Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leba Botsogo le Kalafi ka Tsela ya Dikwalo

Leba Botsogo le Kalafi ka Tsela ya Dikwalo

Leba Botsogo le Kalafi ka Tsela ya Dikwalo

“O rate Jehofa Modimo wa gago . . . ka mogopolo otlhe wa gago le ka nonofo yotlhe ya gago.”—MAR. 12:30.

1. Boikaelelo jwa Modimo ka batho kwa tshimologong e ne e le bofe?

BOIKAELELO jwa ga Jehofa Modimo jwa kwa tshimologong e ne e se gore batho ba lwale mme ba swe. Adame le Efa ba ne ba bewa mo tshimong ya Edene, kana mo paradaiseng e e monate ‘gore ba e leme ba bo ba e tlhokomele,’ e seng ka dingwaga tse 70 kana tse 80 fela, mme ba ne ba tshwanetse go dira jalo ka bosakhutleng. (Gen. 2:8, 15; Pes. 90:10) Fa batho bao ba ntlha ba babedi ba ka bo ba ile ba nna ba ikanyega mo go Jehofa mme ka lorato ba ikokobeletsa bolaodi jwa gagwe, ba ka bo ba sa lwala, ba koafala le go swa.

2, 3. (a) Botsofe bo tlhalosiwa jang mo bukeng ya Moreri? (b) Ke mang yo o bakileng loso lo re lo ruileng mo go Adame, mme diphelelo tsa lone di tla dirololwa jang?

2 Moreri kgaolo 12 e tlhalosa sentle “malatsi a masetlapelo” a a tlang le botsofe mo bathong ba ba sa itekanelang. (Bala Moreri 12:1-7.) Moriri o mosweu o tshwantshiwa le go thunya ga “setlhare sa thamane.” Maoto a tshwantshiwa le “batho ba maatla a botlhaga” ba jaanong ba kobegang e bile ba tsamaya ba roroma. Go a tshwanela gore matlho a a sa tlholeng a bona sentle a tshwantshiwe le bahumagadi ba ba yang kwa difensetereng ba batla lesedi mme ba fitlhele go le lefifi. E re ka meno a mangwe a kgolegile, go tlhalosiwa gore ‘basadi ba ba silang ba tlogetse go dira ka gonne ba setse ba le mmalwa.’

3 Tota maikaelelo a Modimo a kwa tshimologong e ne e se gore batho ba nne le maoto a a roromang, matlho a a sa boneng sentle le marinini a a se nang meno. E bile gape, loso lo re lo ruileng mo go Adame ke nngwe ya “ditiro tsa ga Diabolo” tse Morwa Modimo a tlileng go di dirolola ka Bogosi jwa gagwe e le Mesia. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Morwa Modimo o ne a bonadiwa ka boikaelelo jono, e leng, go senya ditiro tsa ga Diabolo.”—1 Joh. 3:8.

Ke ga Tlholego go Tshwenyega ka Selekanyo se se Rileng

4. Ke eng fa batlhanka ba ga Jehofa ba tshwenyega ka selekanyo se se rileng ka botsogo jwa bone, mme ke eng se ba se itseng?

4 Gompieno, bangwe ba batlhanka ba ga Jehofa ba lebana le mathata a a bakwang ke bolwetse le botsofe a a atileng thata mo bathong ba ba leofileng. Ke ga tlholego fela, e bile go molemo gore re tshwenyege ka selekanyo se se rileng ka botsogo jwa rona fa re lebane le mathata ao. A ga re batle go direla Jehofa ‘ka nonofo yotlhe ya rona’? (Mar. 12:30) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re leka go nna re itekanetse ka selekanyo se se rileng, re tshwanetse go lebana le boammaaruri jwa botshelo jwa gore ga go na sepe se se kalo se re ka se dirang gore re se ka ra tsofala kana re se ka ra lwala gotlhelele.

