Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong la ga Jakobe Le a Ga Petere

Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong la ga Jakobe Le a Ga Petere

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo go Tswa mo Lekwalong la ga Jakobe Le a Ga Petere

DINGWAGA di ka nna 30 morago ga Pentekosete ya 33 C.E., morutwa Jakobe—morwarraagwe Jesu ka motsadi a le mongwe—o kwalela “ditso tse di lesome le bobedi” tsa Iseraele wa semoya lekwalo. (Jak. 1:1) Maikaelelo a gagwe ke ano: go ba kgothatsa gore ba nne le tumelo e e nonofileng le gore ba itshoke fa ba kopana le diteko. Gape o ba naya kgakololo ya gore ba baakanye dilo tse di sa jeseng diwelang tse di simolotseng go direga mo diphuthegong.

Pele fela ga Mmusimogolo wa Roma e bong Nero a simolola go bogisa Bakeresete ka 64 C.E., moaposetoloi Petere o ba kwalela lekwalo la gagwe la ntlha, a ba kgothatsa gore ba nne ba nitame mo tumelong. Mo lekwalong la ga Petere la bobedi le a le kwadileng fela fa a sena go kwala la ntlha, o kgothatsa badumedi mmogo le ene gore ba tlhwaele lefoko la Modimo tsebe mme o ba tlhagisa ka letsatsi la ga Jehofa le le tlang. Eleruri re ka solegelwa molemo ke go tlhwaela tsebe melaetsa e e mo lekwalong la ga Jakobe le a ga Petere.—Baheb. 4:12.

MODIMO O NAYA BA BA ‘KOPANG KA TUMELO’ BOTLHALE

(Jak. 1:1–5:20)

Jakobe a re: “Go itumela motho yo o nnang a itshokela teko, ka gonne e tla re fa a amogelwa o tla amogela serwalo sa botshelo.” Jehofa o naya batho ba ba ‘nnang ba kopa ka tumelo’ botlhale jo bo tla ba thusang go itshokela diteko.—Jak. 1:5-8, 12.

Ba ba ‘nnang barutisi’ mo phuthegong le bone ba tlhoka tumelo le botlhale. Fa Jakobe a sena go tlhalosa gore loleme ke “tokololo e nnye” e e kgonang go “tsenya mmele otlhe dilabe,” o tlhagisa ka mekgwa ya bolefatshe e e ka senyang kamano ya motho le Modimo. Gape o tlhalosa dilo tse motho yo o lwalang semoyeng a tshwanetseng go di dira gore a fole.—Jak. 3:1, 5, 6; 5:14, 15.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:13—“Kutlwelobotlhoko e itumela ka phenyo e itumelela katlholo” jang? Fa go tliwa mo kgannyeng ya go ikarabelela mo Modimong, O akanyetsa kutlwelobotlhoko e re e bontshitseng ba bangwe mme o re itshwarela mo motheong wa setlhabelo sa thekololo sa ga Morwawe. (Bar. 14:12) A leno ga se lengwe la mabaka a a tshwanetseng go re tlhotlheletsa gore re bontshe kutlwelobotlhoko thata mo matshelong a rona?

4:5—Jakobe o nopola temana efe fano? Jakobe ga a nopole temana epe e e rileng. Le fa go ntse jalo, mafoko ano a a tlhotlheleditsweng ke Modimo a ka tswa a theilwe mo go se go buiwang ka sone mo ditemaneng tse di jaaka Genesise 6:5; 8:21; Diane 21:10; le Bagalatia 5:17.

5:20—“Yo o busang moleofi mo tlolong ya tsela ya gagwe” o tla boloka moya wa ga mang mo losong? Mokeresete yo o busang modiraphoso mo tseleng ya gagwe ya boleo o boloka moya wa motho yono yo o ikwatlhayang mo losong lwa semoya e bile gongwe o mmoloka le mo tshenyegong ya bosakhutleng. Motho yo o thusang moleofi jalo gape o tla “bipa maleo a le mantsi [a motho yoo].”

Se re Ithutang Sone:

1:14, 15. Boleo bo simologa fa motho a nna le keletso e e sa siamang. Ka jalo, ga re a tshwanela go nnela go akanya ka dikeletso tse di sa siamang. Go na le moo, re tshwanetse go ‘tswelela re akanya ka’ dilo tse di agang mme re tlatsa megopolo ya rona le dipelo tsa rona ka dilo tseo.—Bafil. 4:8.

2:8, 9Go “bontsha kgethololo” ga go tsamaisane le “molao wa segosi” wa lorato. Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba bontshe kgethololo.

2:14-26. Re ‘bolokiwa ka tumelo,’ ‘e seng ka ntlha ya ditiro’ tse di neng di tshwanetse go dirwa go ya ka Molao wa ga Moshe kana tse re di dirang jaaka Bakeresete. Ga re a tshwanela go bua fela ka molomo gore re na le tumelo. (Baef. 2:8, 9; Joh. 3:16) Tumelo ya rona e tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira ditiro tsa bomodimo.

