Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Latelela Dilo Tse di Isang Kagisong’

‘Latelela Dilo Tse di Isang Kagisong’

‘Latelela Dilo Tse di Isang Kagisong’

TSELA e e sa tswang go phaphathwa e lebega e le thata e bile e ka se senyege. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya e ka nna ya phatloga mme ya nna le dikhuti. E tlhoka go baakanngwa gore e se ka ya nna kotsi mo go ba ba e dirisang le gore e kgone go tsaya lobaka e sa senyege.

Ka tsela e e tshwanang, gangwe le gape dikamano tsa rona le batho ba bangwe di ka nna tsa senyega kana tsa phatloga ka tsela ya tshwantshetso. Moaposetoloi Paulo o ne a dumela gore Bakeresete ba kwa Roma ba ne ba sa utlwane ka gonne ba ne ba sa lebe dilo ka tsela e e tshwanang. O ne a gakolola Bakeresete mmogo le ene jaana: “A re lateleleng dilo tse di isang kagisong le dilo tse di bakang go agana.” (Bar. 14:13, 19) Ke eng fa go ‘latelela dilo tse di isang kagisong’ go le botlhokwa? Re ka latelela jang kagiso ka bopelokgale le ka tsela e e nang le matswela?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Latelela Kagiso?

Fa tsela e phatlogile go se kae e bo e sa baakanngwe e ka nna le dikhuti tse di kotsi. Go sa rarabolole dikgotlhang tse re nang le tsone le ba bangwe le gone go ka nna le diphelelo tse di kotsi fela jalo. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Fa mongwe a bua mafoko a a reng: ‘Ke rata Modimo,’ mme le fa go ntse jalo a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, ke moaki. Ka gonne yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Joh. 4:20) Fa Mokeresete a sa rarabolole kgotlhang e a nang le yone le mokaulengwe wa gagwe, seo se ka dira gore a felele a mo tlhoile.

Jesu Keresete o ne a bontsha gore Jehofa a ka se amogele kobamelo ya rona fa re sa agisane le ba bangwe. Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.” (Math. 5:23, 24) Ee, lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go agisana le ba bangwe ke gore re batla go itumedisa Jehofa Modimo. *

Sengwe se se neng sa direga kwa phuthegong ya kwa Filipi se bontsha lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go latelela kagiso. Go lebega kgotlhang e e sa tlhalosiweng gore e ne e le ya eng, e e neng e le fa gare ga bokgaitsadi ba babedi e bong Yudia le Sentike, e ne e kgoreletsa kutlwano ya phuthego yotlhe. (Bafil. 4:2, 3) Dikgotlhang tse di sa rarabololweng di ka itsiwe ke batho ba bangwe ka bonako fela. Se se re tlhotlheletsang gore re latelele kagiso le badumedi ka rona ke go batla go dibela lorato le kutlwano ya phuthego.

Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba dirang kagiso.” (Math. 5:9, ntlha e e kwa tlase mo NW) Go latelela kagiso go a itumedisa. Gape, kagiso e dira gore motho a nne le botsogo jo bo molemo, ka gonne “pelo e e ritibetseng ke botshelo jwa setshedi sa senama.” (Dia. 14:30) Kafa letlhakoreng le lengwe, go nna ka sekgopi go ka re lwatsa.

Le fa Bakeresete ba bantsi ba dumela gore go latelela kagiso go botlhokwa, o ka nna wa ipotsa gore fa o na le kgotlhang le mongwe o ka e rarabolola jang. A re tlhatlhobeng melaometheo mengwe ya Dikwalo e e ka re thusang.