5. Re ka ithuta eng mo go se batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ileng ba se dira fa ba lwala?

5 Batlhanka ba bantsi ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ile ba lebana le mathata a botsogo. Epaforodito e ne e le mongwe wa bone. (Bafil. 2:25-27) Timotheo, yo o neng a tsamaya le moaposetoloi Paulo ka metlha, o ne a na le go tshwarwa ke mala, mme Paulo o ne a mo akantsha gore a dirise “beine e nnye.” (1 Tim. 5:23) Paulo ka boene o ne a na le “mutlwa mo nameng,” o gongwe e neng e le bothata jwa matlho kana bolwetse bongwe jo bo neng bo se na kalafi ka nako eo. (2 Bakor. 12:7; Bagal. 4:15; 6:11) O ne a rapela Jehofa ka tlhoafalo gore a tlose ‘mutlwa o o mo nameng ya gagwe.’ (Bala 2 Bakorintha 12:8-10.) Modimo ga a ka a tlosa ‘mutlwa o o neng o le mo nameng’ ya ga Paulo ka kgakgamatso. Go na le moo, o ne a mo naya nonofo ya gore a o itshokele. Ka jalo, maatla a ga Jehofa a ne a bonadiwa mo bokoeng jwa ga Paulo. A re ka ithuta sengwe mo kgannyeng eno?

Se Tshwenyege ka Tsela e e Feteletseng ka Botsogo

6, 7. Ke eng fa re tshwanetse go tila go tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka botsogo jwa rona?

6 Jaaka o itse, Basupi ba ga Jehofa ba dumela go newa thuso ya bongaka e bile ba amogela mefuta e e farologaneng ya kalafi. Gantsi makasine wa rona wa Tsogang! o na le ditlhogo tse di tlotlang ka dikgang tsa botsogo. Mme le fa re sa buelele kalafi epe, re itumelela thuso e re e newang ke ba tsa kalafi le kafa ba dirisanang le rona sentle ka teng. Mme gone, re a itse gore nako ya gore re nne le botsogo jo bo itekanetseng ga ise e goroge. Ka jalo, re itse gore ga go botlhale go nna re tshwenyegile ka tsela e e feteletseng ka botsogo jwa rona. Ga re a tshwanela go tshwana le batho ba ba ‘se nang tsholofelo,’ ba ba akanyang gore botshelo jono ke jone fela jo bo leng teng, ba ba ka dirisang kalafi le fa e le efe fela go leka go alafa malwetse a bone. (Baef. 2:2, 12) Re ititeile sehuba gore re se ka ra leka go boloka botshelo jwa rona jwa gone jaanong ka tsela e e ka dirang gore Jehofa a se ka a re amogela, ka gonne re tlhatswegile pelo gore fa re nna re ikanyega mo Modimong, re tla ‘tshwara botshelo jwa mmatota ka thata,’ botshelo jo bo sa khutleng mo tsamaisong ya gagwe e ntšha ya dilo e a e solofeditseng.—1 Tim. 6:12, 19; 2 Pet. 3:13.

7 Go na le lebaka le lengwe le le dirang gore re tile go tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka botsogo jwa rona. Go tshwenyega thata ka botsogo jwa rona go ka felela ka gore re nne batho ba ba ikakanyetsang ba le bosi. Paulo o ne a tlhagisa ka kotsi eno fa a ne a kgothaletsa Bafilipi gore ba ‘tlhokomele, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang bone fela, mme gape ba kgatlhegele le dilo tse di amang ba bangwe.’ (Bafil. 2:4) Re tshwanetse go itlhokomela ka selekanyo se se lekanetseng, mme tsela e re amegang ka bakaulengwe ba rona ka yone le batho ba re ba isetsang “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi,” e tla dira gore re se ka nna re akantse thata ka botsogo jwa rona.—Math. 24:14.

8. Go tshwenyega thata ka botsogo jwa rona go ka felela ka gore re dire eng?

8 Go ka nna ga direga gore Mokeresete a tshwenyege thata ka botsogo jwa gagwe mo a ka feletsang a sa beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gagwe. Go tshwenyega ka tsela e e feteletseng ka botsogo gape go ka dira gore re pateletse batho ba bangwe go leba dilo jaaka re di leba fa go tliwa mo tseleng e dijo dingwe kana kalafi nngwe e leng molemo ka teng. Mo ntlheng eno, akanya ka molaomotheo ono o o mo mafokong ano a ga Paulo: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata, gore lo nne lo se na molato e bile lo sa kgopise ba bangwe go ya go fitlha mo letsatsing la ga Keresete.”—Bafil. 1:10.