3:13-17. Eleruri “botlhale jo bo tswang kwa godimo” bo gaisa botlhale jwa “selefatshe, jwa bophologolo, jwa bodimona”! Re tshwanetse go ‘nna re senka botlhale jwa bomodimo jaaka matlotlo a a fitlhegileng.’—Dia. 2:1-5.

3:18, dintlha tse di kwa tlase mo NW. Peo ya dikgang tse di molemo tsa Bogosi e tshwanetse go “jalwa ka kagiso ke ba ba dirang kagiso.” Go botlhokwa gore re nne batho ba ba dirang kagiso go na le go nna batho ba ba boikgogomoso, ba ba ratang dikomang kgotsa ba ba bakang dikhuduego.

‘NNANG LO NONOFILE MO TUMELONG’

(1 Pet. 1:1–5:14)

Petere o gakolola badumedi mmogo le ene ka “tsholofelo [ya bone] e e tshelang” ya go newa boswa kwa legodimong. O ba raya a re: “Lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo.’” Fa a sena go ba naya kgakololo e e tlhamaletseng malebana le go ikobela ba ba mo taolong, o ba kgothatsa botlhe gore ba nne ‘le mogopolo o o tshwanang, ba bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, ba na le lorato lwa bokaulengwe, ba le pelotlhomogi ka bonolo, ba le boikokobetso mo mogopolong.’—1 Pet. 1:3, 4; 2:9; 3:8.

E re ka “bokhutlo jwa [tsamaiso ya dilo ya Sejuda] bo atametse,” Petere o gakolola bakaulengwe gore ba ‘nne ba itekanetse sentle mo mogopolong ba bo ba nne ba thantse malebana le dithapelo.’ O ba raya a re: “Nnang lo thantse mo ditlhaloganyong, disang. . . . Ganetsanang le [Satane], lo nonofile mo tumelong.”—1 Pet. 4:7; 5:8, 9.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

3:20-22—Kolobetso e re boloka jang? Batho ba ba batlang go bolokwa ba tshwanetse go kolobediwa. Le fa go ntse jalo, kolobetso ka boyone fela ga e re boloke. Tota motho o bolokwa “ka tsogo ya ga Jesu Keresete.” Motho yo o kolobediwang o tshwanetse gore a bo a dumela gore re bolokwa fela ka gonne Jesu a ile a swa loso lwa go intsha setlhabelo, a tsosiwa, mme jaanong “o kafa seatleng sa moja sa Modimo,” o na le taolo mo batsheding le mo baswing. Kolobetso e e theilweng mo tumelong e e ntseng jalo e tshwana le fa ‘meya e le robedi e ne e rwalwa ka pabalesego go ralala metsi.’

4:6—“Baswi” ba ba neng ‘ba bolelelwa dikgang tse di molemo’ e ne e le bomang? Bano e ne e le ba ba neng ba “sule mo ditlolong le mo maleong a bone,” kana ba sule ka tsela ya semoya pele ga ba utlwa dikgang tse di molemo. (Baef. 2:1) Le fa go ntse jalo, fa ba sena go bontsha tumelo mo dikgannyeng tse di molemo, ba ne ba simolola go ‘tshela’ ka tsela ya semoya.

Se re Ithutang Sone:

1:7. Gore tumelo ya rona e nne ya boleng jo bo kwa godimo, e tshwanetse go lekwa. Eleruri tumelo e e ntseng jalo e e nonofileng e “boloka moya o tshela.” (Baheb. 10:39) Ga re a tshwanela go kata ka morago fa re lebana le diteko tsa tumelo.

1:10-12. Baengele ba ne ba eletsa go tlhodumela le go tlhaloganya boammaaruri jo bo boteng jwa Modimo jo baporofeti ba Modimo ba bogologolo ba neng ba bo kwadile malebana le phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng. Le fa go ntse jalo, boammaaruri jono bo ne jwa simolola go tlhaloganngwa fela fa Jehofa a ne a simolola go dirisana le phuthego. (Baef. 3:10) A re ka latela sekao sa baengele mme re leke go batlisisa “dilo tse di boteng tsa Modimo”?—1 Bakor. 2:10.

2:21. Re tshwanetse go etsa Motlhomasekao wa rona, Jesu Keresete, mme re iketleetse go boga le e leng go swa, gore re tlotlomatse bolaodi jwa ga Jehofa.

5:6, 7Fa re latlhela tlhobaelo ya rona mo go Jehofa, o re thusa gore re tswelele re baya kobamelo ya boammaaruri kwa pele mo matshelong a rona go na le gore re tlhobaele thata ka se se ka diregang mo letsatsing le le latelang.—Math. 6:33, 34.

“LETSATSI LA GA JEHOFA LE TLA TLA”

(2 Pet. 1:1–3:18)

Petere a re: “Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” Go ela tlhoko lefoko la boporofeti go ka re sireletsa mo ‘barutising ba maaka’ le mo bathong ba bangwe ba ba nang le tlhotlheletso e e bosula.—2 Pet. 1:21; 2:1-3.