Go Buisana re Ritibetse Go ka Re Thusa go Agisana

Gantsi fa bophaphatho jwa tsela bo phatlogile go le gonnye, bo ka baakanngwa ka go bipa fa go phatlogileng teng. A re ka kgona go itshwarela bakaulengwe ba rona le go bipa diphoso tsa bone tse e seng tsa sepe? Go lebega go dira jalo go ka thusa go rarabolola bontsi jwa dikgotlhang tse re nang le tsone le ba bangwe, ka gonne moaposetoloi Petere o ne a re “lorato lo bipa maleo a le mantsi.”—1 Pet. 4:8.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe bothata bo lebega bo le masisi thata mo re ka se kang ra bo tlhokomologa fela. Akanya ka se se neng sa diragalela Baiseraele fela fa ba sena go gapa Lefatshe le le Solofeditsweng. Pele ga “bomorwa Rubene le bomorwa Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase” ba kgabaganya Noka ya Joredane, ba ne ba aga “sebeso se se tlhomologileng thata.” Ditso tse dingwe tsa Iseraele di ne di dumela gore sebeso seo se ne se dirisediwa kobamelo ya medingwana mme di ne di ka se tlhokomologe kgang eo fela. Ditso tseo di ne tsa ipaakanyetsa ntwa.—Josh. 22:9-12.

Baiseraele bangwe ba ka tswa ba ne ba na le maikutlo a gore go ne go setse go na le bosupi jo bo lekaneng jwa gore ditso tseno di dirile phoso, mme fa ba ne ba ka di tlhasela di sa lebelela go ne go ka se swe Baiseraele ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, go na le gore ditso tse di kwa bophirima jwa Joredane di potlakele go tsaya kgato, di ne tsa romela baemedi gore ba ye go buisana le bomorwarraabone ka kgang eno. Ba ne ba botsa ba re: “Ke tiro efe eno ya go sa ikanyege e lo e diretseng Modimo wa Iseraele ka go boa gompieno mo go saleng Jehofa morago?” Tota ga se gore ditso tse di neng di agile sebeso di ne di sa ikanyege. Mme di ne di tla itshwara jang fa di latofadiwa jalo? A di ne di tla omanya batho ba ba di latofatsang kana di gane go ba buisa? Batho ba ditso tse di neng di latofadiwa ba ne ba araba ka bonolo, ba tlhalosa sentle lebaka la se ba neng ba se dirile, gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke go batla go direla Jehofa. Tsela e ba arabileng ka yone e ne ya dira gore ba nne ba na le kamano e e molemo le Modimo e bile e ne ya boloka matshelo. Go buisana ba ritibetse go ne ga thusa go rarabolola bothata mme ga dira gore ba agisane.—Josh. 22:13-34.

Pele ga Baiseraele ba bangwe ba simolola ntwa, ka botlhale ba ne ba buisana ka bothata jwa bone le lotso lwa ga Rubene le lwa ga Gada le sephatlo sa lotso lwa ga Manase. Lefoko la Modimo la re: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega mo moyeng wa gago, gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla.” (Mor. 7:9) Tsela ya Dikwalo ya go rarabolola dikgotlhang tse di masisi ke go buisana lo ritibetse e bile lo phuthologile. A tota re ka lebelela gore Jehofa a re segofatse fa re nna ka sekgopi mme re sa ye go buisana le motho yo re akanyang gore o re diretse phoso?

Kafa letlhakoreng le lengwe, re tshwanetse go dirang fa Mokeresete mmogo le rona a tla go bua le rona ka bothata bongwe, gongwe e bile a re latofatsa ka selo se se seng boammaaruri? Baebele ya re: “Karabo fa e le bonolo e faposa bogale.” (Dia. 15:1) Ditso tsa Iseraele tse di neng di le phoso di ne tsa tlhalosa se se diregileng ka bonolo le ka tsela e e utlwalang sentle, mme ka go dira jalo di ne tsa rarabolola kgang e e neng e ka felela ka gore ba omane le bomorwarraabone. Le fa e le rona re tsayang kgato pele go buisana le mokaulengwe wa rona kana e le ene a tlang go bua le rona ka bothata, re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘Ke tshwanetse go dirisa mafoko afe, go bua jang, le go itshwara jang gore ke kgone go agisana le mokaulengwe wa me?’