Ke Eng se se Botlhokwa Thata?

9. Ke tiro efe ya botlhokwa thata e re tshwanetseng go nna re e dira, mme ka ntlha yang?

9 Fa re tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata, re tla nna le seabe ka matlhagatlhaga mo tirong e e fodisang ka tsela ya semoya. Tiro eno e dirwa ka go rera le go ruta Lefoko la Modimo. Rona mmogo le ba re ba rutang re solegelwa molemo ke tiro eno e e itumedisang. (Dia. 17:22; 1 Tim. 4:15, 16) Gangwe le gape dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di na le ditlhogo tse di buang ka bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi ba ba nang le malwetse a a masisi. Ka dinako tse dingwe ditlhogo tseno di tlhalosa kafa ba kgonang go itshokela mathata a bone ka teng kana kafa ba a itebatsang ka teng ka nakwana ka go thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa le ditsholofetso tsa gagwe tse di molemo. *

10. Ke eng fa re tshwanetse go ela tlhoko gore re tlhopha mefuta efe ya kalafi?

10 Fa Mokeresete yo e leng mogolo a lebane le bothata jwa botsogo, o tshwanetse go “rwala morwalo wa gagwe” ka go itlhophela kalafi. (Bagal. 6:5) Mme re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o amega ka mefuta ya kalafi e re e tlhophang. Fela jaaka go tlotla melaometheo ya Baebele go re tlhotlheletsa go ‘ithiba mo mading,’ go tlotla Lefoko la Modimo thata go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go tila mefuta ya kalafi e e ka dirang gore re tlole melaometheo ya Baebele kana e e ka senyang kamano ya rona le Jehofa. (Dit. 15:20) Ditsela dingwe tse batho ba tlhatlhobelwang malwetse ka tsone le dikalafi dingwe di batla di amana le bodimona. Jehofa ga a ka a amogela Baiseraele ba batlhanogi ba ba neng ba dirisa “maatla a masaitseweng,” kana ba na le ditlwaelo tsa bodimona. O ne a re: “Tlogelang go tlisa ditshupelo tse di oketsegileng tse di se nang mosola tsa dijo tsa ditlhaka. Maswalo—ke sengwe se se makgapha mo go nna. Ngwedi yo mosha le sabata, go bidiwa ga kopano—ga ke na go itshokela go dirisiwa ga maatla a masaitseweng mmogo le kopano e e masisi.” (Isa. 1:13) Go lwala ga go a tshwanela go dira gore re dire sengwe se se ka kgoreletsang dithapelo tsa rona mme sa senya kamano ya rona le Modimo.—Dikhu. 3:44.

“Go Itekanela Sentle ga Mogopolo” go Botlhokwa

11, 12. Re ka bontsha go “itekanela sentle ga mogopolo” jang fa re tlhopha kalafi?

11 Fa re lwala, re ka se lebelele gore Jehofa a re fodise ka kgakgamatso, mme re ka rapelela gore a re neye botlhale fa re tlhopha kalafi. Re tshwanetse go batla go kaelwa ke melaometheo ya Baebele mme re lebe dilo sentle fa re tlhopha kalafi. Fa re tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi, go ka nna molemo go bona dingaka di le mmalwa fa seo se kgonega, go dumalana le Diane 15:22, e e reng: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa badumedi mmogo le ene gore ba “tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.”—Tito 2:12.

12 Batho ba bantsi ba mo seemong se se tshwanang le sa mosadi mongwe yo o neng a lwala mo motlheng wa ga Jesu. Re bala jaana mo go Mareko 5:25, 26: “Go ne go na le mosadi mongwe yo o neng a tsenwe ke kelelo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi, mme o ne a tsentswe mo ditlhabing di le dintsi ke dingaka di le dintsi e bile o ne a dirisitse mahumo otlhe a gagwe mme go sa mo tswela mosola, go na le moo, a ntse maswe le go feta.” Jesu o ne a fodisa mosadi yoo mme a mmontsha kutlwelobotlhoko. (Mar. 5:27-34) Ka ntlha ya go felelwa ke tshepo, Bakeresete bangwe ba ile ba raelesega go tlhopha mekgwa mengwe ya go tlhatlhobelwa bolwetse kana ya kalafi e e sa tsamaisaneng le melaometheo ya kobamelo e e itshekileng.