Petere o tlhagisa jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla tla basotli ka go sotla ga bone.” Mme “letsatsi la ga Jehofa le tla tla jaaka legodu.” Petere o konela lekwalo la gagwe ka kgakololo e e molemo e a e nayang ba ba ‘letetseng e bile ba ntse ba akantse thata ka go nna gone ga letsatsi leo.’—2 Pet. 3:3, 10-12.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

1:19—“Mphatlalatsane” ke mang, o tlhaba leng, mme re itse jang gore o setse a tlhabile? “Mphatlalatsane” ke Jesu Keresete fa a sena go nna kgosi ya Bogosi. (Tshen. 22:16) Ka 1914, Jesu o ne a tlhaba fa pele ga popo yotlhe e le Mesia Kgosi, a itsise go tlhaba ga letsatsi le lesha. Go fetoga ponalo ga ga Jesu e ne e le ponelopele ya kafa a tla bong a galalela ka teng fa a setse a busa e le Kgosi, mme seo se gatelela kafa lefoko la Modimo la boporofeti le leng boammaaruri ka teng. Go ela lefoko leo tlhoko go phatsimisa dipelo tsa rona ka tsela ya semoya, mme ka jalo re lemoga gore Mphatlalatsane o tlhabile.

2:4—“Tatarase” ke eng mme baengele ba ditsuolodi ba ne ba latlhelwa leng mo teng ga yone? Tatarase ke boemo jo bo tshwanang le jwa go tsenngwa mo kgolegelong jo go tsenngwang dibopiwa tsa semoya fela mo go jone, e seng batho. Ke boemo jwa lefifi le le kwenneng la tlhaloganyo mabapi le maikaelelo a a molemolemo a Modimo. Ba ba mo Tatarase ga ba na tsholofelo epe ya go tshela mo nakong e e tlang. Modimo o ne a latlhela baengele ba ditsuolodi mo teng ga Tatarase mo motlheng wa ga Noa, mme ba tla nna mo boemong joo jwa matlhabisaditlhong go fitlha ba senngwa.

3:17—Petere o ne a kaya eng fa a bua ka ‘kitso go sa le gale’? O ne a bua ka kitso ya go itse ditiragalo tse di tla diregang mo isagweng go sa le gale, e ene le bakwadi ba bangwe ba Baebele ba neng ba e newa ka tlhotlheletso ya moya. E re ka eno e ne e se kitso ya go itse sengwe le sengwe, go nna le yone ga go a ka ga dira gore Bakeresete ba bogologolo ba itse sengwe le sengwe ka ditiragalo tse di neng di tlile go direga mo isagweng. Ba ne ba nna fela le lesedinyana la se go neng go ka lebelelwa gore se tla direga.

Se re Ithutang Sone:

1:2, 5-7. Go iteka ka natla gore re nne le dinonofo tse di jaaka tumelo, boitshoko, le boineelo jwa bomodimo go re thusa go oketsega mo ‘kitsong e e boammaaruri ka Modimo le ka Jesu.’ Mo godimo ga moo, go ka ‘dira gore re se ka ra nna ba ba sa direng kana ba ba sa ungweng’ malebana le kitso eo.—2 Pet. 1:8.

1:12-15. Gore re nne re “tlhomame mo boammaaruring,” re tlhoka go newa kgakololo ka metlha, jaaka e re e newang kwa dipokanong tsa phuthego, e re e bonang fa re ithuta re le esi le fa re bala Baebele.

2:2. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore boitshwaro jwa rona bo se ka jwa tlisetsa Jehofa le phuthego ya gagwe kgobo.—Bar. 2:24.

2:4-9. Ka ntlha ya se Jehofa a se dirileng mo nakong e e fetileng, re ka tlhomamisega gore O “itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone, mme a beele batho ba ba sa siamang letsatsi la katlholo gore ba kgaolwe.”

2:10-13. Le fa “ba ba galalelang,” e leng bagolwane ba Bakeresete, ba ka dira diphoso ka dinako tse dingwe, ga re a tshwanela go bua ka bone ka tsela ya go kgoba.—Baheb. 13:7, 17.

3:2-4, 12. Go tlhwaela tsebe “mafoko a a neng a buiwa pelenyana ke baporofeti ba ba boitshepo le taolo ya Morena le Mmoloki” go tla re thusa go nna re akantse thata gore letsatsi la ga Jehofa le gaufi.

3:11-14. Jaaka re ‘letetse e bile re ntse re akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa’ re tshwanetse (1) go ‘nna boitshepo mo boitshwarong,’ ka go nna re le phepa mo mmeleng, mo tlhaloganyong, mo boitshwarong le semoyeng; (2) go tota mo ditirong tse di bontshang “boineelo jwa bomodimo,” jaaka tse di amanang le tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa; (3) go dira gore boitshwaro jwa rona le botho jwa rona di nne di “se na selabe,” di sa kgotlelwa ke lefatshe; (4) go nna re “se na molato” ka go dira dilo tsotlhe ka maitlhomo a a siameng; le (5) go nna “mo kagisong”—go nna mo kagisong le Modimo, le bakaulengwe ba rona le batho ba bangwe.