Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Rera Kwa Marekisetsong

Go Rera Kwa Marekisetsong

Go Rera Kwa Marekisetsong

FA MOAPOSETOLOI Paulo a ne a le kwa motseng wa Athena o ne a ya marekisetsong letsatsi le letsatsi go ya go rera dikgang tse di molemo kaga Jesu. (Dit. 17:17) Paulo o ne a tlhopha go ya kwa marekisetsong ka gonne batho ba bantsi ba kwa Athena ba ne ba dirisa nako e ntsi ba le kwa go one.

Go setse go fetile dingwaga di ka nna 2 000 mme batho ba ga Jehofa ba ntse ba rera molaetsa wa Bogosi jwa Modimo kwa marekisetsong. Ka ntlha yang? Ka gonne batho ba le bantsi ba fitlhelwa teng. Gompieno marekisetso e ka nna mabenkele a a golaganeng a a mo lefelong le le lengwe fela. Ka dinako tse dingwe Basupi ba kopa tetla mo mookameding kana mo go mong wa lebenkele, ba bo ba baya dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng mo godimo ga tafole gore batho ba di bone.

Ka sekai, kwa mabenkeleng mangwe kwa New Jersey, U.S.A., dikgatiso di ne tsa rulaganngwa ka tsela e ntle mo tafoleng mme go ne go beilwe setlhogo se se reng “Go Nna le Mekgwa e Mentle mo Lelapeng—Go ka Dirwa Jang?” Go ne ga felela jang? Mo letsatsing le le lengwe, go ne ga tsamaisiwa dibuka di le 153 ka dipuo di le thataro.

Mosadi mongwe yo o neng a atamela fa tafoleng e dikgatiso di neng di beilwe mo go yone o ne a reetsa ka kelotlhoko fa Mosupi mongwe a ne a tlhalosa. Mosadi yono o ne a dumela gore go botlhokwa gore Modimo a nne karolo ya botshelo jwa rona le jwa malapa a rona. O ne a itseela dikgatiso tseno: Ithute mo Morutising yo Mogolo, Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, le Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo.

Fa go nna motshegare, monna mongwe o ne a feta fa tafoleng e dikgatiso di neng di beilwe mo go yone a setse a tloga a tsena mo lebenkeleng le le fa gaufi. O ne a tlhoma matlho mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang. Kgaitsadi yo o neng a eme fa tafoleng eo o ne a bona kafa monna yono a neng a kgatlhegela buka eno ka teng. O ne a mmotsa a re: “A go na le buka e o e kgatlhegelang?” O ne a koma ka tlhogo mme a supa buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang. Kgaitsadi o ne a naya monna yono buka e a neng a setse a otlolotse letsogo gore a e tseye. Monna yono o ne a mmolelela gore o na le bana ba le bararo. Fa ba ntse ba buisana, o ne a umaka gore o nna fa fatshe le bana ba gagwe a bo a tlotla le bone gangwe fela ka beke. Bana ba gagwe ba babedi ba bagolwane ba mo dingwageng tsa bosha. Fa a ntse a phetlha buka eno, o ne a re o lemoga gore a ka e dirisa mo metlotlong ya bone ya lelapa. Mmoledi yono gape o ne a mmontsha buka ya Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng, mme a mo tlhomamisetsa gore ene le mosadi wa gagwe ba tla bona kgakololo e e molemo thata mo go yone fa ba dira ditshwetso mo lelapeng. Monna yono o ne a itumelela kakantsho eo, a ntsha moneelo mme a dumela gore ba etelwe ke Mosupi mongwe.

Basupi bao ba ne ba ikutlwa jang fa ba sena go tlhola letsatsi lotlhe ba rera kwa mabenkeleng? Kgaitsadi mongwe o ne a re: “Ruri ke itumeletse mokgwa ono wa go rera. Ke o itumeletse tota!” Kgaitsadi yo mongwe o ne a re: “Jehofa a re dikgang tse di molemo di tla rerwa go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe. Gompieno mo Paramus, mo New Jersey, dikgang tseno tse di molemo di utlwilwe ke batho ba dipuo tse di farologaneng. Go ne go le monate tota go rera ka tsela eno. Mongwe le mongwe yo o neng a le teng o ne a itumetse. Fa re fetsa go ne go se na ope yo o neng a batla go tsamaya.”

A o ka rera dikgang tse di molemo ka ditsela tse dingwe? Mokgwa o re o dirisang thata ke wa go rera ka ntlo le ntlo. (Dit. 20:20) Le fa go ntse jalo, a o ka akanyetsa go rera kwa marekisetsong kana kwa mabenkeleng?