Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke “Mofalotsi” wa Rona

Jehofa ke “Mofalotsi” wa Rona

Jehofa ke “Mofalotsi” wa Rona

“Jehofa o tla ba thusa le go ba falotsa.”—PES. 37:40.

1, 2. Ke ntlha efe ya konokono ka ga Jehofa e e re gomotsang le go re nonotsha?

MERITI e e dirwang ke letsatsi ga e eme felo go le gongwe. Fa lefatshe le ntse le dikologa, le yone e a suta. Le fa go ntse jalo, Mmopi wa lefatshe le letsatsi ene ga a fetoge. (Mal. 3:6) Baebele ya re: “Mo go ene ga go na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.” (Jak. 1:17) Ntlha eno ya konokono ka ga Jehofa ruri e a re gomotsa e bile e a re nonotsha, bogolo jang fa re lebane le diteko tse di boima le mathata. Ka ntlha yang?

2 Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Jehofa o ile a itshupa e le “Mofalotsi” mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. (Pes. 70:5) Ga a fetoge e bile ka metlha o dira jaaka a buile; ka jalo baobamedi ba gagwe gompieno ba na le mabaka a a utlwalang a go mo ikanya gore o tla “ba thusa le go ba falotsa.” (Pes. 37:40) Jehofa o ile a falotsa batlhanka ba gagwe jang mo metlheng ya gompieno? A ka re falotsa jang motho ka bongwe?

Ba Namotswe mo Baganetsing

3. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore baganetsi ba ka se thibele batho ba ga Jehofa go rera dikgang tse di molemo?

3 Le fa Satane a ka ganetsa Basupi ba ga Jehofa go le kana kang, le ka motlha a ka se ba thibele go naya Jehofa kobamelo e e feletseng e e mo tshwanelang. Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato.” (Isa. 54:17) Baganetsi ba lekile go thibela batho ba Modimo go diragatsa thomo ya bone ya go rera, mme ba paletswe. Akanya ka dikai tse pedi.

4, 5. Batho ba ga Jehofa ba ne ba lebana le kganetso efe ka 1918, mme ga felela jang?

4 Ka 1918, batho ba ga Jehofa ba ne ba lebana le pogiso e kgolo e e neng e tlhotlhelediwa ke baruti ba ba neng ba batla go emisa tiro ya bone ya go rera. Ka May 7, puso e ne ya ntsha ditaelo tsa gore go tshwarwe J. F. Rutherford, yo o neng a okametse tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe ka nako eo, le ba bangwe ba ba neng ba bereka kwa ntlokgolo. Mo dikgweding di le pedi fela, Mokaulengwe Rutherford le ditsala tsa gagwe ba ne ba latofadiwa ka maaka go twe ba batla go menola puso mme ba atlholelwa lobaka lo loleele mo kgolegelong. A baganetsi ba ne ba kgonne go dirisa dikgotlatshekelo go emisetsa ruri tiro ya go rera? Nnyaa le e seng!

5 Gakologelwa tsholofetso eno ya ga Jehofa: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se . . . bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.” Mme go ne ga diragala sengwe se se neng se sa lebelelwa ka March 26, 1919—dikgwedi di le robongwe Mokaulengwe Rutherford le badiri ka ene ba sena go atlholwa—bakaulengwe bano ba ba neng ba le mo kgolegelong ba ne ba ntsha madi mme ba gololwa gore ba letele tsheko ba le kwa ntle. Ngwaga o o latelang, ka May 5, 1920, melato e ba neng ba latofaditswe ka yone e ne ya phimolwa. Bakaulengwe ba ne ba dirisa kgololesego ya bone go tswelela pele ka tiro ya Bogosi. Mme go ne ga felela jang? Go nnile le koketsego e kgolo thata fa e sale ka nako eo! Seno sotlhe se diragetse ka ntlha ya “Mofalotsi.”—1 Bakor. 3:7.

6, 7. (a) Go ne ga nna le letsholo lefe kgatlhanong le Basupi ba ga Jehofa kwa Jeremane wa Bonasi, mme go ne ga felela ka eng? (b) Hisitori ya motlha wa gompieno ya batho ba ga Jehofa e supa eng?