13, 14. (a) Satane a ka dirisa jang mefuta e re e tlhophang ya kalafi go re raela gore re se ka ra ikanyega? (b) Ke eng fa re tshwanetse go katogela kgakala le sengwe le sengwe fela se se ka tswang se amana le boloi?

13 Satane a ka dirisa maretshwa le fa e le afe fela go re faposa mo kobamelong ya boammaaruri. Fela jaaka a dirisa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go rata dikhumo go dira gore bangwe ba kgotšwe, o leka go raela ba bangwe gore ba se ka ba ikanyega ka go dirisa mefuta e e belaetsang ya kalafi e e ka tswang e tsamaisana le boloi kana bodimona. Re rapela Jehofa gore a re golole mo go “yo o boikepo” le mo “mofuteng mongwe le mongwe wa go tlhoka molao.” Ka jalo ga re itsenye mo kotsing ya go laolwa ke Satane ka go dirisa sepe se se ka tswang se tsamaisana le bodimona kana boloi.—Math. 6:13; Tito 2:14.

14 Jehofa o ne a iletsa Baiseraele go dirisa boitseanape le maselamose. (Dute. 18:10-12) Paulo o umaka “tlwaelo ya go dirisana le meya” e le nngwe ya “ditiro tsa nama.” (Bagal. 5:19, 20) Gape, batho “ba ba dirisanang le meya” ga ba na go tshela mo tsamaisong ya ga Jehofa e ntšha ya dilo. (Tshen. 21:8) Ka jalo, go bonala sentle gore sengwe le sengwe se se amanang le fa e le go le gonnye fela le bodimona se makgapha mo go Jehofa.

“A go Nna Tekatekano ga Lona go Itsiwe”

15, 16. Ke eng fa re tlhoka botlhale fa re tlhopha kalafi, mme setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa naya kgakololo efe e e botlhale?

15 Go ya ka dintlha tse go tlotlilweng ka tsone fa godimo, fa re na le dipelaelo malebana le tsela nngwe ya go tlhatlhobela bolwetse kana mofuta mongwe wa kalafi, go ka nna molemo gore re se ka ra o dirisa. Mme gone, fa re sa kgone go tlhalosa kafa mokgwa mongwe wa kalafi o berekang ka teng, seo ga se reye gore o na le bodimona. Re tlhoka botlhale jwa bomodimo le temogo gore re lebe kalafi ka tsela ya Dikwalo. Re fitlhela kgakololo eno mo go Diane kgaolo 3: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago. . . . Dibela botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya, mme di tla itshupa e le botshelo mo moyeng wa gago.”—Dia. 3:5, 6, 21, 22.

16 Le fa gone re leka kafa re ka kgonang ka teng gore re nne re na le botsogo jo bo molemo, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra iphitlhela re sa amogelwe ke Modimo fa re tlhopha kalafi fa re lwala kgotsa re na le mathata a a bakwang ke botsofe. Fa go tliwa mo dikgannyeng tsa kalafi, jaaka mo dilong tse dingwe, re tshwanetse go dira gore ‘go nna tekatekano ga rona go itsiwe mo bathong botlhe’ ka go tshela go dumalana le melaometheo ya Baebele. (Bafil. 4:5) Setlhopha se se laolang sa lekgolo la ntlha la dingwaga se ne sa kwala lekwalo la botlhokwa thata le le neng le laela Bakeresete gore ba ithibe mo kobamelong ya medingwana, mo mading le mo kgokafalong. Lekwalo leo le ne le na le kgothatso eno: “Fa lo ithiba mo dilong tseno ka kelotlhoko, lo tla tlhogonolofala.” (Dit. 15:28, 29) Ba ne ba tla tlhogonolofala jang?

