ‘nne ba tsogile,’ o ne a sa tswa go ba tlhagisa ka dikotsi dingwe. O ne a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru.”—Luke 21:34, 35.

13, 14. Go tla bo go le molemo gore re ipotse dipotso dife malebana le go ja le go nwa?

13 Akanya ka tlhagiso eo. A Jesu o ne a kgala go ja le go nwa? Le e seng! O ne a itse mafoko ano a a kileng a buiwa ke Solomone: “Ke a itse gore ga go na sepe se se botoka mo [bathong] fa e se go ipela le go dira molemo mo nakong ya botshelo jwa motho; gape gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.” (Mor. 3:12, 13) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore moya wa lefatshe o tlhotlheletsa batho gore ba se ka ba nna le boikgapo fa ba ja le fa ba nwa.

14 Re ka tlhomamisa jang gore moya wa lefatshe ga o a re tshwaetsa gore re se ka ra bona dikotsi tsa go ja bobe le go nwa bobe? Re ka ipotsa jaana: ‘Ke itshwara jang fa ke bala kgakololo e e malebana le go ja bobe mo Baebeleng kana mo dikgatisong tsa rona? A ke na le mokgwa wa go tlhokomologa kgakololo eno ke re ga e nkame kana e feteletse, gongwe ke itirela diipato tsa mekgwa e ke nang le yone? * Ke leba jang kgakololo e e malebana le bojalwa, ya gore fa e le gore ke a bo nwa, ke bo nwe ka tekano mme ke tile gotlhelele “mediro ya ditlhapelo”? A ga ke tseye kgakololo eno masisi, ke tsaya gore ka lebaka lengwe ga e nkame? Fa ba bangwe ba re tsela e ke nwang ka yone e a ba tshwenya, a ke leka go ipuelela kana ke a galefa? A ke kgothaletsa ba bangwe gore ba se ka ba tsaya kgakololo eo ya Baebele masisi?’ Ee, tsela e motho a dirang dilo ka yone ke letshwao la gore a o ka tswa a tshwaediwa ke moya wa lefatshe.—Bapisa Baroma 13:11-14.

Tila go Fekeediwa ke Tlhobaelo

15. Jesu o ne a tlhagisa malebana le mokgwa ofe o batho ba nang le one?

15 Selo se sengwe sa botlhokwa se se ka re thusang gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe ke go laola tlhobaelo. Jesu o ne a itse gore jaaka re le dibopiwa tse di sa itekanelang, re na le mokgwa wa go tlhobaela ka dilo tse di tlwaelegileng tsa letsatsi le letsatsi. O ne a raya barutwa ba gagwe jaana ka lorato: “Tlogelang go tlhobaela.” (Math. 6:25) Go a utlwala gore re tshwenyege ka dilo tsa botlhokwa, tse di tshwanang le go itumedisa Modimo, go diragatsa maikarabelo a Bokeresete, le go tlamela ba malapa a rona ka dilo tse ba di tlhokang. (1 Bakor. 7:32-34) Ka jalo, re ka ithuta eng mo tlhagisong ya ga Jesu?

16. Moya wa lefatshe o ama batho ba bantsi jang?

16 Moya wa lefatshe, o o tlhotlheletsang batho go bontsha ka mabela se ba nang le sone mo botshelong, o tshwaetsa batho ba bantsi mme o dira gore ba nne le tlhobaelo e e dirang gore ba se ka ba tshela sentle. Lefatshe le batla re dumela gore madi ke tshireletsego le gore boleng jwa motho ga bo kalwe ka dinonofo tsa Bokeresete tse a nang le tsone, mme bo laolwa ke gore o na le dithoto tse dintsi go le kana kang, le tsa boleng jo bo kana kang. Batho ba ba tsiediwang ke thuto eno ya maaka ba dira ka natla gore ba hume mme ba nna ba tshwenyegile ka go nna le dilo tsa moragorago, tse dikgolo thata, le tsa maemo a a kwa godimo thata. (Dia. 18:11) Go leba dithoto ka tsela e e ntseng jalo e e sokameng go baka ditlhobaelo tse di hupetsang kgatelopele ya motho ya Bokeresete.—Bala Mathaio 13:18, 22.

17. Re ka tila jang go fekeediwa ke tlhobaelo?

17 Re ka tila go fekeediwa ke tlhobaelo ka go utlwa taelo eno ya ga Jesu: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya [Modimo].” Jesu o re tlhomamisetsa gore fa re dira jalo, re tla okelediwa dilo tse tota re di tlhokang. (Math. 6:33) Re ka bontsha jang gore re dumela tsholofetso eno? Tsela nngwe ke ka go batla tshiamo ya Modimo pele—go ikobela molao wa Modimo malebana le se se siameng fa go tliwa mo dikgannyeng tsa madi. Ka sekai, ga re kwale maaka mo diforomong tsa makgetho e bile ga re bue maaka, le fa a le mannye go le kana kang, mo dikgannyeng tsa kgwebo. Re dira sotlhe se re ka se kgonang go duela dikoloto tsa rona, re dira gore ‘Ee wa rona a reye Ee.’ (Math. 5:37; Pes. 37:21) Go ikanyega jalo go ka nna ga se ka ga dira gore motho a hume, mme go tla dira gore a amogelwe ke Modimo, a nne le segakolodi se se phepa, e bile go fokotsa tlhobaelo fela thata.

