Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo ke Ene Fela Yo o Ka Bolokang Lefatshe

Modimo ke Ene Fela Yo o Ka Bolokang Lefatshe

Modimo ke Ene Fela Yo o Ka Bolokang Lefatshe

“LEJE LA BOTLHOKWA LE LE TSABAKELANG LE LE PUDUDU LE LE LESWEU.” Ke kafa mosutlhalefaufau mongwe yo o bidiwang Edgar Mitchell a neng a tlhalosa lefatshe ka gone fa a ne a le leba mme a le bapisa le bontshontsho jo bo mo lefaufaung.

Modimo o ne a tsaya matsapa a magolo go baakanya lefatshe gore e nne legae la batho. Go bopiwa ga lone go ne ga dira gore baengele ba goe “ba baka” Modimo. (Jobe 38:7) Morago ga go ithuta ka polanete eno e e gakgamatsang, le rona re na le lebaka la go baka Modimo. Go na le dithulaganyo di le dintsi tse di raraaneng tsa tikologo tse di dirang gore botshelo bo tswelele sentle mo lefatsheng. Mo thulaganyong nngwe e e itsegeng sentle, dimela tse ditala di dirisa marang a letsatsi, khabonetaeokosaete e e mo moweng le metsi gore di dire dijo. Morago ga moo dimela tseno di ntshetsa okesejene mo lefaufaung, e e leng botlhokwa gore re tswelele re tshela.

Baebele e bontsha gore Modimo o ne a naya motho boikarabelo jwa go tlhokomela lefatshe. (Genesise 1:28; 2:15) Le fa go ntse jalo, motho o ne a tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng gore ikholoji ya lefatshe e nne mo seemong se se siameng. Tota e bile, o ne a tshwanetse go rata legae la gagwe le le mo lefatsheng. O ne a tshwanetse go batla go nna a le bolokile le le mo maemong a mantle. Mme o ne a neilwe kgololesego ya go itlhophela, ka jalo go ne go ka kgonega gore a tlhophe go le senya le go se le tshware sentle. Mme ke sone se tota a se dirileng. Ditlamorago tsa go sa kgathale le bopelotshetlha jwa batho di dirile gore lefatshe le senyege.

Go umaka mathata a le mmalwa fela: (1) Go rengwa ga dikgwa go ama tsela e lefatshe le kgonang go monya khabonetaeokosaete ka yone, e le yone e ka bakang maemo a a kotsi a bosa. (2) Go dirisiwa ga dibolayaditshekenegi ka tsela e e feteletseng go bolaya ditshenekegi tse di dirang tiro e e botlhokwa mo dithulaganyong tse di raraaneng tsa tikologo, go akaretsa le go fetisediwa ga peo go tswa semeleng se sengwe go ya go se sengwe. (3) Go tshwara ditlhapi ka mo go feteletseng le kgotlelo ya mawatle le dinoka go fokotsa ditlhapi fela thata. (4) Go dirisiwa ga dilo tsa tlholego tse di mo lefatsheng ka bopelotshetlha go dira gore di fokotsege thata mo e leng gore dikokomana tse di tlang ga di ne di di bona e bile go dira gore moya o o mo loaping o gotele ka bonako. Baithutatikologo bangwe ba re go fokotsega ga dikgapetlakedi le go phatloga ga dithabakgapetla kwa Arctic le Antarctic ke bosupi jwa go gotela ga moya o o mo loaping.

E re ka masetlapelo a tlholego a ntse a oketsega, bangwe ba ka nna ba re lefatshe le a ipusolosetsa mme le dira gore batho ba boge. Modimo o re neile lefatshe leno gore re nne mo go lone kwantle ga tuelo. (Genesise 1:26-29) Le fa go ntse jalo, ditiragalo tsa lefatshe bosheng jaana di bontsha gore batho ba le bantsi ga ba rate go tlhokomela legae la bone le lentle le le mo lefatsheng. Go na le moo, batho ba tshwaregile ka ditiro le dikeletso tsa bone tsa bopelotshetlha. Tota e bile, ba itshupile e le baagi ba ba bosula—‘ba senya lefatshe,’ jaaka go boleletswe pele mo go Tshenolo 11:18.

Boporofeti jwa Baebele bo bontsha gore Modimo Mothatayotlhe Jehofa, Mmopi wa dithulaganyo tse di raraaneng tsa tikologo tse di dirang gore botshelo bo tswelele mo lefatsheng, o boletse gore nako e gorogile ya gore a “tlose” baagi ba ba bosula bano. (Sefania 1:14; Tshenolo 19:11-15) Pele batho ba ka senya lefatshe gotlhelele, Modimo o tla tsaya kgato—ka bonako go gaisa kafa re neng re ka lebelela ka gone. * (Mathaio 24:44) Eleruri, Modimo ke ene fela yo o ka bolokang lefatshe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le go potlaka ga dinako, bona boroutšhara jwa Nnang lo Disitse! jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.