6 Jaanong akanya ka sekai sa bobedi. Ka 1934, Hitler o ne a ititaya sehuba gore o tla fedisa Basupi ba ga Jehofa botlhe kwa Jeremane. O ne a sa tshosetse fela. Morago ga moo batho ba le bantsi ba ne ba tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong. Basupi ba le diketekete ba ne ba tshwarwa setlhogo; ba le makgolokgolo ba ne ba bolawa mo dikampeng tsa pogisetso. A Hitler o ne a kgona go fedisa Basupi jaaka a ne a ikaeletse? A o ne a emisa tiro yotlhe ya go rera dikgang tse di molemo kwa Jeremane? Nnyaa le e seng! Fa bakaulengwe ba rona ba ntse ba bogisiwa, ba ne ba tswelela ka tiro ya go rera mo sephiring. Fa puso ya Banasi e sena go phutlhama, ba ne ba dirisa kgololesego ya bone go tswelela pele ba rera. Gompieno go na le baboledi ba Bogosi ba feta 165 000 kwa Jeremane. Le fano gape, “Mofalotsi” o ile a diragatsa tsholofetso eno ya gagwe: “Sebetsa le fa e ka nna sefe se se . . . bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega.”

7 Hisitori ya motlha wa gompieno ya Basupi ba ga Jehofa e bontsha gore le ka motlha Jehofa a ka se letle gore batho ba gagwe ba fedisiwe jaaka setlhopha. (Pes. 116:15) Mme go tweng ka rona motho ka bongwe? Jehofa o falotsa mongwe le mongwe wa rona jang?

A o Re Sireletsa fa re Lebane le Loso?

8, 9. (a) Re itse jang gore ga re a tlhomamisediwa gore re tla sirelediwa fa re lebane le loso? (b) Re tshwanetse go leba dilo jaaka di ntse mme ra dumela eng?

8 Re a itse gore ga re a tlhomamisediwa gore re tla sirelediwa motho ka bongwe gone jaanong fa re lebane le loso. Re ikutlwa jaaka Bahebera ba bararo ba ba ikanyegang ba ba neng ba gana go ikobela setshwantsho sa gouta sa ga Kgosi Nebukadenesare. Makawana ao a a boifang Modimo ga a ka a tsaya fela gore Jehofa o ne a tla a sireletsa ka kgakgamatso. (Bala Daniele 3:17, 18.) Mme go ne ga felela ka gore Jehofa a ba namole mo molelong wa leubelo le le tukang. (Dan. 3:21-27) Le fa go ntse jalo, tota le mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, go namolwa ka kgakgamatso go ne go direga sewelo. Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba bolawa ke baganetsi.—Baheb. 11:35-37.

9 Go tweng ka motlha wa gompieno? E re ka Jehofa e le “Mofalotsi,” ruri a ka namola batho mo maemong a a kotsi. A re ka bua re tlhomamisegile gore Jehofa ga a tsaya kgato kgotsa o tsere kgato mo maemong mangwe? Nnyaa. Le fa go ntse jalo, motho yo o falotseng seemo sengwe se se kotsi a ka dumela gore Jehofa o tsentse letsogo. Ga se ga rona gore re ganetse tsela e a ikutlwang ka yone. Mme le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leba dilo jaaka di ntse mme ra dumela gore Bakeresete ba ba ikanyegang ba le bantsi ba ile ba swa fa ba ne ba bogisiwa, fela jaaka go ile ga direga mo motlheng wa Banasi. Ba bangwe ba ile ba swa botlhoko. (Mor. 9:11) Re ka nna ra botsa gore, ‘A Jehofa o paletswe ke go nna “Mofalotsi” wa batho ba ba ikanyegang ba ba ileng ba swa go sa lebelelwa?’ Ruri go ka se nne jalo.

10, 11. Ke ka ntlha yang fa go se na sepe se motho a ka se dirang fa a lebane le loso, mme Jehofa ene a ka dirang?