Dirisa Loleme ka Botlhale

Jehofa o tlhaloganya gore re tlhoka go ntsha se se mo mafatlheng a rona. Le fa go ntse jalo, fa re sa rarabolole kgotlhang e re nang le yone le mongwe, go ka direga gore re batle go bolelela mongwe o sele ka yone. Go nna re bolokile sekgopi go ka dira gore re tshwayetshwaye diphoso. Diane 11:11 e bua jaana ka go sa dirise loleme sentle: “Motse . . . o rutlololwa ka ntlha ya molomo wa baikepi.” Ka tsela e e tshwanang, fa re sa ele tlhoko tsela e re buang ka yone ka Mokeresete yo mongwe, seo se ka senya kagiso mo phuthegong e e tshwantshiwang le motse.

Le fa go ntse jalo, go latelela kagiso ga go reye gore re ka se ka ra bua ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona gotlhelele. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola badumedi ka ene jaana: “A go se tswe lefoko le le bosula mo dipounameng tsa gago.” Mme gape o ne a re: “Bua fela dilo tse di molemo tse batho ba tlhokang go di utlwa, dilo tse tota di tla ba thusang. . . . Nnang pelonomi mongwe go yo mongwe, lo le pelotlhomogi, mme lo itshwarelana.” (Baef. 4:29-32, The New American Bible) Fa mokaulengwe yo o kgopisitsweng ke se o se buileng kana ke sengwe se o se dirileng a ne a ka tla kwa go wena, a go ne go ka se nne motlhofo gore o ikope maitshwarelo mme o agisane le ene fa a ise a ko a bue ka wena ka tsela ya go go tshwayatshwaya diphoso mo go ba bangwe? Ka jalo, fa re itsege ka gore re bua sentle fa re bua ka Bakeresete mmogo le rona, go tla nna motlhofo gore re agisane le bone fa go nna le dikgotlhang.—Luke 6:31.

Direlang Modimo lo le “Seoposengwe”

Tshekamelo e re nang le yone ya boleo ke gore fa motho a re kgopisitse, re se ka ra bua le ene mme re itlhaole. Mme go dira jalo ga go botlhale. (Dia. 18:1) Jaaka re le batho ba ba utlwanang ba ba bitsang leina la ga Jehofa, re ikemiseditse go ‘mo direla re le seoposengwe.’—Sefa. 3:9.

Fa ba bangwe ba sa bue sentle kana ba sa itshware sentle, le ka motlha seo ga se a tshwanela go fokotsa tlhoafalo ya rona mo kobamelong e e itshekileng. Malatsinyana fela pele ga setlhabelo sa ga Jesu se emisetsa ditshupelo tse di neng di isiwa kwa tempeleng, e bile e le nakwana fela morago ga gore Jesu a kgale bakwadi, o ne a bona motlholagadi yo o humanegileng a latlhela “gotlhe mo a itshedisang ka gone” mo letloleng la matlotlo kwa tempeleng. A Jesu o ne a leka go mo thiba? Nnyaa, mme o ne a akgola tsela e a neng a ema phuthego ya ga Jehofa nokeng ka yone ka boikanyego. (Luke 21:1-4) Ga a ka a dira gore dilo tse di sa siamang tse ba bangwe ba neng ba di dira e nne seipato sa gore a se ka a diragatsa maikarabelo a gagwe a go ema kobamelo ya ga Jehofa nokeng.

Le fa re ka tswa re akanya gore mokaulengwe kana kgaitsadi ga a dira dilo sentle, kana tota e bile ga a re tshwara sentle, re tshwanetse go dirang? A re tla dira gore seo se re kgoreletse go direla Jehofa ka pelo yotlhe? Kana ka bopelokgale re tla rarabolola dikgotlhang dipe tse re nang le tsone gore phuthego ya Modimo e nne e na le kagiso gompieno?

Dikwalo di re gakolola jaana: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” (Bar. 12:18) E kete re ka ititaya sehuba gore re tla dira jalo mme re nnele ruri mo tseleng e e isang botshelong.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Gore o bale ka kgakololo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 18:15-17, bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1999, tsebe 17-22.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Yudia le Sentike ba ne ba tshwanetse go latelela kagiso

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Ke tshwanetse go dirisa mafoko afe, go bua jang, le go itshwara jang gore ke kgone go agisana le ba bangwe?