Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moatlhodi yo o Dirang se se Siameng ka Metlha

Moatlhodi yo o Dirang se se Siameng ka Metlha

Atamalana le Modimo

Moatlhodi yo o Dirang se se Siameng ka Metlha

Genesise 18:22-32

TSHIAMISO. Go tshwara batho sentle. Go se tlhaole batho. A ga o kgatlhiwe ke dinonofo tseno tse di molemo? Rotlhe re tsholwa re na le keletso ya go batla go tshwarwa sentle. Mme ka maswabi, gompieno mo lefatsheng go tletse go tlhoka tshiamiso. Le fa go ntse jalo, go na le Moatlhodi yo re tshwanetseng go mo ikanya e bong Jehofa Modimo. O dira se se siameng ka metlha. Seno se ne sa bonala sentle fa a ne a buisana le Aborahame jaaka go begilwe mo go Genesise 18:22-32. *

Fa Jehofa a ne a bolelela Aborahame ka tshwetso ya gagwe ya go sekaseka maemo a Sodoma le Gomora, Aborahame o ne a amegile thata ka batho bape ba ba siameng ba ba neng ba nna koo, go akaretsa le setlogolo sa gagwe e bong Lote. Aborahame o ne a botsa Jehofa jaana: ‘A ruri o tla gogola basiami le baikepi? A re tseye gore go na le batho ba le masome a matlhano ba ba siameng mo gare ga motse. A ga o kitla o itshwarela lefelo leo ka ntlha ya ba ba masome a matlhano ba ba siameng ba ba mo teng ga one?’ (Ditemana 23, 24) Modimo o ne a re ga a kitla a senya metse eno fa fela go ne go ka fitlhelwa batho ba le 50 ba ba siameng. Aborahame o ne a kopa Jehofa ka makgetlo a mangwe a le matlhano a ntse a fokotsa palo go fitlha e le lesome. Mo makgetlong ano otlhe, Modimo o ne a bolela gore o ne a se kitla a fedisa metse eno fa go ne go ka fitlhelwa basiami ba le kalo.

A Aborahame o ne a ganetsana le Modimo? Nnyaa le e seng! Seo se ne se tla bo se bontsha boikgogomoso. Tsela e Aborahame a neng a bua ka yone e ne e bontsha tlotlo le boikokobetso. O ne a itsaya e le “lorole le melora” fela. Ka makgetlo a le manè o ne a bua ka tlotlo a re “tsweetswee.” (Ditemana 27, 30-32) Mo godimo ga moo, mafoko a ga Aborahame a ne a senola gore o ikanya tsela e Jehofa a tshwarang batho sentle ka yone. Aborahame o ne a bua ka makgetlo a le mabedi gore Modimo ‘a ka se ka a’ bolaya basiami mmogo le baikepi. Tlhogo ya lotso e e ikanyegang e ne ya bua e tlhatswegile pelo gore “Moatlhodi wa lefatshe lotlhe” o tla “dira se se siameng.”—Temana 25.

A se Aborahame a neng a se bua se ne se le boammaaruri? Ee, mme gape nnyaa. O ne a fositse fa a ne a akanya gore go ne go na le bobotlana batho ba le lesome ba ba siameng kwa Sodoma le Gomora. Mme gone, o ne a nepile fa a ne a re Modimo o ne a se kitla a “gogola basiami le baikepi.” Fa moragonyana Modimo a ne a senya metse eo e e boikepo, Lote yo o siameng le bomorwadie ba babedi ba ne ba falola ba thusiwa ke moengele.—2 Petere 2:7-9.

Pego eno e re ruta eng ka Jehofa? Fa Jehofa a ne a itsise Aborahame ka boikaelelo jwa gagwe jwa go sekaseka metse eo, tota o ne a batla gore a ntshe maikutlo a gagwe. Go tswa foo, o ne a reetsa tsala ya gagwe Aborahame ka bopelotelele fa a ntse a mmolelela se a neng a amegile ka sone. (Isaia 41:8) Ruri seno se re ruta gore Jehofa ke Modimo yo o ikokobeditseng, yo o sa nyenyefatseng batlhanka ba gagwe, mme o a ba tlotla! Eleruri re na le mabaka a a utlwalang a go ikanya Jehofa ka botlalo, Moatlhodi yo o dirang se se siameng ka metlha.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Mo tiragalong eo, Jehofa o ne a emelwa ke moengele yo a neng a mmuelela. Go bona sekai se sengwe, bala Genesise 16:7-11, 13.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Aborahame o ne a botsa Jehofa kaga Sodoma le Gomora