10 Akanya ka seno: Fa motho a lebane le loso, ga go na sepe se a ka se dirang, ka gonne ga go motho ope yo o ka ‘falotsang moya wa gagwe mo seatleng sa Sheole,’ kgotsa Hadese, lebitla le le tlwaelegileng la batho. (Pes. 89:48) Mme go tweng ka Jehofa? Kgaitsadi mongwe yo o falotseng motlha wa dipogiso tsa Banasi o gakologelwa kafa mmaagwe yo e leng Mosupi a kileng a mo gomotsa ka teng fa baratiwa ba bone ba ne ba swa kwa dikampeng tsa pogisetso: “Fa nka bo e le gore fa batho ba swa ba swela ruri, go ne go tla raya gore loso lo maatla go feta Modimo, a ga go jalo?” Ruri loso lo ka se nne maatla go feta Motswedi wa botshelo yo o maatlaotlhe! (Pes. 36:9) Jehofa o gakologelwa batho botlhe ba ba mo Sheole, kgotsa Hadese, mme o tla falotsa mongwe le mongwe wa bone.—Luke 20:37, 38; Tshen. 20:11-14.

11 Mme ruri Jehofa o amega ka baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang gompieno. Jaanong a re sekasekeng ditsela tse tharo tse tota a leng “Mofalotsi” wa rona ka tsone.

O re Sireletsa Semoyeng

12, 13. Ke ka ntlha yang fa go sirelediwa semoyeng go le botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe, mme Jehofa o re sireletsa jang semoyeng?

12 Jehofa o re sireletsa semoyeng, mme eo ke yone tshireletso ya botlhokwa go gaisa tsotlhe. E re ka re le Bakeresete ba boammaaruri, re dumela gore go na le sengwe se se botlhokwa go feta botshelo jo re bo tshelang gone jaanong. Kamano ya rona le Jehofa ke yone e e botlhokwa go gaisa dilo tsotlhe. (Pes. 25:14; 63:3) Fa re se na kamano eo, botshelo jwa rona jwa gone jaanong bo ka se nne le bokao bope jo bo kalo mme re ka se nne le tsholofelo epe ya go tshela mo isagweng.

13 Re lebogela gore Jehofa o re naya thuso yotlhe e re e tlhokang gore re nne re na le kamano e e gaufi le ene. Re thusiwa ke Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng lotlhe. Re ka dirisa dilo tseno ka botlalo jang? Fa re ithuta Lefoko la gagwe ka metlha le ka tlhoafalo, re tla nonotsha tumelo ya rona le tsholofelo ya rona. (Bar. 15:4) Fa re rapelela moya wa gagwe go tswa pelong, o tla re thusa go emelana le thaelo ya go dira dilo tse di sa siamang. (Luke 11:13) Fa re nna re latela kaelo e setlhopha sa motlhanka se e re nayang ka dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng le kwa dipokanong, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, re tla tlamelwa ka ‘dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.’ (Math. 24:45) Dithulaganyo tse di ntseng jalo di re sireletsa semoyeng e bile di re thusa gore re nne re atamalane le Modimo.—Jak. 4:8.

14. Bolela maitemogelo a a bontshang kafa Jehofa a re sireletsang semoyeng ka teng.

14 Sekai sengwe se se bontshang kafa Jehofa a re sireletsang semoyeng ka teng ke sa batsadi ba ba umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo se se fetileng. Malatsinyana fela morwadiabone e bong Theresa a sena go nyelela, ba ne ba utlwa dikgang tse di ngomolang pelo: O ne a bolailwe. * Rraagwe Theresa a re: “Ke ne ke rapetse Jehofa gore a mo sireletse. Fa a fitlhelwa a bolailwe, ruri kwa tshimologong ke ne ke ipotsa gore ke eng fa dithapelo tsa me di sa arabiwa. Gone ke a itse gore Jehofa ga a solofetse gore o tla sireletsa batho ba gagwe ka kgakgamatso motho ka bongwe. Ke ne ka tswelela pele ke rapela gore ke kgone go tlhaloganya dilo sentle. Ke gomoditswe ke go itse gore Jehofa o sireletsa batho ba gagwe semoyeng—ke gore, o re naya se re se tlhokang gore re sireletse kamano ya rona le ene. Tshireletso e e ntseng jalo e botlhokwa fela thata ka gonne e ka ama isagwe ya rona ya bosakhutleng. Jehofa o ne a sireletsa Theresa ka tsela eo; Theresa o ne a mo direla ka boikanyegi ka nako ya fa a tlhokafala. Ke gomoditswe ke go itse gore tsholofelo ya gore a ka tshela gape e mo diatleng tsa gagwe tse di lorato.”