Go Itlhokomela ka Tsela e e Lekanetseng Re na Le Tsholofelo ya go Nna le Botsogo jo bo Itekanetseng

17. Go latela melaometheo ya Baebele go re thusitse jang gore re nne le botsogo jo bo molemo?

17 Go tla bo go le molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana, ‘A ke anaanela tsela e ke solegetsweng molemo ka yone ke go latela melaometheo ya Baebele e e malebana le madi le kgokafalo?’ Akanya gape ka tsela e maiteko a re a dirileng go ‘ntlafatsa leswe lengwe le lengwe la nama le moya’ a re solegetseng molemo ka teng. (2 Bakor. 7:1) Fa re latela melaometheo ya Baebele malebana le go itlhokomela mo mmeleng, seo se re thusa gore re se ka ra tsenwa ke malwetse a mantsi. Re nna le botsogo jo bo molemo ka gonne re sa dirise motsoko kana diokobatsi tse di kgotlelang mebele ya rona le tse di senyang kamano ya rona le Modimo. Akanya gape kafa re nnang le botsogo jo bo botoka ka teng fa re ja e bile re nwa ka tekanyetso. (Bala Diane 23:20; Tito 2:2, 3.) Le fa go ikhutsa le go ikatisa go ka nna ga tokafatsa botsogo jwa rona ka kakaretso, lebaka le legolo la go bo re na le botsogo jo bo molemo jwa mmele le jwa semoya ke ka gonne re latela kaelo ya Dikwalo.

18. Re tshwanetse go tshwenyega thata ka eng, mme re ka solofela go bona go diragadiwa ga boporofeti bofe malebana le botsogo?

18 Sa botlhokwa le go feta, re tshwanetse go tlhokomela botsogo jwa rona jwa semoya mme re nonotshe kamano ya rona e e tlhwatlhwakgolo le Rraarona yo o kwa legodimong, yo e leng Motswedi wa ‘botshelo jaanong le wa jo bo tla tlang’ mo lefatsheng la gagwe le lesha le a le solofeditseng. (1 Tim. 4:8; Pes. 36:9) Mo lefatsheng le lesha la Modimo, re tla fodisiwa ka botlalo ka tsela ya semoya le mo mmeleng ka gonne re itshwaretswe maleo mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. Kwana ya Modimo, Jesu Keresete, o tla re kaela go ya kwa “metsweding ya metsi a botshelo,” mme Modimo o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a rona. (Tshen. 7:14-17; 22:1, 2) Gape re tla bona boporofeti jono jo bo itumedisang bo diragadiwa: “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isa. 33:24.

19. Re ka tlhomamisega ka eng fa re ntse re tlhokometse botsogo jwa rona ka tsela e e lekanetseng?

19 Re tlhatswegile pelo gore kgololo ya rona e atametse, mme re letetse ka tlhologelelo letsatsi le Jehofa a tla dirololang bolwetse le loso ka lone. Fa seo se ise se direge, re tlhomamisegile gore Rraarona yo o lorato o tla re thusa gore re itshokele matlhoko le ditlhabi ka gonne ‘o a re kgathalela.’ (1 Pet. 5:7) Ka jalo, a re tlhokomeleng botsogo jwa rona mme ka metlha re dire jalo re latela kaelo e e tlhalosiwang sentle mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Lenaane la dingwe tsa ditlhogo tseno le mo lebokoseng le le mo tsebe 17 ya makasine wa Tora ya Tebelo ya September 1, 2003.

Poeletso

• Ke mang yo o bakileng bolwetse, mme ke mang yo o tla re gololang mo diphelelong tsa boleo?

• Le fa e le ga tlholego gore re tshwenyege ka botsogo jwa rona, ke eng se re tshwanetseng go se tila?

• Ke ka ntlha yang fa Jehofa a amega ka kalafi e re e tlhophang?

• Go dirisa melaometheo ya Baebele go ka re solegela molemo jang mo botsogong jwa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Batho ba ne ba sa bopiwa ka maikaelelo a gore ba lwale ba bo ba tsofale

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Le fa batho ba ga Jehofa ba na le mathata a botsogo, ba itumelela bodiredi