Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa moaposetoloi Paulo a kwalela Bahebera, o ne a bua ka “go bewa ga diatla.” A o ne a bua ka go tlhomiwa ga bagolwane kgotsa ka sengwe se sele?—Baheb. 6:2.

Ga go na lebaka la gore re bue kgang eno re tlhomamisega thata, mme Paulo o tshwanetse a bo a ne a bua ka mokgwa wa go baya diatla e le go naya batho dimpho tsa moya.

Gone Baebele e a tle e bue ka go baya diatla fa batho ba newa ditiro dingwe tsa puso ya Modimo. Moshe o ne a ‘baya Joshua seatla’ fa a ne a mo tlhoma gore a nne motlhatlhami wa gagwe. (Dute. 34:9) Mo phuthegong ya Bokeresete, banna bangwe ba ba tshwanelegang ba ne ba tlhomiwa ka go bewa diatla. (Dit. 6:6; 1 Tim. 4:14) Paulo o ne a gakolola Timotheo gore a se ka a potlakela go baya motho diatla.—1 Tim. 5:22.

Le fa go ntse jalo, Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba Bahebera gore ba ‘gagamalele kwa go goleng sentle’ ka gonne jaanong ba ne ba tlogetse “thuto ya motheo.” Go tswa foo o ne a balolola “go ikwatlhaela ditiro tse di suleng, le tumelo mo Modimong, thuto ka dikolobetso le go bewa ga diatla.” (Baheb. 6:1, 2) A go tlhomiwa ga bagolwane e ne e tla nna sengwe sa motheo fela se Bakeresete ba neng ba tshwanetse go gagamalela pele go tswa mo go sone? Nnyaa. Go nna mogolwane wa phuthego ke mokgele o bakaulengwe ba ba godileng semoyeng ba tshwanetseng go o gagamalela ba bo ba o anaanela.—1 Tim. 3:1.

Mme go baya diatla go ne go dirisediwa lebaka le lengwe gape. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Jehofa o ne a latlha Baiseraele ba tlholego mme a tlhopha Iseraele wa semoya, e e leng phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng, gore e nne bone batho ba gagwe. (Math. 21:43; Dit. 15:14; Bagal. 6:16) Dimpho tsa moya tse di neng di amogelwa ka kgakgamatso, tse di jaaka go bua ka diteme, di ne di supa phetogo eo. (1 Bakor. 12:4-11) Fa Korenelio le ba ntlo ya gagwe ba nna badumedi, ba ne ba amogela moya o o boitshepo, o o neng o bonala ka gore ba ‘bue ka diteme.’—Dit. 10:44-46.

Ka dinako tse dingwe, batho ba ne ba newa dimpho ka kgakgamatso ka go bewa diatla. Fa Filipi a ne a rera dikgang tse di molemo kwa Samarea, batho ba le bantsi ba ne ba kolobediwa. Setlhopha se se laolang se ne sa romela moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane koo. Ka ntlha yang? Go kwadilwe jaana: “Go tswa foo [ba babedi bano] ba ba baya diatla [batho ba ba neng ba sa tswa go kolobediwa], mme ba simolola go amogela moya o o boitshepo.” Seno se ka tswa se raya gore ba ne ba amogela dimpho tsa moya, bokgoni jo batho ba bangwe ba neng ba kgona go bo bona. Re itse seno ka gonne Simone, yo pele a neng a dira ditiro tsa maselamose, o ne a bona kafa moya wa Modimo o neng o dira ka teng, mme ka bogagapa o ne a batla go reka bokgoni jwa go baya ba bangwe diatla gore a ba neye moya o o boitshepo o o neng o tla ba fa maatla a go dira dikgakgamatso. (Dit. 8:5-20) Moragonyana go ne ga kolobediwa batho ba le 12 kwa Efeso. Go kwadilwe jaana: “E rile Paulo a ba baya diatla, moya o o boitshepo wa tla mo go bone, mme ba simolola go bua ka diteme e bile ba porofeta.”—Dit. 19:1-7; bapisa 2 Timotheo 1:6.

Ka jalo, mo go Bahebera 6:2 go lebega Paulo a ne a bua ka go baya diatla e le go naya badumedi ba basha dimpho tsa moya.