O a Re Nonotsha fa re Lwala

15. Jehofa a ka re thusa ka ditsela dife fa re le mo diphateng tsa bolwetse?

15 Jehofa a ka re nonotsha “mo bolawaneng jwa bolwetse,” fela jaaka a ile a nonotsha Dafide. (Pes. 41:3) Le fa gone jaanong Jehofa a sa re falotse ka go re fodisa ka kgakgamatso, gone o a re thusa. Jang? Melaometheo e e mo Lefokong la gagwe e ka re thusa go dira ditshwetso tse di botlhale malebana le kalafi le dikgang tse dingwe. (Dia. 2:6) Re ka bona tshedimosetso e e mosola le dikakantsho tse re ka di dirisang mo ditlhogong tsa makasine wa Tora ya Tebelo le wa Tsogang! tse di buang ka bothata jo re nang le jone jwa botsogo. Jehofa a ka dirisa moya wa gagwe go re naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore re itshokele seemo sa rona le go nna re ikanyega, go sa kgathalesege gore go direga eng. (2 Bakor. 4:7) Fa re na le thuso e e ntseng jalo, re ka tila go fekeediwa ke bolwetse mo re sa tlholeng re akanya ka kamano ya rona le Modimo.

16. Mokaulengwe mongwe o kgonne jang go itshokela bolwetse?

16 Akanya ka mokaulengwe wa mosha yo go builweng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo se se fetileng. Ka 1998, go ne ga fitlhelwa gore o na le bolwetse jo bo koafatsang disele tsa ditshika le mesifa jo bo bidiwang amyotrophic lateral sclerosis, kgotsa ALS, jo kwa bofelong bo neng jwa mmolaya ditokololo gotlhelele. * O kgonne jang go itshokela bolwetse jono? O tlhalosa jaana: “Ke a tle ke nne le ditlhabi ke bo ke betwe ke pelo mo ke akanyang gore loso ke lone fela lo ka nnamolang. Nako le nako fa ke ikutlwa ke feletswe, ke rapela Jehofa gore a mphe dilo tse tharo: pelo e e ritibetseng, bopelotelele le boitshoko. Ke akanya gore Jehofa o arabile dithapelo tseo. Pelo e e ritibetseng e nthusa gore ke akanye ka dilo tse di gomotsang, tse di jaaka gore go tla bo go ntse jang kwa lefatsheng le lesha fa ke tla bo ke kgona go tsamaya, go itumelela dijo tse di monate, le go boa ke tlotla le ba lelapa la gaetsho gape. Bopelotelele bo nthusa gore ke itshokele mathata a a bakwang ke go swa ditokololo. Boitshoko bo dira gore ke kgone go nna ke ikanyega mme ke tswelele ke tsaya kamano ya me le Modimo e le botlhokwa. Ruri ke kgona go tlhaloganya seemo sa mopesalema Dafide, ka gonne ke akanya gore Jehofa o ile a nnonotsha mo bolawaneng jwa me jwa bolwetse.”—Isa. 35:5, 6.

O re Tlamela ka Dilo Tse re di Tlhokang

17. Jehofa o solofeditse gore o tla re direla eng, mme tsholofetso eo e kaya eng?

17 Jehofa o solofetsa gore o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. (Bala Mathaio 6:33, 34 le Bahebera 13:5, 6.) Seo ga se reye gore re ka nna fela re letetse gore go tla direga ka kgakgamatso gore re nne le dilo tse re di tlhokang, e bile ga se reye gore re ka nna fela re sa batle go bereka. (2 Bathes. 3:10) Mme se tsholofetso eo e se kayang ke se: Fa re batla Bogosi jwa Modimo pele mo botshelong jwa rona e bile re iketleeditse go bereka gore re itshedise, re ka ikanya Jehofa gore o tla re thusa go nna le dilo tse re di tlhokang mo botshelong. (1 Bathes. 4:11, 12; 1 Tim. 5:8) A ka re naya se re se tlhokang ka ditsela tse re sa di lebelelang, gongwe a dirisa moobamedi ka rona gore a re thuse kgotsa a re neye tiro.