18. Jesu o re tlhometse sekao sefe se se molemo, mme re solegelwa molemo jang fa re mo etsa?

18 Go batla Bogosi pele go akaretsa go itse gore dilo tsa botlhokwa mo botshelong ke dife. Akanya ka sekai sa ga Jesu. Ka dinako tse dingwe, o ne a apara seaparo sa boleng jo bo kwa godimo. (Joh. 19:23) O ne a itumelela go ja dijo le go nwa beine a na le ditsala. (Math. 11:18, 19) Mme dithoto le boitlosobodutu di ne di tshwana le letswai mo dijong, e ne e se tsone dijo. Dijo tsa ga Jesu e ne e le go dira thato ya ga Jehofa. (Joh. 4:34-36) Botshelo bo nna le bokao tota fa re etsa Jesu! Re itumelela go thusa batho ba ba imetsweng gore ba bone kgomotso mo Dikwalong. Phuthego e re bontsha lorato e bile e re ema nokeng. Mme re itumedisa pelo ya ga Jehofa. Fa re itse gore dilo tsa botlhokwa mo botshelong ke dife, ga re laolwe ke dithoto le menate. Go na le moo, dilo tseo e nna batlhanka, kana didirisiwa tse di re thusang go obamela Jehofa. Mme fa re nna re tshwaregile thata mo tirong e e direlwang Bogosi jwa Modimo, go ka se nne motlhofo gore re fekeediwe ke moya wa lefatshe.

Nna o ‘Tlhomile Mogopolo mo Moyeng’

19-21. Re ka nna jang re ‘tlhomile mogopolo mo moyeng,’ mme ke eng fa re tshwanetse go dira jalo?

19 Motho o a akanya pele ga a dira sengwe. Ditiro tse batho ba bantsi ba reng motho o di dira a sa akanya, gantsi di a bo di tlhotlhelediwa ke dikakanyo tsa senama. Ka jalo, moaposetoloi Paulo o re gakolola kafa go leng botlhokwa ka teng go disa tsela e re akanyang ka yone. O ne a re: “Ba ba tumalanong le nama ba tlhoma megopolo ya bone mo dilong tsa nama, mme ba ba tumalanong le moya ba o tlhoma mo dilong tsa moya.”—Bar. 8:5.

20 Re ka dira jang gore moya wa lefatshe o se ka wa laola tsela e re akanyang ka yone le dilo tse re di dirang? Re tshwanetse go laola se re akanyang ka sone, re leke ka natla gore re se ka ra akanya ka dithuto tsa lefela tsa lefatshe. Ka sekai, fa re tlhopha boitlosobodutu, ga re letle megopolo ya rona gore e leswafadiwe ke dithulaganyo tse di rotloetsang boitsholo jo bo sa siamang kana thubakanyo. Re itse gore moya wa Modimo o o boitshepo, o o phepa, o ka se nne mo mogopolong o o leswe. (Pes. 11:5; 2 Bakor. 6:15-18) Gape re laletsa moya wa Modimo gore o nne mo megopolong ya rona ka go bala Baebele ka metlha, ka go rapela, go tlhatlhanya le go nna teng kwa dipokanong. Mme re dira go dumalana le moya oo ka go nna le seabe ka metlha mo tirong ya Bokeresete ya go rera.

21 Ruri re tshwanetse go tila moya wa lefatshe le dikeletso tsa nama tse o re kgothaletsang go nna le tsone. Mme go dira jalo ka tlhoafalo go tla re solegela molemo tota ka gonne, jaaka Paulo a bua, “go tlhoma mogopolo mo nameng go raya loso, mme go tlhoma mogopolo mo moyeng go raya botshelo le kagiso.”—Bar. 8:6.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 14 Go ja bobe go amana le boikutlo jwa motho, mme seo se bonala ka go ja ka bogagaru kana go ja mo go feteletseng. Ga go lemogiwe ka boima jwa mmele wa motho mme go lemogiwa mo tseleng e a ikutlwang ka yone ka dijo. Motho a ka tswa a na le mmele o o lekanetseng kgotsa e bile a le mosesane, mme a a ja bobe. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, ka dinako tse dingwe bokima jo bo feteletseng bo ka tswa bo bakwa ke bolwetse, kgotsa lefutso. Sa botlhokwa ke gore a motho o ja ka bogagaru, go sa kgathalesege gore o na le mmele o o kana kang.—Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 1, 2004.

A o A Gakologelwa?

• Re tshwanetse go dirang gore re amogele moya o o boitshepo?

• Moya wa lefatshe o ka re tshwaetsa ka ditsela dife?

• Re ka gana jang go tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Pele ga o ya tirong kana sekolong, rapelela moya o o boitshepo

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Re tshwanetse go boloka megopolo ya rona e le phepa, re ikanyege mo go tsa kgwebo, mme re dire dilo ka tekatekano