18. Bolela maitemogelo a a bontshang gore re ka tlamelwa fa re tlhoka.

18 Akanya ka mmè yo o sa nyalwang yo o umakilweng kwa tshimogolong ya setlhogo se se fetileng. Fa ene le morwadie yo mmotlana ba ne ba fudugela kwa lefelong le lengwe, o ne a thatafalelwa ke go bona tiro. O tlhalosa jaana: “Ke ne ke ya tirelong ya tshimo mo mosong letsatsi le letsatsi, ke bo ke tlhola ke batla tiro thapama. Ke gopola letsatsi lengwe ke ile go reka mashi kwa lebenkeleng. Ke ne ka ema foo ke lebeletse merogo, mme ke se na madi a a lekaneng go e reka. Ga ke ise nke ke ikutlwe ke ngomogile pelo jalo mo botshelong. Fa ke boela gae letsatsi leo, ke ne ka fitlhela go tletse dikgetsi tsa mefuta yotlhe ya merogo ka kwa morago ga ntlo ya me. Go ne go na le dijo tse di lekaneng go re tlamela dikgwedikgwedi. Ke ne ka lela fela mme ka leboga Jehofa.” Moragonyana kgaitsadi yono o ne a utlwa gore dikgetsi tseo di ne di beilwe ke mokaulengwe mongwe mo phuthegong yo o neng a lemile merogo mo tshingwaneng ya gagwe. Nako nngwe morago ga moo o ne a kwalela mokaulengwe yoo lekwalo a re: “Le fa ke ile ka go leboga thata letsatsi lele, ke ne ka leboga le Jehofa ka go dirisa bopelonomi jwa gago go nkgopotsa lorato lwa gagwe.”—Dia. 19:17.

19. Ka nako ya pitlagano e kgolo, batlhanka ba ga Jehofa ba tla tlhomamisega ka eng, mme re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng gone jaanong?

19 Go bonala sentle gore se Jehofa a se dirileng mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele le mo  motlheng wa rona se dira gore re mo ikanye gore ke Mothusi wa rona. Go ise go ye kae, fa pitlagano e kgolo e tlela lefatshe la ga Satane, re tla tlhoka thuso ya ga Jehofa go feta le fa e le leng pele. Le fa go ntse jalo, batlhanka ba ga Jehofa ba tla kgona go mo ikanya ka pelo yotlhe. Ba tla kgona go tsholetsa ditlhogo tsa bone ba ipela, ba itse gore kgololo ya bone e atametse. (Luke 21:28) Fa seo se ise se direge, le fa re ka lebana le diteko tse di ntseng jang, a re ititeyeng sehuba gore re ikanye Jehofa, re tlhomamisegile ka botlalo gore  Modimo wa rona yo o sa fetogeng ruri ke “Mofalotsi” wa rona.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 14 Bona setlhogo se se reng, “Coping With an Unspeakable Tragedy [Go Itshokela Masetlapelo a a Ngomolang Pelo],” mo makasineng wa Tsogang! wa July 22, 2001, tsebe 19-23 (ka Seesemane).

A o A Gakologelwa?

• Jehofa a ka falotsa jang batho ba ba suleng go sa lebelelwa?

• Ke ka ntlha yang fa tshireletso ya semoya e le botlhokwa go feta tshireletso ya mofuta ope fela?

• Tsholofetso ya gore Jehofa o tla re tlamela ka dilo tse re di tlhokang e kayang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mokaulengwe Rutherford le badiri ka ene ba ne ba tshwarwa ka 1918 ba bo ba gololwa moragonyana, mme melato e ba neng ba latofaditswe ka yone e ne ya phimolwa

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Jehofa a ka re nonotsha mo “bolawaneng jwa bolwetse”